Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Kgopisiwe ke Diphoso Tsa Batho ba Bangwe

Se Kgopisiwe ke Diphoso Tsa Batho ba Bangwe

“Tswelelang lo . . . itshwarelana lo gololesegile.”—BAKOLOSA 3:13.

PINA: 121, 75

1, 2. Baebele e ile ya bolelela pele jang koketsego ya batho ba ga Jehofa?

LEFATSHE ka bophara, go na le phuthego ya batho ba ba ratang Jehofa e bile ba batla go mo direla. Batho bao ke Basupi ba ga Jehofa. Le fa ba dira diphoso, Jehofa o ba kaela ka moya o o boitshepo. A re boneng ditsela tse a ileng a ba segofatsa ka tsone.

2 Ka 1914, go ne go na le batho ba le mmalwa fela ba ba obamelang Jehofa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a segofatsa tiro ya go rera. Seo se ile sa dira gore batho ba le dimilionemilione ba ithute boammaaruri le go nna Basupi ba gagwe. Jehofa o ne a tlhalosa koketsego eo fa a re: “Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se thata. Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.” (Isaia 60:22) Gompieno re bona sentle fela gore boporofeti jono bo a diragadiwa. Batho ba ga Jehofa ke setšhaba se segolo. Tota e bile, go na le ditšhaba di le dintsi go ralala lefatshe tse palo ya tsone e leng kwa tlase fa e bapisiwa le palo ya Basupi ba ga Jehofa.

3. Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba bontsha jang gore ba a ratana?

3 Mo metlheng eno ya bofelo, Jehofa o ile a thusa batho ba gagwe gore ba ratane le go feta. “Modimo ke lorato” mme ba leka go mo etsa. (1 Johane 4:8) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba “ratane.” Gape o ne a ba raya a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:34, 35) Bosheng jaana, batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba bontsha gore ba a ratana tota le fa ditšhaba tse dingwe di ne di ya ntweng. Ka sekai, ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, go ne ga swa batho ba ka nna dimilione di le 55. Mme batho ba ga Jehofa ga ba a ka ba bolaya ope mo ntweng eo. (Bala Mika 4:1, 3.) Seno se ile sa ba thusa gore ba nne ba le “phepa mo mading a batho botlhe.”—Ditiro 20:26.

4. Ke eng fa koketsego ya batho ba ga Jehofa e tlhomologile thata jaana?

4 Palo ya batho ba Modimo e ntse e gola le fa gone ba na le mmaba yo o maatla e bong Satane. Ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakorintha 4:4) Satane o laola mekgatlho ya dipolotiki ya lefatshe leno, go akaretsa le metswedi ya tshedimosetso e bile o dirisa dilo tseno go leka go thibela tiro ya go rera dikgang tse di molemo. Mme ga a kgone go emisa tiro eno. Le fa go ntse jalo, Satane o a itse gore o saletswe ke lobaka lo lo khutshwane lwa nako, ka jalo, o ntse a leka go re thibela go obamela Jehofa.—Tshenolo 12:12.

A O TLA IKANYEGA FA BA BANGWE BA DIRA DIPHOSO?

5. Ke eng fa ba bangwe ba re utlwisa botlhoko ka dinako tse dingwe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

5 Batlhanka ba Modimo ba a itse gore ba tshwanetse go rata Modimo le batho ba bangwe. Jesu o ne a re: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha. Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’” (Mathaio 22:35-39) Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore boleo jwa ga Adame bo ile jwa fetela mo bathong botlhe. (Bala Baroma 5:12, 19.) Ka jalo, ka dinako tse dingwe bangwe mo phuthegong ba ka nna ba bua kgotsa ba dira sengwe se se re utlwisang botlhoko. Re tla dira eng fa seo se direga? A re tla tswelela re rata Jehofa le go feta? A re tla ikanyega mo go ene le mo bathong ba gagwe? Baebele e na le dikao tsa batlhanka bangwe ba Modimo ba ba ileng ba bua kgotsa go dira dilo tse di ileng tsa utlwisa ba bangwe botlhoko. A re bone se re ka ithutang sone go tswa mo go se se ba diragaletseng.

