Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bogosi Jwa Me ga Se Karolo ya Lefatshe Leno”

“Bogosi Jwa Me ga Se Karolo ya Lefatshe Leno”

“Ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.”—JOH. 18:37.

PINA: 15, 74

1, 2. (a) Ke eng se se dirang gore batho ba se ka ba utlwana? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife mo setlhogong seno?

KGAITSADI mongwe wa kwa borwa jwa Yuropa a re: “Go tloga fela ke sa le monnye, go ne go tletse tshiamololo. Ka jalo, ke ne ka nna kgatlhanong le puso mme ka simolola go ema nokeng ditlhopha dingwe tse di neng di re go tshwanetse ga dirwa diphetogo tse dikgolo mo nageng ya rona. Tota e bile, ke ne ke le lekgarebe la serukhutlhi.” Mokaulengwe mongwe wa kwa borwa jwa Afrika le ene o ne a rata thubakanyo. A re: “Ke ne ke tsaya gore batho ba lotso lwa rona ba botoka go gaisa ba bangwe, ka jalo, ke ne ka tsenela setlhopha sengwe sa dipolotiki. Re ne ra rutiwa go bolaya baba ba rona ka marumo, tota le batho ba lotso la rona ba e neng e le maloko a ditlhopha tse dingwe tsa dipolotiki.” Kgaitsadi mongwe wa kwa bogare jwa Yuropa a re: “Ke ne ke na le tlhaolele e bile ke ne ke tlhoile batho ba dinaga tse dingwe le ba madumedi a mangwe.”

2 Batho ba le bantsi gompieno ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jo Bakeresete bano ba neng ba na le jone. Go na le ditlhopha di le dintsi tsa batho ba ba batlang go ipusa, dikgogakgogano mo pusong di a oketsega e bile mo dinageng di le dintsi, batswakwa ba tlhoilwe. Baebele e ne ya bolelela pele gore mo metlheng eno ya bofelo, batho ga ba kitla ba batla “go tsena mo tumalanong epe.” (2 Tim. 3:1, 3) E re ka go se na kutlwano mo lefatsheng, Bakeresete ba ka dirang gore ba tswelele ba le seoposengwe? Re ka ithuta mo sekaong sa ga Jesu ka gonne batho ba motlha wa gagwe le bone ba ne ba kgaogantswe ke dipolotiki. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dipotso tseno tse tharo: Ke eng fa Jesu a ne a sa tseye letlhakore mo dipolotiking? O ile a bontsha jang gore batlhanka ba Modimo ga ba a tshwanela go tsaya letlhakore mo dipolotiking? Mme o ile a bontsha jang gore ga re a tshwanela go lwa?

A JESU O NE A TSHEGETSA BATHO BA BA KGATLHANONG LE PUSO?

3, 4. (a) Bajuda ba mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba batla eng? (b) Dilo tse ba neng ba di batla di ne tsa ama barutwa ba ga Jesu jang?

3 Bajuda ba le bantsi ba Jesu a neng a ba rerela ba ne ba batla go gololesega mo pusong ya Roma. Mme batho ba ba neng ba tlhagafetse thata mo tumelong ya Sejuda ba ne ba tlhotlheletsa batho gore ba tlhanogele puso. Bontsi jwa bone ba ne ba tlhotlhelediwa ke dikgopolo tsa ga Judase wa kwa Galalea. Judase e ne e le mesia wa maaka yo o neng a tsietsa batho ba le bantsi. Rahisitori wa Mojuda e bong Josephus o tlhalosa gore Judase “o ne a tlhotlheletsa Bajuda gore ba tlhanogele puso ya Roma e bile a ba bitsa magatlapa ka gonne ba ne ba duela lekgetho.” Baroma ba ne ba bolaya Judase. (Dit. 5:37) Batho ba ba neng ba tlhagafetse mo tumelong ya Sejuda ba ile ba dirisa ntwa go leka go fitlhelela maikaelelo a bone.

