Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha—A lo Siametse go Kolobediwa?

Basha—A lo Siametse go Kolobediwa?

“Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo, go bona gore a o na le mo go lekaneng go e wetsa?”—LUKE 14:28.

PINA: 120, 64

Setlhogo seno le se se latelang di kwaletswe basha ba ba batlang go kolobediwa

1, 2. (a) Ke eng se batho ba Modimo ba itumelelang go se bona? (b) Batsadi ba Bakeresete le bagolwane ba ka thusa basha jang go tlhaloganya se kolobetso e se kayang?

MOGOLWANE mongwe o ne a raya Christopher wa dingwaga tse 12 a re: “Ke sa le ke go itse o sa ntse o le monnye e bile ke itumela tota go utlwa gore o batla go kolobediwa. Mme gone, ke eng o batla go tsaya kgato eno?” Potso ya mogolwane yono e ne e le maleba. Re itumela thata fa re bona basha ba le bantsi ba kolobediwa ngwaga le ngwaga. (Moreri 12:1) Mme batsadi le bagolwane ba batla go tlhomamisa gore basha ba dira tshwetso eno ka bobone le gore ba tlhaloganya se go kolobediwa go se kayang.

2 Baebele e ruta gore boineelo le kolobetso ke dikgato tse motho a di tsayang fa a batla go nna molatedi wa ga Jesu. Fa motho e nna Mokeresete, o emetswe ke ditshegofatso di le dintsi mme gone o nna mmaba wa ga Satane. (Diane 10:22; 1 Petere 5:8) Ke gone ka moo batsadi ba Bakeresete ba tshwanetseng go ipha nako ya go ruta bana ba bone se go nna molatedi wa ga Keresete go se kayang. Fa batsadi ba basha bano e se Bakeresete, bagolwane ba diphuthego tse ba leng mo go tsone ke bone ba ba thusang go tlhaloganya se boineelo le kolobetso di se kayang. (Bala Luke 14:27-30.) Fela jaaka motho a tlhoka go rulaganya dilo tsa gagwe sentle gore a kgone go feleletsa porojeke ya go aga, basha le bone ba tshwanetse go ipaakanya pele ga ba kolobediwa gore ba kgone go direla Jehofa ka boikanyegi “go ya bokhutlong.” (Mathaio 24:13) Ke eng se se tla thusang basha gore ba kgone go direla Jehofa go ya bokhutlong? Mma re bone.

3. (a) Mafoko a ga Jesu le a ga Petere a re ruta eng ka kolobetso? (Mathaio 28:19, 20; 1 Petere 3:21) (b) Ke dipotso dife tse re tlileng go di sekaseka mme ka ntlha yang?

3 A o mosha yo o batlang go kolobediwa? Fa go le jalo, o ipeetse mokgele o montle tota. Go nna Mosupi wa ga Jehofa ke tshiamelo e e seng kana ka sepe! Eno ke kgato e Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetseng go e tsaya e bile ke kgato ya botlhokwa e e tsewang ke batho ba ba tla falolang pitlagano e kgolo. (Mathaio 28:19, 20; 1 Petere 3:21) Go kolobediwa go bontsha gore o solofeditse Jehofa gore o tla mo direla ka bosakhutleng. Ga go pelaelo gore o batla go diragatsa maikano ao, ka jalo, dipotso tse di latelang di tla go thusa go bona gore a o ipaakantse: (1) A ke setse ke godile sentle go ka dira tshwetso eno? (2) A ruri ke batla go kolobediwa? (3) A ke tlhaloganya gore go ineela mo go Jehofa go kaya eng? A re sekasekeng dipotso tseno.

FA O SETSE O GODILE SENTLE

4, 5. (a) Ke eng fa batho ba bagolo e se bone fela ba ka kolobediwang? (b) Go gola sentle go kaya eng?

