Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Re Tla Tsamaya le Lona”

“Re Tla Tsamaya le Lona”

“Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.”—SEKAREA 8:23.

PINA: 65, 122

1, 2. (a) Jehofa o ne a bolelela pele gore go tla direga eng mo nakong e re tshelang mo go yone? (b) Setlhogo seno se tla araba dipotso dife? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

JEHOFA o ne a bolelela pele gore mo nakong e re tshelang mo go yone, “batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara, ee, ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’” (Sekarea 8:23) “Mojuda” o emela batho ba Modimo a ba tloditseng ka moya o o boitshepo. Gape batho bano ba bidiwa “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16) “Batho ba le lesome” ba emela batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Batho bano ba a itse gore Jehofa o segofatsa batlodiwa mme ba bona e le tlotla e kgolo go obamela Jehofa le bone.

2 Fela jaaka Sekarea, Jesu le ene o ne a re batho ba Modimo ba tla nna seoposengwe. O ne a re batho ba ba yang go tshela kwa legodimong ke “letsomanyane” mme ba ba tla tshelang mo lefatsheng a re ke “dinku tse dingwe.” Jesu o ne a re botlhe ba tla nna “letsomane le le lengwe” mme ba tla sala “modisa a le mongwe” morago. (Luke 12:32; Johane 10:16) E re ka go na le ditlhopha tse pedi, bangwe ba ka nna ba ipotsa go re: (1) A ba dinku tse dingwe ba tlhoka go itse maina a Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng? (2) Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwanetse go ikutlwa jang ka tshiamelo e ba nang le yone? (3)  Ke tshwanetse go tsiboga jang fa mongwe mo phuthegong ya rona a simolola go ja senkgwe le go nwa beine? (4) A ke tshwanetse go tshwenyega fa ke bona palo ya batho ba ba jang le ba ba nwang kwa Segopotsong e gola? Setlhogo seno se tla araba dipotso tseno.

A RE TSHWANETSE GO ITSE MAINA A BAKERESETE BOTLHE BA BA TLODITSWENG?

3. Ke eng fa go sa kgonege gore re itse gore tota ke bomang ba ba balelwang mo palong ya 144 000?

3 A re tshwanetse go itse maina a Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng? Nnyaa. Goreng re rialo? Ka gonne ga go ope yo o itseng gore a ba tla feleletsa ba amogetse tuelo ya bone kana jang. [1] (Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.) Le fa Modimo a ba laleditse go ya go tshela kwa legodimong, ba tla bona tuelo ya bone fela fa ba ka ikanyega go fitlha ba swa. Satane o itse seno sentle, ke ka moo a dirisang “baporofeti ba maaka” go leka go ba “tsietsa.” (Mathaio 24:24) Batlodiwa ba ka se tlhomamisege gore a ba tla amogela tuelo ya bone go fitlha Jehofa e nna ene a ba tlhomamisetsang gore ba ile ba ikanyega go ya bokhutlong. Jehofa ke ene a dirang tshwetso ya makgaolakgang mme seno se direga pele ba swa kgotsa pelenyana fela ga “pitlagano e kgolo” e simologa.—Tshenolo 2:10; 7:3, 14.

Jesu ke ene Moeteledipele wa rona mme re tshwanetse go latela ene fela

4. Fa e le gore ga re kgone go itse maina a Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng, re tla kgona jang go “tsamaya le bone”?

4 Fa e le gore ba dinku tse dingwe ga ba kgone go itse maina a Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng, ba tla kgona jang go “tsamaya le bone”? Baebele ya re “batho ba le lesome” “ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’” Baebele e bua ka “Mojuda” a le mongwe. Mme fa e re “lona,” e bua ka batho ba le bantsi. Seno se bontsha gore Mojuda ga a emele motho a le mongwe fela go na le moo o emela setlhopha sotlhe sa batlodiwa. Ba dinku tse dingwe ba itse ntlha eno, ke ka moo ba direlang Jehofa mmogo le setlhopha seno sa batlodiwa. Ga ba tlhoke go itse leina la mongwe le mongwe wa bone le go mo latela. Jesu ke ene Moeteledipele wa rona ke gone ka moo Baebele e reng re latele ene fela.—Mathaio 23:10.

BATLODIWA BA TSHWANETSE GO IKUTLWA JANG KA TSHIAMELO E BA NANG LE YONE?

