Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kakantsho Ya Go Ithuta

Kakantsho Ya Go Ithuta

Tlhopha Dilo Tse o Tla Simololang ka Tsone fa o Ithuta

E re ka re se na nako e ntsi ya go ithuta, re ka dirisa jang nako e re nang le yone ka botlhale? Sa ntlha, o se ka wa feta fela fa o bala. Go ithuta tshedimosetso e nnye ka kelotlhoko go tla go tswela mosola go na le go ithuta tshedimosetso e ntsi o itlhaganetse.

Tlhopha dilo tse o tla simololang ka tsone fa o ithuta. (Baef. 5:15, 16) O ka nna wa dirisa dikakantsho tseno:

  • Bala Baebele letsatsi le letsatsi. (Pes. 1:2) Gongwe o ka simolola ka mmalo wa Baebele wa beke le beke wa dipokano tsa mo gare ga beke.

  • Baakanyetsa Tora ya Tebelo le dipokano tsa mo gare ga beke, mme o leke go akgela fa o le kwa dipokanong.​—Pes. 22:22.

  • Gape leka go bala le go lebelela dilo tse dingwe tse di jaaka dimakasine tsa batho botlhe, dikgatiso le dibidio tse di mo jw.org.

  • Dira dipatlisiso ka bothata bongwe kgotsa potso nngwe e o nang le yone. Gape o ka dira dipatlisiso ka kgang nngwe e o batlang go e tlhaloganya botoka. Go bona dilo dingwe tse o ka di ithutang, tsena mo karolong ya “Diporojeke Tsa go Ithuta Baebele” e e mo jw.org.