4 Baebele ga e re motho o tshwanetse go kolobediwa fa a setse a godile kgotsa fa a le mo dingwageng tse di rileng. Diane 20:11 ya re: “Mosimane o dira gore a lemogiwe ka ditiro tsa gagwe gore a tiro ya gagwe e itshekile e bile e thokgame.” Seno se bontsha gore ngwana o kgona go tlhaloganya se se siameng le se se sa siamang e bile o kgona go ineela mo Mmoping wa gagwe. Ka jalo, kolobetso ke kgato ya botlhokwa le e e siameng e mosha yo o godileng le yo o ineetseng mo go Jehofa a ka e tsayang.—Diane 20:7.

5 Go gola sentle go kaya eng? Ga se gore ka dinako tsotlhe go tsamaisana le dingwaga tsa motho kgotsa bogolo jwa mmele wa gagwe. Baebele ya re motho yo o godileng o katisitse ‘bokgoni jwa gagwe jwa go lemoga’ se se siameng mo go se se sa siamang. (Bahebera 5:14) Motho yo o godileng sentle o itse se se siameng e bile o ikemiseditse go se dira. Ka jalo, ga go motlhofo go mo tlhotlheletsa go dira se se sa siamang. Ga a tlhoke go tlhola a setswe morago a bolelelwa gore a dire se se siameng. Mosha yo o kolobeditsweng o dira se se siameng tota le fa batsadi ba gagwe kgotsa batho ba ba godileng ba seyo.—Bapisa Bafilipi 2:12.

6, 7. (a) Tlhalosa dikgwetlho tse Daniele a neng a lebana le tsone fa a le kwa Babelona. (b) Daniele o ne a bontsha jang gore o godile sentle?

6 A go a kgonega gore basha ba dire dilo ka tsela e e bontshang gore ba godile sentle? Ela tlhoko sekao sa ga Daniele. Go ka direga gore o ne a le mo dingwageng tsa bolesome fa a tsewa mo batsading ba gagwe le go isiwa kwa Babelona. O ne a iphitlhela a tshela le batho ba ba sa ikobeleng ditaelo tsa Modimo. Daniele o ne a sa tshwane le basha ba bangwe ka gonne o ne a tshwerwe ka tsela e e kgethegileng fa a le kwa Babelona. E ne e le mongwe wa basha ba ba neng ba tlhophilwe go ya go direla kwa kgosing. (Daniele 1:3-5, 13) Go bonala maemo a ga Daniele a ne a le botoka thata kwa Babelona go gaisa a a neng a ka nna le one kwa Iseraele.

7 Daniele o ne a dira eng? A Bababelona ba ne ba mo fetola kgotsa ba koafatsa tumelo ya gagwe? Le e seng! Baebele ya re fa Daniele a ntse a le kwa Babelona, o ne a sweditse “mo pelong ya gagwe gore o ne a se kitla a ikgotlela,” le gore o tla nna kgakala le dilo tse di amanang le kobamelo ya maaka. (Daniele 1:8) Seo se bontsha gore o ne a godile sentle!

Mosha yo o godileng sentle ga a itire tsala ya Modimo fa a le kwa Holong ya Bogosi mme a nne tsala ya lefatshe fa a le kwa sekolong (Bona serapa 8)

8. O ka ithuta eng mo sekaong sa ga Daniele?

8 Sekao sa ga Daniele se ka go ruta eng? Gore mosha yo o godileng sentle o nna a nitame mo go se a se dumelang tota le fa go ka nna thata jang. Ga a tshwane le lelobu, e re fa a na le Basupi e nne Mosupi mme fa a na le batho ba lefatshe e nne motho wa lefatshe. Go na le moo, o a ikanyega le fa a lekwa.—Bala Baefeso 4:14, 15.

Mosha yo o godileng sentle o nna a nitame mo go se a se dumelang tota le fa go ka nna thata jang

9, 10. (a) Go akanya ka tsela e o ileng wa tsiboga ka yone fa o ne o lekwa, go ka go thusa jang? (b) Kolobetso e kaya eng?