5. Batlodiwa ba tshwanetse go tsaya tsia tlhagiso efe e e masisi mme ka ntlha yang?

5 Batlodiwa ba tshwanetse go akanya thata ka tlhagiso e e mo go 1 Bakorintha 11:27-29. (E bale.) Motlodiwa a ka ja senkgwe le go nwa beine jang “a sa tshwanela” kwa Segopotsong? Fa motlodiwa a sa tshele ka tsela e Jehofa a e amogelang e bile a sa ikanyege, o tla bo a nyatsa Modimo fa a ja senkgwe e bile a nwa beine. (Bahebera 6:4-6; 10:26-29) Batlodiwa ba tshwanetse go tsaya tsia tlhagiso eno e e masisi fa e le gore ba batla go amogela “tuelo ya pitso ya kwa godimo ya Modimo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 3:13-16.

6. Batlodiwa ba tshwanetse go ikutlwa jang ka tshiamelo e ba nang le yone?

6 Paulo o ne a raya batlodiwa a re: “Nna legolegwa mo Moreneng, ke lo rapela gore lo tsamaye kafa go tshwanetseng pitso e lo neng lwa bidiwa ka yone.” Batlodiwa ba tshwanetse go dira seo jang? Paulo a re: “Ka mogopolo o o ikokobeditseng fela thata le ka bonolo, ka bopelotelele, lo itshokelana ka lorato, lo leka ka natla ka tlhoafalo go boloka bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.” (Baefeso 4:1-3) Moya o o boitshepo o thusa batlhanka ba ga Jehofa gore ba ikokobetse e seng go ikgogomosa. (Bakolosa 3:12) Ka jalo, batlodiwa ga ba akanye gore ba botoka go gaisa batho ba bangwe. Ba a itse gore Jehofa ga a ba neye moya o boitshepo go feta batlhanka ba bangwe ba gagwe. Ga ba akanye gore ba tlhaloganya Baebele botoka go gaisa batho ba bangwe. E bile ga ba kitla ba bolelela motho yo mongwe gore o tloditswe le gore o tshwanetse go simolola go ja senkgwe le go nwa beine ka nako ya Segopotso. Ba ikokobeditse e bile ba a itse gore Jehofa ke ene fela a laletsang batho go ya go tshela kwa legodimong.

7, 8. Batlodiwa ga ba a lebelela eng, mme ka ntlha yang?

7 Le fa batlodiwa ba itse gore go ya go tshela kwa legodimong ke tlotla e kgolo, ga ba a lebelela gore batho ba bangwe ba dirisane le bone ka tsela nngwe e e kgethegileng. (Baefeso 1:18, 19; bala Bafilipi 2:2, 3.) Gape ba a itse gore fa Jehofa a ne a ba tlotsa, ga a ka a itsise mongwe le mongwe. Ka jalo, motlodiwa ga a tshwanela go gakgamala fa batho bangwe kwa tshimologong ba sa dumele gore o tloditswe. O a itse gore Baebele ya re re se ka ra nna bonako go dumela mongwe le mongwe fela yo o reng Modimo o mo neile maikarabelo mangwe a a kgethegileng. (Tshenolo 2:2) E re ka motlodiwa a sa solofele gore batho ba mo tshware ka tsela e e kgethegileng, ga a kitla a bolelela batho ba e leng la ntlha a kopana le bone gore o tloditswe. Tota e bile, a ka nna a se ka a bolelela ope ka kgang eno. Gape ga a kitla a ikgantsha ka dilo tse dintle tse a tla di dirang fa a setse a le kwa legodimong.—1 Bakorintha 1:28, 29; bala 1 Bakorintha 4:6-8.

8 Batlodiwa ga ba bone go tlhokega gore ka dinako tsotlhe ba bo ba na le batlodiwa ba bangwe, jaaka e kete ke maloko a mokgatlho mongwe o o kgethegileng. Ga ba leke go batla batlodiwa ba bangwe gore ba nne ba bua ka go tlodiwa kgotsa go rulaganya ditlhopha tsa go ithuta Baebele mmogo. (Bagalatia 1:15-17) Fa batlodiwa ba ne ba ka dira jalo, seno se ne se ka kgaoganya phuthego. Ba tla bo ba sa dirisane le moya o o boitshepo, o o thusang batho ba Modimo go tshela ka kagiso le ka kutlwano.—Bala Baroma 16:17, 18.

O TSHWANETSE GO DIRISANA JANG LE BONE?

9. Ke eng fa re tshwanetse go ela tlhoko tsela e re dirisanang ka yone le batho ba ba jang senkgwe le go nwa beine kwa Segopotsong? (Bona lebokose le le reng “ Lorato ‘ga lo Itshware ka Tsela E e Sa Tshwanelang.’”)

