Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ka Bo a Ile a Amogelwa ke Modimo

A ka Bo a Ile a Amogelwa ke Modimo

RE DIRELA Jehofa e bile re batla gore a re amogele. Mme Modimo o amogela le go ba segofatsa bomang? Go na le batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba Modimo a ileng a ba amogela le fa ba kile ba dira diphoso tse di masisi. Go na le ba Modimo a ileng a seka a ba amogela le fa ba ne ba na le botho jo bontle. Jaanong potso ke gore, “Ke eng se totatota Jehofa a se lebeletseng mo go rona?” Re bona karabo ya seo ka go sekaseka se se ileng sa diragalela kgosi ya Juda e bong Rehoboame.

GA A SIMOLOLA SENTLE

Rraagwe Rehoboame e ne e le Solomone yo o ileng a busa Iseraele ka dingwaga di le 40. (1 Dikg. 11:42) Solomone o ile a tlhokafala ka ngwaga wa 997 pele Jesu a tla mo lefatsheng. Mme Rehoboame o ile a tswa kwa Jerusalema a ya kwa Shekema gore a tlodiwe go nna kgosi. (2 Ditir. 10:1) Solomone o ne a itsiwe e le kgosi e e botlhale thata, ka jalo, Rehoboame o tshwanetse a bo a ne a ipotsa gore a o tla kgona go gata mo dikgatong tsa ga rraagwe. Go ise go ye kae, Rehoboame o ile a tshwanelwa ke go itshupa gore a o na le bokgoni jwa go rarabolola dikgang tse di raraaneng.

Maemo kwa Iseraele a ne a sa jese diwelang. Batho ba ne ba tlile kwa go Rehoboame ka dingongorego tsa bone. Ba ile ba mo raya ba re: “Rrago ene, o ne a thatafatsa jokwe ya rona; jaanong wena dira gore tirelo e e thata ya ga rrago le jokwe e e boima e a neng a e baya mo go rona e nne motlhofo, mme re tla go direla.”—2 Ditir. 10:3, 4.

Rehoboame a ka tswa a ne a sa itse gore a direng. Fa a ne a ka dumalana le batho bano, ene, ba lelapa la gagwe le badiri ba mo ntlong ya kgosi ba ne ba se kitla ba tlhola ba tshela botshelo jwa manobonobo jo ba neng ba bo tlwaetse. Mme fa a sa dumalane le bone, ba ne ba tlile go mo tlhanogela. O ne a dirang? Kgosi e ntšha e ile ya kopa kgakololo mo banneng ba ba godileng ba e neng e le bagakolodi ba ga Solomone. Go tswa foo, a bo a ya go kopa kgakololo mo dithakeng tsa gagwe. O ile a tsaya kgakololo ya dithaka tsa gagwe a bo a simolola go tshwara batho makgwakgwa. O ne a ba raya a re: “Ke tla dira gore jokwe ya lona e nne boima thata, e bile nna, ke tla e oketsa. Rre ene, o ne a lo kgwathisa ka dime, mme nna, ke tla lo kgwathisa ka dime tse di nang le mafuto.”—2 Ditir. 10:6-14.

A go na le sengwe se re ka ithutang sone mo pegong eno? Ee, gantsi go botlhale go reetsa kgakololo ya Bakeresete ba ba godileng. Ba na le maitemogelo a botshelo, ka jalo, ba ka kgona go lemoga gore tshwetso e re batlang go e dira e ka nna le diphelelo dife ba bo ba re naya kgakololo e e ka re thusang.—Jobe 12:12.

“BA UTLWA LEFOKO LA GA JEHOFA”

Rehoboame o ile a phutha masole a gagwe gore ba ye go lwa le bogosi jo bo kwa bokone. Mme Jehofa o ile a laela moporofeti Shemaia gore a ye go raya Rehoboame a re: “Lo se ka lwa tlhatloga lwa ya go tlhabana le bomorwarraalona bomorwa Iseraele. A mongwe le mongwe wa lona a boele kwa ntlong ya gagwe, gonne selo seno se diregile ka go rata ga me.”—1 Dikg. 12:21-24. *

O akanya gore Rehoboame o ile a ikutlwa jang fa Modimo a ne a mo laela gore a se ka ya go lwa? Batho ba ne ba tla reng ka kgosi e e solofetsang batho ba ba tlhanogelang bogosi jwa yone gore e tla ba itaya ka “dime tse di nang le mafuto,” mme go tswa foo e bo e sa dire sepe ka gone? (Bapisa 2 Ditiragalo 13:7.) Le fa go ntse jalo, kgosi le masole a yone ba ile ba “utlwa lefoko la ga Jehofa, mme ba boela gae” fela jaaka Jehofa a ne a ba laetse.

Re ithuta eng? Re tshwanetse go reetsa Modimo le fa batho ba ka re ja ditshego. Fa re reetsa Modimo, o tla re amogela a bo a re segofatsa.—Dute. 28:2.

Rehoboame o ile a dirang? Go na le gore a ye go lwa le setšhaba seo se sesha, o ile a aga metse mo bogosing jo a neng a sa ntse a bo busa jwa Juda le Benjamine. Gape o ile a nonotsha metse e mentsi “fela thata.” (2 Ditir. 11:5-12) Mme sa botlhokwa le go feta, o ile a ikobela melao ya ga Jehofa ka nakwana. Le fa batho ba bogosi jo bo kwa bokone ba ne ba obamela medimo ya maaka, go ne go na le batho ba bangwe ba ba neng ba ya kwa Jerusalema go ya go obamela Modimo. (2 Ditir. 11:16, 17) Ka jalo, bogosi jwa ga Rehoboame bo ile jwa atlega ka gonne a ile a reetsa Modimo.

