Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 25

“Nna ka Bonna, ke Tla Batla Dinku Tsa Me”

“Nna ka Bonna, ke Tla Batla Dinku Tsa Me”

“Nna ka bonna, ke tla batla dinku tsa me ke bo ke di tlhokomela.”—ESEK. 34:11.

PINA 105 “Modimo ke Lorato”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Jehofa o tshwana jang le mmê yo o anyisang?

“A MOSADI a ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang?” Jehofa o kile a botsa potso eo ka nako ya ga moporofeti Isaia. Modimo o ile a bolelela batho ba gagwe gore: “[Le fa] basadi bano ba ka lebala, . . . nna ga nkitla ke go lebala.” (Isa. 49:15) Ga se gantsi Jehofa a itshwantsha le mmê. Mme mo lekgetlong leo o ile a dira jalo. O ile a bapisa tsela e a ikutlwang ka yone ka batlhanka ba gagwe, le tsela e mmê a ratang ngwana wa gagwe ka yone ka gonne o ne a batla gore batlhanka ba gagwe ba tlhaloganye gore o ba rata fela thata. Bommê ba le bantsi ba ikutlwa fela jaaka kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Jasmin. A re: “Fa o anyisa ngwana, o simolola go mo rata thata, mme lorato leo le nnela ruri.”

2. Jehofa o ikutlwa jang fa mongwe wa batlhanka ba gagwe a tlogela go mo direla?

2 Jehofa o a lemoga fa mongwe wa batlhanka ba gagwe a emisa go ya bodireding le go ya dipokanong. Ka jalo, o utlwa botlhoko thata fa a bona batlhanka ba gagwe ba le bantsi ba tsidifala * ngwaga le ngwaga.

3. Jehofa o batla eng?

3 Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba boa gape ba kopanela le phuthego mme re a itumela fa re ba bona! Jehofa o batla gore ba boele mo phuthegong mme le rona ke se re se batlang. (1 Pet. 2:25) Re ka ba thusa jang? Pele re araba potso eno, go botlhokwa gore re tlhaloganye gore goreng bangwe ba bone ba tlogela go ya dipokanong le go ya bodireding.

GORENG BATHO BANGWE BA TLOGELA GO DIRELA JEHOFA?

4. Batho bangwe ba feleletsa ba diragaletswe ke eng ka ntlha ya tiro ya boitshediso?

4 Bangwe ba tsaya tiro ya boitshediso e le botlhokwa thata mo botshelong jwa bone. Mokaulengwe mongwe yo o nnang kwa Asia, e bong Hung * a re: “Ke ne ke fetsa nako e ntsi ke le kwa tirong. Ke ne ka ipolela gore fa nka nna le madi a mantsi ke tla direla Jehofa botoka. Ka jalo, ke ne ke bereka diura tse dintsi. Ke ne ka simolola go tlolwa ke dipokano tse dintsi mme moragonyana ke bo ke tlogela go ya dipokanong. Satane o dirisa lefatshe la gagwe go dira gore batho ba tlogele go direla Jehofa.”

5. Kgaitsadi Anne o ile a dira eng fa a ne a lebane le mathata?

5 Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba lebana le mathata a a kgobang marapo. Kgaitsadi Anne yo o nnang kwa Boritane o na le bana ba batlhano. A re: “Ngwanake yo mongwe o tshotswe a golafetse thata. Moragonyana ngwanake wa mosetsana o ile a tlosiwa mo phuthegong mme wa mosimane a nna le bolwetse jwa tlhaloganyo. Ke ne ka gatelelwa thata mo maikutlong mo ke ileng ka tlogela go ya dipokanong le go ya bodireding. Kwa bofelong ke ne ka tsidifala.” Ruri re utlwela Anne le lelapa la gagwe botlhoko le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lebanang le mathata a a tshwanang le a gagwe.

6. Go sa dirise kgakololo e e mo go Bakolosa 3:13, go ka dira jang gore batho bangwe ba katogele kgakala le phuthego ya ga Jehofa?

6 Bala Bakolosa 3:13. Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba ile ba utlwisiwa botlhoko ke se mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a ileng a se dira. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa gore ka dinako tse dingwe re ka nna le “lebaka la go ngongorega” ka mokaulengwe kgotsa kgaitsadi wa rona. Gongwe ga re a ka ra tshwarwa sentle mo nakong e e fetileng, mme seo se ka dira gore re galefe. Fa re sa ikele tlhoko re ka nna ra tshwara sekgopi. Fa motho a galefile a ka simolola go katogela kgakala le batho ba ga Jehofa. Akanya ka se se diragaletseng mokaulengwe Pablo yo o nnang kwa South America. Mongwe o ile a re Pablo o dirile sengwe se se siamang le fa a ne a sa se dira. Bagolwane ba ile ba dumela seo mme Pablo o ile a latlhegelwa ke ditshiamelo dingwe mo phuthegong. Pablo o ile a dira eng? A re: “Ke ne ka galefa mme fa nako e ntse e ya, ke ne ka katogela kgakala le phuthego.”