9 O tshwanetse go dirisana jang le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tloditsweng? Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Lona lotlhe lo bakaulengwe. Le fa e le mang yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme le fa e le mang yo o ikokobetsang o tla godisiwa.” (Mathaio 23:8-12) Ka jalo, go tla bo go le phoso go tseela motho kwa godimo thata, tota le fa motho yoo e le motlodiwa. Baebele e re kgothaletsa gore re etse tumelo ya bagolwane, mme ga e re bolelele gore re tseye motho ope jaaka moeteledipele wa rona. (Bahebera 13:7) Gone Baebele ya re bangwe “ba tshwanelwa ke tlotlo e e menaganeng sebedi.” Mme seno se direga ka gonne ‘ba okamela ka tsela e e molemo’ e bile ‘ba dira ka natla mo go bueng le mo go ruteng’ e seng ka gonne e le batlodiwa. (1 Timotheo 5:17) Fa re ka galaletsa batlodiwa ka tsela e e feteletseng, re tla bo re ba tlhabisa ditlhong kgotsa re ba tsenya mo kotsing ya go ikgogomosa. (Baroma 12:3) Ga re batle go dira sepe se se ka dirang gore batlodiwa bano ba dire phoso eo e e masisi!—Luke 17:2.

O tshwanetse go dirisana jang le motho yo o jang senkgwe e bile a nwa beine kwa Segopotsong? (Bona serapa 9-11)

10. O ka bontsha jang gore o tlotla Bakeresete ba ba tloditsweng?

10 Re ka bontsha jang gore re tlotla batho ba Jehofa a ba tloditseng? Ga re kitla re ba botsa gore go tlile jang gore e nne batlodiwa. Kgang eno e ama bone fela mme ga re a tshwanela go itshunya nko mo go yone. (1 Bathesalonika 4:11; 2 Bathesalonika 3:11) Gape ga re a tshwanela go akanya gore balekane ba bone ba lenyalo, batsadi ba bone kgotsa ope fela wa losika lwa bone ke batlodiwa. Go tlodiwa ga go tsamaye ka losika. (1 Bathesalonika 2:12) Gape re tshwanetse go tila go botsa dipotso tse di ka utlwisang ba bangwe botlhoko. Ka sekai, ga re kitla re botsa mosadi wa mokaulengwe yo o tloditsweng gore o ikutlwa jang gore kwa paradaiseng monna wa gagwe o tla bo a seyo. Re tlhomamisegile gore mo lefatsheng le lesha, Jehofa o tla ‘kgotsofatsa keletso ya setshedi sengwe le sengwe.’—Pesalema 145:16.

11. Re itshireletsa jang fa re tila go “tseela ba bangwe kwa godimo thata”?

11 Fa re sa tseye batlodiwa ba le botlhokwa thata go gaisa batho ba bangwe, le rona re a itshireletsa. Jang? Baebele ya re go ka tswa go na le “bakaulengwe ba maaka” mo phuthegong ba le bone ba ka reng ba tloditswe. (Bagalatia 2:4, 5; 1 Johane 2:19) Gape batlodiwa bangwe ba ka nna ba se ka ba ikanyega. (Mathaio 25:10-12; 2 Petere 2:20, 21) Mme fa re tila go “tseela ba bangwe kwa godimo thata,” ga re kitla re nna balatedi ba bone tota le fa batho bao e le Bakeresete ba ba tloditsweng kgotsa ba itsege thata kgotsa ba sa bolo go direla Jehofa. Ka jalo, fa ba sa ikanyege kgotsa ba tlogela phuthego, ga re kitla re koafala mo tumelong e bile ga re kitla re emisa go direla Jehofa.—Jude 16, ntlha e e kwa tlase mo NW.

A RE TSHWANETSE GO TSHWENYEGA KA PALO YA BATLODIWA?

12, 13. Ke eng fa re sa tshwanela go itshwenya ka palo ya batho ba ba jang senkgwe e bile ba nwa beine kwa Segopotsong?

12 Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, palo ya batho ba ba jang senkgwe le ba ba nwang beine kwa Segopotsong, e ne e nna e fokotsega. Mme bosheng jaana, palo eo e ntse e oketsega ngwaga le ngwaga. A re tlhoka go tshwenyega? Nnyaa. Mma re bone mabaka.

13 “Jehofa o itse ba e leng ba gagwe.” (2 Timotheo 2:19) Bakaulengwe ba ba tsayang palo ya batho ba ba jang senkgwe le go nwa beine kwa Segopotsong, ga ba tshwane le Jehofa ka gonne ga ba itse gore ke mang yo tota e leng motlodiwa. Ka jalo, palo eo e akaretsa le batho ba ba akanyang gore ba tloditswe mme gone go sa nna jalo. Ka sekai, bangwe ba ba kileng ba bo ba ja senkgwe e bile ba nwa beine kwa Segopotsong, ba ne ba emisa fa nako e ntse e ya. Bangwe ba ka tswa ba lwala mo tlhaloganyong kgotsa mo maikutlong mme ba dumela gore ba tla ya go busa le Keresete kwa legodimong. Go a bonala gore ga re itse palo ya batlodiwa ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng.

