Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 26

“Boelang mo go Nna”

“Boelang mo go Nna”

“Boelang mo go nna, mme ke tla boela mo go lona.”—MAL. 3:7.

PINA 102 ‘Thusang ba ba Bokoa’

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Jehofa o ikutlwa jang fa mongwe yo o tlogetseng go mo direla a boela kwa go ene?

MO SETLHOGONG se se fetileng, re ithutile gore Jehofa o itshwantsha le modisa yo o molemo yo o tlhokomelang le go rata dinku tsa gagwe. Gape o batlana le tse di latlhegileng. Jehofa o ile a raya Baiseraele a re: “Boelang mo go nna, mme ke tla boela mo go lona.” Re a itse gore Jehofa o sa ntse a ikutlwa jalo, ka gonne o ile a re: “Ga ke a fetoga.” (Mal. 3:6, 7) Jesu o ile a re Jehofa le baengele ba itumela fela thata fa motho yo o katogetseng kgakala le Jehofa a boela kwa go ene.—Luke 15:10, 32.

2. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 A re tlotleng ka ditshwantsho di le tharo tsa ga Jesu, tse di tla re rutang gore re ka thusa jang ba ba tsidifetseng. Re tla tlotla ka dinonofo tse re tlhokang go nna le tsone gore re kgone go thusa dinku tse di latlhegileng go boela kwa go Jehofa. Mme gape re tla ithuta gore fa re thusa ba bangwe go boela kwa go Jehofa, re tla itumela.

GO BATLANA LE LEDI LA TSHIPI LE LE LATLHEGILENG

3-4. Goreng mosadi yo o umakiwang mo go Luke 15:8-10, a batlana le ledi la gagwe le le latlhegileng?

3 Re tshwanetse go dira ka natla go batla batho ba ba batlang go boela kwa go Jehofa. Jesu o ne a bua ka mosadi yo o neng a latlhegetswe ke ledi le le tlhwatlhwakgolo la derakema. Mme se se botlhokwa ka kgang eno, ke tsela e mosadi yono a batlanang le ledi leno ka yone.—Bala Luke 15:8-10.

4 Jesu o ne a bua ka tsela e mosadi yoo a neng a ikutlwa ka yone fa a bona ledi la gagwe le a le tsayang le le botlhokwa. Mo motlheng wa ga Jesu, fa mosadi a nyalwa, mmaagwe o ne a mo naya diderakema di le lesome. Gongwe derakema e e neng e latlhegile e ne e le botlhokwa mo mosading yono, ka gonne e ne e le nngwe ya tse a neng a di filwe ke mmaagwe. Mosadi yono o akanya gore ledi leno le wetse fa fatshe. Ka jalo, o tshuba lebone, o a lebaleba mme ga a bone sepe. Gongwe lebone la gagwe ga le bonese sentle, ke ka moo a sa kgoneng go bona ledi la gagwe. Ka jalo, o feela ntlo yotlhe a batlana le ledi leo. Fa a sena go feela a tlositse leswe lotlhe, o bona ledi la gagwe le phatsima fa a bonesa ka lobone lwa gagwe. Fa a sena go le bona, pelo ya gagwe e a wela! O bitsa ditsala tsa gagwe le baagelani gore a ba bolelele dikgang tseno tse di monate.

5. Goreng go se motlhofo go itse gore batho bangwe ba ba tsidifetseng ba kwa kae?

5 Mo setshwantshong sa ga Jesu, re ithuta gore fa o batla sengwe se se latlhegileng o tshwanetse go dira ka natla. Ka tsela e e tshwanang, le rona re tshwanetse go dira ka natla fa re batla dinku tse di latlhegileng. Ba bangwe go ka tswa go fetile dingwaga di le dintsi ba sa ye dipokanong kgotsa ba sa ye bodireding. Gongwe ga ba itse bakaulengwe ba lefelo le ba fudugetseng kwa go lone. Go ka direga gore gone jaanong bangwe ba batho bano ba ba tsidifetseng ba batla go boela kwa go Jehofa. Ba batla go boa ba direla Jehofa gape ba na le bakaulengwe le bokgaitsadi, mme ba ka se kgone fa re sa ba thuse.

6. Baboledi botlhe ba ka thusa jang go batla ba ba tsidifetseng?

6 Ke bomang ba ba tshwanetseng go batla batho ba ba tsidifetseng? Baboledi botlhe mo phuthegong ba ka thusa go batla ba ba tsidifetseng, go akaretsa, bagolwane, babulatsela le ba ba nang le masika a a tsidifetseng. A o na le tsala kgotsa wa losika yo o tsidifetseng? A o kile wa kopana le motho yo o tsidifetseng o le mo bodireding? Tlhalosetsa motho yoo gore fa e le gore a ka rata go etelwa o ka naya bagolwane dinomoro tsa gagwe le aterese ya kwa a dulang gone.

7. O ithuta eng mo go se mogolwane mongwe yo o bidiwang Thomas a ileng a se bua?

7 Bagolwane botlhe ba na le maikarabelo a go batla ba ba tsidifetseng le go ba thusa gore ba boele kwa go Jehofa. Mme ba ka dira seno jang? Ela tlhoko se mogolwane mongwe yo o bidiwang Thomas * wa kwa Spain a ileng a se bua. O ile a thusa Basupi ba feta 40 gore ba boele mo phuthegong. Thomas a re: “Sa ntlha, ke botsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore, a ba itse gore gone jaanong motho mongwe yo o tsidifetseng o nna kae. Kgotsa ke botsa baboledi gore a ba itse mongwe yo o sa tlholeng a tla dipokanong. Batho ba le bantsi mo phuthegong ba itumelela go thusa. Mme fa ke etetse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tsidifetseng ke ba botsa ka bana ba bone le ba masika. Bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi bano, ba ne ba tlhola ba ya dipokanong le bana ba bone mme ka nako eo bana bao e ne e le baboledi. Le bone ba ka thusiwa go boela kwa go Jehofa.”

THUSANG DINKU TSA GA JEHOFA GO BOELA KWA GO ENE

8. Mo setshwantshong sa ga Jesu se se mo go Luke 15:17-24, rre o ile a tshwara jang morwawe yo o neng a ikwatlhaya?

8 Re tlhoka go nna le dinonofo dife gore re kgone go thusa ba ba tsidifetseng gore ba kgone go boela kwa go Jehofa? A re tlotleng ka se re ka ithutang sone mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa yo o neng a latlhegile. (Bala Luke 15:17-24.) Jesu o tlhalosa ka fa morwa yoo a ileng a itharabologelwa ka gone a bo a boela gae. Rraagwe o ne a mo tabogela a bo a mo tlamparela, mme seo se ne sa mo netefaletsa gore rraagwe o a mo rata. Morwa yoo o ne a ikutlwa molato e bile o ne a sa lebelela gore rraagwe a mo amogele. Fa a sena go bolelela rraagwe gore o ikutlwa jang, rraagwe o ne a mo utlwela botlhoko. Rraagwe o ile a dira sengwe go bontsha gore o a mo amogela. Ga a ka a mo amogela jaaka lekgoba mme o ile a mo amogela jaaka morwawe. Go bontsha gore o a mo rata e bile o a mo amogela o ne a mo direla moletlo a bo a mo apesa diaparo tsa maemo a a kwa godimo.

9. Re tlhoka go nna le dinonofo di fe gore re kgone go thusa ba ba tsidifetseng go boela kwa go Jehofa? (Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “ Re ka Thusa Jang Batho ba ba Tsidifetseng ba ba Batlang go Boela Kwa go Jehofa?”)

9 Jehofa o tshwana le rre yo o mo setshwantshong seno. O rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tsidifetseng e bile o batla gore ba boele kwa go ene. Fa re etsa Jehofa, re ka kgona go ba thusa gore ba boele kwa go ene. Seo se raya gore re tshwanetse go nna pelotelele, kutlwelobotlhoko le lorato. Goreng re tshwanetse go nna le dinonofo tseno mme re ka nna le tsone jang?

10. Goreng re tshwanetse go nna pelotelele fa re thusa motho yo o tsidifetseng gore a boele kwa go Jehofa?

10 Re tlhoka go nna pelotelele ka gonne go tsaya nako gore motho a boele kwa go Jehofa. Bakaulengwe ba le bantsi ba ba neng ba tsidifetse, ba re ba ile ba boa ba direla Jehofa gape fa bagolwane le bakaulengwe mo phuthegong ba sena go ba etela makgetlo a le mantsi. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Nancy wa kwa Asia o ne a re: “Tsala ya me e ile ya nthusa fela thata. Re ne re ratana fela jaaka bana ba motho. O ne a nkgopotsa dilo dingwe tse di monate tse re neng re di dira mmogo. O ne a ntheetsa fa ke ne ke mmolelela gore ke ikutlwa jang, go tswa foo a bo a mpha kgakololo. E ne e le tsala ya nnete.”

