Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ke Itumeletse Dilo di le Dintsi e Bile ke Ithutile go le Gontsi

Ke Itumeletse Dilo di le Dintsi e Bile ke Ithutile go le Gontsi

FA KE sa ntse ke le mosimanyana, e ne e re fa ke bona sefofane, ke ne ke eletsa go etela kwa dinageng tse dingwe. Mme go ne go lebega ke ijesa dijo tsa ditoro fela.

Ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe, batsadi ba me ba ile ba tswa kwa Estonia ba bo ba fudugela kwa Germany, mme ke ne ka tsholelwa teng. Fa ke sena go tsholwa, ba ile ba fudugela kwa Canada. Fa re fitlha kwa Canada, re ne re nna gaufi le Ottawa, mme re ne re nna mo ntlong e dikoko di nnang mo go yone. Re ne re humanegile tota, mme re ne re ikgomotsa ka gore mo mosong re ja mae.

Letsatsi lengwe, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba balela Mama lekwalo la Tshenolo 21:3 le 4. Le ile la mo ama pelo tota mo a ileng a thubega ka selelo. Mama le Papa ba ile ba simolola go ithuta Baebele, mme go ise go ye kae ba ile ba kolobediwa.

Le fa gone batsadi ba me ba ne ba sa tlhaloganye Seesemane sentle, ba ne ba batla go direla Jehofa. Papa o ne a bereka mo feketering kwa Sudbury kwa Ontario, mme mo e ka nnang Lamatlhatso mongwe le mongwe, o ne a tsamaya le nna le kgaitsadiake yo o bidiwang Sylvia kwa tshimong. O ne a dira jalo tota le fa a ne a letse a bereka bosigo. Lelapa la gaetsho le ne le ithuta makasine wa Tora ya Tebelo beke le beke. Mama le Papa ba ile ba nthusa gore ke rate Modimo, ka jalo ke ne ka ineela mo go Jehofa ka 1956, ke na le dingwaga di le lesome. Fa ke gopola tsela e ba neng ba rata Jehofa ka yone, ke nna le maatla a go tswelela ke mo direla.

Fa ke sena go fetsa sekolo, ke ile ka iteega tsebe ka nakwana. Ke ne ke akanya gore fa nka nna mmulatsela, nka se nne le madi a go etela dinaga tse dingwe. Ke ile ka bona tiro e ke neng ke e rata ya go letsa mmino kwa seteisheneng sa radio. Mme gone ke ne ke bereka bosigo, ka jalo ke ne ke sa kgone go ya dipokanong ka metlha e bile ke ne ke fetsa nako e ntsi le batho ba ba sa rateng Modimo. Fa nako e ntse e tsamaya, segakolodi se ile sa simolola go ntshwenya, ka jalo ke ile ka dira diphetogo.

Ke ne ka fudugela kwa Oshawa, kwa Ontario. Fa ke le koo, ke ile ka kopana le Ray Norman, kgaitsadie yo o bidiwang Lesli le babulatsela ba bangwe. Ba ile ba nkamogela ka diatla tsoopedi. Go bona kafa ba neng ba itumetse ka gone, go ile ga dira gore ke ipotse gore ke batla go dira eng ka botshelo jwa me. Ba ne ba nthotloetsa gore ke nne mmulatsela, mme ke ne ka dira jalo ka September 1966. Ke ne ke itumetse e bile dilo di ne di ntsamaela sentle. Moragonyana go ile ga direga dilo dingwe tse di itumedisang, tse di ileng tsa fetola botshelo jwa me.

FA JEHOFA A GO KOPA GORE O DIRE SENGWE, SE DIRE

Fa ke tloga ke fetsa sekolo, ke ile ka tsenya kopo ya go direla kwa Bethele ya kwa Toronto, kwa Canada. Moragonyana fa ke le mmulatsela, ke ne ka kopiwa gore ke ye go direla kwa Bethele dingwaga di le nnê. Mme gone ke ne ke rata Lesli, e bile ke ne ke tshaba gore fa nka ya Bethele, nka se tlhole ke mmona gape. Ke ne ka fetsa nako e telele ke rapela ka kgang eno, mme ke ne ka dira tshwetso ya gore ke ye Bethele. Go ne go le botlhoko tota go kgaogana le Lesli.