Fa o ne o tshela kwa Iseraele ka nako ya ga Eli le bomorwawe, o ne o tla tsiboga jang? (Bona serapa 6)

6. Eli o ne a palelwa jang ke go kgalemela bomorwawe?

6 Ka sekai, Eli e ne e le moperesiti yo mogolo wa Iseraele mme bomorwawe ba ne ba sa ikobele melao ya ga Jehofa. Baebele ya re: “Bomorwa Eli e ne e le banna ba ba se nang molemo wa sepe; ba ne ba sa tlotle Jehofa.” (1 Samuele 2:12) Eli o ne a itse gore bomorwawe ba ne ba dira dilo tse di sa siamang. Le fa go ntse jalo, o ne a sa ba kgalemele. Jehofa o ne a otlhaya Eli le bomorwawe. Mme moragonyana, Modimo ga a ka a letla ditlogolwana tsa ga Eli gore di direle e le baperesiti ba bagolo. (1 Samuele 3:10-14) Fa o ne o tshela ka nako eo ya ga Eli e bile o itse gore o ne a letlile bomorwawe gore ba dire dilo tse di sa siamang, a o ne o tla kgopisega? A seo se ne se tla koafatsa tumelo ya gago mo go Jehofa mme o feleletse o tlogetse go mo direla?

7. Dafide o ne a dira maleo afe a a masisi, mme Modimo o ne a dira eng?

7 Dafide o ne a na le dinonofo tse di molemo tota, ke ka moo Jehofa a neng a mo rata thata jaana. (1 Samuele 13:13, 14; Ditiro 13:22) Mme Dafide le ene o ne a dira sengwe se se sa siamang. Fa Uria a ne a ile ntweng, Dafide o ne a tlhakanela dikobo le mosadi wa ga Uria e bong Bathesheba, mme mosadi yoo a ima. Dafide o ne a sa batle gore batho ba itse se a se dirileng. Ka jalo, o ne a laela Uria gore a tle kwa go ene mme a leka go mo tlhotlheletsa gore a ye kwa legaeng la gagwe. Dafide o ne a lebeletse gore Uria a ye go tlhakanela dikobo le Bathesheba gore batho ba akanye gore ngwana yoo ke wa ga Uria. Mme Uria ga a ka a ya gae. Ka jalo, Dafide o ne a netefatsa gore Uria o bolawa kwa ntweng. Dafide le ba lelapa la gagwe ba ne ba diragalelwa ke dilo tse di botlhoko ka ntlha ya boleo joo jo bo masisi. (2 Samuele 12:9-12) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo utlwela botlhoko mme a mo itshwarela. O ne a itse gore Dafide o batla go dira se se siameng. (1 Dikgosi 9:4) Fa o ne o tshela ka nako eo, o ne o tla ikutlwa jang ka se Dafide a se dirileng? A o ne o tla tlogela go direla Jehofa?

8. (a) Moaposetoloi Petere o ne a palelwa jang ke go dira se a neng a se solofeditse? (b) Fa Petere a sena go dira phoso, ke eng fa Jehofa a ile a tswelela pele a mo dirisa?

8 Sekao se sengwe sa mo Baebeleng ke sa ga moaposetoloi Petere. Jesu o ne a mo tlhopha gore e nne moaposetoloi. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe Petere o ne a bua e bile a dira dilo tse di sa siamang. Ka sekai, Petere o ne a bolela gore ga a kitla a tlogela Jesu le fa ba bangwe ba ka dira jalo. (Mareko 14:27-31, 50) Mme fa Jesu a sena go golegwa, baaposetoloi botlhe ba ne ba tlhanola direthe, go akaretsa le ene Petere. Morago ga moo, o ne a itatola Jesu makgetlo a le mararo. (Mareko 14:53, 54, 66-72) Le fa go ntse jalo, Petere o ne a utlwa botlhoko tota ka se a se dirileng. Ka jalo, Jehofa o ne a mo itshwarela le go tswelela pele a mo dirisa. Fa o ne o le mongwe wa barutwa ka nako eo mme o itse se Petere a se dirileng, a o ne o tla tswelela o ikanya Jehofa?

Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla dira se se siameng ka dinako tsotlhe

9. Ke eng fa o tshepa gore Jehofa o dira dilo tse di siameng ka dinako tsotlhe?

9 Dikao tseno di re thusa go bona gore batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba ile ba dira dilo tse di sa siamang le go utlwisa ba bangwe botlhoko. O tla dira eng fa mongwe a go utlwisitse botlhoko? A o tla tlogela go ya dipokanong kgotsa go tlogela Jehofa le batho ba gagwe? Kgotsa a o tla lemoga gore Jehofa o kutlwelobotlhoko le gore o letetse gore motho yoo a ikwatlhaye? Mme go ka direga gore ka dinako tse dingwe motho yo o dirileng boleo jo bo masisi a se ka a ikwatlhaela se a se dirileng. A o tla ikanya Jehofa gore o a itse ka seo le gore o tla dira sengwe ka gone ka nako e e siameng? Jehofa a ka nna a tlosa motho yoo mo phuthegong ya gagwe fa a bona go tlhokega. A o dumela gore Jehofa o tla dira se se siameng ka dinako tsotlhe?

