Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Nonofo e e Botlhokwa Thata go Gaisa Diteemane

A Nonofo e e Botlhokwa Thata go Gaisa Diteemane

Diteemane ke maje a a botlhokwa thata. Dingwe tsa tsone di ja madi a mantsi tota. Mme a go na le sengwe se Modimo a se tsayang se le botlhokwa thata go gaisa diteemane kgotsa maje mangwe a a botlhokwa?

Haykanush yo e leng mmoledi yo o sa kolobediwang wa kwa Armenia, o ne a sela lokwalo lwa mosepele gaufi le ntlo ya gagwe. Mo teng ga lokwalo loo, go ne go na le dikarata tsa banka le madi a mantsi. O ne a bolelela monna wa gagwe yo le ene e leng mmoledi yo o sa kolobediwang.

Banyalani bano ba ne ba na le mathata a madi e bile ba le mo dikolotong. Le fa go ntse jalo, ba ne ba isa madi ao kwa atereseng e e neng e le mo lokwalong loo. Mong wa madi ao mmogo le ba lelapa la gagwe ba ne ba gamaregile tota. Haykanush le monna wa gagwe ba ne ba ba tlhalosetsa gore go ithuta Baebele go ba thusa gore e nne batho ba ba ikanyegang. Go tswa foo, ba ne ba ba bolelela ka Basupi ba ga Jehofa le go naya lelapa leo dikgatiso dingwe tsa Baebele.

Lelapa leo le ne le batla go naya Haykanush madi a go mo leboga, mme o ne a a gana. Letsatsi le le latelang, mosadi wa monna yoo o ne a etela Haykanush le monna wa gagwe mme a ba leboga ka go ba pateletsa gore ba tseye palamonwana ya teemane.

Fela jaaka lelapa leo, batho ba le bantsi ba gakgamadiwa ke boikanyegi jo Haykanush le monna wa gagwe ba ileng ba bo bontsha. A mme Jehofa ene o ne a gakgametse? Jehofa o ne a ikutlwa jang ka boikanyegi joo? A go ikanyega ga bone e ne e le ga lefela?

DINONOFO TSE DI BOTLHOKWA THATA GO GAISA DIKHUMO LE DITHOTO

Dikarabo tsa dipotso tseo ga di thata. Ka ntlha yang? Ka gonne batlhanka ba Modimo ba a itse gore Jehofa o tsaya go etsa dinonofo tsa gagwe go le botlhokwa thata go gaisa diteemane, gouta kgotsa dithoto dipe fela. Dilo tse di leng tlhwatlhwakgolo mo bathong ga di tlhwatlhwakgolo go le kalo mo go Jehofa. (Isaia 55:8, 9) Mme batlhanka ba Modimo ba tsaya go etsa dinonofo tsa ga Jehofa go le botlhokwa thata.

Re kgona go bona seo mo tseleng e Baebele e buang ka yone ka temogo le botlhale. Diane 3:13-15 ya re: “Go itumela motho yo o boneng botlhale, le motho yo o nnang le temogo, gonne go nna le jone e le papadi go botoka go na le go nna le selefera e le papadi mme go nna le jone e le kungo go botoka go na le gouta ka boyone. Bo tlhwatlhwakgolo go feta dikorale, mme dilo tse dingwe tsotlhe tse di go itumedisang ga di ka ke tsa lekanngwa le jone.” Go bonala sentle gore Jehofa o leba dinonofo tseno di le botlhokwa thata go gaisa matlotlo ape fela.

Mme Jehofa o ikutlwa jang ka boikanyegi?

Jehofa o a ikanyega. Ga a bue maaka. (Tito 1:2) O ne a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo go kwalela Bakeresete ba Bahebera ba lekgolo la ntlha la dingwaga a re: “Tswelelang lo re rapelela, gonne re tshepa gore re na le segakolodi se se ikanyegang, ka re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.

Jesu Keresete o ne a tlhoma sekao se se molemo sa boikanyegi. Ka sekai, fa Moperesiti yo Mogolo e bong Kaiafase a ne a re: “Ka Modimo yo o tshelang ke a go ikanisa gore o re bolelele gore a o Keresete Morwa Modimo!,” Jesu o ne a bua boammaaruri mme a tlhalosa gore ke ene Mesia. O ne a bua boammaaruri le fa a ne a itse gore Sanehederine e ne e tla mo latofatsa ka gore o a tlhapatsa e bile o ne a ka nna a bolawa.—Mathaio 26:63-67.

Go tweng ka rona? A re ne re tla ikanyega fa re ka iphitlhela re le mo seemong se mo go sone re tla nnang le dithoto kgotsa madi a mantsi fa re sa bolelele motho dintlha tsotlhe kgotsa re sokamisa dintlha go se kae fela?

KE ENG FA GO LE THATA GO IKANYEGA?

Ga go motlhofo go ikanyega mo metlheng eno ya bofelo ka gonne batho ba le bantsi ke “baithati, barati ba madi.” (2 Timotheo 3:2) Fa maemo a ikonomi a le thata kgotsa go le thata go bona tiro, batho ba le bantsi ga ba na bothata le go utswa, go tsietsa kgotsa go dira ditiro dipe fela tsa go sa ikanyege. Tsela eno ya go akanya e aname thata jaana mo batho ba le bantsi ba tsayang gore go sa ikanyege ke gone fela go ka ba thusang go nna le dilo tse ba di batlang. Tota e bile, Bakeresete bangwe ba ile ba dira ditshwetso tse di sa siamang gore ba bone “poelo ya go sa ikanyege” mme seo se dirile gore ba senyege leina mo phuthegong.—1 Timotheo 3:8; Tito 1:7.

Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba le bantsi ba etsa sekao sa ga Jesu. Ba lemoga gore go nna le dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo go botlhokwa thata go na le dikhumo dipe fela. Ke ka moo basha ba Bakeresete ba sa tsietseng kwa sekolong gore ba bone maduo a mantle. (Diane 20:23) Ga se ka dinako tsotlhe boikanyegi bo ka dirang gore motho a newe tuelo, jaaka go diragaletse Haykanush. Mme gone, go ikanyega ke selo se Modimo a se batlang mo bathong ba gagwe e bile go thusa motho gore a nne le segakolodi se se siameng, e leng sengwe sa botlhokwa thata.

Sekao sa ga Gagik se bontsha ntlha eno. A re: “Pele ke nna Mokeresete, ke ne ke berekela khampani e kgolo e beng ba yone ba neng ba sa duele lekgetho sentle ka gonne ba bega bontlhanngwe fela jwa madi a khampani eno e a dirang. E re ka ke ne ke le motsamaisimogolo, go ne go lebeletswe gore ke ntshe pipamolomo gore motlhatlhobi wa tsa lekgetho a tlodise matlho boferefere jo bo neng bo dirwa mo khampaning. Seo se ile sa dira gore ke itsiwe ke le motho yo o sa ikanyegeng. Fa ke sena go ithuta boammaaruri, ke ne ka gana go tswelela ka mokgwa oo tota le fa tiro eo e ne e ntuela bontle tota. Go na le moo, ke ne ka ipulela khampani ya me. Mme kwa tshimologong fela, ke ne ka e kwadisa semolao mme ka duela lekgetho lotlhe.”—2 Bakorintha 8:21.

Gagik a re: “Lotseno lwa me lo ne lo fokotsegile ka halofo, ka jalo, go ne go le thata go tlamela ba lelapa. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke itumetse. Segakolodi sa me se phepa mo matlhong a ga Jehofa. Ke tlhomela bomorwaake ba babedi sekao se se molemo e bile ke kgonne go tshwanelegela go newa ditshiamelo mo phuthegong. Batlhatlhobi ba lekgetho mmogo le batho ba bangwe ba ke gwebisanang le bone, ba nkitse ke le motho yo o ikanyegang.”

JEHOFA O A RE THUSA

Jehofa o rata batho ba ba mo galaletsang ka go etsa dinonofo tsa gagwe tse di molemo, tse di jaaka boikanyegi. (Tito 2:10) Fa re dira jalo, o re solofetsa gore o tla re thusa. O ne a tlhotlheletsa Kgosi Dafide go kwala jaana: “Nkile ka bo ke le lekau, jaanong ke tsofetse, mme le fa go ntse jalo ga ke ise ke bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele, le fa e le bana ba gagwe ba batla senkgwe.”—Pesalema 37:25.

Se se ileng sa diragalela Ruthe yo o ikanyegang se bontsha boammaaruri jwa seo. O ne a ikanyega mo go matsalaagwe e bong Naomi mme o ile a bontsha seo ka go tswelela a nna le ene go na le go mo tlogela e re ka a ne a setse a godile. Ruthe o ne a fudugela kwa Iseraele kwa a neng a ka kgona go obamela Modimo wa boammaaruri gone. (Ruthe 1:16, 17) O ne a ikanyega e bile a dira ka natla mo tirong ya go ronopa, a latela thulaganyo ya Modimo e e neng e diretswe bahumanegi. Fela jaaka Dafide, le ka motlha Jehofa ga a ka a latlha Ruthe le Naomi. (Ruthe 2:2-18) Jehofa ga a ka a tlamela Ruthe fela ka dilo tse a neng a di tlhoka. Gape o ne a mo tlhopha go nna karolo ya losika lwa ga Kgosi Dafide le lwa ga Mesia yo o solofeditsweng.—Ruthe 4:13-17; Mathaio 1:5, 16.

Go ka tswa go se motlhofo gore batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba nne le madi a a lekaneng go ka itshedisa. Mme go na le gore ba batle tsela e e motlhofo le e e sa ikanyegeng ya go itshedisa, ba dira ka natla fela thata. Fa ba dira jalo, ba bontsha gore dinonofo tse di molemo tsa Modimo, tse di akaretsang boikanyegi, di botlhokwa thata go gaisa dithoto kgotsa madi.—Diane 12:24; Baefeso 4:28.

Fela jaaka Ruthe, Bakeresete mo lefatsheng lotlhe ba na le tumelo ya gore Jehofa o tla ba thusa. Ba ikanya ka botlalo Ene yo o neng a ba solofetsa a re: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” (Bahebera 13:5) Nako le nako Jehofa o ile a bontsha gore o a kgona e bile o batla go thusa batho ba ka dinako tsotlhe ba ikanyegang. Ka metlha o diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla tlamela batlhanka ba gagwe ka dilo tse ba di tlhokang.—Mathaio 6:33.

Batho ba ka nna ba tsaya diteemane kgotsa madi le dithoto di le botlhokwa thata. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore Rraarona yo o kwa legodimong o tsaya boikanyegi le dinonofo tse dingwe, di le botlhokwa thata go gaisa maje ape fela a a tlhwatlhwakgolo!

Fa re ikanyega, re kgona go bua ka kgololesego le batho mo bodireding