Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Go Rata ba Bangwe Go na Le Melemo e Mentsi

Go Rata ba Bangwe Go na Le Melemo e Mentsi

Ke na le Mama le kgaitsadiake, Pat, ka 1948

MMÊMOGOLO o ne a tsena kereke ya Anglican, mme letsatsi lengwe o ne a raya Mama a re: “Kereke ya Anglican ga e rute boammaaruri, nna o batle kereke e e rutang boammaaruri.” Mama o ne a simolola go batlana le bodumedi jwa boammaaruri. Le fa go ntse jalo, o ne a sa nke a reetsa Basupi ba ga Jehofa, e bile o ne a tlhola a nthaya a re ke iphitlhe fa ba re etela kwa gae kwa Toronto, kwa Canada. Fa mmangwane a ne a simolola go ithuta ka 1950, Mama le ene o ne a simolola go ithuta. Ba ne ba tlhola ba balela kwa ntlong ya ga mmangwane, mme moragonyana ba ne ba kolobediwa.

Papa e ne e le moruti wa kereke nngwe kwa Canada, ka jalo beke le beke, nna le nnake re ne re ya tlelaseng ya go ithuta Baebele ya bana kwa kerekeng. Mme e ne e re fa kereke e simolola ka 11 mo mosong, le rona re ne re tsena. Motshegare re ne re tsamaya le Mama kwa Holong ya Bogosi, mme re ne re kgona go bona gore madumedi ano ga a tshwane.

Ke na le boorra Hutcheson kwa Kopanong ya Boditšhabatšhaba ka 1958

Mama o ile a tlotlela Bob le Marion Hutcheson ba e neng e le ditsala tsa gagwe se a neng a se ithuta mo Baebeleng, mme le bone e ne ya nna Basupi. Ka 1958, Bob le Marion ba ile ba tsamaya le nna le bana ba bone ba basimane ba le bararo kwa Kopanong ya Boditšhabatšhaba ya malatsi a le robedi kwa New York. Gone jaanong ke a lemoga gore go ne go se motlhofo gore ba tsamaye le nna, mme kopano eo ke nngwe ya dilo tse nka se kang ka di lebala mo botshelong.

BAKAULENGWE LE BOKGAITSADI BA NTHUSA GO DIRA MO GO OKETSEGILENG

Fa ke sa le mosha, re ne re nna mo polaseng. E re ka ke ne ke rata leruo, ke ne ke batla go ya yunibesithing gore ke ithutele go nna ngaka ya diphologolo. Mama o ile a bolelela mogolwane mongwe mo phuthegong ya rona ka kgang eo. Mogolwane yoo o ne a nkgopotsa gore re tshela “mo malatsing a bofelo,” le gore go ya yunibesithing dingwaga di le dintsi go ka ama botsala jwa me le Jehofa. (2 Tim. 3:1) Ka jalo ke ile ka dira tshwetso ya gore ke se ka ka ya yunibesithing.

Ke ne ke sa ntse ke sa itse gore ke tlile go dira eng fa ke fetsa sekolo. Le fa ke ne ke ya tshimong mafelobeke mangwe le mangwe, ke ne ke sa e rate e bile ke ne ke sa akanye gore nka nna mmulatsela. E re ka Papa le malome e ne e se Basupi, ba ne ba batla gore ke berekele khampani nngwe ya inshorense e e itsegeng thata kwa Toronto. Malome o ne a bereka mo go yone, ka jalo o ile a nthusa go bona tiro.

Fa ke le kwa Toronto, ke ne ke fetsa nako e ntsi ke le kwa tirong e bile ke na le batho ba e seng Basupi. Ka jalo ke ne ke sa kgone go ya dipokanong le bodireding ka metlha. Ke ne ke nna le rremogolo yo e seng Mosupi, mme fa a sena go tlhokafala, ke ne ke tlhoka kwa ke nnang teng.

Boorra Hutcheson ba ba neng ba tsamaile le nna kwa kopanong ka 1958 ba ne ba nthata tota. Ba ile ba nkopa gore ke tle go nna le bone e bile ba ile ba nthusa gore ke atamalane thata le Jehofa. Ka 1960, nna le morwaabone yo o bidiwang John re ne ra kolobediwa. John e ne ya nna mmulatsela, mme seo se ile sa nthusa gore ke dire mo go oketsegileng mo bodireding. Bakaulengwe ba phuthego ya rona ba ile ba lemoga tsela e ke neng ke gatela pele ka yone, ka jalo ba ile ba ntlhoma gore ke nne Molebedi wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi.

