Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha—Lo ka Ipaakanyetsa Jang go Kolobediwa?

Basha—Lo ka Ipaakanyetsa Jang go Kolobediwa?

“Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me.”—PESALEMA 40:8.

PINA: 51, 58

1, 2. (a) Tlhalosa lebaka la go bo kolobetso e le kgato e e masisi. (b) Motho o tshwanetse go tlhomamisega ka eng mme ka ntlha yang?

A O MOSHA yo o batlang go kolobediwa? Fa go le jalo, eo ke tshiamelo e kgolo fela thata. Jaaka re tlhalositse mo setlhogong se se fetileng, kolobetso ke kgato e e masisi. Kolobetso e bontsha batho ba bangwe gore o ineetse mo go Jehofa, ke gore, o mo solofeditse gore o tla mo direla ka bosakhutleng le gore go dira thato ya gagwe e tla nna selo se se tlang pele mo botshelong jwa gago. E re ka maikano ano a le masisi, o tshwanetse go kolobediwa fela fa o setse o godile sentle, o eletsa go dira jalo ka go rata e bile o tlhaloganya se go ineela mo Modimong go se kayang.

2 Le fa go ntse jalo, gongwe ga o akanye gore o siametse go kolobediwa. Kgotsa gongwe wena o a re o siame mme batsadi ba gago bone ba akanya gore o tshwanetse go leta go fitlha o godile sentle e bile o na le maitemogelo mo botshelong. Ke eng se o tshwanetseng go se dira? Se kgobege marapo. Go na le moo, dirisa nako eno go gatela pele gore go ise go ye kae, o kgone go tshwanelega go kolobediwa. O ka dira seo ka go akanyetsa dintlha tseno tse tharo: (1) dilo tse o di dumelang, (2) ditiro tsa gago le (3) go leboga Modimo.

DILO TSE O DI DUMELANG

3, 4. Basha ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Timotheo?

3 O ne o ka araba dipotso tseno jang: Ke eng fa ke dumela gore Modimo o teng? Ke eng fa ke dumela gore Baebele ke Lefoko la Modimo? Ke eng fa ke ikobela ditaelo tsa Modimo go na le go etsa boitshwaro jwa batho ba lefatshe leno? Dipotso tseno di ka go thusa gore o latele kgakololo eno ya ga Paulo: “Iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Ke eng fa o tshwanetse go dira jalo?

Timotheo o ne a akanya ka se a neng a se rutiwa mme a tlhotlheletsega go se dumela

4 O ka ithuta go le gontsi mo sekaong sa ga Timotheo. O ne a itse Dikwalo sentle ka gonne mmaagwe le nkokoagwe ba ne ba mo rutile tsone. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela.” (2 Timotheo 3:14, 15) Fano lefoko “tlhotlhelediwa” le kaya “go tlhomamisega ka sengwe gore se boammaaruri.” Ka jalo, Timotheo o ne a tshwanetse go tlhomamisega gore Dikwalo di boammaaruri. O ne a dumela se a neng a se rutiwa e seng ka gonne mmaagwe le nkokoagwe ba re a dire jalo, go na le moo, ka gonne o ne a akanya ka se a neng a se rutiwa mme a tlhotlheletsega go se dumela.—Bala Baroma 12:1.

5, 6. Ke eng fa go le botlhokwa gore o ithute go dirisa ‘maatla a go akanya’ fa o sa ntse o le monnye?

5 Gongwe o na le lobaka lo loleele o itse boammaaruri. Fa go le jalo, ipeele mokgele wa go akanya ka mabaka a dilo tse o di dumelang. Go dira jalo go tla nonotsha tumelo ya gago le go go thusa go tila go dira ditshwetso tse di sa siamang ka ntlha ya go gatelelwa ke dithaka, go latela tsela e batho ba lefatshe leno ba akanyang ka yone kgotsa go latela maikutlo a gago.

