Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Moaposetoloi Paulo o ne a kaya eng fa a ne a re: “Ka molao ke ne ka swa malebana le molao”?—Bagal. 2:19.

Paulo o ne a kwala jaana: “Ka molao ke ne ka swa malebana le molao, gore ke tle ke tshele malebana le Modimo.”—Bagal. 2:19.

Se Paulo a neng a se kwala se dumalana le ntlha ya botlhokwa e a neng a e bolelela Bakeresete ba ba kwa diphuthegong tse di kwa porofenseng ya Roma kwa Galatia. Bakeresete bangwe ba ne ba tlhotlheleditswe ke batho ba ba neng ba ruta maaka. Batho bao ba ne ba ruta gore motho a ka bolokwa fela fa a ikobela Molao wa ga Moshe, segolobogolo molao wa go rupa. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a itse gore Modimo ga a tlhole a batla gore batho ba rupisiwe. O ne a ntsha mabaka a a utlwalang sentle a a bontshang gore thuto eo ke ya maaka e bile o ne a thusa bakaulengwe gore ba nne le tumelo e e nonofileng mo thekololong ya setlhabelo sa ga Jesu Keresete.—Bagal. 2:4; 5:2.

Baebele e tlhamaletse fa e bua ka baswi, ya re ga ba itse sepe e bile ga ba bone sepe se se diregang mo lefatsheng. (Mor. 9:5) Fa Paulo a ne a re: “Ke ne ka swa malebana le molao,” o ne a raya gore ga a tlhole a laolwa ke Molao wa ga Moshe. Go na le moo, Paulo o ne a tlhomamisegile gore o ‘tshela malebana le Modimo’ ka gonne a ne a dumela mo setlhabelong sa thekololo.

Maemo a ga Paulo a ne a fetoga “ka [ntlha ya] molao.” Seo se ne sa direga jang? O ne a sa tswa go tlhalosa gore “motho o bolelwa e le yo o siameng, e seng ka ntlha ya ditiro tsa molao, fa e se fela ka tumelo ka ga Keresete Jesu.” (Bagal. 2:16) Mme gone, Molao o ne o fitlheletse sengwe sa botlhokwa. Paulo o ne a raya Bagalatia a re: “Go ne ga okediwa ka one go dira gore ditlolo di bonatshege, go fitlha losika lo goroga lo tsholofetso e neng ya dirwa mo go lone.” (Bagal. 3:19) Molao wa ga Moshe o ne o bontsha gore batho ba ba sa itekanelang ba ka se kgone go ikobela Molao ka botlalo, mme ba ne ba tlhoka setlhabelo se le sengwe se se itekanetseng. Ka jalo, Molao o ne o thusa batho gore ba lemoge gore Jesu ke ene “losika.” Modimo o bolela motho a siame fa a dumela mo go Jesu Keresete. (Bagal. 3:24) Paulo o ne a bolelwa a siame ka gonne Molao o ne wa dira gore a amogele Jesu le gore a dumele mo go ene. Ka jalo, Paulo o ne a “swa malebana le molao” mme o ne a ‘tshela malebana le Modimo.’ Jaanong o ne a sa tlhole a laolwa ke Molao, mme Modimo ke ene a neng a mo laola.

Paulo o ne a bua se se tshwanang mo lekwalong le a neng a le kwaletse Baroma. O ne a re: “Bakaulengwe ba me, le lona lo ne lwa dirwa ba ba suleng malebana le Molao ka mmele wa ga Keresete . . . Re golotswe mo Molaong, ka gonne re sule malebana le se re neng re ngangatletswe ke sone.” (Bar. 7:4, 6) Mo lekwalong leo le mo go Bagalatia 2:19, Paulo o ne a sa bue ka motho yo swang e le moleofi yo o tlhobogilweng go ya ka Molao wa ga Moshe. Go na le moo, o ne a bua ka go gololwa. Ene le Bakeresete ba bangwe ba ne ba sa tlhole ba laolwa ke Molao. Go dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete go ne go ba golotse.