Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 31

Tsaya Tshiamelo e o Nang le Yone ya Thapelo e le Botlhokwa

Tsaya Tshiamelo e o Nang le Yone ya Thapelo e le Botlhokwa

“E kete thapelo ya me e ka nna jaaka maswalo a a baakantsweng fa pele ga gago.”—PES. 141:2.

PINA 47 Rapela Jehofa ka Metlha

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka tshiamelo e Jehofa a re neileng yone ya gore re mo rapele?

 RE NA le tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go rapela Mmopi wa legodimo le lefatshe. Akanya ka seno: Re kgona go bulela Jehofa mafatlha nako nngwe le nngwe le ka puo nngwe le nngwe, e bile ga re tlhoke go kopa tetla ya go bua le ene. Ga re belaele gore Rraarona yo o lorato o tla re reetsa fa re mo rapela re le kwa bookelong kgotsa re le kwa kgolegelong. Ka jalo, ga re tseye tshiamelo eno lotsatsa.

2. Kgosi Dafide o ne a bontsha jang gore o tsaya tshiamelo ya go rapela e le botlhokwa?

2 Kgosi Dafide o ne a tsaya tshiamelo ya go rapela e le botlhokwa. O ne a raya Jehofa a re: “E kete thapelo ya me e ka nna jaaka maswalo a a baakantsweng fa pele ga gago.” (Pes. 141:1, 2) Mo motlheng wa ga Dafide, maswalo a a boitshepo a baperesiti ba neng ba a dirisa mo kobamelong ya boammaaruri, a ne a baakanngwa ka matsetseleko. (Ekes. 30:34, 35) Dafide o ne a batla go akanyetsa kwa teng ka se a neng a batla go se bua fa a ne a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong, fela jaaka baperesiti ba ne ba baakanya maswalo ka kelotlhoko. Le rona re batla go dira jalo. Re batla gore dithapelo tsa rona di itumedise Jehofa.

3. Re tshwanetse go bua le Jehofa jang fa re rapela, mme ka ntlha ya eng?

3 Fa re rapela Jehofa, re tshwanetse go dira jalo ka tlotlo e e boteng. Akanya ka diponatshegelo tse di kgatlhang tse Isaia, Esekiele, Daniele le Johane ba ileng ba di bona. Le fa gone diponatshegelo tseo di farologane, go na le sengwe se di tshwanang ka sone. Tsotlhe di tlhalosa Jehofa e le Kgosi e e galalelang. Isaia o ne a “bona Jehofa a ntse mo setulong sa bogosi se se kwa godimo e bile se tsholetsegile.” (Isa. 6:1-3) Esekiele o ne a bona Jehofa a ntse mo kareng ya gagwe ya kwa legodimong a dikologilwe ke “kgalalelo e e tshwanang le motshe wa godimo.” (Esek. 1:26-28) Daniele o ne a bona “Mogologolo wa Malatsi” a apere diaparo tse ditshweu mme kgabo ya molelo e tswa mo setulong sa Gagwe sa Bogosi. (Dan. 7:9, 10) Johane ene o ne a bona Jehofa a ntse mo setulong sa bogosi a dikologilwe ke selo se se tshwanang le motshe wa godimo o o tshwanang le leje la emeraleda. (Tshen. 4:2-4) Go akanya ka kgalalelo ya ga Jehofa e e sa tshwaneng le epe, go re gopotsa tshiamelo e e seng kana ka sepe e re nang le yone ya go bua le ene ka thapelo le botlhokwa jwa gore re mo rapele ka tlotlo. Mme gone, re tshwanetse go rapelela eng?

“KA JALO, LO RAPELE KA TSELA ENO”

4. Mafoko a a simololang a Thapelo ya Morena e e mo go Mathaio 6:9 le 10 a re ruta eng?

4 Bala Mathaio 6:9, 10. Mo Therong ya Kwa Thabeng, Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela ka tsela e e itumedisang Modimo. Fa Jesu a sena go re “ka jalo, lo rapele ka tsela eno,” o ile a bua ka dilo tsa botlhokwa tse di amanang le boikaelelo jwa ga Jehofa. O ile a re leina la Modimo le tlotlomadiwe, Bogosi jwa gagwe jo bo tlileng go fedisa batho ba ba mo ganetsang bo tle, e bile o ne a umaka dilo tse dintle tse Modimo a tlileng go di direla batho mo nakong e e tlang. Fa re rapelela dilo tseno, re bontsha gore go dira thato ya Modimo ke selo sa botlhokwa mo go rona.