6 Fa o ithutile go dirisa ‘maatla a go akanya’ fa o sa le monnye, o tla kgona go araba dipotso tse dithaka tsa gago di go botsang tsone tse di jaaka: ‘O tlhomamisegile go le kana kang gore Modimo o teng? Fa e le gore Modimo o a re rata, ke eng fa a letleletse dilo tse di bosula go direga? A go a utlwala go dumela gore Modimo ga a bolo go nna gone?’ Fa o ipaakantse, dipotso tse di ntseng jalo ga di kitla di dira gore o simolole go belaela go na le moo di tla go tlhotlheletsa gore o ithute Baebele.

7-9. Tlhalosa kafa motseletsele wa ditlhogo tse di reng “Baebele e Ruta Eng?,” di ka go thusang ka gone go tlhomamisega ka dilo tse o di dumelang.

7 Go ithuta Baebele ka kelotlhoko go ka go thusa go araba dipotso, go tlosa dipelaelo le go tlhomamisega thata ka dilo tse o di dumelang. (Ditiro 17:11) Re na le dikgatiso di le mmalwa tse di ka go thusang go dira jalo. Basha ba le bantsi ba ile ba thusiwa ke boroutšhara jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking le buka ya Is There a Creator Who Cares About You? Basha ba bangwe ba ile ba thusiwa ke motseletsele wa ditlhogo tse di mo jw.org tse di reng, “Baebele e Ruta Eng?” tse di mo DITHUTO TSA BAEBELE. Setlhogo sengwe le sengwe se diretswe go go thusa go tlhomamisega ka dilo tse o di dumelang.

8 E re ka o le moithuti wa Baebele, gongwe o setse o itse dikarabo tsa dipotso tse di mo ditlhogong tseno. Mme gone, a o tlhomamisegile ka dikarabo tsa gago? Ditlhogo tseno di tla go thusa go akanya ka kelotlhoko ka ditemana tse di farologaneng le go go kgothaletsa gore o kwale mabaka a dikarabo tsa gago. Seno se tla go thusa gore o itse kafa o ka tlhalosetsang ba bangwe dilo tse o di dumelang ka gone. Fa o na le Internet mme o kgona go tsena mo jw.org, dirisa ditlhogo tseno ka nako ya fa o ithuta gore di go thuse go tlhomamisega ka dilo tse o di dumelang.

9 O tshwanetse go tlhomamisega gore dilo tse o di dumelang di boammaaruri. Seo se tla go thusa go ipaakanyetsa kolobetso. Kgaitsadi mongwe yo mosha a re: “Pele ke kolobediwa, ke ile ka ithuta Baebele mme ka lemoga gore ke mo bodumeding jwa boammaaruri. Letsatsi le letsatsi ke tlhomamisega le go feta ka seno.”

DITIRO TSA GAGO

10. Ke eng fa go utlwala go lebelela gore Mokeresete yo o kolobeditsweng a bontshe tumelo ya gagwe ka ditiro?

10 Baebele ya re: “Tumelo ka boyone, fa e se na ditiro, e sule.” (Jakobe 2:17) Ditiro tsa gago di tla bontsha gore o tlhomamisegile ka se o se dumelang. O tla dira se Baebele e se bitsang ‘ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.’—Bala 2 Petere 3:11.

11. Tlhalosa gore ‘ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro’ di kaya eng.

11 ‘Ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro’ ke eng? Boitshwaro jwa gago bo tla bonala mo ditirong tsa gago tse di molemo. Ka sekai, akanya ka se se diragetseng mo dikgweding tse thataro tse di fetileng. Fa o ne o raelwa, a o ile wa ipotsa gore ke eng se se siameng le se se sa siamang? (Bahebera 5:14) A o gakologelwa maemo a mo go one o ileng wa se ka wa ineela go raelwa kgotsa go gatelelwa ke dithaka? A o tlhomela ba bangwe sekao se se molemo kwa sekolong? A o nna o ikanyega mo go Jehofa kgotsa a o leka go dira dilo tse baithuti ka wena ba di dirang fela ka gonne o tshaba go jewa ditshego? (1 Petere 4:3, 4) Ke boammaaruri gore rotlhe re dira diphoso. Ka dinako tse dingwe, tota le batho ba ba nang le lobaka lo loleele ba direla Jehofa ba ile ba tlhabiwa ke ditlhong kgotsa ba fitlhela go se motlhofo go rerela batho ba bangwe. Mme motho yo o ineetseng mo Modimong o motlotlo go nna Mosupi wa ga Jehofa e bile o bontsha seno ka go itshwara sentle.

