Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 25

O se Ka wa Kgopisa “ba Bannye Bano”

O se Ka wa Kgopisa “ba Bannye Bano”

“Lo se ka lwa nyatsa mongwe wa ba bannye bano.”—MATH. 18:10.

PINA 113 Re Tshwanetse go Nna Kagiso

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng se Jehofa a se diretseng mongwe le mongwe wa rona?

JEHOFA o gogetse mongwe le mongwe wa rona kwa go ene. (Joh. 6:44) Leka go akanya gore seo se kaya eng. Fa Jehofa a ne a tlhatlhoba batho ba le dibilione mo lefatsheng lotlhe, o ne a bona sengwe sa botlhokwa mo go wena, gore o na le pelo e ntle e e ka kgonang go mo rata. (1 Ditir. 28:9) Jehofa o a go itse, o a go tlhaloganya e bile o a go rata. Ruri seno se a kgothatsa!

2. Jesu o dirisitse setshwantsho sefe go bontsha gore Jehofa o kgathalela nku nngwe le nngwe?

2 Jehofa o amega thata ka wena, e bile o amega ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago botlhe. Gore re tlhaloganye kgang eno, Jesu o ne a tshwantsha Jehofa le modisa. Fa go na le dinku di le lekgolo mme e le nngwe e bo e timela, modisa o tla dira eng? O tla “tlogela tse di masome a robongwe le borobongwe mo dithabeng a ba a bolola a ya go batla e e timetseng.” Fa modisa a bona nku eo, ga a kitla a e omana gore ke eng fa e timetse. O tlile go itumela. Re ithuta eng mo kgannyeng eno? Jehofa o tsaya nku nngwe le nngwe e le botlhokwa. Jesu o ne a re: “Ga se selo se se eletsegang mo go Rre yo o kwa legodimong gore mongwe wa ba bannye bano a nyelele.”—Math. 18:12-14.

3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Ga re batle go kgoba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona marapo. Ka jalo, re ka tila jang go kgopisa ba bangwe? Mme re ka dira eng fa mongwe a re utlwisitse botlhoko? Re tlile go araba dipotso tseo mo setlhogong seno. Mme pele ga moo, a re ithute mo go oketsegileng ka “ba bannye bano” ba go buiwang ka bone mo go Mathaio kgaolo 18.

“BA BANNYE BANO” KE BOMANG?

4. “Ba bannye bano” ke bomang?

4 “Ba bannye bano” ke barutwa ba ga Jesu ba dingwaga tse di farologaneng. Go sa kgathalesege gore ba na le dingwaga tse kae, ke “bana ba babotlana” ka gonne ba ikemiseditse go rutiwa ke Jesu. (Math. 18:3) Le fa ba ka tswa ba godisitswe ka ditsela tse di farologaneng, ba tswa mo ditsong tse di farologaneng, ba leba dilo ka ditsela tse di sa tshwaneng e bile ba na le botho jo bo sa tshwaneng, botlhe ba dumela mo go Keresete. Seo ke sone se se dirang gore a ba rate fela thata.—Math. 18:6; Joh. 1:12.

5. Jehofa o ikutlwa jang fa mongwe a kgopisa kgotsa a utlwisa mongwe wa batho ba gagwe botlhoko?

5 Jehofa o tsaya mongwe le mongwe wa “ba bannye bano” a le botlhokwa. Gore re tlhaloganye tsela e a ikutlwang ka yone, akanya ka tsela e rona re ikutlwang ka yone ka bana. Re ba tsaya ba le botlhokwa. Re batla go ba sireletsa ka gonne ga ba na maatla, maitemogelo le botlhale jo bagolo ba nang le jone. Gone ke boammaaruri gore ga re batle go bona ope a utlwa botlhoko, mme re utlwa botlhoko thata e bile re a galefa, fa re bona mongwe a utlwisa ngwana botlhoko. Jehofa le ene o batla go re sireletsa. O utlwa botlhoko, tota e bile o a galefa fa mongwe a kgopisa kgotsa a utlwisa mongwe wa batho ba gagwe botlhoko!—Isa. 63:9; Mar. 9:42.

6. Go ya ka 1 Bakorintha 1:26 go ya go 29, batho ba le bantsi mo lefatsheng ba leba barutwa ba ga Jesu jang?

6 Barutwa ba ga Jesu ke “ba bannye” ka tsela efe gape e nngwe? Ke bomang ba lefatshe le ba tsayang ba le botlhokwa? Ke bahumi, batho ba ba tumileng le ba ba nang le taolo. Mme barutwa ba ga Jesu bone ga ba a nna jalo, ka jalo batho ba le bantsi mo lefatsheng ba akanya gore ke “ba bannye” kgotsa ba ba seng botlhokwa e bile ba se na molemo wa sepe. (Bala 1 Bakorintha 1:26-29.) Mme gone, Jehofa ga a ba lebe jalo.

7. Jehofa o batla gore re ikutlwe jang ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona?

7 Jehofa o rata batlhanka ba gagwe botlhe, go sa kgathalesege gore ba na le dingwaga di le dintsi ba mo direla kgotsa ke gone ba simololang go mo direla. Jehofa o tsaya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona botlhe ba le botlhokwa, ka jalo le rona re tshwanetse go ba tsaya ba le botlhokwa. Re batla go rata “bakaulengwe botlhe” e seng ba ba rileng fela. (1 Pet. 2:17) Re tshwanetse go ikemisetsa go dira sotlhe se re ka se kgonang go ba sireletsa le go bontsha gore re amega ka bone. Fa re lemoga gore re utlwisitse mongwe botlhoko kgotsa re mo kgopisitse, ga re a tshwanela go itlhokomolosa kgang eo re bo re re motho yoo o kgopisega ka bonako mme gone o tla siama. Ke eng se se ka dirang gore bangwe ba kgopisege? Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba a inyatsa, gongwe e le ka ntlha ya tsela e ba godisitsweng ka yone. Ba bangwe ke gone ba simololang go direla Jehofa, ka jalo ba ka tswa ba sa itse gore ba ka lebana jang le makoa a batho ba bangwe. Le fa mabaka e ka tswa e le afe, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go baakanya dilo. Mme gone, fa motho a nna a kgopisega motlhofo, o tshwanetse go lemoga gore mokgwa oo ga o a siama e bile o tshwanetse go lwela go dira diphetogo. O tshwanetse go dira jalo gore a nne le kagiso ya mogopolo le gore a nne le botsala jo bo siameng le bakaulengwe ba gagwe.

TSAYA BA BANGWE BA LE BOTLHOKWA GO GO GAISA

8. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlhotlheleditswe ke mokgwa ofe o o neng o aname mo motlheng oo?

8 Ke eng se se dirileng gore Jesu a bue ka “ba bannye bano”? Barutwa ba gagwe ba ne ba mmoditse potso eno: “Ke mang tota yo mogolo thata mo bogosing jwa magodimo?” (Math. 18:1) Bajuda ba le bantsi ba motlha oo ba ne ba tsaya go nna le maemo go le botlhokwa thata. Moithuti mongwe a re: “Batho ba ne ba tshelela go tlotliwa, go itirela leina, go tuma le go amogelwa ke batho ba bangwe.”

9. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go dira eng?

9 Jesu o ne a itse gore barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go dira ka natla gore ba fetole tsela e ba neng ba akanya ka yona mme ba tlogele mokgwa wa go gaisana o o neng o aname mo Bajudeng. O ne a ba raya a re: “A yo o leng mogolo mo gare ga lona a nne jaaka yo mmotlana, le yo o dirang jaaka kgosi jaaka yo o direlang.” (Luke 22:26) Re itshwara jaaka “yo mmotlana” fa re ‘tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga rona.’ (Bafil. 2:3) Fa re leba batho ba bangwe ka tsela eo, re tla leka ka natla gore re se ka ra ba kgopisa.

10. Ke kgakololo efe ya ga Paulo e re tshwanetseng go akanya thata ka yone?

10 Go na le dilo dingwe tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba re gaisang ka tsone. Re ka kgona go lemoga dilo tseo motlhofo fa re tlhoma mogopolo mo dinonofong tsa bone tse di molemo. Re tshwanetse go akanya thata ka kgakololo eno e moaposetoloi Paulo a neng a e naya Bakorintha: “Ke mang yo o go dirang gore o farologane le yo mongwe? Eleruri, ke eng se o nang le sone se o neng wa se ka wa se amogela? Jaanong, fa e le gore eleruri o ne wa se amogela, ke ka ntlha yang fa o ipelafatsa jaaka e kete o ne wa se ka wa se amogela?” (1 Bakor. 4:7) Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra batla gore batho ba bangwe ba re tlotlomatse kgotsa ra akanya gore re botlhokwa go gaisa batho ba bangwe. Fa mokaulengwe a na le bokgoni jwa go neela dipuo kgotsa kgaitsadi a kgona go simolola dithuto tsa Baebele, ka metlha ba tshwanetse go baka Jehofa ka ntlha ya se ba kgonang go se dira.

