Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 24

“Kitlanya Pelo ya me Gore e Boife Leina la Gago”

“Kitlanya Pelo ya me Gore e Boife Leina la Gago”

“Kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago. Ke a go baka, wena Jehofa Modimo wa me, ka pelo ya me yotlhe.”—PES. 86:11, 12.

PINA 7 Jehofa ke Maatla a Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Go boifa Modimo ga go kaye eng, mme ke eng fa go le botlhokwa?

BAKERESETE ba rata Modimo e bile ba a mmoifa. Ba bangwe ba ka tswa ba akanya gore seo ga se utlwale. Go boifa Modimo ga go kaye go mmoifa lebaibai, e bile eo ga se poifo e re tlileng go tlotla ka yone. Batho ba ba boifang Modimo ba a mo tlotla. Ga ba batle go utlwisa Jehofa botlhoko ka gonne ga ba batle go senya botsala jwa bone le ene.—Pes. 111:10; Diane 8:13.

2. Go ya ka mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 86:11, re tla tlotla ka dilo dife tse pedi?

2 Bala Pesalema 86:11. Go akanya ka mafoko a temana eno, go tla go thusa go lemoga gore Dafide o ne a tlhaloganya gore go botlhokwa go tlotla Jehofa ka pelo yotlhe. A jaanong re tlotle ka gore re ka dirisa jang mafoko a a tlhagang mo thapelong ya ga Dafide. Sa ntlha, re tla tlotla ka mabaka a go bo re tshwanetse go tlotla leina la Modimo. Sa bobedi, re tla tlotla ka dilo tse re ka di dirang letsatsi le letsatsi go bontsha gore re tlotla leina la Modimo.

GORENG RE TSHWANETSE GO TLOTLA LEINA LA MODIMO KA PELO YOTLHE?

3. Ke tiragalo efe e e thusitseng Moshe gore a tswelele a tlotla leina la Modimo?

3 Akanya fela gore Moshe o ne a ikutlwa jang fa Jehofa a ne a mo tsentse mo phatlheng ya lefika a bo a mmontsha kgalalelo ya gagwe. E tshwanetse ya bo e ne e le selo se se itumedisang thata mo go Moshe fa a ne a bona kgalalelo ya ga Jehofa. Moshe o ne a utlwa mafoko ano a a ka tswang a ne a buiwa ke moengele: “Jehofa, Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri, yo o bolokelang dikete bopelonomi jwa lorato, yo o itshwarelang phoso le tlolo le boleo.” (Ekes. 33:17-23; 34:5-7) Go ka direga gore fa Moshe a dirisa leina la Modimo o ne a gopola tiragalo eo. Ke ka moo Moshe a ileng a ruta Baiseraele gore ba “boife leina leno le le galalelang le le le boitshegang” la Modimo.—Dute. 28:58.

4. Ke eng se se ka re thusang go tlotla Jehofa le go feta?

4 Fa re akanya ka leina Jehofa, re tshwanetse ra akanya ka botho jwa mong wa lone. Gape re tshwanetse go akanya ka dinonofo tsa gagwe tse di jaaka maatla, botlhale, tshiamiso le lorato. Go akanya ka dinonofo tseno go tla dira gore re mo tlotle le go feta.—Pes. 77:11-15.

5-6. (a) Leina la Modimo le kaya eng? (b) Go ya ka Ekesodo 3:13, 14 le Isaia 64:8, Jehofa o dira eng gore a kgone go diragatsa boikaelelo jwa gagwe?

5 Leina la Modimo le kaya eng? Baithuti ba le bantsi ba Baebele, ba dumela gore leina la Modimo le kaya gore, “O Dira Gore go Diragale.” Bokao jwa leina leno, bo re ruta gore ga go na sepe se se ka thibelang Jehofa go diragatsa sengwe le sengwe se a se batlang. Re raya jang?

6 Jehofa o dira gore go diragale ka go nna sengwe le sengwe fela se a tlhokang go nna sone gore a kgone go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. (Bala Ekesodo 3:13, 14.) Dikgatiso di nna di re gopotsa gore re nne re akanya ka botho jono jwa Modimo. Ka dinako dingwe, Jehofa o dira gore batlhanka ba gagwe ba nne sengwe le sengwe fela se se tlhokegang gore boikaelelo jwa gagwe bo kgone go diragadiwa. (Bala Isaia 64:8.) Ga go na sepe se se ka thibelang Jehofa go diragatsa boikaelelo jwa gagwe.—Isa. 46:10, 11.