Fa ke fitlha kwa Bethele, kabelo ya me e ne e le go tlhatswa diaparo, mme moragonyana ke ne ka nna mokwaledi. Ka nako eo, Lesli e ne e le mmulatsela yo o kgethegileng kwa Gatineau, kwa Quebec. Ke ne ke na le go mo gopola, e bile ke ne ke ipotsa gore a ke dirile tshwetso e e siameng. Moragonyana go ile ga direga sengwe se se itumedisang tota. Kgaitsadie Lesli yo o bidiwang Ray o ne a tla go direla kwa Bethele mme re ne ra nna mmogo. Ka jalo ke ile ka kgona go kopana le Lesli gape. Re ne ra nyalana ka di27 tsa February 1971, ka letsatsi le ke neng ke tswa kwa Bethele ka lone.

Fa re ne re simolola tiro ya potologo ka 1975

Nna le Lesli re ile ra abelwa go direla kwa phuthegong ya Se-French kwa Quebec. Morago ga dingwaga di se kae, ke ile ka kopiwa go nna molebedi wa potologo. Ke ne ke gakgametse ka gonne ke ne ke na le dingwaga di le 28 fela. Ke ne ke tsaya gore ke sa ntse ke le mosha e bile ga ke tshwanelege, mme gone, Jeremia 1:7 le 8 e ne e nkgothatsa. Lesli o ne a kile a amega mo kotsing ya koloi makgetlo a le mmalwanyana, mme o ne a na le bothata jwa go tlhorega boroko. Re ne re ipotsa gore a re tla kgona go dira kabelo eno. Lesli o ne a re: “Fa Jehofa a re kopa gore re dire sengwe, re tshwanetse go se dira.” Re ile ra amogela kabelo eo, mme re ile ra itumelela go e dira dingwaga di le 17.

Fa ke ne ke le molebedi wa potologo, go ne go na le dilo di le dintsi tse ke neng ke di dira, ka jalo ka dinako dingwe ke ne ke sa kgone go fetsa nako le Lesli. Letsatsi lengwe ka Mantaga mo mosong, ke ile ka ithuta sengwe sa botlhokwa. Mongwe o ne a kokota a bo a tlogela mmanki o o neng o na le letsela, tšhisi, maungo, borotho, waene le digalase. Gape go ne go na le lekwalo le le neng le re: “Tsaya mosadi wa gago lo ye go iphokisa phefo.” Maemo a bosa a ne a le mantle, mme ke ne ka tlhalosetsa Lesli gore re ka se kgone go tsamaya ka gonne ke baakanyetsa dipuo. O ne a tlhaloganya, mme gone o ne a utlwile botlhoko. Fa ke ntse ke baakanyetsa, segakolodi se ne sa simolola go ntshwenya. Ke ne ka akanya ka Baefeso 5:25 le 28. Ke ne ke tsaya gore Jehofa o mpolelela gore ke tshwanetse go akanyetsa tsela e mosadi wa me a ikutlwang ka yone. Fa ke sena go rapela, ke ne ka raya Lesli ka re, “A re tsamaye.” O ne a itumetse tota. Re ne ra ya kwa lefelong le le gaufi le noka re bo re iketla gone. Se se itumedisang ke gore moragonyana ke ile ka nna le nako ya go baakanyetsa.