12. Dingwe tsa “ditiro tsa boineelo jwa bomodimo” ke dife, mme o tshwanetse go di leba jang?

12 “Ditiro tsa boineelo jwa bomodimo” ke eng? Di akaretsa ditiro tse o di dirang mo phuthegong tse di jaaka go ya dipokanong le go ya bodireding jwa tshimo. Gape di akaretsa ditiro tse batho ba bangwe ba sa di boneng, tse di jaaka go rapela le go ithuta Baebele. Motho yo o ineetseng mo go Jehofa ga a kitla a tsaya gore go dira ditiro tseno ke go ithwesa morwalo. O ikutlwa jaaka Kgosi Dafide fa a ne a re: “Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me, mme molao wa gago o mo teng ga me.”—Pesalema 40:8.

Ke dilo dife tse o di rapelelang mme di senola eng ka lorato lo o ratang Jehofa ka lone?

13, 14. Ke sedirisiwa sefe se se ka go thusang go dira “ditiro tsa boineelo jwa bomodimo,” mme se ile sa thusa basha bangwe jang?

13 Lenaane la go kwala dintlha le le mo tsebe 308 le 309 ya buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2 e ka go thusa go ipeela mekgele. O ka dirisa lenaane leo go kwala dikarabo tsa dipotso tse di jaaka: “Ke dilo dife tse o di rapelelang mme di senola eng ka lorato lo o ratang Jehofa ka lone?” “Ke dilo dife tse dingwe tse o ithutang ka tsone fa o ithuta o le esi?” “A o nna le seabe mo bodireding le fa batsadi ba gago ba seyo?” Gape go na le mo o ka kwalang gone gore o ipeetse mekgele efe malebana le go rapela, go ithuta le go rera.

14 Basha ba le bantsi ba ba batlang go kolobediwa ba ile ba lemoga gore sedirisiwa seno se ba thusa thata. Kgaitsadi Tilda a re: “Ke le dirisa go kwala mekgele ya me. Ke ne ka e fitlhelela yotlhe mme ka tshwanelegela go kolobediwa morago ga ngwaga.” Patrick le ene o ne a nna a dira se se tshwanang. A re: “Ke ne ke itse gore ke batla go dira eng mme go kwala mekgele ya me go ne ga nthusa gore ke dire ka natla go e fitlhelela.”

A o tla tswelela o direla Jehofa le fa batsadi ba gago le ditsala ba ka tlogela go dira jalo? (Bona serapa 15)

15. Tlhalosa lebaka la go bo go ineela mo Modimong e le selo se motho a tshwanetseng go se dira ka go rata.

15 Go na le potso e nngwe e e reng: “A o tla tswelela o direla Jehofa le fa batsadi ba gago le ditsala ba ka tlogela go dira jalo?” Fa o ineela mo go Jehofa le go kolobediwa, o nna tsala ya gagwe. Ka jalo, ga o direle Jehofa ka gonne o batla go itumedisa batsadi ba gago kgotsa batho ba bangwe. Ditiro tsa gago tse di boitshepo tsa boitshwaro le tsa boineelo jwa bomodimo di bontsha gore o tlhomamisegile ka dilo tse o di ithutang le gore o batla go latela ditaelo tsa Modimo. Go ise go ye kae, o tla kolobediwa.