7. Go ka diragalang fa motho a ikutlwa molato?

7 Fa motho a kile a dira boleo jo bo masisi, segakolodi sa gagwe se ka mo tshwenya mme a ka nna a akanya gore Modimo ga a kitla a tlhola a mo rata. Le fa a ile a ikwatlhaya a bo a itshwarelwa, a ka nna a ikutlwa a sa tshwanelege go nna motlhanka wa ga Jehofa. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Francisco o ne a ikutlwa jalo. A re : “Ke ne ka kgalemelwa ka gonne ke dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Le fa ke ne ke ya dipokanong, ke ne ke ngomogile pelo e bile ke ikutlwa ke sa tshwanelege go nna motlhanka wa ga Jehofa. Segakolodi sa me se ne se ntshwenya mme ke ne ke dumela gore Jehofa ga a ise a intshwarele. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka tlogela go ya dipokanong le go ya bodireding.” O ikutlwa jang ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lebanang le mathata a a tshwanang le a re tlotlileng ka one? A o ba utlwela botlhoko? Mme Jehofa ene o ikutlwa jang ka bone?

JEHOFA O RATA BATLHANKA BA GAGWE

Modisa wa Moiseraele o ne a amega thata ka nku ya gagwe e e latlhegileng (Bona serapa 8-9) *

8. A Jehofa o lebala batho ba ba kileng ba mo direla? Tlhalosa.

8 Jehofa ga a lebale batho ba ba kileng ba mo direla le fa gone jaanong ba tsidifetse, e bile ga a lebale dilo tse ba kileng ba mo direla tsone. (Baheb. 6:10) Moporofeti Isaia o ile a kwala ka setshwantsho se se bontshang kafa Jehofa a ratang batlhanka ba gagwe ka gone. Isaia o ne a re: “O tla disa motlhape wa gagwe jaaka modisa. O tla phutha dikwanyana mmogo ka lebogo la gagwe; mme o tla di tshola mo sehubeng sa gagwe.” (Isa. 40:11) Modisa yo Mogolo e bong Jehofa o ikutlwa jang fa mongwe wa batlhanka ba gagwe a tlogela go mo direla? Jesu o ile a tlhalosa tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone fa a ne a botsa barutwa ba gagwe a re: “Lo akanyang? Fa motho mongwe a ka nna le dinku di le lekgolo mme e le nngwe ya tsone e timela, a ga a na go tlogela tse di masome a robongwe le borobongwe mo dithabeng a ba a bolola a ya go batla e e timetseng? Mme fa go diragala gore a e bone, eleruri ke a lo bolelela, o ipelela yone thata go na le tse di masome a robongwe le borobongwe tse di sa timelang.”—Math. 18:12, 13.

9. Badisa ba ba neng ba tshela ka nako ya fa Baebele e ne e kwalwa, ba ne ba bontsha jang gore ba rata dinku tsa bone? (Bona setshwantsho sa khabara.)

9 Goreng re ka bapisa Jehofa le modisa? Ka gonne badisa ba ba neng ba tshela ka nako ya fa Baebele e ne e kwalwa ba ne ba rata e bile ba tlhokomela dinku tsa bone. Ka sekai, Dafide o ile a lwa le tau le bera gore a sireletse letsomane la gagwe. (1 Sam. 17:34, 35) Modisa yo o molemo o kgona go lemoga le fa nku e le nngwe fela e latlhegile. (Joh. 10:3, 14) Modisa yoo a ka tlogela dinku tse dingwe mo lesakeng kgotsa a di tlogela le badisa ba bangwe gore a ye go batla nku eo e e latlhegileng. Jesu o ile a dirisa setshwantsho seno go re ruta thuto ya botlhokwa ka Jehofa, o ne a re: “Ga se selo se se eletsegang mo go Rre yo o kwa legodimong gore mongwe wa ba bannye bano a nyelele.”—Math. 18:14.

Modisa wa Moiseraele o ne a amega thata ka nku ya gagwe e e latlhegileng (Bona serapa 9)

JEHOFA O BATLANA LE DINKU TSA GAGWE

10. Go ya ka Esekiele 34:11-16, Jehofa o ile a solofetsa gore o tla dira eng fa dinku tsa gagwe di latlhegile?

10 Jehofa o rata dinku tsa gagwe, tota le tse dinnye tse di tlogetseng go tsamaya le letsomane la gagwe. Modimo o ile a dirisa moporofeti Esekiele go bolelela pele gore o tlile go batlana le dinku tsa gagwe tse di latlhegileng a bo a di thusa gore di nne le kamano e e molemo gape le ene. Mme o ne a tlhalosa gore o tla dira seo jang. Se a neng a tla se dira se tshwana fela le se modisa wa Moiseraele a neng a ka se dira fa nku ya gagwe e latlhegile. (Bala Esekiele 34:11-16.) Sa ntlha, modisa o ne a tshwanetse go batla nku ya gagwe, mme seo se ne se tla tlhoka gore a tseye matsapa le go dirisa nako e ntsi. Mme fa a sena go e bona o ne a tla e busetsa kwa letsomaneng. Mo godimo ga moo, fa nku eo e gobetse e bile e tshwerwe ke tlala, modisa yoo o ne a tla e hapa, a bo a e fa dijo. Bagolwane e leng badisa ba “letsomane la Modimo” le bone ba tshwanetse go dira se se tshwanang go thusa nku e e latlhegileng go boela mo phuthegong. (1 Pet. 5:2, 3) Bagolwane ba tshwanetse go batlana le batho bao, ba ba thuse go boela mo phuthegong ba bo ba ba thuse gore ba boe ba nne ditsala tsa ga Jehofa. *

11. Ke eng se modisa yo o molemo a se itseng?

11 Modisa yo o molemo o a itse gore dinku di kgona go latlhega. Fa modisa a sena go bona nku ya gagwe e e latlhegileng, ga a e tshware makgwakgwa. Jehofa o kile a nna le batlhanka ba ba neng ba palelwa ke go dira se a neng a batla gore ba se dire ka gonne ba boifa kgotsa ba kgobegile marapo. A re bone gore o ile a ba thusa jang.

12. Jehofa o ile a dirisana jang le Jona?

12 Moporofeti Jona ga a ka a ikobele Jehofa fa a ne a mo roma kwa Ninife. Mme gone Jehofa ga a ka a mo tlhoboga. Fela jaaka modisa yo o molemo, Jehofa o ile a falotsa Jona a bo a mo naya bopelokgale jwa gore a kgone go diragatsa kabelo ya gagwe. (Jona 2:7; 3:1, 2) Moragonyana Jehofa o ile a dirisa semela sa segwana go thusa Jona go tlhaloganya gore batho botlhe ba botlhokwa mo go ene. (Jona 4:10, 11) Re ithuta eng? Gore bagolwane ga ba a tshwanela go tlhoboga batho ba ba tsidifetseng. Go na le moo, ba tshwanetse go leka go tlhaloganya gore ke eng se se dirileng gore mmoledi a tlogele go ya bodireding le go ya dipokanong. Mme fa mmoledi yoo a boela kwa go Jehofa, bagolwane ba tshwanetse go tswelela pele ba mo rata le go mo tlhokomela.

13. Tsela e Jehofa a ileng a dirisana ka yone le mokwadi wa Pesalema 73 e re ruta eng?

13 Mokwadi wa Pesalema 73 o ile a kgobega marapo fa a bona e kete batho ba ba bosula ba a atlega. O ne a ipotsa gore a go dira thato ya Modimo go tla mo thusa ka tsela nngwe. (Pes. 73:12, 13, 16) Jehofa o ile a dira eng? Ga a ka a mo kgala. Tota e bile, Jehofa o ile a letla gore mafoko a mopesalema yono a kwalwe mo Baebeleng. Kwa bofelong, mopesalema yono o ile a lemoga gore ga go na sepe se se botoka go gaisa go nna tsala ya ga Jehofa. (Pes. 73:23, 24, 26, 28) Re ithuta eng? Bagolwane ga ba a tshwanela go itlhaganelela go atlhola batho ba ba simololang go nna le dipelaelo ka go direla Jehofa. Go na le gore ba ba kgale, ba tshwanetse go leka go tlhaloganya gore goreng ba bua jalo kgotsa ba dira dilo ka tsela e ba di dirang ka yone. Go tswa foo, e bo e le gone ba ka mo kgothatsang ba dirisa Baebele.