4 Bajuda ba bangwe bone ba ne ba solofetse gore fa Mesia a tla, o tla dira diphetogo dingwe mo pusong. Ba ne ba solofetse gore Mesia o tla dira gore setšhaba sa Iseraele se nne segolo le go se golola mo pusong ya Roma. (Luke 2:38; 3:15) Ba ne ba akanya gore o ne a tla tlhoma bogosi kwa Iseraele le gore Bajuda ba le bantsi ba ba neng ba phatlaletse kwa mafelong a mangwe ba ne ba tla boela kwa Iseraele. Nako nngwe Johane Mokolobetsi o ne a botsa Jesu jaana: “A o Yo O Tlang, kgotsa a re tshwanetse go lebelela o sele?” (Math. 11:2, 3) Johane a ka tswa a ne a batla go itse gore a go na le mongwe yo o neng a tla golola Bajuda mo pusong ya Baroma. Barutwa ba babedi ba ba neng ba kopana le Jesu yo o tsositsweng fa ba ne ba ya kwa Emao le bone ba ne ba akanya gore Jesu o ne a tla golola setšhaba sa Iseraele. (Bala Luke 24:21.) Nakonyana morago ga foo, baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba mmotsa jaana: “Morena, a o busetsa bogosi mo Iseraele mo nakong eno?”—Dit. 1:6.

5. (a) Goreng batho ba kwa Galalea ba ne ba batla gore Jesu e nne kgosi ya bone? (b) Jesu o ile a ba thusa jang go baakanya tsela e ba lebang dilo ka yone?

5 Batho ba kwa Galalea ba ne ba lebeletse gore Mesia o tla rarabolola mathata a bone, ke ka moo ba neng ba batla gore Jesu e nne kgosi ya bone. Ga go pelaelo gore ba ne ba akanya gore Jesu e tla nna moeteledipele yo o molemo ka gonne e ne e le kgeleke mo puong, a fodisa batho e bile a kgona go tlamela batho ka dijo. Fa Jesu a sena go fepa batho ba le 5 000, ba ne ba gakgametse tota. Baebele ya re: “Jesu, ka a itse gore ba ne ba tloga ba tla go mo tshwara go mo dira kgosi, a tswa gape a ya kwa thabeng a le esi fela.” (Joh. 6:10-15) Mo letsatsing le le latelang, kwa ntlheng e nngwe ya Lewatle la Galalea, batho ba ne ba sa tlhole ba tseegile maikutlo. Ka jalo, Jesu o ne a ba tlhalosetsa gore o ne a tletse eng mo lefatsheng. O ne a tletse go ba ruta ka Bogosi Jwa Modimo, e seng go rarabolola mathata a bone. O ne a ba bolelela jaana: “Lo se ka lwa direla dijo tse di nyelelang, mme lo direle dijo tse di nnang go ya botshelong jo bo sa khutleng.”—Joh. 6:25-27.

6. Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a sa batle go nna kgosi ya dipuso tsa lefatshe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

6 Nako nngwe pele Jesu a bolawa, o ile a lemoga gore barutwa ba gagwe ba ne ba solofetse gore o tla tlhoma bogosi jwa gagwe kwa Jerusalema. Jesu o ne a ba direla setshwantsho sa bomaena go ba thusa go tlhaloganya gore seo se ne se ka se direge. Setshwantsho seo se ne se bontsha gore “monna mongwe yo o tshotsweng ke batlotlegi” e bong Jesu o ne a tshwanetse go tsamaya lobaka lo loleele. (Luke 19:11-13, 15) Gape Jesu o ne a tlhalosetsa balaodi ba Roma gore ga a tseye letlhakore mo dipolotiking. Ponto Pilato o ne a mmotsa jaana: “A o kgosi ya Bajuda?” (Joh. 18:33) A ka tswa a ne a tshaba gore Jesu o tla dira gore batho ba le bantsi ba tlhanogele puso ya Roma. Jesu o ne a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” (Joh. 18:36) Ga a ka a tsaya letlhakore mo dipolotiking ka gonne Bogosi jwa gagwe bo ne bo tla nna kwa legodimong. O ne a bolelela Pilato gore tiro ya gagwe ke “gore [a] supe ka ga boammaaruri.”—Bala Johane 18:37.

A o tlhomile mogopolo mo mathateng a lefatshe kgotsa mo Bogosing Jwa Modimo? (Bona serapa 7)

7. Ke eng fa go se motlhofo go tila go ema nokeng ditlhopha tsa dipolotiki tota le e leng mo pelong?

7 Fa re tlhaloganya tiro e re tshwanetseng go e dira fela jaaka Jesu, ga re kitla re buelela mekgatlho e e ikemetseng ya dipolotiki, tota le e leng go e ema nokeng mo pelong. Go dira jalo ga go motlhofo. Molebedi mongwe wa potologo a re: “Gone jaanong batho ba le bantsi ba tseela dipolotiki kwa godimo. Ba rata dinaga tsa bone thata e bile ba dumela gore matshelo a bone a tla tokafala fa ba busiwa ke batho ba merafe ya bone. Se se itumedisang ke gore batho ba ga Jehofa bone ba a utlwana ka gonne ba tlhomile mogopolo mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ba a itse gore Modimo ke ene fela a ka fedisang tshiamololo le go rarabolola mathata a batho.”

JESU O NE A SA TSEYE LETLHAKORE MO DIPOLOTIKING

8. Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba direlwa tshiamololo efe?

8 Go le gantsi tshiamololo e dira gore batho ba tsenelele mo dipolotiking. Ka motlha wa ga Jesu, go duela lekgetho e ne e le kgang ya moruthutha. Tota e bile, Judase wa kwa Galalea yo re buileng ka ene pelenyana o ne a simolola go tlhanogela puso ya Roma fa Bajuda ba ne ba kwadisiwa go tlhomamisa gore botlhe ba duela lekgetho. Batho botlhe ba ba neng ba busiwa ke puso ya Roma go akaretsa balatedi ba ga Jesu ba ne ba duela lekgetho la dithoto, lefatshe le matlo. Bakgethisi ba ne ba ja batho ntsoma mme seno se ne sa dira gore Bajuda ba ikutlwe ba gateletswe le go feta. Bakgethisi ba ne ba naya balaodi ba puso madi gore ba ba neye maemo mangwe a a kwa godimo ba bo ba dirisa maemo ao go itirela madi a mantsi. Mokgethisi mongwe wa kwa Jeriko e bong Sakaio o ne a humile ka gonne o ne a tseela batho madi ka dikgoka. (Luke 19:2, 8) Go bonala bakgethisi ba le bantsi ba ne ba tlwaetse go dira jalo.

9, 10. (a) Baba ba ga Jesu ba ne ba leka jang go mo raela gore a tseye letlhakore mo dipolotiking? (b) Re ithuta eng mo go se Jesu a ileng a se bua? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

9 Baba ba ga Jesu ba ne ba leka go mo raela gore a tseye letlhakore mo kgannyeng ya go duela lekgetho. Ba ne ba mmotsa ka “lekgetho la tlhogo,” e leng lekgetho la denario e le nngwe le Bajuda ba neng ba le duela puso ya Roma. (Bala Mathaio 22:16-18.) Bajuda ba ne ba sa rate go duela lekgetho leno ka gonne le ne le ba gopotsa gore ba busiwa ke Baroma. “Balatedi ba ga Herode” ba ba neng ba tsositse kgang eno ba ne ba solofetse gore Jesu o tla re Bajuda ga ba tlhoke go duela lekgetho gore ba kgone go mo latofatsa ka boepapuso. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa Jesu a ka bo a rile Bajuda ba tshwanetse go duela lekgetho, balatedi ba gagwe ba ne ba tla tlogela go mo reetsa ka gonne ba akanya gore o ema puso ya Roma nokeng.

10 Jesu ga a ka a tsaya letlhakore mo kgannyeng ya go duela lekgetho. O ne a re: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Math. 22:21) Gone ke boammaaruri gore Jesu o ne a itse gore Bakgethisi ba ne ba tletse bonweenwee. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa batle go iteega tsebe, o ne a batla go tswelela a tlhomile mogopolo mo kgannyeng ya botlhokwa. O ne a tlhomile mogopolo mo Bogosing Jwa Modimo, e leng jone jo bo tla rarabololang mathata a batho. Ka go dira jalo, o ne a tlhomela balatedi ba gagwe botlhe sekao se se molemo. Balatedi ba ga Jesu ga ba a tshwanela go ikamanya le dipolotiki, le fa go ka lebega go na le mabaka a a utlwalang a go dira jalo. Ba tshwanetse go batla Bogosi Jwa Modimo le tshiamo ya gagwe. Ka ntlha ya seo, ga re tseege maikutlo ka ntlha ya tshiamololo e e leng teng mo dipusong e bile ga re bue sepe ka yone.—Math. 6:33.

11. Ke eng se re ka se dirang go bontsha gore re rata tshiamiso?

11 Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba kgonne go fenya maikutlo a ba neng ba na le one ka dikgang tsa dipolotiki. Kgaitsadi mongwe wa kwa Boritane a re: “Fa ke sena go dira khoso ya thutoloago kwa yunibesithing, ke ne ka simolola go rata dipolotiki. Ke ne ke batla go buelela ditshwanelo tsa batho ba bantsho e re ka re ne re diretswe tshiamololo thata. Ke ne ke atlega mo go bueleleng ditshwanelo tsa batho, le fa go ntse jalo, ke ne ke nna fela ke ngomogile pelo. Ke ne ke sa itse gore bothata jwa tlhaolele bo simolola mo dipelong tsa batho. Le fa go ntse jalo, fa ke simolola go ithuta Baebele, ke ne ka lemoga gore le nna ke na le bothata. Kgaitsadi mongwe wa mosweu o ne a nthusa go dira diphetogo mo botshelong jwa me. Gone jaanong ke mmulatsela wa ka metlha mo phuthegong ya puo ya diatla e bile ke ithuta go rerela batho ba mefuta yotlhe.”

“BUSETSA TŠHAKA YA GAGO MO LEFELONG LA YONE”

12. Jesu o ne a re barutwa ba gagwe ba itise kgatlhanong le “sebediso” sefe?

12 Mo motlheng wa ga Jesu, baeteledipele ba bodumedi ba le bantsi ba ne ba ema nokeng ditlhopha tsa dipolotiki. Buka nngwe e e buang ka botshelo jwa kwa Palesetina ka motlha wa ga Jesu ya re: “Ditlhopha tsa bodumedi tsa Bajuda di ne di tshwana le se gompieno re se bitsang ditlhopha tsa dipolotiki.” Ka jalo, Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Nnang lo butse matlho, itiseng mo sebedisong sa Bafarasai le mo sebedisong sa ga Herode.” (Mar. 8:15) A ka tswa a ne a bua ka balatedi ba ga Herode. Bafarasai bone ba ne ba batla gore Bajuda ba gololesege mo pusong ya Roma. Go ya ka pego ya ga Mathaio, gape Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe ka Basadukae. Ba ne ba batla gore go se ka ga nna le diphetogo dipe mo tsamaisong ya puso ka gonne bontsi jwa bone ba ne ba na le maemo a a kwa godimo mo pusong ya Roma. Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe gore ba itise kgatlhanong le dithuto tsa ditlhopha tseno tse tharo. (Math. 16:6, 12) Se se kgatlhang ke gore, Jesu o ile a bua dilo tseno nakonyana morago ga gore batho ba batle go mo dira kgosi.

13, 14. (a) Go kopanya dipolotiki le bodumedi go baka jang dintwa le tshiamololo? (b) Ke eng fa go sa siama gore re lwantshe ba bangwe, tota le fa ba sa re tshware sentle? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

13 Fa bodumedi bo kopanngwa le dipolotiki, seno se baka dintwa. Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba se ka ba tsaya letlhakore mo dipolotiking. Ke gone ka moo baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba ileng ba dira leano la go bolaya Jesu. Ba ne ba tsaya gore Jesu ke moemakgatlhanong yo o neng a ka ba ntsha mo maemong a bone. Ba ne ba re: “Fa re mo lesa ka tsela eno, botlhe ba tla dumela mo go ene, mme Baroma ba tla tla mme ba tseye lefelo la rona mmogo le setšhaba sa rona.” (Joh. 11:48) Ka jalo, Moperesiti yo Mogolo e bong Kaiafase o ile a etelela pele letsholo la go bolaya Jesu.—Joh. 11:49-53; 18:14.