7. Ke eng se re ka se dirang gore re kgone go rata Jehofa le go mo tlotla?

7 Selo se se ka dirang gore re tlotle Jehofa thata, ke go tlhatlhanya ka dilo tse a di dirileng le tse a re thusitseng gore re kgone go di dira. Ka sekai, fa re akanya ka dilo tse Jehofa a di bopileng, re tla kgona go mmaka. (Pes. 8:3, 4) Fa re akanya ka dilo tse Jehofa a re thusitseng go di dira gore re kgone go dira thato ya gagwe re tla mo tlotla thata. Ruri leina la Modimo le tshwanelwa ke go bakwa! Le tlhalosa botho jwa ga Rraarona, se a se dirileng le se a ikaeletseng go se dira.—Pes. 89:7, 8.

“KE TLA BOLELA LEINA LA GA JEHOFA”

Dilo tse Moshe a neng a di ruta di ne di lapolosa. O ne a ruta thata ka leina la Modimo le botho jwa gagwe (Bona serapa 8) *

8. Go ya ka Duteronome 32:2 le 3, Jehofa o batla gore re dire eng ka leina la gagwe?

8 Pele Baiseraele ba tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, Jehofa o ne a ruta Moshe pina nngwe. (Dute. 31:19) Mme Moshe o ne a tshwanetse go ruta batho pina eo. (Bala Duteronome 32:2, 3.) Fa re tlhatlhanya ka Duteronome 32 temana 2 le 3, re kgona go bona gore Jehofa o batla gore batho botlhe ba itse leina la gagwe le gore ba se ka ba re le boitshepo thata mo ba ka se kang ba kgona go le bitsa. Baiseraele ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse tota fa ba utlwa Moshe a ba ruta ka Jehofa le leina la gagwe. Dilo tse Moshe a neng a ba ruta tsone di ile tsa ba kgothatsa le go nonotsha tumelo ya bone fela jaaka pula e thusa dijalo go gola. Re ka etsa Moshe jang fa re ruta?

9. Re ka tlotlomatsa leina la Modimo jang?

9 Fa re le mo bodireding, re ka dirisa Baebele go bontsha batho gore leina la Modimo ke Jehofa. Re ka ba fa dikgatiso, ra ba bontsha dibidio kgotsa ra ba fa sepe fela se se mo website ya rona se se buang ka Jehofa. Fa re le kwa mmerekong, kwa sekolong kgotsa gongwe re tsaya loeto, re ka kgona go nna le tshono ya go bua le batho ba bangwe ka Jehofa. Fa re ba bolelela ka dilo tse dintle tse Jehofa a tlileng go re direla tsone mo lefatsheng, ba ka simolola go lemoga gore tota Jehofa o a re rata. Fa re ruta ba bangwe boammaaruri ka Modimo, re a bo re dira gore leina la gagwe le itshepisiwe. Re ba thusa go lemoga gore dilo di le dintsi tse ba ntseng ba di rutiwang ka Modimo ke maaka. Fa re ruta batho boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng ba tla lapologelwa.—Isa. 65:13, 14.

10. Fa re ruta batho Baebele, goreng go sa lekana go ba ruta fela melao ya Modimo?

10 Fa re ruta batho ka leina la Modimo, re batla gore ba le itse le gore ba le dirise. Gape re batla gore ba itse bokao jwa leina la gagwe. Mme ga re ka ke ra kgona go dira jalo fa re ba ruta melao ya Modimo fela le gore ba tshwanetse go tshela jang. Motho a ka ithuta melao ya Modimo a bo a e rata. Mme gone a o tla ikobela melao eo ka gonne a rata Jehofa. Se lebale gore Adame le Efa le bone ba ne ba itse melao ya Modimo mme ba ne ba sa mo rate. (Gen. 3:1-6) Ka jalo, ga re a tshwanela go ruta batho melao ya Modimo fela, gape re tshwanetse go ba ruta go mo rata.

11. Re ka thusa jang batho gore ba rate Jehofa fa re ntse re ba ruta ka melao ya gagwe?

11 Melao ya Modimo e a kgatlha ka gonne ka metlha e re solegela molemo. (Pes. 119:97, 111, 112) Mme batho ba re ithutang le bone Baebele ba ka nna ba se ka ba lemoga seo ka gonne ba sa tlhaloganye gore Modimo o re neile melao eo ka gonne a re rata. Ka jalo, re ka botsa motho yo re ithutang Baebele le ene gore: “O akanya gore goreng Modimo a letla gore re dire dilo dingwe mme a sa batle gore re dire dilo tse dingwe? Seo se go ruta eng ka Ene?” Fa re thusa batho ba re ithutang le bone go akanya ka Jehofa le go mo rata re tla kgona go ama dipelo tsa bone. Fa re dira jalo, ga ba kitla ba rata fela melao ya ga Jehofa mme le ene ba tla mo rata. (Pes. 119:68) Tumelo ya bone e tla nonofa mme ba tla kgona go itshokela diteko tse ba tla kopanang le tsone.—1 Bakor. 3:12-15.