TSWELELA O IKANYEGA

10. Jesu o ne a tlhaloganya eng ka phoso ya ga Judase Isekariota le ya ga Petere?

10 Baebele e bua ka batho ba le bantsi ba ba neng ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa le mo bathong ba gagwe tota le fa ba bangwe ba ne ba dira maleo a a masisi. Jesu ke sekao se se di gaisang tsotlhe sa batho ba ba ileng ba dira jalo. O ne a fetsa bosigo jotlhe a rapela Rraagwe gore a mo thuse go tlhopha baaposetoloi ba le 12. Mme moragonyana, mongwe wa bone e bong Judase Isekariota, o ne a mo oka. Moaposetoloi Petere le ene o ne a itatola Jesu. (Luke 6:12-16; 22:2-6, 31, 32) Jesu ga a ka a pega Jehofa kgotsa barutwa ba bangwe molato fa bangwe ba ne ba mo swabisa. Go na le moo, Jesu o ne a tswelela a atamalane le Rraagwe e bile a mo direla ka boikanyegi. Jehofa o ile a mo segofatsa ka go mo tsosa mo baswing mme moragonyana a mo dira Kgosi ya Bogosi jo bo kwa legodimong.—Mathaio 28:7, 18-20.

11. Baebele e ile ya bolelela pele gore batho ba ga Jehofa ba tla dira eng mo metlheng eno ya rona?

11 Sekao sa ga Jesu se re ruta gore re ikanyege mo go Jehofa le mo bathong ba gagwe. Mme re na le mabaka a le mantsi a go dira jalo. Re a bona gore Jehofa o kaela batlhanka ba gagwe mo metlheng eno ya bofelo. O ba thusa go rera mo lefatsheng lotlhe e bile ke bone fela ba ba dirang tiro eno. Ba itumelela dilo tsotlhe tse Jehofa a ba rutang tsone e bile ba seoposengwe. Jehofa o ne a tlhalosa seo fa a ne a re: “Bonang! Batlhanka ba me ba tla goa ka boipelo ka ntlha ya seemo se se molemo sa pelo.”—Isaia 65:14.

Go tla bo go se botlhale e bile go sa siama gore re tlogele Jehofa le batho ba gagwe fela ka gonne mongwe a dirile phoso

12. Re tshwanetse go leba jang diphoso tsa ba bangwe?

12 Re itumetse thata ka gonne Jehofa o a re kaela e bile o re thusa go dira dilo tse dintsi tse di molemo. Batho ba lefatshe leno la ga Satane ga ba a itumela e bile ga ba na tsholofelo epe ka isagwe. Ruri go tla bo go se botlhale e bile go sa siama gore re tlogele Jehofa le batho ba gagwe fela ka gonne mongwe mo phuthegong a dirile kgotsa a buile sengwe se se sa siamang! Re tshwanetse go nna re ikanyega mo go Jehofa le go latela kaelo ya gagwe. Gape re tlhoka go ithuta tsela e re tshwanetseng go leba kgotsa go tsiboga ka yone fa ba bangwe ba dirile diphoso.

O TSHWANETSE GO TSIBOGA JANG?

13, 14. (a) Ke eng fa re tshwanetse go itshokelana? (b) Ke tsholofetso efe e re batlang go nna re e gopotse?

13 O tshwanetse go dira eng fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a bua kgotsa a dira sengwe se se go utlwisang botlhoko? Baebele e re gakolola jaana: “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago, gonne go kgopisega go nna mo sehubeng sa dimatla.” (Moreri 7:9) Rotlhe re baleofi e bile re dira diphoso. Ka jalo, re ka se lebelele gore bakaulengwe ba rona ba tla bua kgotsa go dira dilo tse di siameng ka dinako tsotlhe. Mme go tla bo go sa siama gore re nnele go tlhola re akanya ka diphoso tsa bone. Fa re ka dira jalo, re ka nna ra se ka ra itumelela go direla Jehofa. Se se maswe le go feta, tumelo ya rona e ka nna ya koafala e bile re ka nna ra tlogela phuthego ya ga Jehofa. Fa seo se direga, ga re ka ke ra direla Jehofa kgotsa ra solofela go tshela mo lefatsheng la gagwe le lesha.

