Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re: “Lo se ka lwa akanya gore ke tletse go tlisa kagiso”?

Jesu o ne a ruta batho gore ba agisane. Le fa go ntse jalo, nako nngwe o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Lo se ka lwa akanya gore ke tletse go tlisa kagiso mo lefatsheng; ga ke a tlela go tlisa kagiso, mme ke tletse go tlisa tšhaka. Gonne ke tletse go baka kgaogano fa gare ga monna le rraagwe, morwadi le mmaagwe le ngwetsi le matsalaayone.” (Math. 10:34, 35) Jesu o ne a raya jang?

Jesu o ne a sa batle go kgaoganya malapa, mme o ne a itse gore dithuto tsa gagwe di ne di tlile go baka dikgaogano mo malapeng mangwe. Ka jalo, batho ba ba eletsang go nna barutwa ba ga Keresete ba ba kolobeditsweng, ba tshwanetse go itse gore ka dinako dingwe bangwe mo lelapeng ba ka se itumelele tshwetso e ba e dirileng. Fa molekane wa lenyalo kgotsa mongwe mo lelapeng a ba ganetsa, go ka nna thata gore ba tswelele ba dirisa dithuto tsa ga Keresete mo botshelong.

Baebele e kgothaletsa Bakeresete go “agisana le batho botlhe.” (Bar. 12:18) Le fa go ntse jalo, dithuto tsa ga Jesu di ka nna jaaka “tšhaka” mo malapeng mangwe. Seno se direga fa mongwe mo lelapeng a amogela dithuto tsa ga Jesu, mme ba bangwe bone ba gana go di amogela kgotsa ba di ganetsa. Fa seo se direga, ba lelapa ba ‘tlhoa’ motho yo o ithutang boammaaruri.—Math. 10:36.

Barutwa ba ga Keresete ba ba nnang le ba malapa ba e seng Basupi ba ga Jehofa, ka dinako dingwe ba tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a ba tla dira se se itumedisang Jehofa le Jesu, kgotsa ba tla dira se se itumedisang ba malapa a bone. Ka sekai, ba masika ba e seng Basupi ba ka nna ba leka go ba pateletsa go keteka malatsi a boikhutso a bodumedi. Ka jalo, ba ka tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore ba tla itumedisa mang. Jesu o ne a re: “Ope fela yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe thata go mpheta ga a tshwanelege go nna morutwa wa me.” (Math. 10:37) Mme gone, Jesu o ne a sa reye gore batho ba ba nnang barutwa ba gagwe ba tshwanetse go kgaotsa go rata batsadi ba bone. Go na le moo, o ne a ba ruta gore ba dire tshwetso ya gore ke dilo dife tse di botlhokwa thata mo botshelong jwa bone. Fa ba malapa ba e seng Basupi ba re ganetsa ka gonne re obamela Jehofa, re tswelela re ba rata, le fa go ntse jalo selo sa botlhokwa thata mo go rona ke go rata Modimo.

Ga go pelaelo gore go ganediwa ke ba malapa go ka re utlwisa botlhoko thata. Le fa go ntse jalo, barutwa ba ga Jesu ba tshwanetse go nna ba gopotse mafoko ano: “Ope fela yo o sa amogeleng kota ya gagwe ya tlhokofatso a bo a ntshala morago, ga a tshwanelege go nna morutwa wa me.” (Math. 10:38) Seno se raya gore barutwa ba ga Keresete ba tshwanetse go itshokela go ganediwa ke ba malapa. Mme gone, ba solofela gore boitsholo jwa bone jo bontle bo tla rotloetsa ba malapa a bone ba e seng Basupi gore ba fetole megopolo le gore ba ithute se Baebele e se rutang.—1 Pet. 3:1, 2.