Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘A Lesedi la Gago le Phatsime’ Gore Jehofa a Galalediwe

‘A Lesedi la Gago le Phatsime’ Gore Jehofa a Galalediwe

“A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho . . . mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.”—MATH. 5:16.

PINA: 77, 59

1. Re na le mabaka afe a go itumela?

GO A itumedisa go bona tsela e palo ya batho ba ga Jehofa e ntseng e oketsega ka yone. Ngogola re ile ra ithuta Baebele le batho ba feta dimilione di le lesome. Jono ke bosupi jwa gore lesedi la batlhanka ba Modimo le a phatsima. Selo se sengwe gape se se kgatlhang ke palo ya batho ba ba ileng ba nna gone kwa Segopotsong. Ba ile ba lemoga tsela e Modimo a re ratang ka yone ka go bo a ile a letla morwawe go re swela.—1 Joh. 4:9.

2, 3. (a) Ke dilo dife tse di ka se kang tsa re thibela go ‘phatsima jaaka masedi’? (b) Go ya ka mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:14-16, ke eng se re tlileng go tlotla ka sone?

2 Basupi ba ga Jehofa ba tswa mo ditšhabeng tse di farologaneng. Mme seo ga se re thibele go galaletsa Rraarona e bong Jehofa. (Tshen. 7:9) Le fa re ka tswa re bua dipuo tse di farologaneng kgotsa re nna mo mafelong a a farologaneng, re kgona go phatsima ‘jaaka masedi mo lefatsheng.’—Bafil. 2:15.

3 Tsela e re oketsegang ka yone, e re utlwanang ka yone le e re tswelelang re disitse ka yone e re thusa gore re kgone go galaletsa Jehofa. Mo setlhogong seno, re tlile go ithuta gore re ka dira seno jang.—Bala Mathaio 5:14-16.

LALETSA BA BANGWE

4, 5. (a) Re ka dira gore lesedi la rona le phatsime ka tsela efe gape? (b) Go nna le diphelelo dife fa re le botsalano? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

4 Makasine wa Tora ya Tebelo wa June 1, 1925 (ka Seesemane) o ne wa re: “Ga go na ope yo o ka ikanyegang mo Moreneng mo malatsing ano a bofelo . . . ntle le fa motho yoo a letla gore lesedi la gagwe le phatsime.” Gape o ne wa re: “Motho yoo o tshwanetse go bolelela batho dikgang tse di molemo le go tshela ka tsela e e bontshang gore o mo leseding.” Ka jalo, nngwe ya ditsela tse re bontshang ka tsone gore re phatsimisa lesedi la rona ke ka go rera dikgang tse di molemo le go dira batho barutwa. (Math. 28:19, 20) Gape re galaletsa Jehofa ka tsela e re itshwarang ka yone. Batho ba re ba rerelang ba etse tlhoko dilo tse re di dirang. Tsela e re ba dumedisang ka yone le e re nyenyang ka yone fa re bua le bone e bontsha gore re batho ba ba ntseng jang le gore re direla Modimo yo o ntseng jang.

5 Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Fa lo tsena mo ntlong, dumedisang ba ntlo eo.” (Math. 10:12) Mo lefelong le Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba neng ba rera thata mo go lone, go ne go tlwaelegile gore batho ba amogele batho ba ba sa ba itseng mo matlong a bone. Gompieno ga go a nna jalo. Le fa go ntse jalo, fa re le botsalano e bile re tlhalosetsa mong wa ntlo lebaka la go bo re mo etetse, seno se ka dira gore a ritibale maikutlo. Go nyenya go ka re thusa fela thata. Seno ke se bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rerang phatlalatsa ba dirisa kolotsana ya dikgatiso ba se dirang. Fa o le botsalano e bile o nyenya, batho ba ka nna ba go reetsa, gongwe e bile ba ka tsaya dikgatiso dingwe. Tsela e o itshwarang ka yone e tla dira gore go nne motlhofo go simolola motlotlo le bone.

6. Banyalani bangwe ba ba godileng ba ile ba nna le seabe jang mo bodireding?

6 Banyalani bangwe ba ba godileng ba kwa Engelane ga ba kgone go rera ka ntlo le ntlo ka gonne ba a lwala. Ba nna gaufi le sekolo. Ka jalo, fa sekolo se tswa, ba ntsha tafole ba bo ba baya dikgatiso tsa Baebele mo go yone gore fa batsadi ba tla go tsaya bana ba di itseele. Batsadi ba le bantsi ba ile ba tsaya buka ya Dipotso Tse Basha ba di BotsangDikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1 le 2 le diboroutšhara dingwe. Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela wa phuthego ya bone o ne a tla go bereka le bone. Tsela e a neng a le botsalano ka yone le maiteko a banyalani bao e ile ya dira gore motsadi mongwe a dumele go tshwarelwa thuto ya Baebele.

7. O ka dirang go thusa batho ba ba fudugetseng mo lefelong la lona?

7 Bosheng jaana, batho ba le bantsi ba ile ba fudugela kwa dinageng tse dingwe. O ka dira eng go thusa batho ba ba fudugetseng mo lefelong la lona gore ba itse Jehofa? O ka simolola ka go ithuta go ba dumedisa ka puo ya bone. Sedirisiwa sa JW Language se ka go thusa go dira jalo. Gape o ka ithuta mafoko mangwe a a ka go thusang gore o kgone go tlotla le bone. Seno se ka go thusa gore o ba bontshe website ya rona ya jw.org le go ba bontsha dibidio tse di leng teng ka puo ya bone.—Dute. 10:19.

8, 9. (a) Dipokano tsa mo gare ga beke di re thusa jang? (b) Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba kgone go arabela kwa dipokanong?

8 Jehofa o dirisa Pokano ya Botshelo le Bodiredi go re thusa gore re atlege mo bodireding. Thapiso e re e newang mo pokanong eno e re thusa gore re kgone go boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego le go tshwara dithuto tsa Baebele.

9 Batho ba ba re etelang kwa dipokanong tsa rona ba a kgatlhega fa ba bona bana ba araba. Ka jalo batsadi, thusang bana ba lona gore ba phatsimise lesedi la bone ka go ba ruta gore ba arabele ka mafoko a bone. Batho bangwe ba ile ba kgatlhegela go ithuta boammaaruri fa ba utlwa bana ba arabela ka tsela e e motlhofo le e e utlwalang sentle.—1 Bakor. 14:25.

DIRA GORE GO NNE LE KUTLWANO

10. Kobamelo ya lelapa e thusa jang gore go nne le kutlwano?

10 Tsela nngwe e re ka dirang gore lesedi la rona le phatsime, ke ka go dira ka natla gore go nne le kutlwano mo lelapeng le mo phuthegong. Batsadi ba ka dira seno ka go tshwara Kobamelo ya Lelapa ka metlha. Malapa mangwe a lebelela thulaganyo ya JW Broadcasting ka nako ya kobamelo ya bone ya lelapa. Morago ga moo, ba tlotla ka gore ba ka dirisa jang dilo tse ba di ithutileng. Fa motsadi a tshwere kobamelo ya lelapa, o tshwanetse go gopola gore tsela e a rutang ngwana yo monnye ka yone e tla farologana le e a rutang mosha ka yone. Ka jalo tlhomamisa gore fa lo tshwere kobamelo ya lelapa, dilo tse lo di ithutang di thusa botlhe mo lelapeng.—Pes. 148:12, 13.

Go itsalanya le Bakeresete ba ba godileng go a kgothatsa (Bona serapa 11)

11-13. Re ka dira jang gore go nne le kutlwano mo phuthegong le go thusa ba bangwe go galaletsa Jehofa?

11 Basha ba ka dira jang gore go nne le kutlwano mo phuthegong? Fa e le gore o mosha, o ka dira seno ka go itsalanya le Bakeresete ba ba godileng. O ka ba kopa gore ba go tlotlele ka maitemogelo a bone mo tirelong ya ga Jehofa. Seno se tla go kgothatsa fela thata e bile se tla dira gore lo ikemisetse go galaletsa Jehofa le e leng go feta. Rotlhe re tshwanetse go tsaya matsapa go amogela batho ba ba re etelang kwa Diholong Tsa Bogosi. Fa re dira jalo go tla nna le kutlwano, mme seno se tla dira gore batho ba ba re etetseng le bone ba batle go galaletsa Jehofa. Re tshwanetse go ba dumedisa le go ba thusa go bona gore ba ka dula kae. Ba thuse gore ba ikutlwe ba phuthologile ka go ba itsise bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe.

12 Fa o abetswe go tshwara pokano ya tshimo, o ka thusa Bakeresete ba ba godileng gore le bone ba nne le seabe mo bodireding. O tshwanetse go tlhomamisa gore bagodi ba na le tshimo e ba ka e berekang. Mo maemong mangwe, o ka rulaganya gore bagodi ba tsamaye le basha mo tshimong. Gape o tshwanetse go bontsha gore o akanyetsa Bakeresete ba ba bokoa le ba ba sa kgoneng go dira mo go oketsegileng. Fa o dira jalo, o tla kgona go thusa basha, bagodi, batho ba ba sa tswang go ithuta boammaaruri le ba ba nang le lobaka ba direla Jehofa gore ba itumelele go rera dikgang tse di molemo.—Lefi. 19:32.

13 Mopesalema o ne a re: “Bona! Abo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!” (Bala Pesalema 133:1, 2.) Fa Baiseraele ba ne ba le mmogo, ba ne ba itumelela go obamela Jehofa. Mopesalema o ne a tshwantsha kutlwano ya bone le leokwane le le molemo. Le wena o ka kgona go dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong ka go nna botsalano le go dirisana le ba bangwe sentle. Re a go akgola fa e le gore o setse o dira jalo. O tla bo o dira sentle fa o tswelela o tsaya matsapa go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago botoka.—2 Bakor. 6:11-13.

14. O ka galaletsa Jehofa jang mo lefelong le o nnang mo go lone?

14 O ka galaletsa Jehofa ka tsela efe gape? Fa o dirisana sentle le ba bangwe e bile o bua le bone sentle, seno se ka dira gore baagelani ba gago ba kgatlhegele go ithuta ka Jehofa. Ipotse jaana: ‘Baagelani ba me ba nkitse ke le motho yo o ntseng jang? A legae la me le nna le le phepa ka metlha? A ke tsaya matsapa go thusa ba bangwe?’ Fa o tlotla le Basupi ba bangwe, ba botse gore tsela e e siameng e ba itshwereng ka yone e ile ya ama jang ba masika, baagelani, badirimmogo le ba ba tsenang sekolo le bone. Ntle le pelaelo, ba tla go naya kgakololo e e molemo.—Baef. 5:9.

NNANG LO DISITSE

15. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne re disitse?

15 Fa re batla gore lesedi la rona le tswelele le phatsima, ga re a tshwanela go lebala gore re tshela mo metlheng ya bofelo. Jesu o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe gore ba ‘nne ba disitse.’ (Math. 24:42; 25:13; 26:41) Fa re tsaya gore “pitlagano e kgolo” e sa ntse e le kgakala le go tla, re tla goga dinao mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. (Math. 24:21) Lesedi la rona ga le kitla le phatsima, go na le moo, le tla fokotsega le bo le tima.

16, 17. O ka dirang gore o nne o disitse?

16 E re ka maemo a lefatshe leno a nna maswe le go feta, re tlhoka go nna re ntshitse matlho dinameng. Ga re belaele gore Jehofa o tla tsaya kgato ka nako e e tshwanetseng. (Math. 24:42-44) Fa re ntse re letile, re tlhoka go nna pelotelele le go nna re disitse. Bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi mme o rapele ka metlha. (1 Pet. 4:7) Ithute mo dikaong tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le dingwaga di le dintsi ba direla Jehofa ba itumetse. Ka sekai, o ka bala maitemogelo a mongwe wa bone mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 15, 2012, tsebe 18-21, mo setlhogong se se reng, “Dingwaga di le 70 ke Tshwere Seaparo sa Mojuda.”

17 Nna o tshwaregile mo tirong ya Modimo, seno se tla dira gore o itumele e bile nako e tla tsamaya ka bonako. (Baef. 5:16) Dingwaga tse 100 tse di fetileng bakaulengwe ba rona ba ne ba tshwaregile mo tirong ya Modimo mme ba ile ba fitlhelela dilo di le dintsi. Gompieno Jehofa o re thusa go fitlhelela dilo di le dintsi thata. Lesedi la rona le phatsima go feta le fa e le leng pele.

Maeto a bodisa a re thusa gore re solegelwe molemo ke Lefoko la Modimo (Bona serapa 18 le 19)

18, 19. Bagolwane ba ka re thusa jang gore re direle Jehofa re tlhagafetse? Naya sekai.

18 Eleruri go nonotsha tumelo go itse gore le fa re dira diphoso, re ka kgona go direla Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. O dirisa bagolwane e leng “dimpho tse e leng banna” go re thusa. (Bala Baefeso 4:8, 11, 12.) Ka jalo fa mogolwane a go etetse, dirisa tshono eo go ithuta dilo di le dintsi mo go ene.

19 Banyalani bangwe ba kwa Engelane ba ne ba na le mathata, ka jalo ba ile ba kopa bagolwane gore ba ba thuse. Mosadi o ne a re monna ga a etelele pele mo dilong tsa kobamelo. Monna wa gagwe o ne a re ga se morutisi yo o setswerere e bile o ne a dumela gore ga a tshware kobamelo ya lelapa ka metlha. Bagolwane ba ile ba ba thusa ba dirisa sekao sa ga Jesu. Ba ile ba gopotsa banyalani bano gore Jesu o ne a tlhokomela barutwa ba gagwe e bile o ne a ba akanyetsa. Ba ile ba kopa monna gore a etse sekao sa ga Jesu mme ba kopa mosadi gore a nne pelotelele. Gape bagolwane ba ile ba ba naya dikakantsho gore ba ka tshwara jang kobamelo ya lelapa le bana ba bone ba babedi. (Baef. 5:21-29) Monna o ile a dirisa dikakantsho tseo mme bagolwane ba ile ba mo akgolela maiteko a gagwe. Gape ba ile ba mo kgothaletsa go kopa moya o o boitshepo gore o mo thuse go tswelela a etelela lelapa la gagwe pele. Bagolwane ba ile ba thusa lelapa leno go galaletsa Jehofa.

20. Go tla nna le diphelelo dife fa o dira gore lesedi la gago le phatsime?

20 Mopesalema o ne a re: “Go itumela mongwe le mongwe yo o boifang Jehofa, yo o tsamayang mo ditseleng tsa gagwe.” (Pes. 128:1) Fa o dira gore lesedi la gago le phatsime ka go thusa batho gore ba direle Modimo, ka go itshwara ka tsela e e tla dirang gore go nne le kutlwano le ka go nna o disitse, o tla itumela fela thata. Batho ba tla bona ditiro tsa gago tse di molemo mme ba tla galaletsa Jehofa.—Math. 5:16.