9 Boammaaruri ke gore, re baleofi. Rotlhe re dira diphoso. (Moreri 7:20) Mme gone, fa o batla go kolobediwa, go botlhokwa gore o itshekatsheke go bona gore o ikemiseditse go ikobela melao ya ga Jehofa go le kana kang. Ipotse jaana: ‘Go fetile lobaka lo lo kana kang ke ntse ke ikobela Jehofa?’ Akanya kafa o neng wa tsiboga ka gone la bofelo fa o ne o lekwa. A o ne wa kgona go lemoga gore se se siameng ke sefe? A go na le mongwe yo o ileng a go kgothaletsa gore o dirise bokgoni jwa gago go ema lefatshe la ga Satane nokeng? Fa sengwe sa mofuta ono se go diragalela, a o kgona go lemoga thato ya Modimo mo boemong joo?—Baefeso 5:17.

10 Ke eng fa go le botlhokwa gore o itse dikarabo tsa dipotso tseno? Ka gonne di tla go thusa go lemoga kafa kolobetso e leng masisi ka gone. Fa o kolobediwa, o bontsha ba bangwe gore o dirile maikano a a masisi. O solofetsa Jehofa gore o tla mo rata le go mo direla ka pelo yotlhe. (Mareko 12:30) Mongwe le mongwe yo o kolobediwang, o tshwanetse go dira sotlhe se a ka se kgonang go diragatsa maikano ano.—Bala Moreri 5:4, 5.

A KE SENGWE SE O ELETSANG GO SE DIRA?

11, 12. (a) Motho yo o batlang go kolobediwa o tshwanetse go tlhomamisega ka eng? (b) Ke eng se se tla go thusang gore o lebe kolobetso ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone?

11 Baebele ya re batho ba ga Jehofa, go akaretsa le basha, ba tla mo direla ka go “ithaopa.” (Pesalema 110:3) Ka jalo, motho yo o batlang go kolobediwa o tshwanetse go tlhomamisa gore o dira jalo ka go rata. Seno se tla tlhoka gore a itshekatsheke sentle, segolobogolo fa e le gore o goletse mo lelapeng la Basupi.

12 Fa o ntse o gola, o ka tswa o ile wa bona batho ba le bantsi ba kolobediwa, gongwe bangwe ba bone e ne e le ditsala tsa gago kgotsa bomonnao le bomogoloo. Mme gone, ela tlhoko gore o se ka wa batla go kolobediwa fela ka gonne o le mo dingwageng tse di rileng kgotsa ka gonne o bona ba bangwe ba kolobediwa. O ka tlhomamisa jang gore o leba kolobetso ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone? Iphe nako ya go akanya thata ka lebaka la go bo kolobetso e le kgato e e masisi. O tla bona mabaka ao mo setlhogong seno le se se latelang.

13. O ka itse jang gore a tshwetso ya go kolobediwa e tswa mo pelong?

13 Tsela nngwe e o ka tlhomamisang ka yone gore a tshwetso ya go kolobediwa e tswa mo pelong, ke ka go sekaseka dithapelo tsa gago. O rapela ga kae? A o bolelela Jehofa se se mo pelong ya gago? Dikarabo tsa dipotso tseno di ka bontsha gore o atamalane go le kana kang le Jehofa. (Pesalema 25:4) Gantsi Jehofa o dirisa Baebele go araba dithapelo tsa rona. Ka jalo, tsela e nngwe e o ka tlhomamisang ka yone gore o batla go atamalana le Jehofa le gore o batla go mo direla ka pelo yotlhe, ke ka go sekaseka thulaganyo ya gago ya go ithuta. (Joshua 1:8) Ipotse jaana: ‘A ke ithuta Baebele ka metlha? A ke patelediwa go nna le seabe ka nako ya kobamelo ya lelapa?’ Dikarabo tsa dipotso tseno di tla go thusa go bona gore a tshwetso ya go kolobediwa e tswa mo pelong.

BOINEELO BO KAYA ENG?

14. Tlhalosa gore boineelo bo farologana jang le go kolobediwa.

14 Basha bangwe ba ka tswa ba sa tlhaloganye ka botlalo pharologanyo fa gare ga boineelo le kolobetso. Bangwe ba ka nna ba re ba setse ba ineetse mo go Jehofa mme gone, ga ba ise ba siamele go kolobediwa. A mme gone go a kgonega? Boineelo ke fa o rapela Jehofa le go mo solofetsa gore o batla go mo direla ka bosakhutleng. Fa o kolobediwa, o bontsha batho ba bangwe gore o setse o ineetse mo go Jehofa. Ka jalo, pele o kolobediwa, o tshwanetse go tlhaloganya gore go ineela mo Modimong go kaya eng?