O ILE A LEOFA A BO A IKWATLHAYA

Rehoboame o ile a dira sengwe se se neng se sa lebelelwa. O ile a tlogela go latela melao ya ga Jehofa mme a simolola go direla medimo ya maaka. Goreng a ile a dira jalo? A mmaagwe yo e neng e le Moamona ke ene a ileng a mo kgothaletsa go dira jalo? (1 Dikg. 14:21) Ga re itse mabaka a gagwe mme gone setšhaba sotlhe se ile sa mo latela. Seo se ile sa dira gore Jehofa a letle Kgosi Shishake wa Egepeto gore a gape metse e mentsi ya Juda le fa gone e ne e sireletsegile.—1 Dikg. 14:22-24; 2 Ditir. 12:1-4.

Maemo a ile a fetoga fa Shishake a tlhasela motse wa Jerusalema o Rehoboame a neng a busa kwa go one. Ka nako eo, Modimo o ile a laela moporofeti Shemaia gore a ye go raya Rehoboame le dikgosana tsa Iseraele a re: “Lona lo ntlogetse, mme le nna ke lo tlogeletse seatla sa ga Shishake.” Rehoboame o ile a dirang fa a sena go utlwa molaetsa oo? Baebele ya re: “Dikgosana tsa Iseraele le kgosi ba ikokobetsa mme ba re: ‘Jehofa o tshiamo.’” Ka jalo, Jehofa o ile a golola Rehoboame le Jerusalema mo seatleng sa ga Shishake ka gonne ba ile ba mo reetsa.—2 Ditir. 12:5-7, 12.

Go tswa foo, Rehoboame o ile a tswelela a busa kwa Jerusalema. Pele a tlhokafala, o ile a naya bomorwawe dimpho tse dintsi gongwe e le go ba thibela gore ba se ka ba nna kgatlhanong le morwarraabone e bong Abija yo o neng a tlile go nna kgosi. (2 Ditir. 11:21-23) Go dira jalo go ne go bontsha gore o botlhale mme seo se farologane le tsela e a ileng a dira dilo ka yone kwa tshimologong.

A O NE A SIAME KGOTSA A LE BOSULA?

Le fa go ka tswa go na le dilo tse di molemo tse Rehoboame a di dirileng, Modimo ga a ka a mo amogela. Baebele ya re: “O ne a dira se se bosula.” Goreng e rialo? Ka gonne “o ne a sa tlhomamisa pelo ya gagwe ka thata gore e batle Jehofa.”—2 Ditir. 12:14.

Rehoboame o ne a sa atamalana le Jehofa jaaka Kgosi Dafide

Akanya ka seno: Ka dinako dingwe Rehoboame o ne a reetsa Modimo e bile a direla batho ba ga Jehofa dilo tse di molemo. Mme o ne a sa atamalana thata le Jehofa kgotsa o ne a se na keletso ya go batla go mo itumedisa. Ke ka moo a ileng a feleletsa a dirile dilo tse di bosula le go obamela modimo wa maaka. Mme o ka ipotsa gore: ‘A Rehoboame o ne a ikobela Modimo fela ka gonne go ne go na le batho ba ba reng a dire jalo kgotsa a o ne a ikobela Modimo go tswa pelong ka gonne a batla go mo itumedisa?’ (2 Ditir. 11:3, 4; 12:6) Morago ga nako, o ile a dira dilo tse di bosula gape. Rehoboame o ne a farologane thata le rraagwemogolo e bong Kgosi Dafide ka gonne le fa Dafide a ne a dira diphoso, o ne a rata Jehofa, a ineetse mo go ene e bile o ile a ikwatlhaela diphoso tsa gagwe.—1 Dikg. 14:8; Pes. 51:1, 17; 63:1.

Re ithuta thuto ya botlhokwa mo go se se diragaletseng Rehoboame. Go gontle fa batho ba tlamela malapa a bone le fa ba ipeela mekgele e ba batlang go e fitlhelela mo botshelong. Mme fa re batla gore Modimo a re amogele, selo sa botlhokwa se re tlhokang go se dira ke go mo direla le go mo itumedisa ka dinako tsotlhe.

Re ka dira jalo fa fela re rata Jehofa go tswa pelong. Fela jaaka re tlhoka go tsenya dikgong gore molelo o se ka wa tima, fa re batla gore lorato lo re ratang Modimo ka lone lo nne lo tuka, re tshwanetse go bala Baebele ka metlha, go tlhatlhanya ka se re se balang le go rapela ka dinako tsotlhe. (Pes. 1:2; Bar. 12:12) Seo se tla dira gore re batle go mo itumedisa mo go sengwe le sengwe se re se dirang. Lorato loo lo tla dira gore fa re dirile diphoso, re ikwatlhaye go tswa pelong. Go farologana le Rehoboame, re tla direla Jehofa ka dinako tsotlhe.—Jude 20, 21.

^ ser. 9 Modimo o ne a setse a boleletse pele gore bogosi jwa Iseraele bo ne bo tla kgaoganngwa ka gonne Solomone ga a ka a ikanyega mo go ene.—1 Dikg. 11:31.