11. Ke eng fa re tlhoka go nna kutlwelobotlhoko gore re kgone go thusa motho yo o tsidifetseng?

11 Re ka tshwantsha kutlwelobotlhoko le molemo o o tshasang fa o na le ntho. Fa re utlwela ba bangwe botlhoko re ka kgona go ba thusa gore ba ikutlwe botoka. Bangwe ba ba tsidifetseng ba kile ba utlwisiwa botlhoko ke mongwe mo phuthegong, ka jalo, ba sa ntse ba galefile e bile ba utlwile botlhoko mme ka ntlha ya seo go thata gore ba boele kwa go Jehofa. Ba ka tswa ba akanya gore ga ba a ka ba tshwarwa sentle, ka jalo, ba tlhoka motho yo o ka ba reetsang le yo o ka ba tlhaloganyang. (Jak. 1:19) María yo o kileng a tsidifala a re: “Ke ne ke tlhoka motho yo o ka ntheetsang, yo o ka nkgomotsang le yo o ka mphang kgakololo e e siameng a bo a nthusa.”

12. Tlhalosa gore tsela e Jehofa a ratang batlhanka ba gagwe ka yone e tshwana jang le mogala.

12 Jehofa o tshwantsha tsela e a ratang batlhanka ba gagwe ka yone le mogala. Lorato lo Jehofa a ratang batlhanka ba gagwe ka lone le tshwana jang le mogala? Akanya o wetse mo lewatleng, makhubu a le bogale le metsi a le tsididi. O simolola go nwela mme mongwe a bo ga go latlhelela sengwe se se go thusang gore o se ka wa nwela. O wela makgwafo mme gore o kgone go tshela, o tlhoka go tswa mo metsing. Ka jalo, o tlhoka gore batho ba ba mo sekepeng ba go latlhelele mogala gore o go thuse gore o tsene mo sekepeng. Jehofa o ile a bua jaana ka Baiseraele ba ba ileng ba tlogela go mo direla: “Ke ne ka nna ka ba goga ka megala . . . ya lorato.” (Hos. 11:4) Jehofa o ikutlwa ka tsela e e tshwanang ka batho ba ba tlogetseng go mo direla ba ba nang le mathata le ditlhobaelo tse dintsi. O batla gore ba itse gore o a ba rata le gore o batla go ba thusa gore ba boele kwa go ene. Mme Jehofa a ka go dirisa go ba thusa go lemoga seo.

13. Maitemogelo a ga Pablo a re ruta jang gore fa re rata ba bangwe re ka ba thusa gore ba boela kwa go Jehofa?

13 Re tlhoka go nna re bolelela batho ba ba tsidifetseng gore Jehofa o a ba rata le gore le rona re a ba rata. Pablo yo go builweng ka ene mo setlhogong se se fetileng, o ne a tsidifetse dingwaga di feta 30. A re: “Letsatsi lengwe fa ke tswa kwa lapeng ke ne ka kopana le kgaitsadi mongwe yo o godileng. O ne a bua le nna ka lorato e bile a le botsalano mme seo se ne sa nkama pelo, ke bo ke thubega ka selelo. Ke ne ka mmolelela gore e kete Jehofa o ne a mo rometse go tla go bua le nna. Ka nako eo, ke ile ka swetsa ka gore ke boele kwa go Jehofa.”

TSHEGETSA BA BA BOKOA

14. Go ya ka setshwantsho se se mo go Luke 15:4, 5, modisa o ile a dira eng fa a sena go bona nku e e latlhegileng?

14 Re tlhoka go nna re thusa le go kgothatsa batho ba ba tsidifetseng fa re sena go kopana le bone. Fela jaaka mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa yo o latlhegileng, batho ba tsidifetseng ba ka tswa ba utlwile botlhoko thata jaana mo go tla ba tsayang lobaka lo loleele gore ba kgone go fola. E re ka ba na le lobaka lo loleele ba tsidifetse, ga ba tlhole ba atamalane thata le Jehofa jaaka pele. Re tlhoka go ba thusa go nonotsha tumelo ya bone mo go Jehofa. Mo setshwantsho sa ga Jesu sa nku e e latlhegileng, Jesu o tlhalosa ka fa modisa a tsayang nku ya gagwe ka gone a bo a e baya mo magetleng a gagwe, a bo a e isa kwa letsomaneng. Modisa o setse a tsere matsapa go batla nku e e latlhegileng mme gone o lemoga gore nku e ka se kgone go itsamaisa go fitlha kwa letsomaneng. Ka jalo o a e tsholetsa a bo a e isa kwa letsomaneng.—Bala Luke 15:4, 5.

