Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Mmogo le Modimo—Go Dira Gore re Itumele

Go Dira Mmogo le Modimo—Go Dira Gore re Itumele

“Ka re dira mmogo le ene, gape re lo rapela gore lo se ka lwa amogela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo mme lwa fosa boikaelelo jwa jone.”—2 BAKORINTHA 6:1.

PINA: 75, 74

1. Le fa Jehofa e le Mogodimodimo, o laletsa batho gore ba dire eng?

JEHOFA ke Mogodimodimo. O bopile sengwe le sengwe e bile o na le maatla le botlhale jo bo ka se kang jwa lekanngwa le sepe. Fa Jobe a sena go lemoga seo ka Modimo, o ne a re: “Ke a itse gore o kgona go dira dilo tsotlhe, e bile ga go na kgopolo epe e o sa kgoneng go e fitlhelela.” (Jobe 42:2) Jehofa o kgona go dira sengwe le sengwe fela se a se batlang ntle le go thusiwa ke ope. Mme o re rata thata jaana mo a re laletsang gore re nne badirimmogo le ene go diragatsa boikaelelo jwa gagwe.

2. Ke tiro efe ya botlhokwa e Jehofa a neng a e naya Jesu?

2 Modimo o ne a bopa Morwawe e bong Jesu pele ga a bopa dilo tsotlhe. Go tswa foo, o ne a bereka mmogo le ene go bopa dilo tsotlhe tse dingwe. (Johane 1:1-3, 18) Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana ka Jesu: “Dilo tsotlhe tse dingwe di ne tsa bopiwa ka ene kwa magodimong le mo lefatsheng, dilo tse di bonalang le dilo tse di sa bonaleng, go sa kgathalesege gore a e ka ne e le ditulo tsa bogosi kgotsa barena kgotsa dipuso kgotsa ditaolo. Dilo tsotlhe tse dingwe di bopilwe ka ene e bile di bopetswe ene.” (Bakolosa 1:15-17) Ka jalo, Jehofa ga a ka a naya Morwawe tiro ya botlhokwa fela, gape o ne a bolelela ba bangwe ka yone. A tlotla e e seng kana ka sepe!

3. Jehofa o ne a letla Adame gore a dire tiro efe mme ka ntlha yang?

3 Gape Jehofa o ne a laletsa batho gore ba tle go dira mmogo le ene. Ka sekai, o ne a letla Adame gore e nne ene a nayang diphologolo maina. (Genesise 2:19, 20) Akanya fela kafa Adame a neng a itumetse ka gone fa a newa tiro eo! O ne a etse tlhoko tsela e diphologolo di neng di tshela ka yone le e di neng di lebega ka yone, go tswa foo, a bo a di naya maina a a tshwanetseng. Jehofa ke ene a bopileng diphologolo tsotlhe, ka jalo, o ne a ka kgona go di naya maina. Le fa go ntse jalo, o ne a bontsha Adame gore o a mo rata ka go mo letla gore e nne ene a dirang tiro eo. Gape Modimo o ne a naya Adame kabelo ya gore a dire gore lefatshe lotlhe e nne paradaise. (Genesise 1:27, 28) Adame o ne a dira tshwetso ya go tlogela go bereka le Modimo mme seo sa nna le diphelelo tse di botlhoko thata mo go ene le mo ditlogolwaneng tsa gagwe.—Genesise 3:17-19, 23.

4. Batho bangwe ba ne ba dira mmogo jang le Modimo go diragatsa boikaelelo jwa gagwe?

4 Moragonyana Modimo o ne a laletsa batho ba bangwe gore ba dire mmogo le ene. Noa o ne a aga araka e e neng ya boloka botshelo jwa gagwe le jwa ba lelapa la gagwe ka nako ya Morwalela. Moshe o ne a golola Baiseraele kwa Egepeto. Joshua o ne a etelela Baiseraele pele fa ba ne ba ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Solomone o ne a aga tempele kwa Jerusalema. Marea o ne a nna mmaagwe Jesu. Batho bano botlhe mmogo le ba bangwe, ba ne ba dira mmogo le Jehofa go diragatsa boikaelelo jwa gagwe.