GO LEBOGA MODIMO

16, 17. (a) Ke eng se se tshwanetseng go tlhotlheletsa motho gore e nne Mokeresete? (b) Re ka tshwantsha go lebogela thekololo le eng?

16 Letsatsi lengwe monna yo o neng a itse Molao wa ga Moshe o ne a botsa Jesu a re: “Taelo e kgolo thata mo Molaong ke efe?” Jesu o ne a mo raya a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:35-37) Jesu o ne a re go rata Jehofa ke gone go tshwanetseng ga tlhotlheletsa motho gore a kolobediwe le go nna Mokeresete. Sengwe se se ka dirang gore re rate Jehofa le go feta ke go akanya ka kelotlhoko ka mpho e e di gaisang tsotlhe e Modimo a re neileng yone, e leng thekololo. (Bala 2 Bakorintha 5:14, 15; 1 Johane 4:9, 19.) Fa re dira jalo, re tla tlhotlheletsega go leboga Jehofa ka mpho eno e ntle.

17 Sekai seno se re thusa go tlhaloganya lebaka la go bo re tshwanetse go leboga Modimo: A re re o simolola go nwela mme mongwe o a go namola. A o ne o tla ya gae fela o bo o lebala se motho yoo a go diretseng sone? Nnyaa! O ne o tla leboga motho yoo fela thata ka se a go diretseng sone. Ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go leboga Jehofa le Jesu ka ntlha ya thekololo. Ba namotse matshelo a rona! Ba re golotse mo boleong le mo losong. E re ka ba re bontshitse lorato, gone jaanong re na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise!

18, 19. (a) Ke eng o sa tlhoke go boifa go ineela mo go Jehofa? (b) Go direla Jehofa go tokafatsa botshelo jwa gago jang?

18 A o leboga Jehofa ka se a go diretseng sone? Fa go le jalo, o ka bontsha seno ka go ineela le ka go kolobediwa. Fa o ineela mo Modimong, o mo solofetsa gore o tla mo direla ka bosakhutleng. A o tshwanetse go boifa go dira maikano ao? Nnyaa! Jehofa o batla gore o itumele e bile o segofatsa batho ba ba dirang thato ya gagwe. (Bahebera 11:6) Fa o ineela mo Modimong o bo o kolobediwa, botshelo jwa gago bo tla tokafala! Mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga di le 24 yo o neng a kolobediwa fa a ne a le mo dingwageng tsa bolesome a re: “Gongwe fa ke ne ke godile ka nako eo, nka bo ke ile ka tlhaloganya dilo botoka mme gone, go dira tshwetso ya go ineela mo go Jehofa ke sa le mosha, go ile ga ntshireletsa gore ke se ka ka gagamalela dilo tsa lefatshe leno.”

Satane o pelotshetlha e bile ga a na sepe le wena

19 Jehofa o batla gore o itumelele botshelo. Satane ene o pelotshetlha e bile ga a na sepe le wena. Fa o mo latela, a ka se go neye sepe se se molemo. A ka go naya jang selo se ene ka boene a se nang sone? Ga a na dikgang tse di molemo e bile isagwe ya gagwe e letobo. Selo se a ka go nayang sone fela ke isagwe e e letobo ka gonne ke yone e a nang le yone!—Tshenolo 20:10.

20. Mosha a ka dira eng gore a kgone go ineela le go kolobediwa? (Bona lebokoso le le reng “Se se Ka go Thusang go Gatela Pele.”)

20 Go ineela mo go Jehofa ke tshwetso e e di gaisang tsotlhe. A o ipaakanyeditse go e tsaya? Fa go le jalo, se boife go dira maikano ao. Mme fa o akanya gore ga o ise o siame, dirisa dikakantsho tse di mo setlhogong seno go ipaakanya. Paulo o ne a raya bakaulengwe ba kwa Filipi a re ba tswelele ba gatela pele. (Bafilipi 3:16) Fa o latela kgakololo eo, go ise go ye kae o tla batla go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa.