Kaelwa ke “Molao wa Bopelonomi”
LISA a re: “Tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba le pelonomi ka yone e ne ya nkgatlha thata.” * O ile a bua mafoko ao go tlhalosa se se neng se dirile gore a ithute boammaaruri. Anne o ne a bua se se tshwanang fa a ne a re: “Se se dirileng gore ke batle go ithuta boammaaruri ke tsela e Basupi ba neng ba le pelonomi ka yone, e seng se ba neng ba se ruta.” Gone jaanong bokgaitsadi bano ba babedi, ba itumelela go bala Baebele le go akanyetsa kwa teng ka se ba se balang, mme gone bopelonomi ke jone jo bo neng jwa ba ama thata.
Re ka bontsha bopelonomi jang gore re rotloetse ba bangwe? A re tlotle ka ditsela tseno tse pedi: go bontsha bopelonomi ka se re se buang le ka se re se dirang. Go tswa foo, re tla bona gore re tshwanetse go bontsha bomang bopelonomi.
BONTSHA GORE O KAELWA KE “MOLAO WA BOPELONOMI” FA O BUA
Mosadi yo o nang le mekgwa e mentle yo go buiwang ka ene mo go Diane kgaolo 31, o tlhalosiwa a na le “molao wa bopelonomi” mo lolemeng lwa gagwe. (Diane 31:26) O letla gore “molao” oo o laole se a se buang le gore o se bua jang. Borre le bone ba tshwanetse go letla “molao” oo gore o kaele se ba se buang. Batsadi ba le bantsi ba a itse gore fa ba omanya bana ba bone, seo se ka ba utlwisa botlhoko le gore se ka dira gore ba se ka ba ba reetsa. Ka jalo, fa batsadi ba bua ka bopelonomi, go tla nna motlhofo gore bana ba bone ba ba reetse le gore ba ba ikobele.
O ka tswa o le motsadi kgotsa o se ene, o ka bua jang ka bopelonomi? Karolo e e simololang ya Diane 31:26 e re bolelela gore re ka dira seo jang fa e re: “O bula molomo wa gagwe ka botlhale.” Seo se akaretsa gore re tlhophe mafoko le gore re a bua jang. Gantsi go a thusa go ipotsa jaana, ‘A se ke tlileng go se bua se tlile go galefisa batho kgotsa se tlile go dira gore go nne le kagiso?’ (Diane 15:1) Go botlhale gore re akanye pele re bua.
Seane sengwe se a re: “Go bua o sa akanye go tshwana le go tlhaba ga tšhaka.” (Diane 12:18) Fa re akanya gore se re se buang le tsela e re se buang ka yone e ka ama batho ba bangwe jang, seo se tla dira gore re laole se re se buang. Fa re kaelwa ke “molao wa bopelonomi,” ga re kitla re bua mafoko a a tlhabang kgotsa re bua ka tsela e e sa siamang. (Baef. 4:31, 32) Ga re ka ke ra bua mafoko a a utlwisang botlhoko, go na le moo re tla bua ka bopelonomi le ka lorato. Jehofa o ne a re tlhomela sekao mo kgannyeng eno fa a ne a kgothatsa motlhanka wa gagwe yo o neng a tshogile e bong Elija. Moengele yo o neng a emela Jehofa o ne a bua ka “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase.” (1 Dikg. 19:12) Le fa go ntse jalo, go nna pelonomi ga go akaretse fela go bua ka bopelonomi. Gape re tshwanetse go direla batho dilo ka bopelonomi. Re ka dira seo jang?
FA O DIRELA BATHO DILO KA BOPELONOMI O ROTLOETSA BA BANGWE
Re etsa Jehofa fa re bua ka bopelonomi le fa re direla batho dilo ka bopelonomi. (Baef. 4:32; 5:1, 2) Lisa yo re buileng ka ene pelenyana o tlhalosa kafa Basupi ba ileng ba mmontsha bopelonomi ka gone. “Fa lelapa la gaetsho le ne le laelwa gore le fuduge ka nako e khutshwane, malapa a mabedi a banyalani ba Basupi a ne a kopa letsatsi kwa tirong gore ba re thuse go paka. Ka nako eo ke ne ke ise ke ithute Baebele!” Se banyalani bao ba neng ba se dira, se ne sa rotloetsa Lisa gore a batle go ithuta boammaaruri.
Anne yo re buileng ka ene kwa tshimologong, le ene o leboga tsela e Basupi ba ileng ba mmontsha bopelonomi ka yone. A re: “Tsela e lefatshe le leng ka yone e dirile gore ke belaele batho. Go thata gore ke tshepe batho.” Gape a re: “Fa ke kopana le Basupi, ke ne ke sa ba tshepe. Ke ne ke ipotsa gore, ‘Goreng batho bano ba nkgathalela?’ Le fa go ntse jalo, tsela e motho yo o neng a nthuta Baebele a neng a le pelonomi ka yone, e ne ya dira gore ke mo tshepe.” Seo se ne sa felela ka eng? “Moragonyana ke ne ka simolola go akanyetsa kwa teng ka se ke neng ke se ithuta.”