5. Ke tiro efe e re nang le tshiamelo ya go e dira mme a go ne go tlhokega gore Jehofa a re kope gore re mo thuse mo go yone? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

5 Le rona Jehofa o re laletsa gore re dire sotlhe se se mo maatleng a rona go tshegetsa Bogosi jwa gagwe. Go na le ditsela di le dintsi tsa go direla Modimo. Tota le fa re sa kgone go mo direla ka ditsela tse di tshwanang, rotlhe re kgona go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Jehofa o ne a ka kgona go dira tiro eno a le nosi. O ne a ka kgona go bua go tswa kwa legodimong. Jesu o ne a re Jehofa o kgona go dira gore maje a bolelele batho ka Kgosi ya Bogosi jwa Gagwe. (Luke 19:37-40) Mme Jehofa o re letlile gore re nne “badirimmogo” le ene. (1 Bakorintha 3:9) Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ka re dira mmogo le ene, gape re lo rapela gore lo se ka lwa amogela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo mme lwa fosa boikaelelo jwa jone.” (2 Bakorintha 6:1) Modimo o re tlotlile tota go bo a re laleditse go dira mmogo le ene. A re boneng gore seno se dira jang gore re itumele.

RE A ITUMELA FA RE DIRA MMOGO LE MODIMO

6. Morwa Modimo wa leitibolo o ne a re o ikutlwa jang ka go dira mmogo le Rraagwe?

6 Batlhanka ba ga Jehofa ga ba bolo go itumelela go dira mmogo le ene. Pele Morwa wa leitibolo wa Modimo a tla mo lefatsheng, o ne a re: “Jehofa o nketshitse ke le tshimologo ya tsela ya gagwe . . . ke ne ke le fa thoko ga gagwe ke le modiri yo o setswerere, mme ka nna yo o neng a ratwa ke ene ka tsela e e kgethegileng letsatsi le letsatsi, ke itumela fa pele ga gagwe ka dinako tsotlhe. (Diane 8:22, 30) Fa Jesu a ne a dira mmogo le Rraagwe, o ne a kgona go dira dilo di le dintsi e bile o ne a itse gore Jehofa o a mo rata. A le rona re ka ikutlwa ka tsela eo?

Ga go na tiro e e itumedisang go gaisa tiro ya go ruta batho boammaaruri jo bo mo Baebeleng (Bona serapa 7)

7. Ke eng fa tiro ya go rera e dira gore motho a itumele?

7 Jesu o ne a re motho o a itumela fa a aba le fa a amogela. (Ditiro 20:35) Re ne re itumetse tota fa re simolola go ithuta boammaaruri, mme ke eng fa gape re itumelela go bo bolelela ba bangwe? Ka gonne re itumela tota fa re bona motho a tlhaloganya Baebele e bile a simolola go nna tsala ya Modimo. Re ipela fela thata fa re mmona a fetola tsela e a neng a akanya ka yone le e a neng a tshela ka yone. Tiro ya go rera e botlhokwa fela thata e bile e dira gore re ikutlwe re kgotsofetse go feta tiro epe e sele. E dira gore ditsala tsa Modimo di kgone go tshelela ruri.—2 Bakorintha 5:20.

8. Batho bangwe ba ikutlwa jang ka go dira mmogo le Jehofa?

8 Fa re thusa batho go ithuta ka Modimo, re itumedisa Jehofa e bile re a itse gore o lebogela matsapa a re a tsayang. Seno se dira gore re itumele. (Bala 1 Bakorintha 15:58.) Marco wa kwa Italy a re: “Ke itumela fela thata ka gonne ke a itse gore ke direla Jehofa ka pelo yotlhe e seng motho fela yo ka moso a tla tsogang a lebetse dilo tse ke mo diretseng tsone.” Franco yo o direlang kwa Italy le ene a re: “Le fa ka dinako tse dingwe re na le go akanya gore matsapa a rona ke a bophiri fela, letsatsi le letsatsi Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe go re gopotsa gore o a re rata le gore o tsaya sengwe le sengwe se re mo direlang sone se le botlhokwa fela thata. Ke ka lebaka leo ke itumelelang go dira mmogo le Modimo e bile ke lemogang se tota ke se tshelelang.”

GO DIRA MMOGO LE MODIMO GO RE ATAMETSA GAUFI LE ENE LE BATHO BA BANGWE

9. Jehofa le Jesu ba ne ba atamalane go le kana kang mme ka ntlha yang?

9 Fa re bereka le batho ba re ba ratang, re atamalana thata le bone. Re itse botho jwa bone botoka go feta pele. Re itse dilo tse ba ikaeletseng go di dira le matsapa a ba a tsayang go di fitlhelela. Jesu a ka tswa a ile a dira mmogo le Jehofa ka dingwaga di le dibilionebilione. Ba ne ba ratana thata jaana mo go neng go se na sepe se se ka ba kgaoganang. Jesu o ne a tlhalosa tsela e a neng a atamalane le Rraagwe ka yone fa a ne a re: “Nna le Rara re mongwe fela.” (Johane 10:30) Ba ne ba tshwana le monwana le lenala e bile ba ne ba dira mmogo ka kutlwano.

Tiro ya go rera e dira gore re nne le tumelo e e nonofileng ka gonne e re gopotsa ditsholofetso tsa Modimo le melao ya gagwe e e siameng

10. Ke eng fa tiro ya go rera e dira gore re atamalane le Modimo le batho ba bangwe?

10 Jesu o ne a kopa Jehofa gore a sireletse balatedi ba gagwe. Ka ntlha yang? O ne a rapela a re: “Gore ba tle ba nne mongwe fela jaaka re ntse.” (Johane 17:11) Fa re tshela go ya ka melao ya Modimo e bile re rera dikgang tse di molemo, re tla tlhaloganya botho jwa Modimo botoka. Re tla ithuta lebaka la go bo go le botlhokwa go mo ikanya le go latela kaelo ya gagwe. Mme fa re mo atamela, le ene o a re atamela. (Bala Jakobe 4:8.) Gape re atamalana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka gonne re lebana le mathata a a tshwanang, re ipelela dilo tse di tshwanang e bile re ikaeletse go dira dilo tse di tshwanang. Re bereka mmogo, re itumela mmogo e bile re itshoka mmogo. Octavia yo o nnang kwa Boritane a re: “Go dira mmogo le Jehofa go dira gore ke atamalane le batho ba gagwe.” A re lebaka la seo ke ka gonne ene le ditsala tsa gagwe “ba na le maikaelelo a a tshwanang mo botshelong.” Le rona re ikutlwa fela jalo. Fa re bona matsapa a bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba a tsayang go direla Jehofa, re ba rata le go feta.

11. Ke eng fa re tla kgona go atamalana thata le Jehofa le bakaulengwe ba rona kwa lefatsheng le lesha?

11 Gone jaanong re rata Modimo le bakaulengwe ba rona e bile re tla ba rata le go feta fa re le kwa lefatsheng le lesha. Akanya fela ka tiro e e monate e re tla e dirang mo nakong e e tlang! Re tla kopana le batho ba ba tsositsweng le go ba ruta ka Jehofa. Re tla bereka mmogo go dira lefatshe paradaise. Re tla itumelela go dira mmogo le go itekanela ka iketlo fa Keresete e le ene a busang. Batho botlhe ba tla ratana le go rata Jehofa yo o tla ‘kgotsofatsang keletso ya setshedi sengwe le sengwe.’—Pesalema 145:16.

GO DIRA MMOGO LE MODIMO GO A RE SIRELETSA

12. Tiro ya go rera e re sireletsa jang?

12 Re tshwanetse go sireletsa botsala jwa rona le Jehofa. Re tshela le batho ba ba laolwang ke Satane e bile re baleofi, ka jalo, go motlhofo gore re simolole go akanya le go dira dilo ka tsela e ba di dirang ka yone. Re tshwana le motho yo o thumang mo nokeng e metsi a yone a lekang go mo gogela kwa a sa batleng go ya gone. Ka jalo, re tshwanetse go thuma ka maatla a rona otlhe gore re se ka ra tsewa ke metsi. Ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go leka ka thata gore re se ka ra tshwana le batho ba lefatshe leno la ga Satane. Tiro ya go rera e re sireletsa jang? Fa re bua le batho ka Jehofa le ka Baebele, re bua thata ka dilo tsa botlhokwa e seng ka dilo tse di ka koafatsang tumelo ya rona. (Bafilipi 4:8) Tiro ya go rera e dira gore re nne le tumelo e e nonofileng ka gonne e re gopotsa ditsholofetso tsa Modimo le melao ya gagwe e e siameng. Gape e re thusa gore re kgone go itshireletsa mo go Satane le mo bathong ba gagwe.—Bala Baefeso 6:14-17.

Go tshwarega mo tirong ya go rera go a re sireletsa ka gonne go dira gore re se ka ra nna re akantse thata ka mathata a rona

13. Mosupi mongwe yo o nnang kwa Australia o ikutlwa jang ka tiro ya go rera?

13 Go tshwarega mo tirong ya go rera, go ithuta le go thusa ba bangwe mo phuthegong go a re sireletsa ka gonne go dira gore re se ka ra nna re akantse thata ka mathata a rona. Joel yo o nnang kwa Australia a re: “Tiro ya go rera e nthusa gore ke se ka ka lebala gore ke tshela mo lefatsheng le le ntseng jang. E nkgopotsa dikgwetlho tse batho ba lebanang le tsone le melemo e ke nnileng le yone ka ntlha ya go dirisa melaometheo ya Baebele. E nthusa gore ke nne ke ikokobeditse le go dira gore ke ikanye Jehofa le Bakeresete ba bangwe.”

