Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 28

Go Boifa Modimo go re Tswela Mosola

Go Boifa Modimo go re Tswela Mosola

“Yo o dirang se se siameng o boifa Jehofa.”​—DIANE 14:2.

PINA 122 Nitamang, lo sa Tshikhinyege!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1-2. Bakeresete ba lebana le bothata bofe jo bo tshwanang le jwa ga Lote?

 FA RE bona tsela e e sa siamang e batho ba itshwarang ka yone gompieno, re ikutlwa fela jaaka Lote. Lote o ne a tshwenyegile thata ka “boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale jwa batho ba ba bosula,” ka gonne o ne a itse gore Jehofa o tlhoile boitsholo jo bo sa siamang. (2 Pet. 2:7, 8) E re ka Lote a ne a tlotla Modimo e bile a mo rata, o ne a tlhoile boitsholo jo bo sa siamang jwa batho ba a neng a tshela le bone. Le rona re tshela le batho ba ba sa tlotleng melao ya ga Jehofa ya boitsholo. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go tswelela re itshwere sentle fa re rata Modimo e bile re mo tlotla.—Diane 14:2.

2 Jehofa o dirisa kgakololo e e mo bukeng ya Diane go re thusa gore re tswelele re itshwere sentle. Kgakololo eo e ka tswela Bakeresete botlhe mosola, e ka tswa e le banna kgotsa basadi, basha kgotsa bagolo.

GO BOIFA MODIMO GO A RE SIRELETSA

Fa re le kwa tirong, ga re a tshwanela go itsalanya le batho ba ba sa rateng Jehofa, e bile ga re a tshwanela go dira dilo tse di tla re utlwisang botlhoko (Bona serapa 3)

3. Go ya ka Diane 17:3, goreng re tshwanetse go sireletsa dipelo tsa rona? (Bona le setshwantsho.)

3 Lebaka la botlhokwa la go bo re sireletsa dipelo tsa rona ke gore Jehofa o a di tlhatlhoba. Seno se raya gore o kgona go bona se se mo dipelong tsa rona se batho ba bangwe ba sa se boneng, e bile o a itse gore re batho ba ba ntseng jang. (Bala Diane 17:3.) O a itumela fa re nna re akanya ka kgakololo e a re nayang yone e e ka re thusang gore re tshelele ruri. (Joh. 4:14) Fa re nna re akanya ka kgakololo ya ga Jehofa, ga re kitla re tsiediwa ke maaka a ga Satane le ke batho ba ba bosula e bile ga re kitla re dira boitsholo jo bo sa siamang. (1 Joh. 5:18, 19) Fa re tsaya matsapa go atamalana le Jehofa, re tla mo rata e bile re tla mo tlotla le go feta. E re ka re sa batle go utlwisa Jehofa botlhoko, ga re kitla re akanya ka go dira boitsholo jo bo sa siamang. Fa re ka raelesega go dira se se sa siamang, re tla ipotsa go re, ‘Jehofa o mpontshitse ka ditsela tse dintsi gore o a nthata, ka jalo nka dira jang selo se ke itseng gore se tla mo utlwisa botlhoko?’—1 Joh. 4:9, 10.

4. Go boifa Jehofa go ile ga thusa jang kgaitsadi mongwe fa a ne a raelesega go dira sengwe se se sa siamang?

4 Kgaitsadi mongwe wa kwa Croatia yo o bidiwang Marta o ne a raelesega go dira sengwe se se sa siamang. A re: “Go ne go le thata gore ke akanye dilo tse di siameng le gore ke lwantshe keletso ya go dira dilo tse di sa siamang. Mme go boifa Jehofa go ile ga nthusa.” b Go mo thusitse jang? A re o thusitswe ke go akanya ka dilo tse di botlhoko tse di tla mo diragalelang fa a ka dira dilo tse di sa siamang. Le rona re ka dira jalo. Fa re ineela re bo re dira dilo tse di bosula, re tla utlwisa Jehofa botlhoko e bile ga re kitla re kgona go mo direla ka bosakhutleng.—Gen. 6:5, 6.

5. O ithuta eng mo go se se diragaletseng Leo?

5 Fa re boifa Jehofa, ga re kitla re itsalanya le batho ba ba sa siamang. Mokaulengwe mongwe wa kwa Congo yo o bidiwang Leo o ile a thanya lomapo lo le tsebeng. Dingwaga di le nnê fa a sena go kolobediwa, o ile a itsalanya le batho ba ba sa siamang. O ne a ipolelela gore ga a leofele Jehofa ka gonne a sa dire dilo tse di bosula tse ditsala tsa gagwe di di dirang. Mme moragonyana, ditsala tseo tsa gagwe di ile tsa mo tlhotlheletsa gore a nwe ka tsela e e feteletseng le gore a dire dilo tse di sa siamang. O ile a simolola go akanya ka dilo tse batsadi ba gagwe ba neng ba mo rutile tsone le kafa a neng a itumetse ka gone fa a ne a direla Jehofa. Seo se ile sa mo thusa gore a itharabologelwe. Bagolwane ba ile ba mo thusa gore a boele kwa go Jehofa. Gone jaanong ke mogolwane e bile ke mmulatsela yo o kgethegileng.