KE NYALA MOSADI YO O MOLEMO KE BO KE NNA MMULATSELA

Fa re ne re nyalana ka 1966

Ka 1966, ke ile ka nyala Randi Berge. E ne e le mmulatsela yo o matlhagatlhaga e bile o ne a batla go direla kwa go nang le tlhokego gone. Molebedi wa rona wa potologo o ile a re kgothaletsa gore re ye go thusa phuthego nngwe kwa Orillia, kwa Ontario. Ka jalo re ile ra fudugela gone.

Fa re fitlha kwa Orillia, le nna ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha. Ke ne ka nna matlhagatlhaga fela jaaka Randi. Ke ne ka dira ka natla gore ke rate bodiredi, mme seo se ile sa nthusa gore ke itumelele go dirisa Baebele le go bona batho ba e tlhaloganya. Ke ne ka itumela tota fa ke kgona go thusa banyalani bangwe kwa Orillia gore ba dire diphetogo le gore e nne batlhanka ba ga Jehofa.

RE ITHUTA PUO E NTŠHA RE BO RE FETOLA TSELA E RE AKANYANG KA YONE

Fa re etetse kwa Toronto, ke ile ka kopana le mongwe wa bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele kwa Bethele yo o bidiwang Arnold MacNamara. O ne a mpotsa gore a re ka se rate go nna babulatsela ba ba kgethegileng. Ke ne ka re: “Re ka rata, mme e seng kwa Quebec!” Ke ne ke sa rate Quebec ka gonne batho ba ba nnang kwa Canada ba ba buang Seesemane, ba ne ba tlhola ba bua dilo tse di sa siamang ka batho ba ba nnang kwa Quebec ba ba buang Se-French. Ka nako eo, batho bangwe kwa Quebec ba ne ba tlhola ba gwanta, ba batla gore Quebec e ikemele.

Arnold o ne a re: “Gone jaanong ofisi ya lekala e romela babulatsela ba ba kgethegileng kwa Quebec fela.” Ka jalo, ke ile ka dumela gore re tla ya. Ke ne ke itse gore Randi o batla go direla teng, mme moragonyana ke ile ka lemoga gore re dirile tshwetso e e siameng tota.

Re ne ra fetsa dibeke di le tlhano re ithuta Se-French, mme morago ga moo, nna le Randi le banyalani bangwe re ile ra ya kwa Rimouski, e e dikilometara di ka nna 540 go tswa kwa Montreal. Nako nngwe fa ke ne ke bala dikitsiso kwa dipokanong, ke ile ka lemoga gore ke sa ntse ke tlhoka go ithuta go le gontsi. Re ne re tlile go nna le kopano, ka jalo go na le gore ke re re tlile go etelwa ke bakaulengwe ba kwa Austria, ke ile ka dirisa lefoko le le batlileng le tshwana le lone ke bo ke re re tla etelwa ke bontšhe.

Ntlo e Tshweu kwa Rimouski

Fa re le kwa Rimouski, rona le banyalani ba re neng re tlile le bone, re ne re direla le bokgaitsadi ba le banê ba babulatsela, boorra Huberdeau le bana ba bone ba babedi ba basetsana. Mokaulengwe le Kgaitsadi Huberdeau ba ile ba hira ntlo e kgolo gore re nne rotlhe mo go yone mme re ne re ba thusa go duela rente. Re ne re e bitsa Ntlo e Tshweu, ka gonne e ne e pentilwe ka bosweu e bile e na le dipilara tse ditshweu. Go le gantsi re ne re nna re le 12 kgotsa re le 14 mo go yone. E re ka nna le Randi re ne re le babulatsela ba ba kgethegileng, re ne re ya tshimong mo mosong, motshegare le maitseboa. Re ne re itumelela gore re na le batho ba re tsamayang le bone kwa tshimong, tota le fa go ne go le tsididi thata.

Re ne ra atamalana thata le babulatsela bao, mo e neng e kete re lelapa. Ka dinako dingwe re ne re itisa ka go ora molelo mme ka dinako dingwe re ne re apaya dijo tse di monate. Mongwe wa bakaulengwe o ne a itse go tshameka seletswa sa mmino, ka jalo ka Matlhatso maitseboa, re ne re tlhola re opela e bile re bina.

Batho ba le bantsi kwa Rimouski ba ne ba kgatlhegela go ithuta Baebele. Mo dingwageng di le tlhano fela, batho bangwe ba ba neng ba ithuta Baebele ba ile ba dira diphetogo ba bo ba kolobediwa. Phuthego e ne ya nna le baboledi ba le 35.