14. Ke ka ntlha yang fa boitshoko jwa rona mo tirong ya go rera bo bontsha gore Modimo o re eme nokeng ka moya o o boitshepo?

14 Tiro ya go rera e dira gore re tlhomamisege gore Modimo o dirisa moya o o boitshepo go re thusa. A re re ka sekai, tiro ya gago ke go naya batho ba lefelo le o nnang mo go lone borotho. Ga o duelwe go dira tiro eno mo godimo ga moo o tshwanetse go ituelela ditshenyegelo. Bontsi jwa batho bano ga ba batle borotho jono e bile bangwe ba bone ba go tlhoetse go tlhola o ba bo leretse nako le nako. O ne o tla dira tiro eno ka lobaka lo lo kana kang? Go ise go ye kae, o tlile go fela pelo gongwe o bo o e tlogela. Mme bontsi jwa rona re ntse re tsweletse go dira tiro eno ya go rera tota le fa re tshwanelwa ke go dirisa nako le tšhelete ya rona e bile batho ba re ja ditshego kgotsa ba re galefela. Seno se re bontsha sentle gore Modimo o re eme nokeng ka moya o o boitshepo.

GO DIRA MMOGO LE MODIMO GO BONTSHA GORE RE A MO RATA LE GORE RE RATA BATHO BA BANGWE

15. Tiro ya go rera dikgang tse di molemo e amana jang le boikaelelo jwa Modimo ka batho?

15 Tiro ya go rera e amana jang le boikaelelo jwa ga Jehofa ka batho? Boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore batho ba tshelele ruri mme boikaelelo joo ga bo a ka jwa fetoga fa Adame a sena go leofa. (Isaia 55:11) Modimo o ne a rulaganya gore batho ba gololwe mo boleong le mo losong. Jang? Jesu o ne a tla mo lefatsheng go tla go re swela. Mme batho ba ne ba tshwanetse go ikobela Modimo gore setlhabelo seo se kgone go ba thusa. Ke ka moo Jesu a neng a ruta batho melao ya Modimo le go laela balatedi ba gagwe gore le bone ba dire jalo. Fa re rerela batho le go ba thusa go nna ditsala tsa Modimo, re dira mmogo le Modimo mo thulaganyong ya gagwe ya go golola batho mo boleong le mo losong.

16. Tiro ya go rera e amana jang le ditaelo tse pedi tse dikgolo?

16 Fa re thusa batho ba bangwe gore ba bone tsela e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng, re bontsha gore re a ba rata le gore re rata Jehofa. “Thato ya [Modimo ke] . . . gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Jesu o ne a bua jaana fa Mofarasai mongwe a ne a mmotsa gore taelo e kgolo go di gaisa tsotlhe ke efe, o ne a re: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha. Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’” (Mathaio 22:37-39) Fa re rera dikgang tse di molemo, re ikobela ditaelo tseno.—Bala Ditiro 10:42.

17. O ikutlwa jang ka tshiamelo ya go rera dikgang tse di molemo?

17 Re segofetse tota ka gonne Jehofa o re neile tiro e e re itumedisang, e e re atametsang gaufi le ene le bakaulengwe ba rona e bile e re thusa go sireletsa botsala jwa rona le Modimo. Gape e re naya tshono ya gore re bontshe Modimo gore re mo rata go le kana kang le gore re rata le batho ba bangwe. Jehofa o na le batlhanka ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe mme maemo a bone a botshelo ga a tshwane. Le fa re ka tswa re godile kgotsa re le bannye, re humile kgotsa re le dikobo di magetleng, re le bokoa kgotsa re itekanetse, rotlhe re dira go tlala seatla go bolelela ba bangwe ka dilo tse re di dumelang. Re ikutlwa jaaka Chantel wa kwa Fora fa a re: “Motho wa botlhokwa go ba gaisa botlhe mo lobopong, Mmopi wa dilo tsotlhe, Modimo yo o itumetseng, o nthaya a re: ‘Tsamaya! Tsamaya o ye go bolelela batho ka nna. Ke go naya maatla, Lefoko la me Baebele, baengele, Bakeresete ka wena, thapiso le ditaelo ka nako e o di tlhokang ka yone.’ Ke tlotla e e seng kana ka sepe go dira dilo tse Jehofa a re di kopang le go dira mmogo le ene!”