Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leka go tlhaloganya gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba tlhoka go thusiwa ka eng, e ka tswa e le dilo tse ba di tlhokang, go gomodiwa kgotsa go kgothadiwa ka Baebele

A o Ka Thusa mo Phuthegong ya Lona?

A o Ka Thusa mo Phuthegong ya Lona?

PELE Jesu a boela kwa legodimong, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Ba ne ba tla kgona jang go rera mo lefatsheng lotlhe?

Porofesa Martin Goodman wa Yunibesiti ya Oxford a re: “Bakeresete ba farologane le madumedi a mangwe go akaretsa le Bajuda ba motlha wa puso ya bogologolo ya Roma, ka gonne fa ba dira selo, ba se dira ka pelo yotlhe.” Jesu o ne a rera mo mafelong a a farologaneng. Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tshwanelwa ke go latela sekao sa gagwe le go rera “dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo” gongwe le gongwe. Ba ne ba tshwanetse go senka batho ba ba batlang go itse boammaaruri. (Luke 4:43) Ke gone ka moo bogologolo go neng go na le “baaposetoloi,” e leng lefoko le le kayang batho ba ba rometsweng go ya go dira sengwe. (Mareko 3:14) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.”—Mathaio 28:18-20.

Baaposetoloi ba le 12 ba ga Jesu ga ba tlhole ba le teng mo lefatsheng mme gone, batlhanka ba ga Jehofa ba latela sekao sa bone mo bodireding. Fa ba lalediwa go ya go rera kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone, ba re: “Ke fano! Roma nna.” (Isaia 6:8) Baboledi bangwe ba ba ileng ba aloga kwa Sekolong sa Gileade ba ile ba fudugela kwa dinageng tse di kgakala. Bangwe ba ne ba fudugela kwa mafelong mangwe mo nageng ya bone. Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ile ba ithuta puo e sele gore ba kgone go thusa phuthego kgotsa setlhopha se se buang puo eo. Le fa go ne go se motlhofo, bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ne ba ikemiseditse go intsha setlhabelo go bontsha gore ba rata Jehofa le batho. Ka jalo, ba ne ba rulaganya dilo tsa bone sentle mme ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go ya go rera kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone. (Luke 14:28-30) Ruri se bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba se dirang se botlhokwa thata.

Bontsi jwa rona ga re kgone go ya kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone kgotsa go ithuta puo e sele. Le fa go ntse jalo, rotlhe re ka nna barongwa mo diphuthegong tsa rona.

NNA MORONGWA MO PHUTHEGONG E O LENG MO GO YONE

Thusa ba bangwe . . . 

Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhagafetse mo tirong ya go rera le fa bontsi jwa bone ba ne ba nna kwa mafelong a ba tsholetsweng kwa go one e bile e se barongwa. Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.” (2 Timotheo 4:5) Le rona mafoko ano a a re ama. Bakeresete botlhe ba tshwanetse go ikobela taelo ya go rera molaetsa wa Bogosi le go dira batho barutwa. Go na le ditsela di le dintsi tse re ka nnang barongwa ka tsone mo phuthegong ya rona.

Ka sekai, fa barongwa ba fudugela kwa nageng e nngwe, ba tshwanetse go tlwaela mafulo. Le fa rona re sa kgone go fudugela kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone, a re ka bona ditsela tse disha tsa go rerela batho? Ka sekai, ka 1940, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba kgothalediwa go ya bodireding jwa mmila gangwe ka beke. A o kile wa leka go ya bodireding jwa mmila? A o kile wa dirisa kolotsana ya go bontsha dikgatiso? Sa botlhokwa ke gore, a o ikemiseditse go leka ditsela tse disha tsa go rera dikgang tse di molemo?

ka go ba kgothaletsa go “dira tiro ya moefangele”

Fa o leba dilo ka tsela e e siameng, o tla tlhagafalela go rera. Gantsi bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba fudugelang kwa go nang le tlhokego gone kgotsa ba ba ithutang puo e sele, ke baboledi ba ba tshwanelegang e bile ba kgona go thusa phuthego. Ka sekai, ba etelela pele mo tirong ya go rera. Gantsi barongwa le bone ba etelela pele mo phuthegong go fitlha bakaulengwe ba mo lefelong leo ba tshwanelega go dira jalo. Fa o le mokaulengwe yo o kolobeditsweng, a o a ‘kgaratlha,’ ke gore, a o ikemiseditse go direla mo phuthegong o le motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane?—1 Timotheo 3:1.

NONOTSHA BAKAULENGWE BA GAGO

ka go ba thusa ka se ba se tlhokang

Gape re ka thusa Bakeresete ka rona ka ditsela tse di farologaneng. Rotlhe re kgona go nonotsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.—Bakolosa 4:11.

Fa re batla go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi, re tshwanetse go ba itse sentle. Baebele e re kgothaletsa gore re ‘akanyetsane’ le go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ka dilo tse ba di tlhokang. (Bahebera 10:24) Seno ga se reye gore re tshwanetse go itshunya nko mo dikgannyeng tsa ba bangwe. Go na le moo, re tshwanetse go leka go tlhaloganya bakaulengwe le bokgaitsadi le go itse se ba se tlhokang. Ba ka tswa ba tlhoka gore re ba thuse ka sengwe, re ba gomotse kgotsa re ba kgothatse re dirisa Baebele. Gone ke boammaaruri gore mo maemong a mangwe, ke bagolwane le batlhanka ba bodiredi fela ba ka kgonang go ba thusa. (Bagalatia 6:1) Mme gone, rotlhe re ka kgona go thusa bagodi kgotsa malapa otlhe a a nang le mathata.

ka go ba gomotsa fa ba na le mathata

Salvatore le ene o ile a thusiwa. O ne a patelesega go rekisa kgwebo ya gagwe, ntlo le dithoto tse dingwe tse dintsi ka gonne a se na madi. O ne a tshwenyegile thata ka ba lelapa la gagwe. Lelapa lengwe mo phuthegong le ne la bona gore ba lelapa la gagwe ba tlhoka thuso. Lelapa leo le ne la naya Salvatore madi mme la thusa ene le mosadi wa gagwe go bona tiro. Gape ba ne ba itisa le bone maitseboa e bile ba ba reetsa le go ba kgothatsa. Ba ne ba nna ditsala tse di molemo. Gone jaanong malapa ano a a itumela fa a akanya ka nako ya fa ba ne ba itumelela go nna mmogo fa go ne go le thata.

Bakeresete ba boammaaruri ga ba okaoke go bolelela ba bangwe se ba se dumelang. Re tshwanetse go etsa Jesu mme re bolelele batho botlhe ka ditsholofetso tse di molemo tsa Modimo. Le fa re ka tswa re kgona go fuduga kgotsa re sa kgone, rotlhe re ka dira se re ka se kgonang go thusa mo phuthegong e re leng mo go yone. (Bagalatia 6:10) Fa re thusa ba bangwe, re tla itumela e bile re tla ‘tswelela re ungwa maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo.’—Bakolosa 1:10; Ditiro 20:35.