Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Thusang ka Gone Gore go Nne le Kutlwano mo Phuthegong

Kafa o ka Thusang ka Gone Gore go Nne le Kutlwano mo Phuthegong

“Go tswa mo go ene mmele otlhe, . . .  [o] kopanngwa mmogo ka kutlwano e bile o dirwa gore o dirisane.”—BAEFESO 4:16.

PINA: 53, 107

1. Ke eng se se neng se dira gore ditiro tsa Modimo le tsa batlhanka ba gagwe di atlege fa e sa le go tloga fela kwa tshimologong?

JEHOFA le Jesu ga ba bolo go nna ngata e le nngwe fa e sa le go tloga kwa tshimologong ya popo. Jehofa o ne a bopa Jesu pele a bopa dilo tse dingwe tsotlhe. Go tswa foo, Jesu o ne a bereka ‘fa thoko ga gagwe e le modiri yo o setswerere.’ (Diane 8:30) Batlhanka ba ga Jehofa le bone ba ne ba dirisana mmogo ka kutlwano mo tirong epe fela e ba neng ba e dira. Ka sekai, Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba aga araka mmogo. Moragonyana, Baiseraele ba ne ba dira mmogo go aga motlaagana, go o rutlolola le go o isa kwa o neng o tshwanetse go ya gone. Ba ne ba opela mmogo kwa tempeleng le go letsa diletswa tsa mmino go galaletsa Jehofa ka mmino o o monate. Batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba kgona go dira dilo tseno ka gonne ba ne ba dira mmogo ka kutlwano.—Genesise 6:14-16, 22; Dipalo 4:4-32; 1 Ditiragalo 25:1-8.

2. (a) Ke eng se se neng se tlhomologile ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga? (b) Re tla araba dipotso dife?

2 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba dira mmogo ka kutlwano. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore le fa ba ne ba na le bokgoni jo bo sa tshwaneng, ba ne ba dira mmogo ka kutlwano. Ba ne ba latela Moeteledipele wa bone e bong Jesu Keresete. Paulo o ne a ba tshwantsha le dikarolo tse di farologaneng tsa mmele tse di dirang mmogo. (Bala 1 Bakorintha 12:4-6, 12.) A le rona re ka dira se se tshwanang? Re ka dirisana mmogo jang mo tirong ya go rera, mo phuthegong le mo lelapeng?

GO DIRISANA MMOGO MO TIRONG YA GO RERA

3. Moaposetoloi Johane o ne a bona ponatshegelo ya eng?

3 Moaposetoloi Johane o ne a bona ponatshegelo ya baengele ba le supa ba ba letsang diterompeta. Fa moengele wa botlhano a letsa terompeta ya gagwe, Johane o ne a bona “naledi e e neng e wetse mo lefatsheng e tswa legodimong.” “Naledi” eo e ne ya dirisa selotlolo go bula kgoro ya khuti e e kwa teng e e lefifi. Kwa tshimologong, go ne ga tswa mosi o montsho mme morago ga latela lesogodi la tsie. Go na le gore tsie eno e je ditlhare le dimela, e ne ya tlhasela batho ba ba neng ba ‘sena lotshwao lwa Modimo mo diphatleng tsa bone.’ (Tshenolo 9:1-4) Johane o ne a itse gore lesogodi la tsie le kgona go baka tshenyo e e seng kana ka sepe; le kile la dira jalo kwa Egepeto ka nako ya ga Moshe. (Ekesodo 10:12-15) Lesogodi lono lo Johane a lo boneng lo emela Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba rerang molaetsa o o maatla kgatlhanong le bodumedi jwa maaka. Mme bontsi jwa batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le bone ba ba thusa mo tirong eno. Ba dira mmogo mo tirong ya go rera. Tiro eno e thusitse batho ba le bantsi gore ba tswe mo bodumeding jwa maaka le gore ba se ka ba tlhola ba laolwa ke Satane.