“RE TLA TSAMAYA MO LEINENG LA GA JEHOFA”

Nako nngwe Dafide o ne a nna pelopedi (Bona serapa 12)

12. Ke eng se se dirileng gore Dafide a nne pelopedi, mme go ile ga felela jang?

12 Mafoko a a tlhagang mo go Pesalema 86:11 a a reng, “kitlanya pelo ya me” a botlhokwa thata. Mafoko ao, a kwadilwe ke Kgosi Dafide. Kgosi Dafide o ne a iponela gore go motlhofo go nna pelopedi. Nako nngwe fa a ntse a tsamayatsamaya mo borulelong jwa ntlo ya gagwe o ne a bona mosadi wa monna yo mongwe a tlhapa. A ka nako eo Dafide o ne a tlhomile mogopolo mo go direng se se siameng kgotsa o ne a le pelopedi? O ne a itse gore molao wa ga Jehofa o a re: “O se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena.” (Ekes. 20:17) Le fa go ntse jalo, o ne a nna a lebile mosadi yoo. O ne a batla go itumedisa Jehofa mme gape o ne a batla go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya go tlhakanela dikobo le Bathe-sheba. Le fa Dafide a ne a rata Jehofa e bile a mmoifa, o ne a ineelela go kgotsofatsa dikeletso tsa gagwe tse di sa siamang. Mme seo se ile sa dira gore a dire le dilo tse dingwe gape tse di bosula. O ne a gogagoga leina la Modimo mo seretseng, gape o ne a utlwisa lelapa la gagwe le batho ba bangwe botlhoko.—2 Sam. 11:1-5, 14-17; 12:7-12.

13. Re itse jang gore Dafide o ne a boa a direla Jehofa ka pelo yotlhe?

13 Jehofa o ne a otlhaya Dafide mme moragonyana Dafide o ne a boa a atamalana le ene gape. (2 Sam. 12:13; Pes. 51:2-4, 17) Dafide o ne a lemoga gore o bakile mathata a a seng kana ka sepe ka go nna pelopedi. Mafoko a a mo go Pesalema 86:11, gape a ka bewa jaana: “Nthuse gore ke se ka ka nna pelopedi.” A Jehofa o ne a thusa Dafide gore a mo direle ka pelo yotlhe? Ee, ka gonne moragonyana Baebele e ile ya re, “pelo ya ga Dafide” e ne e “feletse mo go Jehofa Modimo wa gagwe.”—1 Dikg. 11:4; 15:3.

14. Re tshwanetse go ipotsa potso efe mme ka ntlha yang?

14 Se se diragaletseng Dafide se a re kgothatsa e bile se a re tlhagisa. Go sa kgathalesege gore a re na le nako e e telele re direla Jehofa kgotsa ke gone re simololang go mo direla, rotlhe re tshwanetse go ipotsa gore, ‘A ke dira sotlhe se nka se kgonang go gana maiteko a ga Satane a go dira gore ke se ka ka direla Jehofa ka pelo yotlhe?’

Satane o tlile go leka go dira gore o nne pelopedi. O se ka wa mo letla! (Bona serapa 15-16) *

15. Go boifa Modimo go ka re thusa jang fa re bona ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo?

15 Ka sekai, fa o lebile thelebishene kgotsa o le mo Internet, o bo o bona ditshwantsho tse di ka dirang gore o akanye ka tlhakanelodikobo, o tla dira eng? Gongwe o ka nna wa ipolelela gore ke setshwantsho fela kgotsa ke movie fela, ga se gore o bontsha ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Boammaaruri ke gore, eno ke tsela e Satane a e dirisang go dira gore o se ka wa direla Jehofa ka pelo yotlhe. (2 Bakor. 2:11) Re ka tshwantsha seo le selepe se motho a se dirisang go rema logong lo lo tona. Motho yoo fa a simolola go rema, o rema go le gonnye, mme fa a ntse a rema, logong leo le kgaogana ka bogare. Re ka tshwantsha setshwantsho se o se boneng fa o lebile movie kgotsa mo thelebisheneng le selepe se se bogale. Go leba ditshwantsho tseo tse di lebegang di se kotsi go ka dira gore kwa bofelong motho a leofele Jehofa. Ka jalo, o se ka wa letla dilo dipe tse di sa siamang di go kgaoganya le Jehofa! Dira sotlhe se o ka se kgonang gore o direle Jehofa ka pelo e e feletseng!