6. Re tlile go tlotla ka basadi bafe ba babedi?

6 A jaanong re sekasekeng Diane kgaolo 9 e e buang ka basadi ba babedi. Yo mongwe o emela botlhale mme yo mongwe o emela bomatla. c Fa re ntse re tsweletse, nna o gopotse gore batho ba lefatshe la ga Satane ba ilwe tlhogong ke tlhakanelodikobo le ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo. (Baef. 4:19) Ka jalo go botlhokwa gore re tswelele re reetsa Modimo e bile re se ka ra dira dilo tse di bosula. (Diane 16:6) Kgakololo e e mo go Diane kgaolo 9 e ka re tswela mosola rotlhe fela. Basadi ba go buiwang ka bone mo kgaolong eno, ba bitsa batho “ba ba seng botlhale.” Go nna jaaka e kete ba a re, ‘Tlang mo ntlong ya me re tle go ja mmogo.’ (Diane 9:1, 5, 6, 13, 16, 17) Se se diragalelang ba ba yang kwa ntlong ya mosadi yo o sematla, se farologane thata le se se diragalelang ba ba yang kwa ntlong ya mosadi yo o botlhale.

TSAMAELA KGAKALA LE MOSADI YO O SEMATLA

Go ya kwa ntlong ya “mosadi yo o sematla” go ka felela ka mahutsana (Bona serapa 7)

7. Go ya ka Diane 9:13-18, batho ba ba yang kwa ntlong ya mosadi yo o sematla ba felela kae? (Bona le setshwantsho.)

7 Mosadi yo o sematla, o bitsa ba ba “se nang maitemogelo,” a re, ‘Tlang kwano mo ntlong ya me re tle go ja mmogo.’ (Bala Diane 9:13-18.) Batho ba ba yang kwa ntlong ya mosadi yono ba felela kae? Baebele e a re “ba ba suleng ba teng koo.” Dikgaolo tse dingwe mo bukeng ya Diane le tsone di dirisa puo ya tshwantshetso go re tlhagisa. Di bua ka ‘mosadi yo o duleng mo tseleng,’ le “mosadi yo o dirang boitsholo jo bo sa siamang.” Baebele e a re: “Motho o wela mo khuting ya loso kwa ntlong ya gagwe.” (Diane 2:11-19) Diane 5:3-10 e re tlhagisa ka mosadi yo mongwe “yo o duleng mo tseleng” yo ‘dinao tsa gagwe di fologelang mo losong.’

8. Re tshwanetse go dira tshwetso efe?

8 Batho ba tshwanetse go itlhophela gore a ba tla ya kwa ntlong ya “mosadi yo o sematla” kgotsa ga ba kitla ba ya. Le rona re ka nna ra tshwanelwa ke go dira tshwetso e e ntseng jalo. Ka sekai, re tla dira eng fa re raelesega go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo kgotsa go lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo?

9-10. Goreng re sa tshwanela go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?

9 Re na le mabaka a a utlwalang a gore re se ka ra dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Baebele e a re “mosadi yo o sematla” a re “metsi a a utswilweng a monate.” “Metsi a a utswilweng” ke eng? Baebele e tshwantsha tlhakanelodikobo ya batho ba ba nyalaneng le metsi a a dirang gore motho a lapologelwe. (Diane 5:15-18) Monna le mosadi ba ba nyalaneng semolao ke bone fela ba ba tshwanetseng go itumelela go tlhakanela dikobo. Mme “metsi a a utswilweng” one ga a itumedise. Fa go buiwa ka “metsi a a utswilweng,” go ka tswa go tewa tlhakanelodikobo ya batho ba ba sa nyalanang. Go le gantsi fa batho ba sa nyalana, ba tlhakanela dikobo mo sephiring, jaaka legodu le utswa le sa bonwe. Batho bano ba ka tsaya gore “metsi a a utswilweng” a monate fa go lebega e kete ga go na ope yo o tla lemogang se ba se dirang. Mme ba a itsietsa ka gonne Jehofa o bona sengwe le sengwe. Batho ba ba dirang jalo ba senya botsala jwa bone le Jehofa, mme ga go na sepe se se utlwisang botlhoko jaaka seo. (1 Bakor. 6:9, 10) Mme ga go felele foo.

