Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Monna yo o tshotseng kurwana ya enke ya mokwaledi o emela Jesu Keresete. Ke ene a tshwayang batho ba ba tla falolang

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mo ponatshegelong ya ga Esekiele, monna yo o tshotseng kurwana ya enke ya mokwaledi mmogo le banna ba le barataro ba ba tshotseng dibetsa tsa go thubaganya, ba emela mang?

Ba emela masole a legodimo a a neng a na le seabe mo go senngweng ga Jerusalema e bile a tlile go nna le seabe mo go senngweng ga lefatshe la ga Satane ka ntwa ya Haramagedona. Eno ke tsela e ntšha e re tlhaloganyang temana eno ka yone. Ke eng fa go ne go tlhokega gore e tokafadiwe?

Pele ga 607 B.C.E., Jehofa o ne a naya Esekiele ponatshegelo ya se se tla diregang kwa Jerusalema pele e senngwa. Mo ponatshegelong eo, Esekiele o ne a bona dilo tse dintsi tse di makgapha tse di neng di direga koo. Go tswa foo, o ne a bona banna ba barataro ba mongwe le mongwe wa bone a neng a tshotse “sebetsa sa gagwe se a thubaganyang ka sone.” Gape go ne go na le monna yo mongwe yo o neng a “apere leloba,” a na le “kurwana ya enke ya mokwaledi.” (Esekiele 8:6-12; 9:2, 3) Monna yoo o ne a laelwa gore a tsene mo motseng mme a “beye letshwao mo diphatleng tsa batho ba ba fegelwang le ba ba sonelang ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang mo gare ga one.” Go tswa foo, banna ba barataro ba ba tshotseng dibetsa ba ne ba laelwa go bolaya ope fela mo motseng yo o se nang letshwao leo. (Esekiele 9:4-7) Re ka ithuta eng mo ponatshegelong eo mme monna yo o tshotseng kurwana ya enke ya mokwaledi ke mang?

Esekiele o ne a bona ponatshegelo eno ka 612 B.C.E. Boporofeti joo bo ile jwa diragadiwa la ntlha dingwaga di le tlhano moragonyana fa Jehofa a ne a letla masole a Babelona go senya Jerusalema. Jehofa o ne a dirisa Bababelona go otlhaya batho ba gagwe ba ba se nang kutlo. (Jeremia 25:9, 15-18) Mme go ne ga direga eng ka Bajuda ba ba siameng ba ba neng ba sa dumalane le dilo tse di sa siamang tse di neng di direga mo motseng oo? Jehofa o ne a tlhomamisa gore ba babalesegile.

Mo ponatshegelong eo, Esekiele ga a ka a tshwaya motho ope kgotsa go tsaya karolo mo go senyeng motse wa Jerusalema. Go na le moo, baengele ke bone ba neng ba kaela tiro ya go senya Jerusalema. Ka jalo, boporofeti jono bo re naya tshono ya go bona se se diregang kwa legodimong. Jehofa o ne a laela baengele gore ba rulaganye go senngwa ga batho ba ba bosula le go tlhomamisa gore batho ba ba siameng ba a falola. *

Boporofeti jono bo tla diragadiwa gape mo isagweng. Dikgatiso tsa rona di ne di re monna yo o tshotseng kurwana ya enke ya mokwaledi o emela batlodiwa ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng. Gape di ne di re batho ba ba reetsang e bile ba amogela dikgang tse di molemo tse re di rerang, ke bone ba ba tshwaiwang gore ba tla falola. Bosheng jaana, go ile ga tlhokega gore re fetole tsela e re tlhalosang boporofeti jono ka yone. Re ithutile go tswa mo go Mathaio 25:31-33 gore Jesu ke ene a atlholang batho. O tla dira jalo mo isagweng ka nako ya pitlagano e kgolo. Ka nako eo, batho ba ba atlhotsweng e le dinku ba tla falola mme ba ba atlhotsweng e le dipodi ba tla senngwa.

Ka jalo, re ka ithuta eng mo ponatshegelong ya ga Esekiele? Re ka ithuta dithuto tseno tse tlhano:

  1. Pele Jerusalema e senngwa, Esekiele, Jeremia le Isaia, ba ne ba tlhagisa batho ka se se tla diragalelang motse oo. Le bone e ne e le balebeledi. Le gompieno, Jehofa o dirisa setlhotswana sa batlodiwa go ruta batho ba gagwe le go tlhagisa batho pele pitlagano e kgolo e simolola. Tota e bile, batho botlhe ba ga Jehofa, ke gore ba ntlo ya ga Keresete, ba na le seabe mo tirong eno ya go tlhagisa batho.—Mathaio 24:45-47.

  2. Esekiele o ne a sa tshwaye batho ba ba tlileng go falola. Mme le gompieno, batho ba Modimo ga ba dire jalo. Tiro ya bone ke go rera le go tlhagisa batho ka se se tla diregang mo isagweng. Baengele ba thusa mo tirong eno ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe.—Tshenolo 14:6.

  3. Batho ba ba neng ba falola ka nako ya ga Esekiele ba ne ba se na letshwao la mmatota mo diphatleng. Le gompieno, batho ba ba tla falolang ga ba kitla ba nna le letshwao la mmatota. Batho ba tshwanetse go dira eng gore ba falole pitlagano e kgolo? Fa ba utlwa tlhagiso, ba tshwanetse go ithuta go etsa Keresete, ba ineele mo Modimong le go tshegetsa bomorwarraagwe Keresete mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. (Mathaio 25:35-40) Ka nako ya pitlagano e kgolo, ba tla newa letshwao, ke gore, ba tla kgona go falola.

  4. Monna yo o tshotseng kurwana ya enke o emela Jesu. Ka nako ya pitlagano e kgolo, Jesu o tla tshwaya boidiidi jo bogolo fa a ba atlhola gore ke dinku. Go tswa foo, ba tla nna le tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng.—Mathaio 25:34, 46. *

  5. Gompieno banna ba barataro ba ba tshotseng dibetsa tsa go thubaganya ba emela masole a legodimo a a eteletsweng pele ke Jesu. Go ise go ye kae, a tla senya ditšhaba le go fedisa bosula jotlhe.—Esekiele 10:2, 6, 7; Tshenolo 19:11-21.

Ponatshegelo eno e re thusa go itse gore Jehofa ga a kitla a fedisa batho ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang. (2 Petere 2:9; 3:9) Gape e re gopotsa gore tiro ya go rera e e dirwang mo metlheng eno e botlhokwa fela thata. Mongwe le mongwe o tlhoka go tlhagisiwa pele bokhutlo bo tla!—Mathaio 24:14.

^ ser. 6 Batho ba ba neng ba falola, ba ba jaaka Baruke (mokwaledi wa ga Jeremia), Ebede-meleke wa Moethiopia le Barekabe, ba ne ba se na letshwao la mmatota mo diphatleng tsa bone. (Jeremia 35:1-19; 39:15-18; 45:1-5) Letshwao leo la tshwantshetso le ne le kaya gore ba tla falola.

^ ser. 12 Batlodiwa ba ba ikanyegang ga ba kitla ba tlhoka go nna le letshwao leno gore ba falole. Go na le moo, ba tla tshwaiwa la bofelo pele ba swa kgotsa pele ga pitlagano e kgolo e simolola.—Tshenolo 7:1, 3.