Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsaya Kgato fa o Utlwa Modumo wa Terompeta

Tsaya Kgato fa o Utlwa Modumo wa Terompeta

ROTLHE re dumela gore ‘mo metlheng eno bofelo’ Jehofa o kaela batho ba gagwe le go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang gore ba nne ba atamalane le ene. (2 Tim. 3:1) Mme gone, rotlhe re tlhoka go ikobela Jehofa. Re ka tshwantsha maemo a rona le a Baiseraele fa ba ne ba le kwa nageng. Ba ne ba tshwanetse go dira sengwe fa ba utlwa modumo wa terompeta.

Jehofa o ne a laela Moshe gore a dire diterompeta tse pedi tse di neng di dirilwe ka selefera tse a neng a tla di dirisa “go bitsa phuthego le go tlhatlhamolola mathibelelo.” (Dipa. 10:2) Baperesiti ba ne ba tshwanetse go letsa diterompeta tseno ka mekgwa e e farologaneng gore batho ba itse gore ke eng se ba tshwanetseng go se dira. (Dipa. 10:3-8) Gompieno batho ba ga Jehofa ba kaelwa ka ditsela tse di farologaneng. Mo setlhogong seno re tlile go tlotla ka ditsela tse tharo tse re newang ditaelo ka tsone, re bo re di bapisa le kafa diterompeta di neng di lediwa ka gone kwa Iseraele. Ditsela tse tharo tse re newang ditaelo ka tsone ke fa re lalediwa kwa dikokoanong tse dikgolo, fa bagolwane ba newa thapiso e e oketsegileng le fa diphuthego di kopiwa go dira diphetogo dingwe.

FA RE LALEDIWA KWA DIKOKOANONG TSE DIKGOLO

Fa Jehofa a ne a batla gore “phuthego yotlhe” e kokoane kwa botlhaba jwa kgoro ya mogope wa bokopanelo, baperesiti ba ne ba tshwanetse go letsa diterompeta ka bobedi. (Dipa. 10:3) Ditso tsotlhe tse di neng di bapile le kgoro ya mogope wa bokopanelo di ne di utlwa modumo oo. Ba ba neng ba nna gaufi le kgoro ya mogope wa bokopanelo ba ne ba kgona go tsaya kgato ka bonako. Batho bangwe ba ne ba nna kgakala mme go ne go ba tsaya nako gore ba fitlhe. Le fa ba bangwe ba ne ba nna kgakala, Jehofa o ne a batla gore botlhe ba tle go reetsa ditaelo tsa gagwe.

Gompieno ga re kokoane kwa mogopeng wa bokopanelo, mme gone, re lalediwa kwa dikokoanong tsa batho ba Modimo. Dikokoano tseno di akaretsa dikopano tsa tikologo le dikokoano tse di kgethegileng, mme koo re newa tshedimosetso le ditaelo tse di botlhokwa. Batho botlhe ba ga Jehofa mo lefatsheng ba itumelela dikokoano tseno. Ka jalo, batho ba ba yang kwa dikokoanong tseno, fa ba le koo ba nna seoposengwe e bile ba a itumela. Batho bangwe ba tswa gaufi mme ba bangwe ba tswa kgakala. Le fa go ntse jalo, botlhe ba ba yang kwa dikokoanong tseno ga ba ikwatlhaele go ya kwa go tsone.

A bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nnang kgakala thata bone ba kgona go solegelwa molemo ke dithulaganyo tseno? E re ka thekenoloji e ntse e tokafala, bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba kgona go solegelwa molemo ke dithulaganyo tseno le go ikutlwa ba le karolo ya tsone. Ka sekai, fa baemedi ba ntlokgolo ba ne ba etetse lekala le le kwa Benin, bakaulengwe ba koo ba ne ba ikgolaganya le bakaulengwe ba kwa Niger, kwa toropong ya Arlit e e kwa Sahara Desert gore le bone ba kgone go itumelela thulaganyo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le batlhano le batho ba ba kgatlhegang ba le 16 ba ne ba kokoane koo ba reeditse thulaganyo eo. Le fa ba ne ba le kgakala thata, ba ne ba utlwa e kete ba na le bakaulengwe ba le 44 131, ba ba neng ba le kwa thulaganyo eo e tshwaretse gone. Mokaulengwe mongwe o ile a re: “Ruri re a lo leboga ka go re thusa go bona thulaganyo eno le fa re le kgakala. Re kgona go bona gore tota lo a re rata.”

FA BAGOLWANE BA NEWA THAPISO E E OKETSEGILENG

Fa baperesiti ba Iseraele ba ne ba letsa terompeta e le nngwe “dikgosana tse e leng ditlhogo tsa . . . dikete” ene e le bone fela ba ba neng ba tshwanetse go ya kwa mogopeng wa bokopanelo. (Dipa. 10:4) Fa ba le koo, Moshe o ne a ba katisa a bo a ba naya tshedimosetso. Seo se ne se tla dira gore ba kgone go diragatsa maikarabelo a bone a go tlhokomela ditso tse ba neng ba di abetswe. Fa o ne o le mongwe wa dikgosana tseno, a o ne o ka se dire sotlhe se o ka se kgonang gore o nne teng kwa kokoanong eno?

