Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Ke dilo dife di le nnê tse di ka re thusang go tokafatsa tsela e re opelang ka yone?

Re tshwanetse go ema sentle le go tshwarela kopelo ya rona kwa godimo. Re tshwanetse go hema. Re tshwanetse go bula molomo thata gore re kgone go opelela kwa godimo.—w17.11, ts. 5.

Ke eng se se kgatlhang ka tsela e metse ya botshabelo e neng e agilwe ka teng le ditsela tse di yang kwa metseng eo?

Go ne go na le metse e le merataro ya botshabelo, ditsela tse di yang kwa metseng eo di ne di tlhokometswe sentle e bile go ne go le motlhofo gore mmolai a tshabele kwa go yone.—w17.11, ts. 14.

Ke eng fa thekololo e le mpho e e molemo go di gaisa tsotlhe e Modimo a re neileng yone?

E kgotsofatsa keletso ya rona ya go tshela e bile e dira gore re gololwe mo boleong le mo losong. Jehofa Modimo o rata batho, ka jalo, o ile a ntsha Morwawe gore a ba swele.—wp17.6, ts. 6-7.

Pesalema 118:22 e ile ya bontsha jang gore Jesu o ne a tla tsosiwa?

Bajuda ba ne ba sa dumele gore Jesu ke Mesia, ka jalo ba ile ba mmolaya. Gore e nne “tlhogo ya sekhutlo,” o ne a tshwanetse go tsosiwa pele.—w17.12, ts. 9-10.

A tatelano ya losika lwa ga Mesia e ne e amana le tshwanelo ya go nna leitibolo?

Ka dinako dingwe tatelano ya losika lwa ga Jesu e ne e le ka leitibolo, mme e seng ka metlha. Ka sekai, Dafide e ne e se leitibolo la ga Jese, le fa go ntse jalo, Mesia o ne a tlhaga mo losikeng lwa ga gagwe.—w17.12, ts. 14-15.

Go na le melaometheo efe mo Baebeleng e e buang ka tsa kalafi?

Molao wa Modimo o ne o tlhalosa gore batho ba ba nang le malwetse mangwe ba ne ba sa tshwanela go kopana le batho ba bangwe. Batho ba ne ba tshwanetse go tlhapa fa ba sena go tshwara setopo. Molao o ne o re mantle a tshwanetse go latlhelwa kgakala le mo batho ba nnang gone a bo a katelwa. Molao o ne o re ngwana wa mosimane o tshwanetse go ntshiwa letlalo la bonna fa a na le malatsi a le robedi gore a kgone go fola ka bonako.—wp18.1, ts. 7.

Ke eng fa go se phoso gore Mokeresete a ithate ka tsela e e siameng?

Re tshwanetse go rata batho ba bangwe jaaka re ithata. (Mar. 12:31) Banna ba tshwanetse “go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone.” (Baef. 5:28) Mme gone, go ka nna motlhofo gore motho a ithate ka tsela e e feteletseng.—w18.01, ts. 23.

Ke eng se re ka se dirang go nonotsha tumelo ya rona?

Re tshwanetse go ithuta Baebele, go tlhatlhanya ka se re se ithutileng le go se dirisa mo botshelong jwa rona. Re tshwanetse go letla moya o o boitshepo gore o re thuse le go amogela thuso ya ba bangwe.—w18.02, ts. 26.

A dilo tsa tlholego di ka re thusa go itse bokamoso jwa rona?

Nnyaa. Tota e bile Baebele e kgala go dira jalo.—wp18.2, ts. 4-5.

Re tshwanetse go dira eng fa ba bangwe ba re laletsa go ya go ja le bone?

Fa re amogetse taletso, re tshwanetse go ya. (Pes. 15:4) Re tshwanetse go dira jalo ntle le fa go na le mabaka a a utlwalang. Motho yo o re laleditseng a ka tswa a ile a tsaya matsapa go re baakanyetsa dijo.—w18.03, ts. 18.

Banna ba ba tlhomilweng ba ka ithuta eng mo go Timotheo?

Timotheo o ne a rata batho e bile o ne a batla go ba thusa gore ba nne le kamano e e molemo le Modimo. O ne a dira ka natla mo tirong ya Modimo e bile a dirisa se a se ithutang. O ne a tsaya matsapa e bile a letla moya wa ga Jehofa gore o mo thuse. Rotlhe re ka etsa sekao sa gagwe.—w18.04, ts. 13-14.