15. Go ineela go kaya eng?

15 Fa o ineela mo go Jehofa, o mmolelela gore o batla go nna motlhanka wa gagwe. O mo solofetsa gore go mo direla e tla nna selo se se tlang pele mo botshelong jwa gago. (Bala Mathaio 16:24.) Maikano ao a masisi tota! (Mathaio 5:33) Ka jalo, o ka bontsha jang gore o a itse gore ga o tlhole o itshelela mme o tshelela Jehofa?—Baroma 14:8.

16, 17. (a) Tshwantsha se go iitatola go se kayang. (b) Fa motho a ineela mo Modimong go tshwana le fa a mo raya a reng?

16 A re akanye ka sekai seno. A re re tsala ya gago o go reketse koloi. O go naya dipampiri tsa yone a bo a go raya a re: “Ke ya gago.” Mme go tswa foo, a bo a re: “Dilotlolo di tla nna mo go nna. Ke nna ke tla e kgweetsang.” O ne o tla akanya eng ka mpho eo? O ne o tla ikutlwa jang ka tsala eo?

17 Fa motho a ineela mo go Jehofa, go tshwana le fa a raya Modimo a re: “Ke go naya botshelo jwa me. Ke motlhanka wa gago.” Jehofa o na le tetla ya go lebelela gore motho yoo a diragatse maikano a gagwe. Mme Jehofa o tla ikutlwa jang fa motho yoo a tlola taelo ya gagwe ka go ratana mo sephiring le mongwe yo o sa direleng Modimo? Kgotsa Jehofa o tla ikutlwa jang fa motho yoo a bereka tiro e e dirang gore a se ka a kgona go ya bodireding sentle kgotsa a palelwe ke go ya dipokanong ka metlha? Seo se tla bo se bontsha gore motho yoo ga a diragatse maikano a gagwe. Go tla bo go tshwana le go gana ka dilotlolo tsa koloi. Fa motho a ineela mo go Jehofa, o mo raya a re: “Ga ke tlhole ke itshelela, ke tshelela wena.” Ka jalo, re tla dira se Jehofa a se batlang e seng se rona re se batlang. A re etseng sekao sa ga Jesu yo o neng a re: “Ke fologile kwa legodimong go tla go dira, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.”—Johane 6:38.

Kolobetso ke tshwetso e e masisi thata e bile ke tshiamelo

18, 19. (a) Mafoko a ga Rose le a ga Christopher a bontsha jang gore go kolobediwa ke tshiamelo e e leretseng motho ditshegofatso? (b) O ikutlwa jang ka tshiamelo ya go kolobediwa?

18 Go a bonala gore kolobetso ke tshwetso e e masisi thata. Go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa ke tshiamelo e e seng kana ka sepe. Basha ba ba ratang Jehofa e bile ba tlhaloganya gore boineelo bo kaya eng, ga ba okaoke go ineela mo Modimong le go kolobediwa. Ga ba ikwatlhaele tshwetso ya bone. Rose yo o mo dingwageng tsa bolesome a re: “Ke rata Jehofa e bile ke itumelela go mo direla. Fa go na le sengwe se ke tlhomamisegileng ka sone mo botshelong, ke go kolobediwa.”

19 Christopher yo re buileng ka ene kwa tshimologong ya setlhogo seno, o ikutlwa jang ka tshwetso e a ileng a e dira ya go kolobediwa fa a ne a le dingwaga di le 12? A re o itumelela go bo a ile a dira tshwetso eo. O ile a nna mmulatsela wa ka metlha fa a ne a le dingwaga di le 17 mme a nna motlhanka wa bodiredi fa a le dingwaga di le 18. Gone jaanong o direla kwa Bethele. A re: “Go kolobediwa e ne e le tshwetso e e siameng. Ke itumelela go direla Jehofa le phuthego ya gagwe.” O ka ipaakanya jang fa o batla go kolobediwa? Setlhogo se se latelang se tla araba potso eno.