Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Batho ba ne ba tshwanetse go duela makgetho afe ka motlha wa ga Jesu?

MO MOTLHENG wa bogologolo, Baiseraele ba ne ba tlwaetse go ntsha madi mangwe go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri. Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Jesu go ntsha makgetho go ne go raraane e bile e le morwalo mo Bajudeng.

Bajuda botlhe ba ba neng ba godile ba ne ba tshwanetse go ntsha halofo ya shekele (diderakema tse pedi) go tshegetsa kobamelo e e neng e dirwa kwa motlaaganeng kgotsa kwa tempeleng moragonyana. Mo motlheng wa ga Jesu, madi ao a ne a dirisediwa go ntsha ditlhabelo le go tlhokomela tempele e Herode a neng a e agile. Bajuda bangwe ba ile ba botsa Petere gore Jesu o akanya eng ka kgang eno, mme Jesu o ile a re ga a kgatlhanong le go duela lekgetho. Tota e bile, o ile a laela Petere gore a tle ka ledi la tshipi gore a duele lekgetho leo.—Math. 17:24-27.

Gape mo nakong e e fetileng, batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go ntsha ditsabosome mo go rayang gore ba ne ba tshwanetse go ntsha nngwesomeng ya dijalo tsa bone kgotsa lotseno lwa bone. (Lefi. 27:30-32; Dipa. 18:26-28) Baeteledipele ba bodumedi ba ile ba bolelela batho gore ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba duela lekgetho la merogo yotlhe, tota le la “minte le dile le kumina.” Jesu o ne a se kgatlhanong le go ntsha ditsabosome, mme o ne a senola boitimokanyi jwa bakwadi le Bafarasai.—Math. 23:23.

Ka nako eo, go ne go busa Baroma, mme ba ne ba batla gore Bajuda ba ba duele makgetho a le mantsi. Ka sekai, ba ba neng ba na le ditsha ba ne ba tshwanetse go duela lekgetho ka madi kgotsa ka dilo dingwe tse ba neng ba na le tsone. Batho ba ne ba tshwanetse go ntsha diperesente di le 20 go ya go di le 25 tsa dijalo tsa bone. Gape Mojuda mongwe le mongwe o ne a ntsha lekgetho le le neng le bidiwa lekgetho la tlhogo. Leno ke lone lekgetho le Bafarasai ba neng ba botsa Jesu ka lone. O ne a tlhalosa tsela e makgetho a tshwanetseng go lebiwa ka yone fa a ne a re: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.”—Math. 22:15-22.

Gape batho ba ba neng ba na le dikgwebo ba ne ba tshwanetse go duela lekgetho la kgaolo fa ba ne ba tsena mo kgaolong nngwe kgotsa ba tswa mo go yone. Makgetho ao a ne a ntshiwa kwa maemakepeng, kwa maborogong, kwa makopanelong a ditsela le fa batho ba tsena mo ditoropong kgotsa mo marekisetsong.

Batho ba bantsi ba ba neng ba busiwa ke puso ya Roma ba ne ba imelwa ke makgetho a mantsi a Baroma ba neng ba a batla. Rahisitori wa Moroma e bong Tacitus a re fa Mmusimogolo Tiberio a busa ka nako ya fa Jesu a le mo lefatsheng, “batho ba ba neng ba nna kwa Siria le kwa Judea ba ne ba kopa gore ba fokolediwe madi a lekgetho ka gonne a ne a ba imela.”

Tsela e makgetho a neng a phuthiwa ka yone, le yone e ne e dira gore lekgetho e nne morwalo mo bathong. Motho o ne a newa tiro ya go phutha makgetho fa a ne a solofetsa go ntsha madi a mantsi. Ba ba neng ba ntshitse madi a mantsi e bile ba dira poelo mo bathong ba ba neng ba duela lekgetho, ba ne ba dumalana le ba bangwe gore ba ye go phutha lekgetho gore le bone ba itirele poelo. Go bonala Sakaio a ne a na le batho ba ba neng ba mo phuthela lekgetho. (Luke 19:1, 2) Go a utlwala go bo batho ba ne ba kgopisiwa ke mokgwa oo e bile ba sa rate batho ba ba neng ba ba duedisa lekgetho.