Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 25

PINA 7 Jehofa ke Maatla a Rona

Nna o Gopotse Gore Jehofa ke “Modimo yo o Tshelang”

Nna o Gopotse Gore Jehofa ke “Modimo yo o Tshelang”

“Jehofa o a tshela!”​—PES. 18:46.

SE GO BUIWANG KA SONE

Go nna re gopotse gore Jehofa ke “Modimo yo o tshelang” go re tswela mosola.

1. Ke eng se se thusang batho ba ga Jehofa gore ba tswelele ba mo obamela le fa gone ba lebana le mathata?

 BAEBELE e a re re tshela ‘mo dinakong tse di thata e bile di le kotsi.’ (2 Tim. 3:1) Batho ba ga Jehofa ba lebana le mathata a batho botlhe mo lefatsheng leno le le bosula la ga Satane ba lebanang le one. Mo godimo ga moo, re a bogisiwa ka gonne re obamela Jehofa. Ke eng se se re thusang go tswelela re obamela Jehofa le fa gone re lebana le mathata ao? Ke go itse gore Jehofa o a re thusa le gore ke “Modimo yo o tshelang.”​—Jer. 10:10; 2 Tim. 1:12.

2. Re itse jang gore Jehofa ke Modimo yo o tshelang?

2 Jehofa o bona mathata otlhe a re lebanang le one e bile o batla go re thusa. (2 Ditir. 16:9; Pes. 23:4) Fa re nna re gopotse gore o amega ka rona le gore ka dinako tsotlhe o nna a ikemiseditse go re thusa, re tla kgona go itshokela mathata ape fela a re lebanang le one. Re bona seo mo go se se ileng sa diragalela Kgosi Dafide.

3. Dafide o ne a raya jang fa a ne a re “Jehofa o a tshela”?

3 Dafide o ne a itse Jehofa e bile a ikaega ka ene. Fa Kgosi Saulo le ba bangwe ba ne ba batla go mmolaya, Dafide o ne a rapela Jehofa a mo kopa gore a mo thuse. (Pes. 18:6) Fa Jehofa a sena go araba thapelo ya gagwe, Dafide o ne a re: “Jehofa o a tshela!” (Pes. 18:46) Dafide o ne a raya jang? O ne a raya gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri e bile ka dinako tsotlhe o thusa batlhanka ba gagwe. Dafide o ne a itse gore Modimo wa gagwe o bona sengwe le sengwe se se mo diragalelang e bile o batla go mo thusa. Seo se ile sa dira gore a ikemisetse go tswelela a direla Jehofa le gore a mmake.​—Pes. 18:28, 29, 49.

4. Go itse gore Jehofa ke Modimo yo o tshelang go re tswela mosola jang?

4 Fa re tlhatswegile pelo gore Jehofa ke Modimo yo o tshelang, re tla kgona go mo direla re le matlhagatlhaga. Re tla nna le maatla a go itshokela diteko e bile re tla dira ka natla mo tirong ya gagwe. Gape re tla nna re ikemiseditse go atamalana le ene.

MODIMO YO O TSHELANG O TLA GO NAYA MAATLA

5. Re ka tlhatswega pelo ka eng fa re lebana le mathata? (Bafilipi 4:13)

5 Fa re nna re gopotse gore Jehofa ke Modimo yo o tshelang le gore ka metlha o tla re thusa, re tla kgona go itshokela mathata ape fela a re ka lebanang le one, a ka tswa a le magolo kgotsa a le mannye. Tota e bile, ga go na bothata bope jo bo ka mo palelang. Ke Mothatayotlhe e bile o tla re naya maatla a gore re itshoke. (Bala Bafilipi 4:13.) Go itse seno go re tlhatswa pelo gore Jehofa o tla re thusa fa re na le mathata. Fa re bona tsela e a re thusang ka yone fa re lebane le mathata a a sa reng sepe, re tlhatswega pelo gore o tla re thusa fa re na le mathata a magolo.