ITSHWARELE “GO TSWA PELONG”

11. Setshwantsho sa ga Jesu sa kgosi le motlhanka wa gagwe se re ruta eng?

11 Fa Jesu a sena go tlhagisa balatedi ba gagwe gore ba se ka ba kgopisa batho ba bangwe, o ne a ba bolelela ka setshwantsho sa kgosi le motlhanka wa gagwe. Kgosi e ne ya phimola sekoloto se sentsi se motlhanka yono a neng a ka se ka a kgona go se duela. Moragonyana, motlhanka yono ene o ne a gana go phimola sekoloto se sennye se motlhankammogo le ene a neng a mo kolota sone. Kgosi e ne ya feleletsa e tsentse motlhanka yono yo o seng kutlwelobotlhoko mo kgolegelong. Re ithuta eng mo kgannyeng eno? Jesu o ne a re: “Rre wa selegodimo o tla dirisana le lona ka mokgwa o o tshwanang fa lo sa itshwarele mongwe le mongwe morwarraagwe go tswa mo dipelong tsa lona.”—Math. 18:21-35.

12. Fa re gana go itshwarela, re utlwisa ba bangwe botlhoko jang?

12 Se motlhanka yono a se dirileng ga se a ka sa utlwisa ene fela botlhoko, se ne sa utlwisa le ba bangwe botlhoko. Sa ntlha, o ne a utlwisa motlhankammogo le ene botlhoko ka go dira gore “a latlhelwe mo kgolegelong go fitlha a duela se a neng a se kolota.” Sa bobedi, o ne a utlwisa botlhoko batlhanka ba ba neng ba lebile se a neng a se dira. E rile “batlhankammogo le ene ba bona dilo tse di neng di diragetse, ba hutsafala fela thata.” Ka tsela e e tshwanang, se re se dirang se ama batho ba bangwe. Fa mongwe a re kgopisitse mme re gana go mo itshwarela, go ka direga eng? Sa ntlha, re mo utlwisa botlhoko ka go sa mo itshwarele, ka go mo itlhokomolosa le go sa mmontshe lorato. Sa bobedi, re dira gore batho ba bangwe mo phuthegong ba se ka ba phuthologa fa ba lemoga gore ga re utlwane le motho yoo.

A o tla tshwara sekgopi kgotsa o tla itshwarela go tswa pelong? (Bona serapa 13-14) *

13. O ithuta eng mo maitemogelong a mmulatsela mongwe?

13 Fa re itshwarela bakaulengwe le bokgaitsadi, re a itumela e bile re thusa ba bangwe gore ba itumele. Mmulatsela mongwe yo re tla mmitsang Crystal o ne a lemoga seo. Kgaitsadi mongwe mo phuthegong o ne a mo kgopisa. Crystal a re: “Ka dinako tse dingwe, mafoko a gagwe a ne a nkutlwisa botlhoko thata jaaka e kete o ntlhaba ka thipa. Fa re ya tshimong, ke ne ke sa batle le go palama koloi e le nngwe le ene. Ke ne ke sa tlhole ke le matlhagatlhaga mo bodireding e bile ke ne ka felelwa ke boitumelo.” Crystal o ne a tsaya gore o na le lebaka le le utlwalang la go bo a kgopisegile. Le fa go ntse jalo, ga a ka a tshwarela kgaitsadi yoo sekgopi kgotsa a nna a akanya ka tsela e ene a ikutlwang ka yone. Go na le moo, o ne a ikokobetsa mme a dirisa kgakololo ya Dikwalo e e tswang mo setlhogong se se reng “Itshwarele go Tswa Pelong” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 15, 1999. O ne a itshwarela kgaitsadi yoo wa gagwe. Crystal a re: “Jaanong ke a lemoga gore mongwe le mongwe wa rona o leka ka natla go apara botho jo bosha le gore Jehofa o ikemiseditse go re itshwarela letsatsi le letsatsi. Ke utlwa e kete ke rotswe morwalo o o boima o o neng o le mo magetleng a me. Jaanong ke itumetse.”

14. Go ya ka Mathaio 18:21 le 22, moaposetoloi Petere a ka tswa a ne a na le bothata bofe, mme re ithuta eng mo tseleng e Jesu a mo arabileng ka yone?

14 Re a itse gore go itshwarela ke selo se se molemo se re tshwanetseng go se dira. Le fa go ntse jalo, go ka tswa go sa ntse go le thata gore re dire jalo. Moaposetoloi Petere a ka tswa a ne a ikutlwa jalo ka dinako dingwe. (Bala Mathaio 18:21, 22.) Re ka thusiwa ke eng? Sa ntlha, akanya kafa Jehofa a go itshwaretseng ka gone. (Math. 18:32, 33) Ga a tlhoke go re itshwarela, le fa go ntse jalo o ikemiseditse go re itshwarela. (Pes. 103:8-10) Mme e bile, “re patelesega go ratana.” Ka jalo, ga re ka ke ra dira tshwetso ya gore a re tla itshwarela kgotsa ga re kitla re itshwarela. Re tshwanetse go itshwarela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. (1 Joh. 4:11) Sa bobedi, akanya ka se se diregang fa re itshwarela. Re ka thusa motho yo o re kgopisitseng, ra dira gore phuthego e nne seoposengwe, ra tswelela re na le botsala jo bo siameng le Jehofa, ra bo ra ithola morwalo o o boima o o mo magetleng a rona. (2 Bakor. 2:7; Bakol. 3:14) Sa bofelo, rapela Modimo e bong ene yo o re kopang gore re itshwarele ba bangwe. O se ka wa letla gore Satane a senye botsala jo bontle jo o nang le jone le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. (Baef. 4:26, 27) Gore re se ka ra wela mo seraing sa ga Satane, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse.

O SE KA WA ITETLA GO KGOPISEGA

15. Go ya ka Bakolosa 3:13, re ka dira eng fa re tshwenngwa ke dilo tse mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a di dirang?

15 Mme go tweng fa e le gore Mokeresetemmogo le wena o dirile sengwe se se go tshwenyang? O tshwanetse go dira eng? Dira sotlhe se o ka se kgonang go agisana le ene. Bua le Jehofa ka tlhoafalo. Mo kope gore a segofatse motho yo o go kgopisitseng le gore a go thuse go bona dinonofo tse dintle tse motho yoo a nang le tsone, e leng dinonofo tse Jehofa a di ratang ka ene. (Luke 6:28) Fa e le gore ga o kgone go tlhokomologa se mokaulengwe wa gago a se dirileng, akanya ka tsela e e molemo e o ka buang le ene ka yone. Go molemo gore ka metlha o akanye gore mokaulengwe wa gago a ka se ka a go utlwisa botlhoko ka boomo. (Math. 5:23, 24; 1 Bakor. 13:7) Fa o ya go bua le ene, ipolelele gore o go batlela dilo tse di molemo. Mme go tweng fa e le gore ga a batle go dira kagiso? ‘Tswelela o itshokela’ mokaulengwe wa gago. O se ka wa mo tlhoboga. (Bala Bakolosa 3:13.) Sa botlhokwa le go feta, o se ka wa tshwara sekgopi ka gonne go dira jalo go tla senya botsala jwa gago le Jehofa. O se ka wa letla sepe se go kgopisa. Fa o dira jalo, o bontsha gore o rata Jehofa go feta sepe fela.—Pes. 119:165.

16. Mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo bofe?

16 Re lebogela tshiamelo e re nang le yone ya go direla Jehofa mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona re le “letsomane le le lengwe,” le le kaelwang ke “modisa a le mongwe!” (Joh. 10:16) Buka ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa mo go tsebe 165 e a re: “E re ka jaanong o solegelwa molemo ke kutlwano eno, o na le boikarabelo jwa go dira gore e tswelele e le gone.” Ka jalo, re tshwanetse go “ithuta go leba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone.” Rotlhe re “ba bannye” ba Jehofa a ba tsayang ba le botlhokwa. A eo ke tsela e o lebang bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ka yone? Jehofa o a bona e bile o leboga sengwe le sengwe se o se dirang go ba thusa le go bontsha gore o amega ka bone.—Math. 10:42.

17. Re ikemiseditse go dira eng?

17 Re rata badumedimmogo le rona. Ka jalo, re ikemiseditse gore re se ka ra “baya sekgopi fa pele ga mokaulengwe kgotsa se se ka mo digang.” (Bar. 14:13) Re tsaya bakaulengwe le bokgaitsadi ba le kwa godimo ga rona, e bile re batla go ba itshwarela go tswa pelong. A re se ka ra itetla go kgopisiwa ke batho ba bangwe. Go na le moo, a re tlhopheng go ‘latelela dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.’—Bar. 14:19.

PINA 130 Lo Itshwarele

^ ser. 5 E re ka re na le boleo, re ka dira kgotsa ra bua dilo tse di ka kgopisang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Fa seo se direga, re itshwara jang? A re leka ka natla go baakanya dilo? A ga re okaoke go kopa maitshwarelo? Kgotsa gongwe re swetsa ka gore, fa e le gore ba kgopisegile ga se bothata jwa rona, ke bothata jwa bone? Mme go tweng fa e le gore gangwe le gape re kgopisiwa ke se ba bangwe ba se buang kgotsa se ba se dirang? A re leka go ipuelela re re ke tsela e re leng ka yone—ke botho jwa rona? Kgotsa a gongwe re leba seo e le bokoa jo re tshwanetseng go lwa le jone?

^ ser. 53 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgaitsadi o kgopisitswe ke kgaitsadi yo mongwe mo phuthegong. Fa bokgaitsadi bano ba sena go rarabolola kgang eo, ba tswelela ka botshelo e bile ba direla Jehofa ba itumetse.