Re ne re etela diphuthego di le dintsi, go tswa kwa British Columbia go ya kwa Newfoundland, mme re ne re itumelela kabelo eno. Fa ke sa le mosha, ke ne ke eletsa go etela mafelo a a farologaneng, mme jaanong seo se ne se kgonega. Ke ne ke tle ke akanye ka go tsenya kopo ya go ya kwa Sekolong sa Gileade, mme gone ke ne ke sa batle go nna morongwa. Ke ne ke tsaya gore batho bangwe ba ba rileng ke bone fela ba ka kgonang go nna barongwa, e seng nna. Gape ke ne ke tshaba gore re ka nna ra romelwa kwa nageng nngwe kwa Africa e go nang le dintwa le malwetse kwa go yone. Ke ne ke sa batle go fuduga kwa Canada.

RE YA KWA DINAGENG TSA BALTIC

Fa re ne re le kwa dinageng tsa Baltic

Ka 1992, tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera e ne e sa tlhole e thibetswe kwa dinageng dingwe tse di neng di laolwa ke Soviet Union. Ka jalo bakaulengwe ba ne ba re botsa gore a re ka kgona go ya go nna barongwa kwa Estonia. Re ne re gakgametse, mme re ile ra rapela ka kgang eno. Re ne ra boa ra ipolelela go re, ‘Fa Jehofa a re kopa gore re dire sengwe, re tshwanetse go se dira.’ Re ile ra amogela kabelo eo, mme ke ne ke ikgomotsa ka gore ga re ye kwa Africa.

Re ne ra simolola go ithuta Se-Estonia. Morago ga dikgwedi di se kae, ke ile ka kopiwa go nna molebedi wa potologo. Re ne re tlile go etela diphuthego di ka nna 46 le ditlhopha dingwe kwa Estonia, Latvia, Lithuania mmogo le kwa Kaliningrad, kwa Russia. Re ne re tshwanetse go ithuta dipuo tse di buiwang kwa dinageng tseno. Go ne go se motlhofo, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba itumelela gore re ithuta puo ya bone, ka jalo ba ne ba re thusa. Ka 1999, go ne ga tlhomiwa ofisi ya lekala kwa Estonia, mme ke ne ka kopiwa gore ke nne leloko la komiti ya lekala. Ke ne ke bereka le Toomas Edur, Lembit Reile le Tommi Kauko.

Ka fa molemeng: Ke neela puo kwa kopanong, kwa Lithuania

Ka fa mojeng: Komiti ya Lekala ya kwa Estonia, e e ileng ya tlhomiwa ka 1999

Re ile ra kopana le Basupi ba le bantsi ba ba ileng ba isiwa kwa Siberia. Le fa ba ile ba tshwarwa makgwakgwa kwa kgolegelong e bile ba ile ba kgaoganngwa le ba malapa a bone, ga ba a ka ba nna ba galefile. Ba ne ba nna ba itumetse e bile ba direla Jehofa ba le matlhagatlhaga. Ba re rutile gore re kgona go itshoka le go tswelela re itumetse le fa maemo a le thata.

Go ne ga feta dingwaga di le dintsi re dira ka natla mme re sa nne le nako e e lekaneng ya go ikhutsa, ka jalo Lesli o ile a nna le letsapa le le tseneletseng. Re ne re sa itse gore bothata ke eng, ka jalo re ne re akanyetsa go boela kwa Canada. Re ne ra lalediwa go ya kwa sekolong sa maloko a komiti ya lekala kwa Patterson kwa New York, U.S.A., mme ke ne ke ipotsa gore a re tla kgona. Re ile ra bua le Jehofa ka kgang eno re bo re dumela go ya. Jehofa o ile a re segofatsa. Fa re le koo, dingaka di ile tsa lemoga gore Lesli o na le bolwetse jwa fibromyalgia, jo bo dirang gore motho a nne le ditlhabi le letsapa le le tseneletseng. Dingaka tseo di ile tsa kgona go mo alafa, mme seno se ile sa re thusa gore re kgone go tswelela ka kabelo ya rona.

RE YA KWA AFRICA

Letsatsi lengwe ka 2008 fa re ne re le kwa Estonia, bakaulengwe ba kwa ntlokgolo ba ile ba mfounela, ba bo ba botsa gore a re ka kgona go ya go direla kwa Congo. Ke ne ke gamaregile tota ka gonne ba ne ba re ke tshwanetse go ba araba mo letsatsing le le latelang. Ga ke a ka ka bolelela Lesli ka gonne ke ne ke itse gore a ka se lale a robetse. Mme ke nna yo ke neng ka lala ke sa robala. Ke ne ke rapela, ke bolelela Jehofa gore ke eng fa ke tshaba go ya kwa Africa.

Letsatsi le le latelang fa ke bolelela Lesli re ne ra re: “Jehofa o re kopa gore re ye kwa Africa. Re itse jang gore re ka se kgone fa re sa leke?” Re ne re feditse dingwaga di le 16 re le kwa Estonia, mme jaanong re ne ra fudugela kwa Kinshasa, kwa Congo. Ofisi ya lekala ya kwa Congo e ne e na le tshingwana e ntle tota e bile go ne go sisibetse. Lesli o ile a baya karata nngwe mo kamoreng ya rona e re neng re tlile ka yone go tswa kwa Canada. E ne e kwadilwe mafoko a a reng, “Itumele gongwe le gongwe kwa o leng gone.” Go kopana le bakaulengwe, go tshwara dithuto tsa Baebele le go bona kafa tiro eno e itumedisang ka gone, go ne ga re thusa gore re itumelele go direla Jehofa le go feta. Fa nako e ntse e tsamaya, re ile ra etela diofisi tsa makala mo dinageng di ka nna 13 kwa Africa. Re ile ra itumelela go kopana le batho ba ditso tse di farologaneng. Ke ne ke sa tlhole ke tlhobaela, e bile re ne re leboga Jehofa go bo a re rometse mo Africa.

Batho ba kwa Congo ba ja dijo tse di farologaneng, go akaretsa ditshenekegi, mme ke ne ke akanya gore rona re ka se kgone go di ja. Fa re bona bakaulengwe ba di ja, le rona re ile ra di ja mme di ne di le monate.

Ditlhopha tsa dirukutlhi di ne di tlhola di tlhasela metse mengwe kwa Congo e bile di gobatsa basadi le bana. Ka jalo, re ne re tlhola re etela metse eo, re ya go kgothatsa bakaulengwe e bile re ba isetsa dilo tse ba di tlhokang. Bontsi jwa bone ba ne ba humanegile, le fa go ntse jalo, ba ne ba rata Jehofa le phuthego ya gagwe fela thata, e bile ba ne ba tlhatswegile pelo gore o tlile go tsoga baswi. Seno se ile sa re kgothatsa tota. Sekao sa bone se ile sa dira gore re akanye ka mabaka a go bo re direla Jehofa le gore re nonotshe tumelo ya rona. Bakaulengwe bangwe ba ile ba latlhegelwa ke magae le ditshimo. Seno se ile sa mpontsha gore re ka latlhegelwa ke dilo tse re nang le tsone ka ponyo ya leitlho, le gore selo sa botlhokwa thata ke botsala jwa rona le Jehofa. Le fa bakaulengwe bano ba ne ba na le mathata, ba ne ba sa nke ba ngongorega. Re ile ra ithuta gore fa re na le mathata kgotsa re lwala, re se ka ra ngongorega.

Ka fa molemeng: Ke kgothatsa batshabi

Ka fa mojeng: Re isetsa bakaulengwe dilo tse ba di tlhokang kwa Dungu, kwa Congo

RE YA KWA ASIA

Re ile ra kopiwa gore re ye go direla kwa ofising ya lekala kwa Hong Kong. Re ne re maketse ka gonne re ne re ise re ko re akanye gore re tla tsamaya re nna kwa Asia. Re ile ra dumela ka gonne re bone tsela e Jehofa a ileng a re thusa ka yone mo dikabelong tse dingwe. Ka jalo ka 2013, re ile ra fudugela kwa Asia. Go ne go le botlhoko go kgaogana le ditsala tsa rona tsa kwa Africa ka gonne re sa itse se se larileng kwa pele.