6. Se se diragaletseng Dafide fa a sa le mosha se ile sa mo thusa jang gore a tshepe Jehofa le go feta?

6 Akanya ka dilo di le pedi tse di diragaletseng Dafide tse di mo thusitseng gore a tshepe Jehofa. Fa a sa le mosha e bile e le modisa, bera le tau di ne tsa tla mo letsomaneng la ga rraagwe mme nngwe le nngwe ya tsone e ne ya itseela nku. Mo makgetlong ao otlhe, Dafide o ne a nna pelokgale mme a lelekisa dibatana tseno gore a falotse dinku tsa ga rraagwe. Mme gone, ga a a ka a re o dirile seno ka maatla a gagwe ka gonne o ne a itse gore Jehofa ke ene a mo thusitseng. (1 Sam. 17:34-37) Dafide ga a a ka a lebala ka ditiragalo tseo. Go akanyetsa kwa teng ka se se mo diragaletseng, go ile ga mo netefaletsa gore Jehofa ke Modimo yo o tshelang le gore o tla mo naya maatla mo nakong e e tlang.

7. Go akanya ka Jehofa go ile ga thusa Dafide jang gore a ye go tlhabana le Goliathe?

7 Fa Dafide a sa le mosha e bile a ise a tshware dingwaga di le 20, o ne a ya kwa kampeng ya masole a Baiseraele. Fa a fitlha koo, o ne a lemoga gore masole a ne a tshogile ka gonne seganka sa monna mongwe wa Mofilisitia yo o bidiwang Goliathe o ne a tlile go “kgoba mola wa tlhabano wa Iseraele.” (1 Sam. 17:10, 11) Masole ao a ne a tshositswe ke tsela e Goliathe a neng a lebega ka yone le se a neng a se bua. (1 Sam. 17:24, 25) Le fa go ntse jalo, Dafide ene o ne a sa tshoga ka gonne o ne a itse gore fa Goliathe a kgoba masole a Iseraele, o ne a ‘kgoba mola wa tlhabano wa Modimo yo o tshelang.’ (1 Sam. 17:26) Dafide o ne a nna a akantse ka Jehofa e bile o ne a itse gore o ne a tla mo thusa fela jaaka a ile a mo thusa mo nakong e e fetileng. E re ka a ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla mo thusa, o ne a ya go tlhabana le Goliathe mme a fenya.​—1 Sam. 17:45-51.

8. Ke eng se se ka go tlhatswang pelo gore Jehofa o tla go thusa fa o lebana le mathata? (Bona le setshwantsho.)

8 Fa re nna re gopotse gore Jehofa o ikemiseditse go re thusa, re tla kgona go itshokela mathata ape fela a re lebanang le one. (Pes. 118:6) Re tla tshepa Jehofa le go feta fa re akanya ka se a se dirileng mo nakong e e fetileng. Ka jalo, bala dipego tse di mo Baebeleng tse di tlhalosang kafa Jehofa a ileng a thusa batlhanka ba gagwe ka gone. (Isa. 37:17, 33-37) Gape o ka bala maitemogelo a a mo jw.org kgotsa wa lebelela dibidio tse di tlhalosang kafa Jehofa a ileng a thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo motlheng wa rona ka gone. Mo godimo ga moo, gopola tsela e Jehofa a ileng a go thusa ka yone mo botshelong. Gongwe o ka tswa o akanya gore Jehofa ga a ise a go direle sepe se se tlhomologileng jaaka a ile a thusa Dafide go lwantshana le bera le tau. Mme gone, go na le dilo di le dintsi tse a ileng a go direla tsone. O go laleditse gore o nne tsala ya gagwe. (Joh. 6:44) Gone jaanong o sa ntse a go thusa gore o tswelele o mo direla. Ka jalo, kopa Jehofa gore a go thuse go gakologelwa tsela e a ileng a araba dithapelo tsa gago ka yone, a go naya se o neng o se tlhoka ka nako e o neng o se tlhoka ka yone le go go thusa fa o ne o le mo mathateng. Go akanya ka dilo tseno go tla go thusa gore o tlhatswege pelo gore Jehofa o tla nna a go ema nôkeng.

Tsela e re itshwarang ka yone e ama Jehofa (Bona serapa 8-9)


9. Ke eng se re tshwanetseng go nna re se gopotse fa re lebana le mathata? (Diane 27:11)

9 Fa re na le mathata, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo selong sa botlhokwa. Satane a re fa re le fa gare ga dinaka tsa kukama, re tla tlhanogela Jehofa. Ka jalo, se re se dirang fa re na le mathata, se ama Jehofa. (Jobe 1:10, 11; bala Diane 27:11.) Fa re tswelela re ikanyega fa re na le mathata, re bontsha Jehofa gore re a mo rata le gore Satane o bua maaka. Fa e le gore o nna mo lefelong le puso e leng kgatlhanong le batho ba ga Jehofa, ga o na madi, batho ba o ba rerelang ga ba reetse molaetsa wa dikgang tse di molemo, kgotsa o na le mathata a mangwe, nna o gopotse gore Jehofa o a itumela fa o tswelela o itshoka. Gape gopola gore Jehofa o tla go thusa go itshokela diteko tse o lebanang le tsone e bile o tla go naya maatla.​—1 Bakor. 10:13.