15. Re ka thusa jang batho ba tsidifetseng ba ba batlang go boela kwa go Jehofa? (Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “ Sedirisiwa se se Botlhokwa Thata.”)

15 Re tlhoka go tsaya matsapa go thusa ba ba tsidifetseng gore ba fenye bothata jo bo dirang gore go nne thata gore ba boele kwa go Jehofa. Jehofa a ka dirisa moya wa gagwe o o boitshepo, Lefoko la gagwe le dikgatiso go re thusa gore re kgone go thusa ba ba tsidifetseng gore e nne ditsala tsa gagwe gape. (Bar. 15:1) Re ka ba thusa jang? Mokaulengwe mongwe yo e leng kgale e le mogolwane a re: “Batho ba ba tsidifetseng ba ba batlang go boela kwa go Jehofa, ba tlhoka go tshwarelwa thuto ya Baebele.” * Ka jalo, fa o kopiwa go ithuta le motho yo o tsidifetseng o se ka wa gana fa e le gore maemo a gago a go letla. Gape mogolwane yoo a re: “Mmoledi yo o tshwarelang motho yo tsidifetseng thuto, o tlhoka go nna tsala ya gagwe gore motho yoo a kgone go phuthologa fa a na le ene le go mo tshepa.”

GO NNA LE BOIPELO KWA LEGODIMONG LE MO LEFATSHENG

16. Ke sekai sefe se se bontshang gore baengele ba a re thusa?

16 Go na le dikai tse dintsi tse di re bontshang gore baengele ba re thusa go batla batho ba ba tsidifetseng, ba ba batlang go boela kwa go Jehofa. (Tshen. 14:6) Ka sekai mokaulengwe wa kwa Ecuador yo o bidiwang Silvio, a re o ne a kopa Jehofa gore a mo romelele mongwe yo o ka mo thusang go boela mo phuthegong. Fa a ntse a rapela, bagolwane ba babedi ba ne ba kokota mo kgorong ya gagwe. Ka yone nako eo, ba ne ba simolola go mo thusa.

17. Re tla ikutlwa jang fa re thusa batho ba ba tsidifetseng?

17 Re tla itumela fa re thusa batho ba ba tsidifetseng go boela kwa go Jehofa. Ela tlhoko se mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Salvador yo e leng mmulatsela e bile a rata go thusa batho ba ba tsidifetseng a se buang. A re: “Fa ke akanya ka batho ba ba neng ba tsidifetse ba ba boetseng kwa go Jehofa, matlho a me a gelela dikeledi. Ke itumelela gore ke ile ka dira le Jehofa go thusa nku ya gagwe e e neng e latlhegile go tswa mo lefatsheng la ga Satane le go boela mo phuthegong.”—Dit. 20:35.

18. Fa ele gore o tsidifetse o ka tlhomamisega ka eng?

18 Fa e le gore o tsidifetse, itse gore Jehofa o sa ntse a go rata. O batla gore o boele kwa go ene. Fa o batla go boela kwa go ene, go na le dilo tse o tlhokang go di dira. Mme fela jaaka rre yo o mo setshwantshong sa ga Jesu, Jehofa o emetse gore o boele kwa go ene mme o tla go amogela ka lorato.

PINA 103 Badisa—Dimpho Tse di Molemo

^ ser. 5 Jehofa o batla gore batho ba ba sa tlholeng ba ya bodireding le dipokanong ba boele kwa go ene. Go na le dilo di le dintsi tse re ka di dirang go thusa ba ba tsidifetseng go amogela taletso ya ga Jehofa e e reng: “Boelang mo go nna.” Mo setlhogong seno, re tla ithuta gore re ka ba thusa jang go amogela taletso eno.

^ ser. 7 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 15 Go ka dirisiwa buka ya Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo le ya Atamalana le Jehofa go thusa batho bangwe ba ba tsidifetseng go boela kwa go Jehofa. Komiti ya Tirelo e tla dira tshwetso ya gore ke mmoledi ofe yo o ka tshwarelang motho yo o tsidifetseng thuto ya Baebele.

^ ser. 68 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Bakaulengwe ba bararo ba thusa mokaulengwe yo o batlang go boela mo phuthegong. Wa ntlha o a mo founela, wa bobedi o mo tlisetsa maungo go mmontsha gore o sa ntse a ratiwa, wa boraro o a mo reetsa fa a bua.