Re kgona go rera mo lefatsheng lotlhe ka gonne re dirisana mmogo sentle

4. Ke tiro efe e batho ba Modimo ba tshwanetseng go e dira, mme ba ka e dira ka tsela efe?

4 Tiro ya rona ke go rera “dikgang tse di molemo” mo lefatsheng lotlhe pele bokhutlo bo tla. Ke namane e tona ya tiro! (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Re tshwanetse go laletsa botlhe ba ba “nyorilweng” gore ba tle go nwa “metsi a botshelo,” ke gore, re tshwanetse go ruta batho ba ba batlang go tlhaloganya Baebele. (Tshenolo 22:17) Mme re ka kgona go dira seo fa fela re “kopanngwa mmogo ka kutlwano” e bile re le seoposengwe.—Baefeso 4:16.

5, 6. Go rera dikgang tse di molemo go re dira seoposengwe jang?

5 Tiro ya rona ya go rera e tshwanetse go dirwa ka thulaganyo gore re kgone go rerela batho ba le bantsi. Kaelo e phuthego ya Modimo e re nayang yone e re thusa go dira jalo. Fa pokano ya tirelo ya tshimo e fela, re ya go bua le batho ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Gape re ba naya le dikgatiso tsa Baebele. Tota e bile, re neile batho dikgatiso tseno di le dimilione go ralala lefatshe. Ka dinako tse dingwe, re nna le seabe mo matsholong a a kgethegileng. Fa re dira jalo, re dira mmogo le Basupi ba bangwe ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba le bone ba rerang ka molaetsa o o tshwanang! Gape re dira mmogo le baengele ba ba thusang batho ba Modimo go rera dikgang tse di molemo.—Tshenolo 14:6.

6 Re itumela thata fa re bala Buka ya Ngwaga mme re bona diphelelo tse di nnang gone ka ntlha ya tiro eno! Gape akanya fela kafa re nnang seoposengwe ka gone le bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe fa re laletsa batho kwa dikopanong tsa rona. Fa re le koo, rotlhe re reetsa tshedimosetso e e tshwanang. Dipuo, diterama le dipontsho tse di dirwang kwa dikopanong tseno, di re kgothaletsa go direla Jehofa ka pelo yotlhe. Gape re dirisana mmogo ka kutlwano le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona fa re nna gone kwa Segopotsong sa ngwaga le ngwaga. (1 Bakorintha 11:23-26) Re nna gone rotlhe ka letsatsi le le tshwanang, ka Nisane 14 fa letsatsi le sena go phirima, go tla go leboga Jehofa ka se a re diretseng sone le go ikobela taelo ya ga Jesu. Mme dibeke di le mmalwa pele ga Segopotso, re dira mmogo go laletsa batho ba le bantsi gore ba nne gone fa re gopola tiragalo eo ya botlhokwa.

7. Ke eng se re kgonang go se fitlhelela fa re dira mmogo?

7 Tsie e le nngwe e ka se fitlhelele go le gontsi. Ka tsela e e tshwanang, motho a le mongwe a ka se rerele batho botlhe. Mme e re ka re dira mmogo, re kgona go bolelela batho ba le bantsi ka Jehofa le go ba thusa go mmaka le go mo tlotla.

GO DIRISANA MMOGO MO PHUTHEGONG

8, 9. (a) Paulo o ne a dirisa sekai sefe go ruta Bakeresete gore ba nne ba le seoposengwe? (b) Re ka dirisana mmogo jang mo phuthegong?

8 Paulo o ne a tlhalosetsa Baefeso kafa phuthego e rulagantsweng ka gone e bile o ne a ba bolelela gore botlhe mo phuthegong ba tshwanetse go ‘gola mo dilong tsotlhe.’ (Bala Baefeso 4:15, 16.) Paulo o ne a tshwantsha phuthego le mmele fa a ne a tlhalosa gore Mokeresete mongwe le mongwe a ka thusa gore phuthego e nne seoposengwe le go latela Moeteledipele wa phuthego e bong Jesu. O ne a re dikarolo tsotlhe tsa mmele di dirisana mmogo “ka lelokololo lengwe le lengwe.” Ka jalo, le fa re ka tswa re le basha kgotsa re le bagolo, re na le botsogo jo bo molemo kgotsa re se na jone, ke eng se mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go se dira?

O ka thusa phuthego jang gore e nne seoposengwe?

9 Jesu o tlhomile bagolwane mo phuthegong gore ba etelele pele e bile o batla gore re ba tlotle le go latela kaelo ya bone. (Bahebera 13:7, 17) Ga se ka dinako tsotlhe go leng motlhofo go dira jalo. Mme gone, re ka kopa Jehofa gore a re thuse. Moya o o boitshepo o ka re thusa gore re latele kaelo epe fela e bagolwane ba re e nayang. Akanya fela kafa re tla thusang phuthego ka gone fa re le boikokobetso e bile re dirisana sentle le bagolwane. Phuthego ya rona e tla kitlana e bile re tla ratana le go feta.

10. Batlhanka ba bodiredi ba thusa jang gore go nne le kutlwano mo phuthegong? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

10 Batlhanka ba bodiredi le bone ba thusa gore go nne le kutlwano mo phuthegong. Ba dira ka natla go thusa bagolwane mme re anaanela tiro ya bone. Ka sekai, ba netefatsa gore go na le dikgatiso tse di lekaneng tse re di tsamaisang mo bodireding e bile ba amogela baeng ba ba tlang kwa dipokanong tsa rona. Gape ba dira ka natla go baakanya Holo ya Bogosi le go tlhomamisa gore e nna e le phepa. Fa re dirisana mmogo le bakaulengwe bano, re tla direla Jehofa re le seoposengwe ka thulaganyo.—Bapisa Ditiro 6:3-6.

11. Basha ba ka thusa jang gore go nne le kutlwano mo phuthegong?

11 Go na le bagolwane ba go fetileng dingwagangwaga ba ntse ba dira ka natla mo phuthegong. Gongwe ga ba tlhole ba kgona go dira jaaka pele ka gonne ba tsofetse. Bakaulengwe ba basha ba ka ba thusa. Fa ba katisitswe sentle, ba ka thusa go sikara maikarabelo a phuthego. Mme fa batlhanka ba bodiredi ba dira ka natla, ba ka tshwanelega go nna bagolwane mo nakong e e tlang. (1 Timotheo 3:1, 10) Bagolwane bangwe ba basha ka dingwaga ba gatetse pele. Ba direla e le balebedi ba potologo e bile ba thusa Bakeresete ba bangwe mo diphuthegong tse dintsi. Re a itumela fa re bona basha ba iketleeleditse go direla bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone.—Bala Pesalema 110:3; Moreri 12:1.

GO DIRISANA MMOGO MO LELAPENG

12, 13. Ke eng se se ka thusang gore lelapa le kgone go dirisa mmogo?

12 Re ka thusa jang ba malapa a rona gore ba dirisane mmogo ka kutlwano? Kobamelo ya lelapa e e tshwarwang beke le beke e ka thusa thata. Fa batsadi le bana ba fetsa nako e ntsi ba ithuta ka Jehofa, ba ratana le go feta. Ba ka dirisa nako eo go ikatisa ka se ba tla se buang fa ba le mo bodireding ka gonne go dira jalo go ba thusa gore ba nne ba ipaakantse. Fa ba utlwa mongwe le mongwe mo lelapeng a bua ka Baebele le go bona tsela e botlhe ba ratang Jehofa ka yone e bile ba batla go mo itumedisa, lelapa le atamalana fela thata.

Fa banyalani ba rata Jehofa e bile ba batla go mo direla ba le mmogo, ba tla itumela e bile lenyalo la bone le tla nonofa

13 Banyalani ba ka dirisana mmogo jang? (Mathaio 19:6) Fa boobabedi ba rata Jehofa e bile ba batla go mo direla ba le mmogo, ba tla itumela e bile lenyalo la bone le tla nonofa. Gape ba tshwanetse go etsa sekao sa ga Aborahame le Sara, Isake le Rebeka, Elekana le Hana ka go bontshana lorato. (Genesise 26:8; 1 Samuele 1:5, 8; 1 Petere 3:5, 6) Fa banyalani ba dira jalo, ba tla dirisana mmogo e bile ba tla atamalana le Jehofa.—Bala Moreri 4:12.

Kobamelo ya lelapa e ka thusa bana le bagolo gore ba atamalane le go feta (Bona serapa 12, 15)

14. Fa molekane wa gago wa lenyalo a sa direle Jehofa, ke eng se o ka se dirang go boloka lenyalo la lona le nonofile?

14 Baebele ya re ga re a tshwanela go nyala motho yo o sa direleng Jehofa. (2 Bakorintha 6:14) Mme go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nyalaneng le motho yo e seng Mosupi wa ga Jehofa. Bangwe ba ile ba ithuta boammaaruri ba setse ba le mo lenyalong mme balekane ba bone ga ba a ka ba nna Basupi. Ba bangwe ba ka tswa ba ile ba nyalana le motlhanka wa ga Jehofa mme motlhanka yoo a bo a tlogela phuthego. Mo maemong ano, Bakeresete ba leka ka natla go boloka manyalo a bone a kitlane ka go ikobela kgakololo ya Baebele. Go dira jalo go ka tswa go se motlhofo. Ka sekai, Mary le David ba ne ba direla Jehofa mmogo. Mme David o ne a tlogela go ya dipokanong. Mary o ne a tswelela a leka go nna mosadi yo o siameng le go bontsha dinonofo tsa Bokeresete. Gape o ne a ruta bana ba bone ba barataro ka Jehofa le go tswelela a ya dipokanong le kwa dikopanong. Morago ga dingwaga, fa bana ba setse ba godile e bile ba tswile mo gae, Mary o ne a tswelela a direla Jehofa tota le fa go ne go le thata. Fa nako e ntse e ya, David o ne a simolola go bala dimakasine tse Mary a neng a tlhola a mo tlogelela tsone. O ne a simolola go ya dipokanong gape. Setlogolwana sa gagwe sa dingwaga di le thataro se ne se tlhola se mmeela setulo mme fa David a sa tla, mosimane yoo o ne a mo raya a re: “Rremogolo ga ke a go bona gompieno kwa dipokanong.” David o ne a boela kwa go Jehofa morago ga dingwaga di le 25 e bile ene le mosadi wa gagwe ba direla Jehofa mmogo ba itumetse.

15. Banyalani ba ba godileng ba ka thusa jang banyalani ba basha?

15 Gone jaanong Satane o tlhasela malapa. Ke ka moo go leng botlhokwa gore banyalani ba dirisane mmogo ka kutlwano. Go sa kgathalesege gore o na le lobaka lo lo kana kang o le mo lenyalong, akanya ka se o ka se dirang go nonotsha lenyalo la gago. Fa e le gore lo banyalani ba ba godileng, tlhomelang banyalani ba basha sekao se se molemo. Gongwe lo ka laletsa banyalani ba basha go nna mmogo le lona ka nako ya kobamelo ya lelapa. Ba tla bona gore go sa kgathalesege gore motho o na le lobaka lo lo kana kang a le mo lenyalong, a ka bontsha molekane wa gagwe lorato le go dirisana sentle le ene.—Tito 2:3-7.

“A RE TLHATLOGELENG KWA THABENG YA GA JEHOFA”

16, 17. Batho ba Modimo ba ba seoposengwe ba lebile pele go bona eng?

16 Baiseraele ba ne ba dirisana mmogo fa ba ne ba ya meletlong kwa Jerusalema. Ba ne ba rulaganya dilo tse ba tla di tlhokang mo loetong loo. Go tswa foo, ba ne ba tsamaya mmogo e bile ba thusana. Fa ba le kwa tempeleng, ba ne ba galaletsa Jehofa le go mo obamela ba le seoposengwe. (Luke 2:41-44) Fa re ntse re ipaakanyetsa go tshela mo lefatsheng le lesha, re tlhoka go tshela ka kutlwano le go dirisana mmogo. A o ka akanya ka ditsela tse re ka dirang seo ka tsone?

17 Batho ba lefatshe leno ba ganetsana ka dilo tse dintsi e bile ba a lwa. Mme rona re leboga go bo Jehofa a re thusa go itse boammaaruri le go tshedisana ka kagiso! Batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe ba mo obamela ka tsela e a e batlang. Mme ba seoposengwe thata segolobogolo mo malatsing ano a bofelo. Fela jaaka Isaia le Mika ba ile ba porofeta, re ya kwa “thabeng ya ga Jehofa” mmogo. (Isaia 2:2-4; bala Mika 4:2-4.) A bo re tla itumela jang ne mo isagweng fa batho botlhe mo lefatsheng ba tla bo ba ‘kopane mmogo ka kutlwano’ e bile ba dirisana mmogo go obamela Jehofa!