Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 23

Ga o Nosi, Jehofa O na Le Wena ka Metlha

Ga o Nosi, Jehofa O na Le Wena ka Metlha

“Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang.”—PES. 145:18.

PINA 28 Go Nna Tsala ya ga Jehofa

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba ga Jehofa ba a tle ba ikutlwe ba le nosi?

BONTSI jwa rona re a tle re ikutlwe re le nosi. Mo bathong ba bangwe, maikutlo ao a nna teng ka nakwana. Mme ba bangwe bone, ba nna le maikutlo ao ka lobaka lo loleele. Re ka ikutlwa re le nosi tota le fa re na le batho ba bangwe. Batho ba bangwe ba thatafalelwa ke go dira ditsala mo phuthegong e ba sa tswang go fudugela mo go yone. Ba bangwe ba tswa mo malapeng a a atamalaneng fela thata mme ba simolola go ikutlwa ba le nosi fa ba fudugela kgakala le ba malapa a bone. Mme ba bangwe ba tlhologelelwa balekane ba bone ba ba tlhokafetseng. Bakeresete ba bangwe bone, segolobogolo ba ba sa tswang go ithuta boammaaruri ba ikutlwa ba le nosi fa ba malapa a bone le ditsala ba ba sa obameleng Jehofa ba ba ganetsa kgotsa ba ba bogisa.

2. Re tlile go araba dipotso dife?

2 Jehofa o itse sengwe le sengwe ka rona e bile o a re tlhaloganya. Fa re ikutlwa re le nosi, o a re bona e bile o batla go re thusa gore re kgone go fenya maikutlo ao. Jehofa o re thusa jang? Rona re ka dira eng se se ka re thusang? Mme re ka thusa jang ba bangwe mo phuthegong ya rona ba ba ikutlwang ba le nosi? A re bone dikarabo tsa dipotso tseo.

JEHOFA O A RE KGATHALELA

Jehofa o ne a romela moengele kwa go Elija gore a mo tlhomamisetse gore ga a nosi (Bona serapa 3)

3. Jehofa o ne a bontsha jang gore o amega ka Elija?

3 Jehofa o batla gore batho botlhe ba ba mo obamelang ba itumele. O gaufi le mongwe le mongwe wa rona e bile o a bona fa re hutsafetse kgotsa re kgobegile marapo. (Pes. 145:18, 19) Akanya gore Jehofa o ne a ikutlwa jang ka tsela e moporofeti Elija a neng a ikutlwa ka yone le gore o ne a mo thusa jang. Monna yoo yo o ikanyegang o ne a tshela ka nako e Iseraele e neng e diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko. Batho ba ba obamelang Jehofa ba ne ba bogisiwa setlhogo e bile batho ba ba nang le taolo, ba ba sa rateng Jehofa ba ne ba batla go bolaya Elija. (1 Dikg. 19:1, 2) Selo se sengwe se se ka tswang se ne se kgoba Elija marapo, ke gore o ne a akanya gore ke ene fela moporofeti yo o setseng yo o neng a direla Jehofa. (1 Dikg. 19:10) Ka yone nako eo, Jehofa o ne a dira sengwe go thusa Elija. O ne a romela moengele kwa moporofeting yono wa gagwe gore a mo tlhomamisetse gore ga a nosi mme go sa ntse go na le Baiseraele ba bangwe ba bantsi ba ba direlang Jehofa ka boikanyegi.—1 Dikg. 19:5, 18.

4. Mareko 10:29 le 30 di bontsha jang gore Jehofa o amega ka batlhanka ba gagwe ba ba sa tlholeng ba thusiwa ke ba malapa a bone le ditsala?

4 Jehofa o a itse gore fa re tlhopha go mo direla, bangwe ba rona ba tla tshwanelwa ke go ithontsha dilo di le dintsi. Sengwe sa dilo tseo ke gore ba malapa a rona le ditsala ba e seng Basupi ba ka nna ba se ka ba tlhola ba re thusa. Gongwe lentswe la ga moaposetoloi Petere le ne le utlwala gore o tshwenyegile fa a ne a botsa Jesu a re: “Re tlogetse dilo tsotlhe ra go sala morago; tota re tla bona eng?” (Math. 19:27) Jesu o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe gore batho ba ba mo phuthegong e ne e tla nna lelapa la bone. (Bala Mareko 10:29, 30.) E bile Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa, o solofetsa gore o tla thusa batho ba ba batlang go mo direla. (Pes. 9:10) A re bone dilo dingwe tse di molemo tse o ka di dirang gore Jehofa a go thuse gore o se ka wa nna o kgobegile marapo.