Hong Kong ga e tshwane le Congo ka gonne ke toropo e kgolo e e tlhanaselang. Go ne go le thata tota go ithuta Se-China. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba koo ba ile ba re amogela bontle e bile re ne re itumelela dijo tsa bone. Tiro kwa ofising ya lekala e ne e oketsega mme ditsha le dikago di ne di tura thata. Ka jalo, Setlhopha se se Laolang se ile sa dira tshwetso ya go rekisa bontsi jwa dikago tsa lekala. Ka 2015 re ile ra fudugela kwa Korea, mme re sa ntse re direla teng le gone jaanong. Re ne ra tshwanelwa ke go ithuta puo e nngwe gape e e thata. Le fa re sa itse go bua Se-Korea sentle, bakaulengwe le bokgaitsadi ba nna ba re kgothatsa, ba re bolelela gore re tla sentle.

Ka fa molemeng: Re le kwa Hong Kong

Ka fa mojeng: Ofisi ya lekala ya Korea

DILO TSA BOTLHOKWA TSE RE DI ITHUTILENG

Go dira ditsala ga go motlhofo, mme re lemogile gore go laletsa batho gore ba re etele go re thusa gore re ba tlwaele ka bonako. Re lemogile gore go na le dilo di le dintsi tse batho ba ga Jehofa ba tshwanang ka tsone, le gore Jehofa o re bopile re na le bokgoni jwa go rata batho ba le bantsi.—2 Bakor. 6:11.

Re ithutile gore re tshwanetse go tsaya batho ka tsela e Jehofa a ba tsayang ka yone le gore re leke go bona dilo tse di bontshang gore Jehofa o a re rata e bile o a re kaela. Fa re ne re kgobegile marapo kgotsa re ipotsa gore a bakaulengwe ba a re rata, re ne re boa re bala dikarata le makwalo a a kgothatsang a a tswang kwa ditsaleng tsa rona. Jehofa o ile a araba dithapelo tsa rona, a re bontsha gore o a re rata a bo a re naya maatla a gore re tswelele re mo direla.

Nna le Lesli re ithutile gore le fa go na le dilo di le dintsi tse re tshwanetseng go di dira, go botlhokwa gore re fetse nako mmogo. Gape re ithutile gore re se ka ra utlwa botlhoko thata fa re dira diphoso, segolobogolo fa re leka go ithuta puo nngwe. Letsatsi le letsatsi re ipha nako ya go rapela, re lebogela sengwe se re se itumeletseng mo letsatsing leo.

Ke ne ke sa akanye gore nka kgona go nna morongwa kgotsa go nna kwa dinageng tse dingwe. Le fa go ntse jalo, ke ithutile gore Jehofa a ka re thusa gore re kgone go dira sengwe le sengwe fela. Dilo tse Jehofa a ntiretseng tsone, di dira gore ke akanye ka mafoko ano a Jeremia a ileng a a bua: “O ntsieditse Jehofa.” (Jer. 20:7) Jehofa o ile a re segofatsa ka ditsela di le dintsi tse re neng re sa di lebelela e bile o ile a nthusa go etela dinaga tse di farologaneng. Ke ile ka etela dinaga di le dintsi lefatshe ka bophara, tse ke neng ke akanya gore nka se kgone go di etela fa ke ne ke sa ntse ke le mosimanyana. Gape ke lebogela gore Lesli o ne a nkema nôkeng mo dikabelong tseno tsotlhe.

Re nna re leka go ikgopotsa gore sengwe le sengwe se re se dirang, re se dira ka gonne re rata Jehofa. Dilo tse re di itumelelang gone jaanong, ke lemmenyana fela la botshelo jo re tla bong re bo tshela fa Jehofa a ‘bula seatla sa gagwe a bo a kgotsofatsa keletso ya setshedi sengwe le sengwe.”—Pes. 145:16.