10 Go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo go ka diga motho seriti, ga dira gore a ikutlwe e se motho wa sepe, a nne le ngwana a se mo lenyalong e bile go ka thuba malapa. Ka jalo, go botlhokwa thata gore re tsamaele kgakala le “mosadi yo o sematla.” Batho ba le bantsi ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo ba senya botsala jwa bone le Jehofa, e bile ba tshwarwa ke malwetse ba bo ba feleletsa ba sule. (Diane 7:23, 26) Diane kgaolo 9 temana 18 e konela ka go re: “Baeng ba [mosadi yo o sematla] ba mo mpeng ya Lebitla.” Mme gone ke eng fa batho ba ya kwa ntlong ya mosadi yono, le fa go dira jalo go ba tsenya mo mathateng?—Diane 9:13-18.

11. Goreng go le kotsi go lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo?

11 Gape re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra wela mo seraing sa go lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo. Batho ba bangwe ba akanya gore go dira jalo go itshiametse fela. Le fa go ntse jalo, ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo di kotsi. Di dira gore motho a se ka a itlotla e bile a se ka a tlotla batho ba bangwe. Mo godimo ga moo, go thata gore motho a se ka a tlhola a di lebelela. Gape ga go motlhofo gore di tswe mo mogopolong. Fa motho a lebelela dilo tseno, go nna thata gore a lwantshe keletso ya tlhakanelodikobo. (Bakol. 3:5; Jak. 1:14, 15) Batho ba le bantsi ba ba di lebelelang, ba feleletsa ba dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

12. Re ka bontsha jang gore re tsamaela kgakala le dilo tse di ka dirang gore re nne le keletso ya tlhakanelodikobo?

12 Re tshwanetse go dira eng fa go tlhaga ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo ka tshoganyetso mo didirisiweng tsa rona tsa ileketeroniki? Ga re a tshwanela go di lebelela. Go tla nna motlhofo go dira jalo fa re gopola gore botsala jwa rona le Jehofa bo botlhokwa fela thata. Boammaaruri ke gore, le fa ditshwantsho dingwe e se tsa tlhakanelodikobo di ka dira gore motho a nne le keletso ya go tlhakanela dikobo. Goreng re sa tshwanela go di lebelela? Ka gonne ga re batle go dira sepe fela se se ka dirang gore re feleletse re dirile boitsholo jo bo sa siamang. (Math. 5:28, 29) Mogolwane mongwe wa kwa Thailand yo o bidiwang David a re: “Ke na le go ipotsa go re: ‘Le fa ditshwantsho tseno e se tsa tlhakanelodikobo, a Jehofa o tla itumela fa ke di lebelela?’ Go ipotsa potso eno go nthusa gore ke dire se se siameng.”

13. Ke eng se se ka re thusang go dira dilo tse di siameng?

13 Go boifa Jehofa go tla re thusa gore re se ka ra dira dilo tse di sa siamang. Baebele e a re “go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale.” (Diane 9:10) Re bona seo mo ditemaneng tsa ntlha tsa Diane kgaolo 9. Mo ditemaneng tseno, go buiwa ka mosadi yo mongwe wa tshwantshetso yo o bidiwang “botlhale jwa boammaaruri.”

REETSA MOSADI YO O BOTLHALE

14. Go ya ka Diane 9:1-6, re lalediwa kae?

14 Bala Diane 9:1-6. Fano re lalediwa ke Mmopi wa rona yo o botlhale, e bong Jehofa. (Diane 2:6; Bar. 16:27) O re laletsa mo ntlong e kgolo e e nang le dipilara di le supa. Seno se bontsha gore Jehofa o pelotshweu e bile o amogela botlhe ba ba batlang go dirisa botlhale jo a re nayang jone.

15. Modimo o batla gore re dire eng?

15 Jehofa o pelotshweu e bile o re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang. Re kgona go bona dinonofo tseno mo sekaing sa mosadi yo o tshwantshetsang “botlhale jwa boammaaruri,” yo go buiwang ka ene mo go Diane kgaolo 9. Ditemana tse di buang ka mosadi yono di tlhalosa gore o laletsa baeng kwa ntlong ya gagwe gore ba tle go ja dijo tse di monate ba bo ba nwe le beine. (Diane 9:2, ntlh.) Mo go temana 4 le 5, mosadi yono o raya ba ba seng botlhale a re: “Tlang, lo je senkgwe sa me mme lo nwe beine e ke e tlhakantseng.” Goreng re tshwanetse go ya kwa ntlong ya mosadi yono? Ka gonne Jehofa o batla gore re nne botlhale le gore re sireletsege. Ga a batle gore re dire dilo tse di tla re utlwisang botlhoko. Ke gone ka moo a ‘bolokang botlhale jo bo mosola gore a bo abele ba ba siameng.’ (Diane 2:7) Fa re boifa Jehofa, re tla dira sotlhe se re se kgonang gore re mo itumedise. Re itumelela go dirisa kgakololo e a re nayang yone.—Jak. 1:25.