Ela tlhoko gore Lisa le Anne ba ne ba kgatlhiwa ke tsela e bangwe mo phuthegong ba neng ba ba direla dilo ka bopelonomi ka yone, mme seo se ile sa ba thusa gore ba batle go ithuta boammaaruri. Bopelonomi jo phuthego e neng ya ba bontsha jone, bone jwa ba thusa gore ba simolole go tshepa Jehofa le phuthego ya gagwe.
ETSA MODIMO KA GO NNA PELOMONI MO BATHONG BA BANGWE
Batho ba bangwe ba tlwaetse go bua ka bopelonomi le go smaela ka ntlha ya tsela e ba godisitsweng ka yone. Go a kgatlha gore batho ba bangwe ba bonolo ka tlhago. Le fa go ntse jalo, fa e le gore re bontsha bopelonomi fela ka ntlha ya tsela e re godileng ka yone kgotsa ka ntlha ya botho jwa rona, re ka tswa re sa etse bopelonomi jwa Modimo.—Bapisa le Ditiro 28:2.
Bopelonomi jwa mmatota ke lengwe la maungo a moya wa Modimo o o boitshepo. (Bagal. 5:22, 23) Ka jalo, seno se kaya gore re tlhoka moya o o boitshepo gore o re thuse go bontsha bopelonomi jwa mmatota ka se re se buang le se re se dirang. Fa re dira jalo, re tla bo re etsa Jehofa le Jesu. E re ka re le Bakeresete, re kgathalela batho ba bangwe. Ka jalo, go rata Jehofa Modimo le batho ba bangwe go tla dira gore re nne pelonomi. Fa re dira jalo, re tla bo re le pelonomi ka tsela e Modimo a e amogelang e bile re tla bo re dira jalo ka pelo yotlhe.
KE BOMANG BA RE TSHWANETSENG GO BA BONTSHA BOPELONOMI?
Go ka nna motlhofo gore re nne pelonomi mo bathong ba ba re bontshitseng bopelonomi kgotsa ba re ba itseng. (2 Sam. 2:6) Tsela nngwe e re ka ba bontshang bopelonomi ka yone ke ka go ba leboga. (Bakol. 3:15) Mme go tweng fa e le gore go na le batho bangwe ba re akanyang gore ga re tlhoke go ba bontsha bopelonomi?
Akanya ka seno: Jehofa o re tlhometse sekao se se sa tshwaneng le sepe sa go bontsha bopelonomi jo bogolo, e bile Lefoko la gagwe le re ruta gore go botlhokwa gore re bontshe batho ba bangwe bopelonomi. Mafoko a a reng “bopelonomi jo bogolo” a dirisitswe ka makgetlo a le mantsi mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Modimo o re bontsha bopelonomi jang?
Jehofa o bontshitse batho botlhe bopelonomi ka go ba naya se ba se tlhokang gore ba kgone go tshela. (Math. 5:45) Tota e bile, Jehofa o ne a re bontsha bopelonomi le e leng pele re mo itse. (Baef. 2:4, 5, 8) Ka sekai, o ne a ntshetsa batho botlhe Morwawe yo o botlhokwa yo o tshotsweng a le esi. Moaposetoloi Paulo o ne a re Jehofa o re rekolotse ka ntlha ya “bopelonomi jwa gagwe jo bogolo.” (Baef. 1:7) Mo godimo ga moo, le fa re leofa e bile re swabisa Jehofa, o tswelela a re kaela e bile a re ruta. Se a se rutang le se a se buang se tshwana le “dipula tsa medupe.” (Dute. 32:2) Ga re ka ke ra kgona go mo duelela bopelonomi jo a re bontshitseng jone. E bile re a itse gore fa Jehofa a ka bo a sa re bontsha bopelonomi jo bogolo, re ne re ka se ka ra nna le tsholofelo ka bokamoso.—Bapisa le 1 Pet. 1:13.
Ga go pelaelo gore re rata tsela e Jehofa a re bontshang bopelonomi ka yone e bile e re rotloetsa gore le rona re dire jalo. Ka jalo go na le gore re bontshe batho ba ba rileng fela bopelonomi, re tshwanetse go leka ka natla go etsa Jehofa le go bontsha batho botlhe bopelonomi letsatsi le letsatsi. (1 Bathes. 5:15) Fela jaaka batho ba ka itumelela bothitho jwa molelo fa go le tsididi, batho ba tla itumelela go fetsa nako le wena fa o le pelonomi. Re tla gomotsa ba malapa a rona, bakaulengwe le bokgaitsadi, batho ba re berekang le bone, ba re tsenang sekolo le bone le baagelani ba rona.
Akanya ka bangwe mo lelapeng kgotsa mo phuthegong ba ba ka solegelwang molemo fa o bua le bone kgotsa o ba direla dilo ka bopelonomi. Go ka tswa go na le mongwe mo phuthegong ya lona yo o tlhokang go phepafalediwa ntlo le jarata kgotsa go direlwa dilo dingwe jaaka go elwa dishopong. Mo godimo ga moo, fa e le gore go na le mongwe mo tshimong ya lona yo o tlhokang thuso, a o ka leka go mo thusa?
E kete re ka etsa Jehofa ka go dira gore ka metlha re kaelwe ke “molao wa bopelonomi” mo go se re se buang le se re se dirang.
^ Maina a fetotswe.