Go direla kwa Quebec go ile ga re thusa gore re nne baboledi ba ba nang le bokgoni. Jehofa o ne a re thusa mo bodireding e bile o ne a re tlamela ka dilo tse re di tlhokang. Mo godimo ga moo, re ile ra rata batho ba ba buang Se-French, puo ya bone le setso sa bone, mme seno se ile sa dira gore re rate le ditso tse dingwe.​—2 Bakor. 6:13.

Ofisi ya lekala e ne ya re kopa gore re fudugele kwa Tracadie, kwa New Brunswick. Go ne go le thata gore re dumele ka gonne re ne re sa tswa go renta folete e re neng re nna mo go yone e bile ke ne ke na le tiro ya nakwana ya go ruta kwa sekolong. Mo godimo ga moo, batho bangwe ba re neng re ithuta Baebele le bone e ne e sa tswa go nna baboledi e bile re ne re sa ntse re aga Holo ya Bogosi.

Re ne ra rapela thata ka kgang eno, re bo re etela kwa Tracadie. E ne e sa tshwane le Rimouski, mme re ne ra ipolelela gore re tla ya ka gonne Jehofa o ne a batla gore re ye. Re ne ra leka Jehofa, mme o ne a re thusa go rarabolola mathata ao otlhe. (Mal. 3:10) E re ka Randi a atamalane thata le Jehofa, ga a ikakanyetse a le nosi e bile ke motho yo o ratang go tshega, ka jalo go ne go se thata fa re fuduga.

Robert Ross e ne e le ene fela mogolwane kwa phuthegong ya Tracadie. Ene le mosadi wa gagwe yo o bidiwang Linda ba ne ba tlile go thusa mo phuthegong eo e le babulatsela, mme fa ba sena go nna le ngwana wa bone wa ntlha, ba ne ba tswelela ba nna kwa Tracadie. Le fa ba ne ba godisa ngwana, ba ne ba rata go amogela baeng e bile ba ne ba le matlhagatlhaga mo tshimong, mme seno se ile sa re kgothatsa thata.

RE ITUMELELA GO DIRELA GONGWE LE GONGWE KWA RE TLHOKEGANG GONE

Re le mo tirong ya potologo

Morago ga dingwaga di le pedi re le babulatsela kwa Tracadie, re ne ra gakgamala tota fa ke ne ke kopiwa gore ke nne molebedi wa potologo. Re ne re direla mo dipotologong tsa Seesemane dingwaga di le supa, mme moragonyana re ne ra kopiwa gore re ye go direla mo potologong ya Se-French kwa Quebec. Molebedi wa rona wa kgaolo kwa Quebec e bong Léonce Crépeault o ne a tlhola a nkakgola fa ke neela dipuo. Fa a sena go nkakgola, o ne a mpotsa go re: “O akanya gore o ka tokafatsa kae gore o kgone go thusa batho go dirisa se ba se ithutang?” a Seno se ile sa nthusa gore ke neele dipuo tse di tlhaloganyesegang motlhofo.

Kabelo nngwe e nka se kang ka e lebala ke e ke ileng ka e newa kwa Kopanong ya Boditšhabatšhaba ka 1978 kwa Montreal. Ke ne ke bereka mo Lefapheng la Dijo. Go ne go tlile go tla batho ba le 80 000, mme re ne re tlile go dira dilo ka tsela e e farologaneng. Re ne re tlile go dirisa dilo tsa go apaya tse disha e bile dijo le tsela e re di apayang ka yone e ne e fetogile. Re ne re na le diforiji tse dikgolo di le 20 mme ka dinako dingwe di ne di sa bereke. Go ne go na le motshameko mo setadiamong se go neng go tlile go tshwarwa kopano mo go sone, ka jalo re ile ra tsena bosigo thata gore re baakanye dilo tsa rona pele ga e simologa. Re ne re tshwanetse go simolola go apaya dijo tsa mo mosong pele letsatsi le tlhaba. Ke ile ka ithuta go le gontsi mo bakaulengweng le mo bokgaitsading ba ke neng ke bereka le bone. Re ne re lapile, le fa go ntse jalo, ba ne ba dira ka natla, ba le pelotelele e bile ba sa tseye dilo ka pelo. Le gone jaanong re sa ntse re le ditsala. Re ne re itumeletse gore re kgonne go tshwara kopano kwa Quebec, kwa batho ba ga Jehofa ba neng ba bogisiwa gone ka bo1940 le ka bo1950.