14. Baebele ya reng ka palo ya batlodiwa ba ba tla bong ba le mo lefatsheng fa pitlagano e kgolo e simologa?

14 Jesu o tla fitlhela go na le batlodiwa mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe fa a tla go ba tsaya gore ba ye kwa legodimong. Baebele ya re Jesu “o tla romela baengele ba gagwe ka modumo o mogolo wa terompeta, mme ba tla phutha ba ba tlhophilweng ba gagwe go tswa kwa diphefong tse nnè, go tswa kwa ntlheng e nngwe ya magodimo go ya kwa ntlheng e nngwe ya one.” (Mathaio 24:31) Gape Baebele ya re mo metlheng ya bofelo, go tla bo go na le palo e nnye ya batlodiwa mo lefatsheng. (Tshenolo 12:17) Mme gone, ga e bue sepe ka gore go tla bo go setse ba le kae fa pitlagano e kgolo e simologa.

15, 16. Ke eng se re tshwanetseng go se tlhaloganya ka batlodiwa ba ba 144 000 ba Jehofa a ba tlhophileng?

15 Jehofa o itse nako e a tla tlhophang batlodiwa ka yone. (Baroma 8:28-30) O ile a simolola go ba tlhopha fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing. Go bonala Bakeresete botlhe ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le batlodiwa. Makgolo a dingwaga morago ga foo, bontsi jwa batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete, ba ne ba sa sale Keresete morago. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlotsa Bakeresete ba boammaaruri ba ba neng ba le gone ka nako eo. Ba ne ba tshwana le korong e Jesu a neng a re e tla gola le mofero. (Mathaio 13:24-30) Mo metlheng eno ya bofelo, Jehofa o tsweletse pele go tlhopha batho ba ba tla nnang karolo ya 144 000. [2] (Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.) Ka jalo, fa Modimo a ka tlhopha batho bangwe gore e nne batlodiwa pele fela ga bokhutlo bo simologa, re ka se belaele gore o tla bo a dirile tshwetso e e molemo tota. (Isaia 45:9; Daniele 4:35; bala Baroma 9:11, 16.) [3] (Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.) Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra itshwara jaaka badiri ba ba neng ba ngongorega ka tsela e mong wa bone a neng a dirisana ka yone le babereki ba ba simolotseng go bereka ka ura ya bofelo.—Bala Mathaio 20:8-15.

16 Ga se gore batlodiwa botlhe ke karolo ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Jehofa le Jesu ba dirisa batho ba se kae fela go fepa le go ruta Bakeresete ba boammaaruri fela jaaka ba ne ba dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Go ne ga dirisiwa palo e nnye fela ya Bakeresete ba ba tloditsweng go kwala Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Mme le gompieno go ntse fela jalo, ke batho ba se kae fela ba ba nang le maikarabelo a go naya batho ba Modimo “dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng.”

17. O ithutile eng mo setlhogong seno?

17 O ithutile eng mo setlhogong seno? Jehofa o dirile tshwetso ya gore bontsi jwa batho ba gagwe ba tshelele ruri mo lefatsheng mme ba ba tla busang le Jesu bone ba tla tshelela ruri kwa legodimong. Jehofa o duela “Mojuda” le “batho ba le lesome,” mme o batla gore botlhe ba ikobele melao e e tshwanang le go tswelela ba ikanyega. Botlhe ba tshwanetse go nna ba ikokobeditse. Ba tshwanetse go mo direla mmogo ba le seoposengwe. Mme botlhe ba tshwanetse go thusa gore go nne le kagiso mo phuthegong. Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, a rotlhe re tsweleleng pele re direla Jehofa le go latela Keresete re le letsomane le le lengwe.

^ [1] (serapa 3) Go ya ka Pesalema 87:5, 6, mo nakong e e tlang, Modimo a ka nna a senola maina a batho ba ba tla bong ba busa le Jesu kwa legodimong.—Baroma 8:19.

^ [2] (serapa 15) Le fa gone Ditiro 2:33 e bontsha gore Jesu o nna le seabe fa mongwe a tlodiwa, tota Jehofa ke ene a laletsang motho yoo.

^ [3] (serapa 15) Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 1, 2007, tsebe 30-31.