16. Fa re raelesega go dira sengwe se se phoso, re tshwanetse go ipotsa dipotso dife?

16 Go na le dilo tse dingwe tse Satane a di dirisang go re raela go dira dilo tse di sa siamang. Fa seo se direga, Re tshwanetseng dira eng? Gongwe o ka tsaya dilo tseo motlhofo fela. Gongwe o ka tswa o akanya gore: ‘Ga nkitla ke kgaolelwa go dira selo seno, ka jalo go raya gore ga se kotsi go le kalo.’ Go akanya jalo ga go a siama. Go tla bo go le botlhale gore re ipotse dipotso tse di latelang: ‘A Satane o dirisa teko eno go dira gore ke se ka ka direla Jehofa ka pelo yotlhe? Fa ke ineela go kgotsofatsa dikeletso tsa me, a ke tla itumedisa Jehofa? A tshwetso e ke tla e tsayang e tla nonotsha botsala jwa me le Jehofa kgotsa e tla bo senya?’ Tlhatlhanya ka dipotso tseno. Rapela Jehofa, o mo kope gore a go thuse go araba dipotso tseno. (Jak. 1:5) Go dira jalo go tla go thusa. Mme o tla kgona go emelana le diteko fela jaaka Jesu a ile a kgona go raya Satane a re: “Tsamaya, Satane!”—Math. 4:10.

17. Goreng re sa tshwanela go nna pelopedi? Naya sekai.

17 Ga re a tshwanela go nna pelopedi. Akanya ka setlhopha sengwe sa bolo se batshameki ba sone ba sa utlwaneng. Bangwe ba batla gore go utlwiwe ka bone, ba bangwe ga ba batle go tshameka go ya ka melao mme ba bangwe bone ba nyatsa mokatisi wa bone. Ga go kitla go nna motlhofo gore setlhopha seo se fenye. Mme gone, fa maloko a setlhopha a dirisana mmogo ba tla kgona go fenya metshameko e le mentsi. Ka tsela e e tshwanang, le wena fa o batla go direla Jehofa ka pelo yotlhe, o tshwanetse go dira gore maikutlo, dikakanyo le dikeletso tsa gago di dumalane le thato ya ga Gagwe. Gopola gore Satane a ka rata go go bona o sa direle Jehofa ka pelo yotlhe. O batla go bona pelo ya gago e lwantshana le maikutlo, o etsaetsega, o sa itse gore o dire eng. Mme gone, gore o kgone go direla Jehofa, ga o a tshwanela go nna pelopedi. (Math. 22:36-38) O se ka wa letla Satane a go kgaoganya le Jehofa!

18. Go dumalana le Mika 4:5, o ikemiseditse go dira eng?

18 Fela jaaka Dafide, rapela Jehofa mme o mo reye o re: “Kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago.” Leka go tshela go dumalana le thapelo eno. Ikemisetse go dira ditshwetso tse di tla itumedisang le go tlotlomatsa Jehofa. Fa o dira jalo, o tla dira gore a itumele. (Dia. 27:11) Mme rotlhe re tla kgona go bua mafoko a a ileng a buiwa ke moporofeti Mika, fa a ne a re: “Re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”—Mika 4:5.

PINA 41 Ka Kopo Utlwa Thapelo ya Me

^ ser. 5 Mo setlhogong seno re tla tlotla ka thapelo ya ga Dafide e e mo go Pesalema 86:11, 12. Go boifa leina la Modimo go kaya eng? Goreng re tshwanetse go tlotla kgotsa go boifa leina la Modimo? Mme go tlotla leina leo go ka re sireletsa jang?

^ ser. 53 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Moshe o ile a ruta batho ba Modimo pina e e neng e baka Jehofa.

^ ser. 57 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Efa ga a ka a gana dikeletso tse di sa siamang. Go farologana le Efa, re gana ditshwantsho, melaetsa kgotsa sengwe le sengwe fela se se ka dirang gore re nne le dikeletso tse di sa siamang kgotsa re gogagoge leina la Modimo mo seretseng.