14 Ka jalo, ke eng se se ka go thusang gore o tswelele o itumelela go direla Jehofa le fa ba bangwe ba dira sengwe se se utlwisang botlhoko? Nna o akantse ka tsholofetso eno e e gomotsang: “Bona, ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha; mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” (Isaia 65:17; 2 Petere 3:13) Jehofa o tla go naya ditshegofatso tseno fa fela o nna o ikanyega mo go ene.

15. Jesu o ne a re re tshwanetse go dira eng fa mongwe a re diretse phoso?

15 Boammaaruri ke gore, ga re ise re tsene mo lefatsheng le lesha. Ka jalo, fa mongwe a re utlwisa botlhoko, re tshwanetse go tlhatlhanya ka se Jehofa a batlang gore re se dire. Ka sekai, Jesu o ne a re: “Fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraalona wa selegodimo le ene o tla lo itshwarela; mme fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, le Rraalona ga a na go itshwarela ditlolo tsa lona.” Mme fa Petere a ne a botsa Jesu gore a ke re itshwarele motho “makgetlo a le supa,” Jesu o ne a mo araba a re: “Ke a go raya ka re, e seng, go fitlha go makgetlo a le supa, mme, go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa.” Jesu o ne a re ruta gore re tshwanetse go nna re iketleeleditse go itshwarela batho ba bangwe.—Mathaio 6:14, 15; 18:21, 22.

16. Josefa o re tlhometse sekao sefe se se molemo?

16 Sekao sa ga Josefa se re ruta tsela e re tshwanetseng go tsiboga ka yone fa mongwe a re swabisitse. Josefa le monnawe e ne e le bone fela bana ba ga Jakobe le Ragele. Jakobe o ne a na le bana ba bangwe ba le lesome mme o ne a rata Josefa go ba gaisa botlhe. Seno se ne sa dira gore ba fufegele Josefa. Tota e bile, ba ne ba mo tlhoile thata jaana mo ba neng ba mo rekisa gore e nne lekgoba kwa Egepeto. Morago ga dingwaga tse dintsi, kgosi ya Egepeto e ne ya dira Josefa mmusi wa bobedi yo o nang le maatla mo nageng eo ka gonne a ne a itumeletse tiro e ntle e Josefa a neng a e dira. Moragonyana, leuba le ne la dira gore bomorwarraagwe Josefa ba ye go reka dijo kwa Egepeto. Fa ba bona Josefa, ba ne ba sa mo itse mme ene o ne a ba itse sentle. Le fa ba ne ba mo diretse bosula, ga a ka a ba otlhaya, go na le moo o ne a ba leka go bona gore a ba fetogile. Fa Josefa a lemoga gore ba fetogile, o ne a ba ikitsise mme a ba gomotsa a re: “Lo se ka lwa boifa. Nna ka bonna ke tla nna ke lo tlamela lona le bana ba lona ba ba botlana ka dijo.”—Genesise 50:21.

17. O tshwanetse go dira eng fa ba bangwe ba go diretse diphoso?

17 Se lebale gore mongwe le mongwe o dira diphoso, ka jalo, le wena go na le batho ba o ka tswang o ba kgopisa. Fa o lemoga gore o kgopisitse mongwe, latela kgakololo ya Baebele. Mo kope gore a go itshwarele, mme o leke go tshedisana le ene ka kagiso. (Bala Mathaio 5:23, 24.) Re a itumela fa ba bangwe ba re itshwarela. Ka jalo, le rona re tshwanetse go itshwarela ba bangwe. Bakolosa 3:13 ya re: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.” Fa e le gore tota re rata bakaulengwe ba rona, ga re kitla re nna re utlwile botlhoko ka sengwe se ba ileng ba se dira mo nakong e e fetileng. (1 Bakorintha 13:5) Mme fa re itshwarela ba bangwe, Jehofa le ene o tla re itshwarela. Ka jalo, fa ba bangwe ba re diretse diphoso, a re ba utlweleng botlhoko fela jaaka Rraarona Jehofa le ene a re utlwela botlhoko.—Bala Pesalema 103:12-14.