14. Goreng Elija a ne a tlhoka go thusiwa mme Jehofa o ile a mo thusa jang?

14 Moporofeti Elija o ne a tshaba ka gonne Kgosigadi Jesebele o ne a batla go mmolaya. (1 Dikg. 19:1-3) O ne a akanya gore ga go tlhole go na le baporofeti ba bangwe ga Jehofa mo Iseraele, gape o ne a tsaya gore tiro ya gagwe ga e na mosola. O ne a gateletswe thata mo maikutlong mo a neng a batla go swa. (1 Dikg. 19:4, 10) Go na le gore Jehofa a kgale Elija, o ne a mmolelela gore ga a nosi e bile o tlile go mo thusa le gore o ne a tla tswelela e le moporofeti wa gagwe. Jehofa o ne a reetsa fa Elija a mo mmulela mafatlha, go tswa foo, a bo a mo naya dikabelo tse dingwe. (1 Dikg. 19:11-16, 18) Re ithuta eng? Rotlhe go akaretsa le bagolwane, re tshwanetse go dirisana le batlhanka ba ga Jehofa ka lorato. Le fa motho a ka bolelela bagolwane gore o galefile, kgotsa o akanya gore Jehofa ga a kitla a mo itshwarela, bagolwane ba tshwanetse go mo reetsa fa a ba bolelela gore o ikutlwa jang. Mme go tswa foo, ba tla leka go mo tlhatswa pelo gore Jehofa o a mo rata.

RE TSHWANETSE GO IKUTLWA JANG KA DINKU TSA GA JEHOFA TSE DI LATLHEGILENG?

15. Go ya ka Johane 6:39, Jesu o ne a ikutlwa jang ka dinku tsa ga Rraagwe?

15 Jehofa o batla gore re ikutlwe jang ka dinku tsa ga gwe tse di latlhegileng? Jesu o re tlhomela sekao. O ne a itse gore dinku tsotlhe di botlhokwa mo go Jehofa, ka jalo o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go thusa ‘dinku tse di latlhegileng tsa ntlo ya Iseraele’ go boela kwa go Jehofa. (Math. 15:24; Luke 19:9, 10) E re ka Jesu e le modisa yo o molemo o ile a dira sotlhe se a ka se kgonang gore a se ka a latlhegelwa ke le fa e le nngwe ya dinku tsa ga Jehofa.—Bala Johane 6:39.

16-17. Bagolwane ba tshwanetse go ikutlwa jang ka go thusa batho ba ba tlogetseng go direla Jehofa? (Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “ Kafa Nku e e Latlhegileng e ka Ikutlwang ka Gone.”)

16 Moaposetoloi Paulo o ile a kgothaletsa bagolwane ba kwa Efeso gore ba etse sekao sa ga Jesu. O ne a re: “Lo tshwanetse go thusa ba ba bokoa, le gore lo tshwanetse go gopola mafoko a Morena Jesu, fa ene ka boene a ne a re, ‘Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.’” (Dit. 20:17, 35) Temana eno e bontsha gore bagolwane ba na le maikarabelo a a botlhokwa a go tlhokomela batlhanka ba ga Jehofa. Mogolwane mongwe wa kwa Spain yo o bidiwang Salvador, a re: “Fa ke akanya kafa Jehofa a ratang dinku tsa gagwe ka gone, ke tlhotlheletsega go dira sotlhe se nka se kgonang go di thusa. E re ka ke le modisa wa dinku tsa ga Jehofa, ke a itse gore Jehofa o batla gore ke di tlhokomele.”

17 Batho botlhe ba go builweng ka bone mo setlhogong seno, ba ba ileng ba tlogela Jehofa le ba ba ileng ba palelwa ke go dira se Jehofa a neng a batla gore ba se dire, ba ile ba thusiwa gore ba boe ba mo direla gape. Gone jaanong go na le batho ba le bantsi ba ba tlogetseng go direla Jehofa, ba le bone ba batlang go boa ba mo direla gape. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa mo go oketsegileng gore re ka ba thusa jang gore ba boele kwa go Jehofa.

PINA 139 Ipone o Tshela mo Lefatsheng le Lesha

^ ser. 5 Goreng batho bangwe ba ba sa bolong go direla Jehofa ba katogela kgakala le phuthego? Modimo o ikutlwa jang ka bone? Mo setlhogong seno re tla araba dipotso tseno. Gape re tla bona gore Jehofa o ile a thusa jang batho bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba kileng ba katogela kgakala le ene.

^ ser. 2 TLHALOSO: Mmoledi yo o tsidifetseng ke motho yo o feditseng dikgwedi di le thataro kgotsa go feta a sa bege e bile a sa ye tirelong ya tshimo. Le fa go ntse jalo, batho ba ba tsidifetseng e sa ntse e le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, e bile re a ba rata.

^ ser. 4 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 10 Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore bagolwane ba ka dira jang dilo tseno tse tharo.

^ ser. 60 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Modisa wa kwa Iseraele o ne a batla nku ya gagwe e e latlhegileng, a bo a e thusa gore e boele mo letsomaneng. Gompieno, bagolwane le bone ba dira se se tshwanang.

^ ser. 64 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Fa kgaitsadi yo o tsidifetseng a ntse a emetse gore bese e a e palameng e tsamaye, o bona Basupi ba babedi ba rerela monna mongwe.