5. A Jehofa o a re reetsa fa re rapelela dilo tse re tshwenyegileng ka tsone?

5 Mo karolong ya bofelo ya thapelo eo, Jesu o ne a bontsha gore Jehofa o a reetsa fa re rapelela dilo tse re tshwenyegileng ka tsone. Re ka kopa Jehofa gore a re neye dijo tse re di tlhokang mo letsatsing leo, a re itshwarele maleo, a re thuse fa re raelwa a bo a re golole mo go Satane. (Math. 6:11-13) Fa re kopa dilo tseno mo go Jehofa, re mmontsha gore re tlhoka thuso ya gagwe le gore re batla go mo itumedisa.

Ke eng se monna a ka se rapelelang fa a na le mosadi wa gagwe? (Bona serapa 6) *

6. A re tshwanetse go rapelela fela dilo tse di umakilweng mo Thapelong ya Morena? Tlhalosa.

6 Jesu o ne a sa lebelela gore balatedi ba gagwe ba rapele Thapelo ya Morena jaaka e ntse. Mo makgetlong a mangwe fa a ne a rapela, o ne a rapelela dilo tse a neng a amegile ka tsone ka nako eo tse di sa umakiwang mo Thapelong eo ya Morena. (Math. 26:39, 42; Joh. 17:1-26) Ka tsela e e tshwanang, le rona re ka rapelela sengwe le sengwe se se re tshwenyang. Fa go na le tshwetso nngwe e re tshwanetseng go e dira, re ka rapelela botlhale le kitso. (Pes. 119:33, 34) Fa re simolola kabelo e e thata, re ka rapela Jehofa gore a re thuse go tlhaloganya gore re e dire jang. (Diane 2:6) Batsadi ba ka rapelela bana ba bone, bana ba ka rapelela batsadi ba bone, mme rotlhe re tshwanetse go rapelela batho ba re ithutang Baebele le bone le ba re ba rerelang. Le fa go ntse jalo, fa re rapela ga re a tshwanela go nna re kopa fela.

Ke dilo dife tse re ka bakang Jehofa ka ntlha ya tsone ra bo ra di mo lebogela fa re rapela? (Bona serapa 7-9) *

7. Goreng re tshwanetse go baka Jehofa fa re rapela?

7 Ga re a tshwanela go lebala go baka Jehofa fa re rapela. Modimo wa rona ke ene yo o tshwanelwang ke go bakiwa go feta ope fela. O “molemo . . . e bile o ikemiseditse go itshwarela.” Gape ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng le boikanyegi.” (Pes. 86:5, 15) Re na le mabaka a a utlwalang a go baka Jehofa ka ntlha ya botho jwa gagwe le se a re direlang sone.

8. Re ka lebogela eng fa re rapela? (Pesalema 104:12-15, 24)

8 Gape fa re rapela re tshwanetse go leboga Jehofa ka ntlha ya dilo tse a re direlang tsone. Ka sekai, re mo lebogela malômô a mantle a mebalabala, dijo tse di farologaneng tse di monate le boitumelo jo bo tlisiwang ke go nna le ditsala tse re atamalaneng le tsone. Rraarona yo o lorato o re naya dilo tseno le tse dingwe tse dintsintsi gore re itumele. (Bala Pesalema 104:12-15, 24.) Selo sa botlhokwa le go feta se se dirang gore re leboge Jehofa ke gore o re neile tsholofelo e e itumedisang ka bokamoso, e bile o re neile kaelo e e re thusang gore tumelo ya rona e nne e nonofile.

9. Ke eng se se ka re thusang go gopola go leboga Jehofa? (1 Bathesalonika 5:17, 18)

9 Go motlhofo gore fa re rapela re lebale go lebogela dilo tse dintsi tse Jehofa a re direlang tsone. Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa lebala? O ka kwala dilo tse o di rapeletseng, mme moragonyana o bo o leba se o se kwadileng gore o bone kafa Jehofa a arabileng dithapelo tsa gago ka gone. Go tswa foo, rapela Jehofa o mo leboge ka gonne a go thusitse. (Bala 1 Bathesalonika 5:17, 18.) Akanya ka seno: Fa batho ba re leboga, re a itumela e bile re a lemoga gore ba a re rata. Ka tsela e e tshwanang, fa re gopola go leboga Jehofa ka gonne a arabile dithapelo tsa rona, o a itumela. (Bakol. 3:15) Go na le lebaka le lengwe la botlhokwa la go bo re tshwanetse go leboga Modimo.

LEBOGA JEHOFA KA NTLHA YA MORWAWE YO O RATEGANG

10. Go ya ka 1 Petere 2:21, goreng re tshwanetse go leboga Jehofa go bo a ile a romela Jesu mo lefatsheng?

10 Bala 1 Petere 2:21. Re tshwanetse go leboga Jehofa go bo a rometse Morwawe yo o rategang gore a tle go re ruta. Fa re ithuta ka botshelo jwa ga Jesu, re ithuta dilo di le dintsi ka Jehofa le kafa re ka mo itumedisang ka gone. Fa re bontsha gore re na le tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete, re tla atamalana thata le Jehofa Modimo e bile re tla itumelela kagiso e re tla nnang le yone le Ene.—Bar. 5:1.

11. Goreng re dirisa leina la ga Jesu fa re rapela?

11 Re leboga Jehofa ka gonne re kgona go mo rapela re dirisa leina la Morwawe. Jehofa o re naya se re se kopang a dirisa Jesu. Ka jalo, fa re dirisa leina la ga Jesu, Jehofa o reetsa dithapelo tsa rona e bile o a di araba. Jesu o ne a re: “Sepe fela se lo se kopang ka leina la me, ke tla se dira, gore Rara a tle a galalediwe ka ntlha ya ga Morwawe.”—Joh. 14:13, 14.

12. Lebaka le lengwe la go bo re leboga Jehofa ka ntlha ya Morwawe ke lefe?

12 Jehofa o re itshwarela maleo a dirisa setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. Baebele e tlhalosa Jesu e le “moperesiti yo mogolo yo o [ntseng] ka fa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Modimo yo mogolo yo o kwa magodimong.” (Baheb. 8:1) Jesu ke “mothusi kwa go Rara.” (1 Joh. 2:1) Re leboga Jehofa tota ka gonne a re neile Moperesiti yo Mogolo yo o kutlwelobotlhoko, yo o tlhaloganyang makoa a rona e bile “a re rapelela”! (Bar. 8:34; Baheb. 4:15) E re ka re na le boleo, re ne re ka se kgone go rapela Jehofa fa e ka bo e se ka setlhabelo sa ga Jesu. Ruri re leboga mpho ya botlhokwa e Jehofa a re neileng yone, e leng Morwawe yo o rategang!

RAPELELA BAKAULENGWE LE BOKGAITSADI BA GAGO

13. Mo bosigong jwa pele Jesu a swa, o ne a dira eng go bontsha gore o rata barutwa ba gagwe?

13 Mo bosigong jwa pele Jesu a swa, o ne a rapelela barutwa ba gagwe ka lobaka lo loleele a kopa Rraagwe gore a “ba sireletse ka ntlha ya ga Satane.” (Joh. 17:15) Seo se bontsha gore Jesu o ne a ba rata fela thata. Le fa a ne a itse gore go ise go ye kae o tlile go boga, o ne a tshwenyegile ka baaposetoloi ba gagwe.

Fa re rapela, re ka kopa Jehofa gore a thuse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka eng? (Bona serapa 14-16) *

14. Re ka bontsha jang gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona?

14 Re ka etsa Jesu ka gore re se ka ra nna re akantse fela ka dilo tse re di tlhokang. Go na le moo, re tshwanetse go rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka metlha. Fa re dira jalo, re ikobela taelo ya ga Jesu ya gore re ratane e bile re bontsha Jehofa gore re rata badumedimmogo le rona fela thata. (Joh. 13:34) Go rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ga se go senya nako. Lefoko la Modimo le re bolelela gore “thapelo ya mosiami yo o rapelang ka tlhoafalo e na le maatla a magolo.”—Jak. 5:16.

15. Goreng re tshwanetse go rapelela badumedimmogo le rona?

15 Re tshwanetse go rapelela badumedimmogo le rona ka gonne ba na le mathata a le mantsi. Re ka kopa Jehofa gore a ba thuse go itshokela malwetse, masetlapelo a tlholego, dintwa, go bogisiwa kgotsa mathata mangwe a ba ka tswang ba na le one. Gape re ka rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba dirang ka natla go thusa ba ba tlhokang thuso. O ka tswa o itse bangwe ba ba nang le mathata a a tshwanang le ao. Goreng o sa ba umake ka maina fa o rapela? Re bontsha gore re rata bakaulengwe ba rona fa re kopa Jehofa gore a ba thuse go itshoka.

16. Goreng re tshwanetse go rapelela ba ba re eteletseng pele?

16 Ba ba eteletseng pele mo phuthegong ba itumela tota fa re ba rapelela, e bile dithapelo tseo di ba solegela molemo. Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore o tlhoka gore ba bangwe ba mo rapelele. O ne a re: “Le nna lo nthapelele, gore fa ke bua ke newe mafoko a a tshwanetseng, gore ke tle ke kgone go bua ka bopelokgale fa ke itsise sephiri se se boitshepo sa dikgang tse di molemo.” (Baef. 6:19) Le gompieno, go na le bakaulengwe ba le bantsi ba ba dirang ka natla ba ba re eteletseng pele. Re bontsha gore re a ba rata fa re kopa Jehofa gore a segofatse tiro e ba e dirang.

FA O KOPIWA GORE O RAPELE

17-18. Ke leng re ka kopiwang gore re rapele, mme re tshwanetse go nna re gopotse eng?

17 Ka dinako dingwe, re ka kopiwa gore re rapelele batho ba bangwe. Ka sekai, kgaitsadi yo o tshwarang thuto ya Baebele a ka kopa kgaitsadi yo a tsamayang le ene gore a rapele. Kgaitsadi yoo a ka tswa a sa itse moithuti yoo sentle, ka jalo a ka itumelela go rapela kwa bokhutlong jwa thuto eo. Seo se tla mo thusa gore a itse gore a ka rapelela dilo dife tse moithuti a di tlhokang.

18 Mokaulengwe a ka kopiwa gore a rapele mo pokanong ya tshimo kgotsa mo dipokanong tse dingwe. Bakaulengwe ba ba nang le tshiamelo eo, ba tshwanetse go gopola gore boikaelelo jwa pokano eo ke bofe. Thapelo ga e a tshwanela go dirisediwa go kgalemela phuthego kgotsa go dira dikitsiso. Mo dipokanong tse dintsi tsa phuthego, pina le thapelo di tshwanetse go tsaya metsotso e le metlhano, ka jalo mokaulengwe yo o rapelang ga a tshwanela go dirisa “mafoko a le mantsi,” segolobogolo fa dipokano di simologa.—Math. 6:7.

DIRA GORE THAPELO E NNE BOTLHOKWA MO BOTSHELONG JWA GAGO

19. Ke eng se se ka re thusang gore re ipaakanyetse letsatsi la ga Jehofa la katlholo?

19 Re tshwanetse go dira gore thapelo e nne selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa rona ka gonne letsatsi la ga Jehofa la katlholo le atametse. Jesu o ne a re: “Jaanong, nnang lo tsogile ka metlha lo rapela ka pelo yotlhe gore lo tle lo kgone go falola dilo tseno tsotlhe tse di tshwanetseng go diragala.” (Luke 21:36) Go rapela ka metlha go tla re thusa gore tumelo ya rona e nne e nonofile le gore fa letsatsi la Modimo la katlholo le goroga le fitlhele re ipaakantse.

20. Dithapelo tsa rona di ka tshwana jang le maswalo a a nkgang monate?

20 Re ithutile eng? Re ithutile gore re tshwanetse go tsaya tshiamelo e re nang le yone ya thapelo e le botlhokwa. Dilo tsa botlhokwa tse re tshwanetseng go di rapelela ke tse di amanang le boikaelelo jwa ga Jehofa. Gape re leboga Modimo ka ntlha ya Morwawe le Bogosi jwa Gagwe e bile re rapelela badumedimmogo le rona. Mme gape Jehofa o batla gore re rapelele dilo tse re di tlhokang le gore a re thuse gore tumelo ya rona e nonofe. Fa re akanyetsa se re tla se buang pele re rapela, re bontsha gore re tsaya tshiamelo eno e e itumedisang e le botlhokwa. Se re se buang se tla nna jaaka maswalo a a nkgang monate thata a a ‘itumedisang’ Jehofa.—Diane 15:8.

PINA 45 Go Tlhatlhanya ga Pelo ya Me

^ Re leboga tota gore Jehofa o re neile tshiamelo ya go bua le ene ka thapelo. Re batla gore dithapelo tsa rona di tshwane le maswalo a a nkgang monate a a mo itumedisang. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo tse re ka di rapelelang. Gape re tla tlotla ka dintlha tse re tshwanetseng go di gopola fa re kopiwa gore re rapele.

^ TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Monna o na le mosadi wa gagwe mme o rapelela gore Jehofa a nne a sireleditse ngwana wa bone fa a le kwa sekolong, a thuse motsadi wa bone yo o godileng yo o lwalang, e bile o rapelela moithuti mongwe wa Baebele gore a gatele pele.

^ TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mokaulengwe yo mosha o leboga Jehofa ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, lefatshe le lentle le dijo tse di nang le dikotla.

^ TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgaitsadi o rapela Jehofa o mo kopa gore a neye bakaulengwe ba Setlhopha se se Laolang moya wa gagwe o o boitshepo le gore a thuse ba ba tlhagetsweng ke masetlapelo le ba ba bogisiwang.