Nna le Randi re thusa go baakanyetsa kopano kwa Montreal ka 1985

Ke ile ka ithuta go le gontsi mo bakaulengweng ba e neng e le balebedi ba mafapha fa re na le dikopano kwa Montreal. Nako nngwe Mokaulengwe David Splane, yo jaanong e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, e ne e le molebedi wa kopano. Mo kopanong e e latelang fa ke ne ke kopiwa gore ke dire kabelo eo, Mokaulengwe Splane o ile a nthusa.

Nna le Randi re ile ra fetsa dingwaga di le 36 re le mo tirong ya potologo. Mme ka 2011, ke ile ka kopiwa gore ke nne motlhatlheledi wa Sekolo sa Bagolwane ba Phuthego. Mo dingwageng di le pedi fela, re ile ra amogelwa mo magaeng a le 75, mme re ne re itumetse. Kwa bofelong jwa beke nngwe le nngwe, bagolwane ba ne ba nna ba itumetse tota, ka gonne ba bona gore Setlhopha se se Laolang se batla gore ba atamalane le Jehofa.

Moragonyana ke ile ka nna motlhatlheledi wa Sekolo sa Baboledi ba Bogosi. Go le gantsi baithuti ba ne ba nna fela ba lapile ka gonne ba ne ba fetsa diura di le supa ba le mo tlelaseng, e bile ba ne ba fetsa di le tharo ba baakanyetsa kwa gae. Mo godimo ga moo, mongwe le mongwe wa bone o ne a newa dikabelo di le nnê kgotsa di le tlhano ka beke. Re ne ra ba tlhalosetsa gore Jehofa a ka ba thusa gore ba kgone go dira dilo tseno tsotlhe. Ba ne ba gakgamala fa ba lemoga gore go ikaega ka Jehofa go ba thusa gore ba dire dilo tse ba neng ba sa akanye gore ba ka kgona go di dira.

GO RATA BATHO GO NA LE MELEMO E LE MENTSI

Tsela e Mama a neng a rata batho ka yone, e ile ya thusa batho ba a neng a ithuta le bone gore ba dire diphetogo, e bile e ile ya thusa Papa gore a kgatlhegele boammaaruri. Malatsi a le mararo fa Mama a sena go tlhokafala, Papa o ile a re gakgamatsa tota ka gonne o ne a ya dipokanong, mme o ne a tswelela a dira jalo dingwaga di le 26 morago ga moo. Papa ga a ka a kolobediwa, mme bagolwane ba re o ne a goroga pele ga batho botlhe kwa Holong beke le beke.

Gape Mama o ile a tlhomela nna le bokgaitsadiake ba le bararo sekao se sentle. Bone le banna ba bone ba direla Jehofa ka boikanyegi. Ba le babedi ba bone ba direla kwa diofising tsa makala. Yo mongwe o kwa Portugal, mme yo mongwe o kwa Haiti.

Gone jaanong nna le Randi re babulatsela ba ba kgethegileng mo Hamilton, Ontario. Fa re ne re le mo tirong ya potologo, re ne re tsamaya le ba bangwe kwa dipoelong le kwa dithutong tsa Baebele. Gone jaanong le rona re na le dithuto tsa Baebele, mme re itumelela go bona batho ba re ithutang le bone ba atamalana le Jehofa. Re na le ditsala mo phuthegong ya rona e ntšha, mme re kgothala tota fa re bona Jehofa a ba tshegetsa ka dinako tsa mathata.

Eleruri re leboga tsela e ba bangwe ba ileng ba re bontsha ka yone gore ba a re rata. Le rona re leka ka natla go bontsha ba bangwe gore re “amega thata” ka bone ka go ba kgothaletsa gore ba direle Jehofa ka bojotlhe. (2 Bakor. 7:6, 7) Ka sekai, mo lelapeng lengwe, mmê le bana e ne e le babulatsela ba ka metlha. Ke ne ka botsa rre gore a o kile a akanyetsa go nna mmulatsela. O ne a nthaya a re o tlamela babulatsela ba bararo. Ke ne ka mmotsa ke re, “A o ka ba tlhokomela go gaisa Jehofa?” Ke ile ka mo kgothaletsa gore e nne mmulatsela, mme morago ga dikgwedi di le thataro o ile a dira jalo.

Nna le Randi re tla tswelela re bolelela “kokomana e e latelang” ka ‘ditiro tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa,’ mme re tshepa gore ba tla itumelela go direla Jehofa fela jaaka rona.​—Pes. 71:17, 18.

a Bona kgang ya botshelo ya ga Léonce Crépeault mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 2020 ts. 26-30.