14 Kaiafase o ile a romela masole gore a ye go tshwara Jesu bosigo. Jesu o ne a itse ka leano la bone, ka jalo, o ile a kopa baaposetoloi ba gagwe gore ba tle ka ditšhaka. Go ne go tlhokega ditšhaka tse pedi fela gore Jesu a ba rute thuto nngwe ya botlhokwa. (Luke 22:36-38) Moragonyana mo bosigong joo, Petere o ne a tlhasela lesole lengwe ka tšhaka. O ne a galefisitswe ke gore ba ile ba tshwara Jesu bosigo. (Joh. 18:10) Jesu o ne a raya Petere a re: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Math. 26:52, 53) Se Jesu a ileng a se bua se ne se dumalana le se a ileng a se rapelela pelenyana mo bosigong joo, gore barutwa ba gagwe ba se ka ba nna karolo ya lefatshe. (Bala Johane 17:16.) Modimo ke ene fela a nang le tshwanelo ya go fedisa tshiamololo.

15, 16. (a) Lefoko la Modimo le thusa Bakeresete jang gore ba tshele ka kagiso? (b) Jehofa o bona pharologanyo efe fa a leba lefatshe?

15 Kgaitsadi wa kwa borwa jwa Yuropa yo re buileng ka ene pelenyana o ile a ithuta thuto eo ya botlhokwa. A re: “Ke bone gore go lwa ga go siamise sepe. Batho ba ba ratang ntwa ba feleletsa ba sule, mme ba bangwe ba nna bosilo. Ke ne ke itumetse tota fa ke ithuta gore Modimo ke ene fela a ka dirang gore go nne le tshiamiso mo lefatsheng. Gone jaanong, ke na le dingwaga di le 25 ke rerela ba bangwe molaetsa oo.” Mokaulengwe wa kwa borwa jwa Afrika o ne a tlogela lerumo la gagwe mme a tsaya “tšhaka ya moya,” e leng Lefoko la Modimo mme gone jaanong o rerela batho ba merafe yotlhe molaetsa wa kagiso. (Baef. 6:17) Fa kgaitsadi wa bobedi yo re buileng ka ene wa kwa bogare jwa Yuropa a sena go nna Mosupi wa ga Jehofa, o ne a nyalwa ke mokaulengwe wa lotso lo a neng a lo tlhoile. Bakeresete bano ba ile ba fetola matshelo a bone ka gonne ba ne ba batla go tshwana le Jesu.

16 Eleruri go botlhokwa gore re dire diphetogo tseno! Baebele ya re batho ba tshwana le lewatle le le fuduegang, le le sa kgoneng go sisibala. (Isa. 17:12; 57:20, 21; Tshen. 13:1) Dipolotiki di kgaoganya batho e bile di dira gore ba lwe, mme rona re tshela ka kagiso le kutlwano. Fa Jehofa a bona kafa lefatshe leno le kgaoganeng ka gone, ga go pelaelo gore o a itumela fa a bona batho ba gagwe ba tshela ka kutlwano.—Bala Sefania 3:17.

17. (a) Re ka dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong ka ditsela dife tse tharo? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Mo setlhogong seno re ithutile gore re ka dira gore go tswelele go na le kutlwano mo phuthegong ka ditsela di le tharo: (1) Re dumela gore Bogosi Jwa Modimo ke jone bo tla fedisang tshiamololo, (2) ga re tseye letlhakore mo dipolotiking e bile (3) ga re nne le seabe mo dintweng. Le fa go ntse jalo, go nna le tlhaolele go ka dira gore go se ka ga nna le kutlwano mo phuthegong. Mo setlhogong se se latelang, re tla ithuta gore re ka lwantsha jang tlhaolele jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba dira.