16. Go boifa Modimo go ne ga thusa Alain jang, mme go ne ga felela ka eng?

16 Go boifa Modimo go thusitse Alain gore a dire tshwetso e e siameng. Alain ke mogolwane e bile ke morutabana. O ne a re: “Barutabana ba bantsi ba ke berekang le bone ba tsaya go leba dibidio tsa tlhakanelodikobo, e le tsela nngwe ya go ithuta ka tlhakanelodikobo.” Mme gone, Alain o ne a itse gore seo ga se boammaaruri. O ne a re: “Ke ile ka gana go lebelela dibidio tseo ka gonne ke rata Jehofa e bile ke a mo tlotla. Gape ke ile ka tlhalosetsa barutabana bao gore goreng ke sa di lebelele.” O ne a dirisa kgakololo ya “botlhale jwa boammaaruri” ya gore re ‘tswelele re tsamaya mo tseleng ya tlhaloganyo.’ (Diane 9:6) Bangwe ba barutabana bao ba ile ba kgatlhiwa ke se Alain a neng a se dira e bile gone jaanong ba ithuta Baebele e bile ba ya dipokanong.

Fa re ya kwa ntlong ya mosadi yo o botlhale re tla itumela gone jaanong e bile re tla tshelela ruri (Bona serapa 17-18)

17-18. Batho ba ba tlang mo ntlong ya mosadi yo o botlhale ba tla itumelela dilo dife gone jaanong le mo nakong e e tlang? (Bona le setshwantsho.)

17 Jehofa o dirisa sekai sa basadi bano ba babedi go re bontsha se re ka se dirang gore re itumelele botshelo mo nakong e e tlang. Ba ba yang kwa ntlong ya “mosadi yo o sematla,” ba itumelela go dira boitsholo jo bo sa siamang. Ga ba lemoge gore se ba se dirang se ama bokamoso jwa bone. Dilo tse ba di dirang di tla ba tsenya “mo mpeng ya Lebitla.”—Diane 9:13, 17, 18.

18 Ba ba yang kwa ntlong ya mosadi yo o botlhale bone, ba tlile go itumelela botshelo mo nakong e e tlang. Ba itumetse ka gonne ba na le dilo tse di ba thusang gore ba tswelele ba atamalane le Jehofa. (Isa. 65:13) Jehofa o ne a bua jaana a dirisa moporofeti Isaia: “Ntheetseng ka kelotlhoko, mme lo je se se molemo, mme lo tla itumelela go ja dijo tse di monate thata.” (Isa. 55:1, 2) Re ithuta go rata se Jehofa a se ratang le go tlhoa se a se tlhoileng. (Pes. 97:10) Gape re itumelela go laletsa ba bangwe gore ba tle mo ntlong ya mosadi yo o botlhale. Re tshwana le batlhanka ba “ba tlhaeletsang ba le kwa mafelong a a kwa godimo a motse ba re: ‘Ope fela yo o se nang maitemogelo, a a tle kwano.’” Go tla mo ntlong ya mosadi yono, go tswela rona le ba ba re reetsang mosola. Mme ga go felele foo. Go tla re tswela mosola le mo nakong e e tlang. Go tla re thusa gore re ‘tshelele’ ruri fa re ‘tswelela re tsamaya mo tseleng ya tlhaloganyo.’—Diane 9:3, 4, 6.

19. Go ya ka Moreri 12:13, 14, re tshwanetse go dira eng? (Bona le lebokoso le le reng, “ Go Boifa Modimo Go a Re Thusa.”)

19 Bala Moreri 12:13, 14. Go boifa Jehofa go tla re sireletsa e bile go tla re thusa gore re tswelele re itshwere sentle mo malatsing ano a bofelo. Gape go tla re thusa gore re laletse batho ba le bantsi gore ba batle “botlhale jwa boammaaruri” le gore ba ithute mo go jone.

 

PINA 127 Ke Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe?

a Re tshwanetse go boifa Modimo. Go dira jalo go tla sireletsa dipelo tsa rona e bile go tla re thusa gore re se ka ra dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo kgotsa ra lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo. Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka Diane kgaolo 9. Kgaolo eno e dira sekai ka basadi ba babedi, se se re thusang go bona pharologanyo fa gare ga botlhale le bomatla. Kgakololo e e mo kgaolong eno e ka re tswela mosola gone jaanong le mo nakong e e tlang.

b Maina mangwe a fetotswe.

c Fa o batla go bona dikai tse dingwe tsa fa Baebele e tlhalosa dilo dingwe jaaka e kete ke batho, bona Baroma 5:14 le Bagalatia 4:24.