Gompieno bagolwane ga se “dikgosana” e bile ga ba rene mo letsomaneng la Modimo. (1 Pet. 5: 1-3) Mme ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tlhokomela letsomane. Ka jalo, ba tsaya kgato fa ba lalediwa go tla kwa Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi gore ba newe thapiso e e oketsegileng. Kwa sekolong seo, bagolwane ba rutiwa gore ba ka tlhokomela jang letsomane le gore ba ka dira jang di- tiro dingwe tsa phuthego. Seno se thusa bagolwa- ne le batho botlhe mo phuthegong gore ba kgone go atamalana le Jehofa. Le fa o ise o ye kwa seko- long seno, le wena se go solegela molemo ka gonne ba ba kileng ba ya kwa go sone, ba dirisa se ba se ithutileng go thusa phuthego.

FA RE KOPIWA GO DIRA DIPHETOGO

Ka dinako tse dingwe, baperesiti ba Iseraele ba ne ba fetofetola modumo wa terompeta fa ba ne ba e letsa. Fa Baiseraele ba utlwa terompeta e lela jalo, ba ne itse gore Jehofa o batla gore ba tlhatlhamolole bothibelelo ba bo ba tsamaya. (Dipa. 10:5, 6) Fa batho ba ne ba tlhatlhamolola bothibelelo, ba ne ba dira jalo ka thulaganyo gape ba ne ba dira ka natla. Gongwe ka dinako dingwe bangwe ba bone ba ne ba sa batle go fuduga. Goreng?

Gongwe ba bangwe ba ne ba akanya gore ba fuduga thata le gone ka bonako e bile ba sa lebelela. Baebele ya re: “Ka dinako tse dingwe leru le ne le nna go simolola maitseboa go fitlha mo mosong.” Mme ka dinako dingwe le ne le nna “malatsi a le mabedi kgotsa kgwedi kgotsa malatsi a a oketsegileng.” (Dipa. 9:21, 22) Tota Baiseraele ba ile ba fuduga makgetlho a le makae? Dipalo kgaolo 33 e re bolelela ka mafelo a le 40 a ba ileng ba thibelela kwa go one.

Ka dinako dingwe Baiseraele ba ne ba thibelela kwa mafelong a a nang le meriti. E re ka ba ne ba “ralala naga e kgolo . . . le e e boitshegang,” gongwe ba ne ba itumela tota fa ba thibelela kwa mafelong a a nang le meriti. (Dute. 1:19) Gongwe ke lone lebaka la go bo bangwe ba bone ba ne ba sa batle go fuduga.

Baiseraele ba ne ba sa fuduge ka nako e le nngwe, ba bangwe ba ne ba tlhoka go leta nako e e telele pele e nna nako ya bone ya go fuduga. Batho botlhe ba ne ba utlwa modumo wa terompeta mme gone ba ne ba sa kgone go fuduga ka nako e le nngwe. Fa terompeta e lela lekgetlho la ntlha, ditso tse di neng di thibeletse kwa botlhaba e leng lotso lwa Juda, Isakare le la Sebulone di ne di tshwanetse go tsamaya. (Dipa. 2:3-7; 10:5, 6) Fa di sena go tsamaya, baperesiti ba ne ba letsa terompeta lekgetlho la bobedi mme ditso tse tharo tse di neng di thibeletse kwa borwa le tsone di ne di tshwanetse go tsamaya. Baperesiti ba ne ba tswelela go dira jalo go fitlha ditso tsotlhe di tsamaya.

Go ka tswa go ne go le thata gore o amogele fa go ne go dirwa diphetogo mo phuthegong. Gongwe ke ka gonne o ne o akanya gore go dirwa diphetogo tse dintsi. Kgotsa o ne o rata tsela e di neng di dirwa ka yone pele mme o eletsa e kete e ka bo e sa fetolwa. Gongwe go ne go le thata gore o nne pelotelele fa o ntse o leka go tlwaelana le diphetogo tseo. Le fa go ntse jalo, fa re tsaya kgato re bo re dira diphetogo ka bonako, re tla lemoga gore diphetogo tseo di tlile ka nako e e tshwanetseng e bile re tla itumedisa Jehofa.

Ka nako ya ga Moshe, Jehofa o ile kaela banna, basadi le bana ba bantsi fa ba ntse ba tsamaya mo nageng. Fa Jehofa a ne a sa ba kaele ba ne ba tlile go felela mo nageng. Gompieno mo metlheng eno ya bofelo Jehofa o a re kaela, o re thusa gore re nne re atamalane le ene e bile re na le tumelo e e nonofileng. Ka jalo, rotlhe re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang go ikobela Jehofa fela jaaka Baiseraele ba ile ba dira, ka go tsaya kgato fa re utlwa modumo wa terompeta!