MODIMO YO O TSHELANG O TLA GO SEGOFATSA

10. Ke eng se Modimo yo o tshelang a se direlang batlhanka ba gagwe?

10 Ka metlha Jehofa o segofatsa batho ba ba mo obamelang. (Baheb. 11:6) O re naya kagiso, o re thusa gore re kgotsofalele se re nang le sone e bile o re solofetsa gore o tla re naya botshelo jo bo sa khutleng mo nakong e e tlang. Re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla re segofatsa le gore o na le maatla a go dira jalo. Seo se re rotloetsa gore re kgone go mo tshepa fela jaaka batlhanka ba gagwe ba ile ba dira mo nakong e e fetileng. Timotheo e ne e le mongwe wa bone.​—Baheb. 6:10-12.

11. Goreng Timotheo a ne a dira ka natla mo phuthegong? (1 Timotheo 4:10)

11 Bala 1 Timotheo 4:10. Timotheo o ne a itse gore Modimo o ne a tla mo segofatsa. Ka jalo, o ile a dira sotlhe se a ka se kgonang mo tirong ya ga Jehofa e bile o ne a thusa ba bangwe. O ile a dira seo jang? Moaposetoloi Paulo o ne a mo kgothaletsa gore a tokafatse tsela e a rutang ka yone mo bodireding le mo phuthegong. Gape o ne a mo kgothaletsa gore a tlhomele bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha le ba ba godileng sekao se sentle. Mo godimo ga moo, o ne a na le dikabelo tse dingwe tse di thata. Ka sekai, o ne a kgalemela ba ba neng ba sa dire dilo sentle. (1 Tim. 4:11-16; 2 Tim. 4:1-5) Ka dinako dingwe, batho ba ne ba sa lemoge tiro e Timotheo a neng a e dira kgotsa ba sa e lebogele. Mme gone, Timotheo o ne a itse gore Jehofa o tla mo segofatsa.​—Bar. 2:6, 7.

12. Goreng bagolwane ba dira ka natla mo phuthegong? (Bona le setshwantsho.)

12 Bagolwane le bone ba ka tlhatswega pelo gore Jehofa o bona tiro ya bone ya bonatla e bile o e tsaya e le botlhokwa thata. Ba dira ditiro di le dintsi tota mo phuthegong. Ka sekai, ba etela bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba ba kgothatse, ba a ruta e bile ba a rera. Mo godimo ga moo, bontsi jwa bone ba thusa mo diporojekeng tsa kago le ka nako ya masetlapelo. Ba bangwe ba direla mo Ditlhopheng Tse di Etelang Balwetse kgotsa mo Dikomiting Tsa Puisano le Dikokelo. Bagolwane ba a itse gore phuthego eno ke ya ga Jehofa, e seng ya motho ope. Ka jalo ba ntsha ga tshwene fa ba dira dikabelo tsa bone e bile ba tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla ba segofatsa ka ntlha ya se ba se dirang.​—Bakol. 3:23, 24.

Fa o dira ka natla mo phuthegong, Modimo yo o tshelang o tla go segofatsa (Bona serapa 12-13)


13. Jehofa o ikutlwa jang ka se re mo direlang sone?

13 Ga se mongwe le mongwe yo o ka nnang mogolwane. Mme gone, seno ga se reye gore ga go na sepe se re ka se direlang Jehofa. O itumela tota fa re dira bojotlhe mo tirong ya gagwe e bile o a bona fa re ntsha moneelo le fa gone e se madi a mantsi. O a itumela fa re arabela kwa dipokanong le fa gone re le ditlhong. Mo godimo ga moo, o itumelela go bona re itshwarela ba bangwe fa ba re kgopisa. Tota le fa o tsaya gore ga o direle Jehofa jaaka o eletsa, itse gore o itumelela se o kgonang go se dira, o a go rata e bile o tla go segofatsa.​—Luke 21:1-4.