SE O KA SE DIRANG FA O IKUTLWA O LE NOSI

5. O ka solegelwa molemo jang ke go akanya ka tsela e Jehofa a go thusang ka yone?

5 Akanya ka tsela e Jehofa a go thusang ka yone. (Pes. 55:22) Seo se tla go thusa gore o lemoge gore ga o nosi. Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang yo o bidiwa Carol, * e bile e le ene fela Mosupi kwa lelapeng la gagabo a re: “Go akanya ka tsela e Jehofa a nthusitseng ka yone gore ke itshokele dinako tse di thata, go nthusitse gore ke ikutlwe ke se nosi. E bile go ntlhomamisetsa gore Jehofa o tla nkema nôkeng le mo nakong e e tlang.”

6. Batho ba ba ikutlwang ba le nosi, ba ka kgothadiwa jang ke 1 Petere 5:9 le 10?

6 Akanya kafa Jehofa a thusang bakaulengwe le bokgaitsadi ka gone fa ba ikutlwa ba le nosi. (Bala 1 Petere 5:9, 10.) Mokaulengwe Hiroshi yo o feditseng dingwaga di le dintsi e le ene fela Mosupi kwa gagabo a re: “Mo phuthegong, o kgona go lemoga gore mongwe le mongwe o na le mathata. Go itse gore rotlhe re dira ka natla gore re direle Jehofa, go kgothatsa rona ba e leng rona fela Basupi mo malapeng.”

7. Thapelo e go thusa jang?

7 Rapela ka metlha, bala Baebele o bo o ye dipokanong. Fa o rapela, bolelela Jehofa sengwe le sengwe. (1 Pet. 5:7) Massiel a re: “Sengwe sa dilo tsa botlhokwa se se nthusitseng gore ke itshokele go ikutlwa ke le nosi, ke go rapela Jehofa.” Fa kgaitsadi yono yo mosha a ne a simolola go direla Jehofa, o ne a ikutlwa a le nosi ka gonne ba lelapa la gagabo ba ne ba sa direle Jehofa, a re: “Jehofa e ne e le Rre, mme ke ne ke mo rapela letsatsi le letsatsi ka makgetlo a le mantsi ke mmolelela gore ke ikutlwa jang.”

Go reetsa mmalo wa Baebele le dikgatiso tse di rekotilweng go ka thusa batho gore ba se ka ba ikutlwa ba le nosi (Bona serapa 8) *

8. Go bala Lefoko la Modimo le go akanya thata ka lone go go thusa jang?

8 Bala Lefoko la Modimo ka metlha mme o akanye thata ka dipego tse di bontshang gore Jehofa o a go rata. Kgaitsadi Bianca yo o itshokelang mafoko a a kgobang marapo a ba lelapa la gagabo ba mmolelelang one a re: “Go bala le go akanya thata ka dipego tsa Baebele le dikgang tsa botshelo tsa batlhanka ba ga Jehofa ba ba itshoketseng maemo a a tshwanang le a me, go nthusa fela thata.” Bakeresete bangwe ba tshwara ditemana tse di kgothatsang ka tlhogo tse di jaaka Pesalema 27:10 le Isaia 41:10. Ba bangwe ba reetsa dikgatiso tse di rekotilweng tse di ithutiwang kwa dipokanong gore ba se ka ba ikutlwa ba le nosi fa ba baakanyetsa dipokano kgotsa ba bala Baebele.

9. Go nna gone kwa dipokanong go go thusa jang?

9 Lwela go nna gone kwa dipokanong ka metlha. Di tla go kgothatsa e bile o ka kgona go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago botoka. (Baheb. 10:24, 25) Massiel yo o umakilweng pelenyana a re: “Le fa ke ne ke le ditlhong, ke ne ke ikemiseditse go nna teng kwa dipokanong tsotlhe le gore ke akgele. Seo se nthusitse gore ke atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong.”

10. Ke eng fa go le botlhokwa gore re itsalanye le Bakeresete ba ba ikanyegang mo phuthegong?

10 Itsalanye le Bakeresete ba ba ikanyegang mo phuthegong. Batla batho ba o ka tsalanang le bone mo phuthegong ba o ka ithutang sengwe mo go bone, tota le fa ba sa lekane le wena ka dingwaga kgotsa ba tswa mo setsong se se farologaneng le se o tswang mo go sone. Baebele e re bolelela gore go na le botlhale “mo go ba ba tsofetseng.” (Jobe 12:12) Bagodi le bone ba ka ithuta go le gontsi mo basheng ba ba ikanyegang ba ba mo phuthegong. Dafide o ne a le monnye thata mo go Jonathane, le fa go ntse jalo, ga a ka a letla seo se mo thibela gore ba nne ditsala. (1 Sam. 18:1) Tota le fa Dafide le Jonathane ba ne ba lebana le maemo a a thata, ba ne ba thusana gore ba direle Jehofa. (1 Sam. 23:16-18) Kgaitsadi Irina yo e leng ene fela Mosupi kwa gagabo a re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona e ka nna batsadi ba rona kgotsa bomonnaarona. Fa re ikutlwa re le nosi, Jehofa a ka ba dirisa gore e nne lelapa le re le tlhokang.”

11. O tshwanetse go dira eng gore o nne le ditsala tse o ka atamalanang le tsone?

11 Go dira ditsala tse disha ga go motlhofo, segolobogolo fa o le ditlhong. Ratna, e bong kgaitsadi yo o ditlhong yo o neng a ithuta boammaaruri le fa a ne a ganediwa a re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go amogela gore ke tlhoka thuso ya bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong.” Go ka nna thata gore o bolelele motho yo mongwe tsela e o ikutlwang ka yone, mme fa o ka dira jalo o ka kgona go atamalana le ene. Ditsala tsa gago di batla go go kgothatsa le go go ema nôkeng, mme gone o tshwanetse go ba bolelela gore ba ka go thusa jang.

12. Go ya tshimong go ka go thusa jang gore o nne le ditsala tse di molemo?

12 Tsela e nngwe e e molemo e o ka kgonang go dira ditsala ka yone ke fa o bereka le bakaulengwe le bokgaitsadi mo tshimong. Carol yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Go fetsa nako le bokgaitsadi mo tshimong le mo ditirong tse dingwe tse di direlwang Jehofa, go ne ga dira gore ke nne le ditsala tse dintsi. Fa dingwaga di ntse di feta, Jehofa o ne a nkema nôkeng a dirisa tsone ditsala tseno.” Go itsalanya le Bakeresete ba ba ikanyegang go na le melemo e mentsi. Jehofa o dirisa ditsala tseo go go thusa gore o se ka wa ikutlwa o le nosi.—Dia. 17:17.

THUSA BA BANGWE GORE BA IKUTLWE E LE KAROLO YA LELAPA LA RONA

13. Mongwe le mongwe wa rona mo phuthegong o na le boikarabelo bofe?

13 Mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo jwa go dira gore go nne le lorato le kagiso mo phuthegong mme go se nne le ope yo o ikutlwang a le nosi. (Joh. 13:35) Se re se dirang le se re se buang se ka kgothatsa ba bangwe fela thata! Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Fa ke ne ke ithuta boammaaruri, bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ba ne ba nna jaaka lelapa la me. Ke ne nka se ka ka kgona go nna Mosupi wa ga Jehofa fa e ne e se ka thuso ya bone.” Re ka thusa jang bakaulengwe ba ba malapa a bone e seng Basupi gore ba ikutlwe e le karolo ya phuthego?

14. O ka dira eng gore o nne tsala ya batho ba e leng gone ba tlang kwa phuthegong ya lona?

14 Tsaya matsapa a go itsalanya le ba bangwe. Re ka simolola ka go amogela ba e leng gone ba tlang mo phuthegong ka diatla tsoopedi. (Bar. 15:7) Mme gone, le fa re ba dumedisa ka lorato, go na le sengwe gape se re tshwanetseng go se dira. Re batla gore fa nako e ntse e tsamaya re nne ditsala tsa bone. Ka jalo, ba bontshe gore o a ba rata. O ka dirisa dipotso tse di sa ba tsenyeng matlho gore o tlhaloganye gore ba lebana le mathata afe. Ba bangwe ba ka tswa ba thatafalelwa ke go tlhalosa tsela e ba ikutlwang ka yone, ka jalo nna kelotlhoko gore o se ka wa ba pateletsa go bua. Go na le moo, leka go ba botsa dipotso ka botlhale gore ba itlhalose go tswa foo o reetse dikarabo tsa bone o le pelotelele. Ka sekai, ba botse gore go tlile jang gore ba ithute boammaaruri.

15. Bakeresete ba ba nang le maitemogelo ba ka thusa ba bangwe jang mo phuthegong?

15 Tumelo ya batho botlhe ba ba mo phuthegong e tla nonofa fa Bakeresete ba ba nang le maitemogelo, segolobogolo bagolwane, ba bontsha gore ba amega ka bone. Melissa yo o rutilweng boammaaruri ke mmaagwe a re: “Ke leboga fela thata bakaulengwe ba ba neng ba fetsa nako le nna jaaka borre e bile ba bontsha gore ba a nkgatlhegela. Nako epe fela fa ke batla go bua, ke a itse gore ba tla ntheetsa.” Mokaulengwe yo mosha yo o bidiwang Mauricio yo a neng a ikutlwa e kete o latlhegile fa motho yo a mo rutileng Baebele a ne a tlogela boammaaruri, a re: “Tsela e bagolwane ba neng ba amega ka yone ka nna, e ne ya nthusa fela thata. Ba ne ba bua le nna ka metlha. Ba ne ba bereka le nna mo tshimong, ba mpolelela dilo tse ba ithutileng tsone mo Baebeleng e bile ba tshameka le nna metshameko e e farologaneng.” Melissa le Mauricio ba sa ntse ba le mo tirelong ya nako e e tletseng.

A go na le mongwe mo phuthegong yo a ka itumelelang gore o nne tsala ya gagwe le gore o mo direle sengwe? (Bona serapa 16-19) *

16-17. Re ka thusa ba bangwe jang ka ditsela tse di farologaneng?

16 Thusa ka ditsela tse di farologaneng. (Bagal. 6:10) Mokaulengwe yo o bidiwang Leo yo e leng morongwa kwa nageng e e kgakala le lelapa la gagabo a re: “Gantsi se motho a se tlhokang ke gore a thusiwe ka sengwe se a se tlhokang ka nako e e tshwanetseng. Ke gopola nako nngwe fa ke ne ke le mo kotsing ya koloi. Ke ne ke tshwenyegile thata mo maikutlong fa ke goroga kwa lapeng. Mme banyalani bangwe ba ne ba ntaletsa gore ke tle go ja le bone. Le fa ke sa gopole gore re ne ra ja eng, se ke se gopolang ke gore ba ne ba ntheetsa. Seo se ne sa dira gore ke ikutlwe ke le botoka.”

17 Rotlhe re itumelela go fetsa nako le Basupi ba bangwe re tlotla ka dintlha tse re di ithutileng kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Le fa go ntse jalo, Carol yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Ke ikutlwa ke le nosi fa ke le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo.” Ka ntlha yang? A re: “Tota le fa go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi, gantsi ba a bo ba na le ba malapa a bone. Fa ke ba bona ba le mmogo, ke ikutlwa ke le nosi.” Ba bangwe ba thatafalelwa ke go ya kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo fa balekane ba bone ba sena go tlhokafala. A o itse mongwe yo o lebanang le dikgwetlho tseno? Ke eng fa o sa mo laletse gore a tle go nna le lelapa la gago mo kopanong e e latelang?

18. Re ka dirisa 2 Bakorintha 6:11 go ya go 13 jang fa re laletsa batho?

18 Fetsang nako mmogo. Leka go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba farologaneng, segolobogolo ba ba ikutlwang ba le nosi. Re batla go ‘pitlologa’ mo bathong ba ba ntseng jalo. (Bala 2 Bakorintha 6:11-13.) Melissa yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Ka metlha re ne re itumela fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba re laletsa gore re ye kwa matlong a bone, gore re fetse nako le bone le ba malapa a bone kgotsa re tseye maeto le bone.” A go na le mongwe yo o ka mo laletsang mo phuthegong ya lona?

19. Ke dinako dife tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka itumelelang go fetsa nako le rona?

19 Go na le dinako dingwe tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka itumelelang go fetsa nako ba na le rona. Bangwe ba ka fitlhela go le thata go fetsa nako le ba malapa a bone ba e seng Basupi ka malatsi a boikhutso. Ba bangwe ba ka hutsafala thata ka malatsi mangwe, jaaka ka letsatsi le mongwe yo ba mo ratang a tlhokafetseng ka lone. Fa re ithaopela go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lebanang le dikgwetlho tse di ntseng jalo, re bontsha gore re a ba ‘tlhokomela.’—Bafil. 2:20.

20. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 12:48 go ya go 50 a ka re thusa jang fa re ikutlwa re le nosi?

20 Go na le mabaka a mantsi a a ka dirang gore ka dinako dingwe Mokeresete a ikutlwe a le nosi. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala gore Jehofa o tlhaloganya maikutlo ao ka botlalo. O re naya se re se tlhokang, gantsi a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. (Bala Mathaio 12:48-50.) Re ka bontsha Jehofa gore re lebogela thulaganyo ya gagwe e e lorato fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. Go sa kgathalesege gore re ikutlwa jang, ga re nosi ka gonne ka metlha Jehofa o na le rona.

PINA 46 Jehofa, Re a Go Leboga

^ ser. 5 A ka dinako dingwe o a tle o ikutlwe o le nosi? Fa go le jalo, tlhomamisega gore Jehofa o itse tsela e o ikutlwang ka yone e bile o batla go go thusa. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka se o ka se dirang gore o kgone go fenya maikutlo ao. Gape re tla ithuta gore re ka kgothatsa jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikutlwang ba le nosi.

^ ser. 5 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 60 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o tlhokafaletsweng ke mosadi o reeditse mmalo wa Baebele o o rekotilweng le kgatiso e e ithutiwang kwa dipokanong.

^ ser. 62 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mokaulengwe le morwadie ba etetse mokaulengwe yo o godileng mo phuthegong mme ba mmontsha bopelotshweu.