NNA O ATAMALANE LE MODIMO YO O TSHELANG

14. Go atamalana le Jehofa go tla re thusa jang gore re tswelele re ikanyega? (Bona le setshwantsho.)

14 Fa re atamalane le Jehofa, go tla nna motlhofo gore re tswelele re ikanyega mo go ene. Seo ke se Josefa a ileng a se dira. O ile a gana go dira boitsholo jo bo sa siamang. O ne a itse gore Jehofa o bona sengwe le sengwe se a se dirang e bile o ne a sa batle go mo utlwisa botlhoko. (Gen. 39:9) Fa re batla go atamalana le Jehofa, re tshwanetse go ipha nako ya go mo rapela le go ithuta Lefoko la gagwe. Go dira jalo go tla dira gore botsala jwa rona bo nonofe. Fela jaaka Josefa, fa re atamalane le Jehofa, ga re kitla re batla go dira sepe se se ka mo utlwisang botlhoko.​—Jak. 4:8.

Go atamalana le Modimo yo o tshelang go tla go thusa gore o tswelele o ikanyega (Bona serapa 14-15)


15. Re ithuta eng mo go se se ileng sa diragalela Baiseraele kwa nageng? (Bahebera 3:12)

15 Fa re ka lebala gore Jehofa ke Modimo yo o tshelang, re ka feleletsa re katogetse kgakala le ene. Akanya ka se se ileng sa diragalela Baiseraele fa ba ne ba le kwa nageng. Ba ne ba itse gore Jehofa o gone, mme ba ile ba simolola go belaela gore a o tla ba naya dilo tse ba di tlhokang. Ba ile ba re: “A Jehofa o mo gare ga rona kgotsa nnyaa?” (Ekes. 17:2, 7) Morago ga moo, ba ile ba tlhanogela Jehofa. Boammaaruri ke gore, ga go na ope wa rona yo o batlang go dira se ba se dirileng.​—Bala Bahebera 3:12.

16. Ke eng se se ka koafatsang tumelo ya rona?

16 Dilo tse di diregang mo lefatsheng di ka dira gore go nne thata gore re nne re atamalane le Jehofa. Batho ba le bantsi ga ba dumele gore Modimo o teng. Mo godimo ga moo, fa re bona e kete batho ba ba sa ikobeleng melao ya Modimo ba tshela monate, tumelo ya rona e ka nna ya koafala. Le fa re dumela gore Modimo o teng, re ka simolola go belaela gore a ka re thusa. Seo se ile sa diragalela mokwadi wa Pesalema 73. O ne a bona batho ba sa tshele ka melao ya Modimo mme dilo di ba tsamaela sentle. O ne a simolola go ipotsa gore a go direla Modimo go tswela mosola.​—Pes. 73:11-13.

17. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re atamalane le Jehofa?

17 Ke eng se se neng sa thusa mokwadi wa Pesalema 73 gore a fetole tsela e a akanyang ka yone? O ne a akanyetsa kwa teng ka dilo tse di tla diragalelang batho ba ba lebalang Jehofa. (Pes. 73:18, 19, 27) Gape o ne a akanya ka masego a go direla Jehofa. (Pes. 73:24) Le rona re ka akanya ka dilo tsotlhe tse Jehofa a re diretseng tsone. Go tswa foo, re bo re akanya gore botshelo jwa rona bo ka bo bo ntse jang fa re ne re sa direle Jehofa. Fa re nna re gopotse gore go direla Jehofa go re tswela mosola, re tla nna re ikanyega mo go ene. Fela jaaka mokwadi wa Pesalema re tla re: “Fa e le nna, go atamela Modimo go ntswela mosola.”​—Pes. 73:28.

18. Goreng re sa tshwanela go boifa se se larileng kwa pele?

18 Re ka kgona go itshokela mathata ape fela a re lebanang le one ka gonne re “direla Modimo yo o tshelang le wa boammaaruri.” (1 Bathes. 1:9) Jehofa o amega ka rona e bile ka dinako tsotlhe o tla nna a re ema nôkeng. O ile a thusa batlhanka ba gagwe ba mo nakong e e fetileng, le rona o tla re thusa. Mo nakong e e sa fediseng pelo, re tlile go lebana le pitlagano e kgolo e e iseng e nne gone mo lefatsheng. Mme re tla bo re se nosi, Jehofa o tla bo a na le rona. (Isa. 41:10) Ka jalo, “a re se kang ra boifa mme re re: ‘Jehofa ke mothusi wa me; ga nkitla ke boifa.’”​—Baheb. 13:5, 6.

PINA 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona