Bontsha Tumelo—Dira Ditshwetso Tse di Siameng!
‘Nna o kope ka tumelo, o sa belaele ka gope.’—JAK. 1:6.
PINA: 81, 70
1. Ke eng se se dirileng gore Kaine a dire tshwetso e e sa siamang, mme go ne ga nna le diphelelo dife?
KAINE o ne a tshwanetse go itirela tshwetso, o ne a tshwanetse go tlhopha gore a o tla laola maikutlo a gagwe kgotsa o tla a letla gore a mo laole. Go sa kgathalasege gore o tlhopha eng, o ne a tla tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tsa tshwetso e a neng a tla e dira. Kaine ga a ka a dira tshwetso e e siameng. Tshwetso ya gagwe e ne ya dira gore monnawe yo o ikanyegang e bong Abele a swe. Mo godimo ga moo, tshwetso ya gagwe e ile ya senya kamano e a neng a na le yone le Mmopi wa gagwe.—Gen. 4:3-16.
2. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne le bokgoni jwa go dira ditshwetso tse di siameng?
2 Le rona re tlhoka go dira ditshwetso mo botshelong. Mme gone, ga se gore ditshwetso tsotlhe tse re di dirang di masisi go le kalo. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa tsone di ka re ama fela thata. Ka jalo, fa re kgona go dira ditshwetso tse di siameng, seno se tla re thusa go tila mathata a le mantsi e bile re tla tshela monate ka kagiso.—Dia. 14:8.
3. (a) Fa re batla go dira ditshwetso tse di siameng, re tshwanetse go dumela eng? (b) Re tla sekaseka dipotso dife mo setlhogong seno?
3 Ke eng se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng? Jakobe 1:5-8.) Fa re ntse re atamalana le Modimo e bile re rata Lefoko la gagwe, re tla lemoga gore ka metlha kaelo ya gagwe e re solegela molemo. Seno se tla dira gore re itlwaetse go batla kaelo mo Lefokong la Modimo pele re dira ditshwetso. Mme gone, re ka tokafatsa jang tsela e re dirang ditshwetso ka yone? Fa re dirile tshwetso, a seno se raya gore re ka se e fetole?
Re tlhoka go nna le tumelo mo Modimong le go dumela gore a ka kgona go re thusa gore re nne botlhale. Gape re tlhoka go ikaega ka Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng re tlhomamisegile gore le tla re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. (BalaRE TSHWANETSE GO DIRA DITSHWETSO
4. Adame o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso efe, mme go ne ga nna le diphelelo dife?
4 Fa e sa le go tloga kwa tshimologong, batho ba ile ba dira ditshwetso tsa botlhokwa mo botshelong. Ka sekai, Adame o ne a tshwanetse go tlhopha gore a o tla reetsa Mmopi wa gagwe kgotsa mosadi wa gagwe. O ile a dira tshwetso, mme gone, o akanyang ka tshwetso eo? O ne a tlhopha go reetsa mosadi wa gagwe mme ka ntlha ya seo, o ne a kobiwa mo Paradaiseng a bo a feleletsa a tlhokafetse. Mme ga go a felela foo, le gompieno re sa ntse re lebana le ditlamorago tse di botlhoko tsa tshwetso ya ga Adame.
5. Ke eng fa re tshwanetse go dirisa kgololesego ya rona ya go itlhophela?
5 Bangwe ba akanya gore botshelo bo ka bo bo le motlhofo tota fa re ka bo re sa tlhoke go dira ditshwetso, a le wena o akanya jalo? Gopola gore Jehofa ga a bopa batho gore ba tshwane le diroboto, ba sa kgone go akanya le go itirela ditshwetso. Baebele e re ruta kafa re ka dirang ditshwetso tse di siameng ka gone. Jehofa o re neile boikarabelo jwa go itirela ditshwetso, mme gone, seno ga se reye gore re sweletse. Ke eng fa re rialo? Akanya ka dikai tse di latelang.
6, 7. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go dira tshwetso efe, mme ke eng fa go ne go se motlhofo gore ba dire tshwetso e e siameng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
6 Fa Baiseraele ba ne ba nna kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ne ba tshwanetse go dira tshwetso e e botlhokwa tota ya gore a ba tla obamela Jehofa kgotsa medimo e mengwe. (Bala Joshua 24:15.) Go ka bonala e ne e le tshwetso e e motlhofo. Le fa go ntse jalo, tshwetso ya bone e ne e le botlhokwa tota. Ka nako ya Baatlhodi, gangwe le gape Baiseraele ba ne ba dira ditshwetso tse di sa siamang. Ba ne ba tlhanogela Jehofa mme ba obamela medimo ya maaka. (Baatlh. 2:3, 11-23) Gape akanya ka se se neng sa direga fa batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go dira tshwetso ka motlha wa ga moporofeti Elija. Moporofeti yono o ne a ba bolelela gore ba na le ditlhopho tse pedi: Go direla Jehofa kgotsa modimo wa maaka e bong Baale. (1 Dikg. 18:21) Elija o ne a ba kgala ka gonne ba ne ba palelwa ke go dira tshwetso. O ka nna wa bo o akanya gore eo e ne e le tshwetso e e motlhofo ka gonne go direla Jehofa go re solegela molemo ka metlha. Tota e bile, go ne go ka se kgonege gore motho yo o akanyang sentle a obamele Baale. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba “okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng.” Ka jalo, Elija o ne a ba kgothaletsa gore ba obamele Jehofa.
7 Ke eng fa go ne go le thata gore Baiseraele ba dire tshwetso e e siameng? Sa ntlha, ba ne ba sa tlhole ba dumela mo go Jehofa e bile ba ne ba gana go reetsa kaelo ya gagwe. Ga ba a ka ba ipha nako ya go ithuta ka Jehofa le ka botlhale jwa gagwe e bile ba ne ba sa mo ikanye. Fa ba ka bo ba ile ba dira jalo, seo se ne se tla dira gore ba kgone go dira ditshwetso tse di siameng. (Pes. 25:12) Sa bobedi, ba ne ba letla batho ba bangwe gore ba ba direle ditshwetso. Baiseraele ba ile ba itetla go tlhotlhelediwa ke batho ba mo lefelong leo ba ba neng ba sa obamele Jehofa, mme seo se ne sa dira gore ba feleletse ba obamela medimo ya maaka. Jehofa o ne a ba tlhagisitse gore seo se ka direga.—Ekes. 23:2.
A BATHO BA BANGWE BA TSHWANETSE GO RE DIRELA DITSHWETSO?
8. Kgang ya Baiseraele e re ruta eng ka go dira ditshwetso?
8 Dikai tse re buileng ka tsone di re ruta thuto ya botlhokwa. Rotlhe re tshwanetse go itirela ditshwetso, mme fa re batla go dira ditshwetso tse di siameng le tse di botlhale, re tshwanetse go letla Lefoko la Modimo gore le re kaele. Bagalatia 6:5 e re gopotsa seno: “Mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.” Ga re a tshwanela go rwesa ope maikarabelo a go re direla ditshwetso. Go na le moo, re tshwanetse go ithuta gore Modimo o batla gore re dire eng, re bo re se dira.
9. Ke eng fa go le kotsi go letla batho ba bangwe gore ba re direle ditshwetso?
9 Re ka wela jang mo kotsing ya go letla ba bangwe gore ba re direle ditshwetso? Kgatelelo ya balekane e ka dira gore re dire ditshwetso tse di sa siamang. (Dia. 1:10, 15) Mme gone, le fa ba bangwe ba ka leka go re gatelela, re tshwanetse go reetsa segakolodi sa rona se se thapisitsweng ka Baebele. Tota fa re letla ba bangwe ba re direla ditshwetso, re a bo re tlhopha go ‘tsamaya le bone,’ mme seno se ka felela ka matlhotlhapelo.
10. Paulo o ne a tshwanelwa ke go tlhagisa Bagalatia ka eng?
10 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bagalatia ka kotsi ya go letla batho ba bangwe gore ba ba direle ditshwetso. (Bala Bagalatia 4:17.) Bangwe mo phuthegong ba ne ba batla go direla ba bangwe ditshwetso. Ka ntlha yang? Ba ne ba batla gore batho bao ba se ka ba latela kaelo ya baaposetoloi. Batho bano ba ba pelotshetlha ba ne ba ipatlela maemo. Ba ne ba ipagololela mogodu e bile ba ne ba sa tlotle tshwanelo ya Bakeresete ba bangwe ya go itirela ditshwetso.
11. Re ka thusa ba bangwe jang fa ba itirela ditshwetso?
11 Paulo o ne a itse gore Bakeresetemmogo le ene ba ne ba na le tshwanelo ya go itirela ditshwetso, mme re ka latela sekao sa gagwe se se molemo. (Bala 2 Bakorintha 1:24.) Bagolwane ba tshwanetse go latela sekao sa ga Paulo fa ba naya Bakeresete kgakololo e e malebana le dilo tsa botho. Bagolwane ba itumelela go dirisa Baebele go kaela maloko a phuthego, mme gone, ba tlhomamisa gore ga ba direle ope tshwetso. Seno se a utlwala ka gonne mongwe le mongwe o tshwanetse go rwala maikarabelo a ditshwetso tse a di dirang. Kgang ya botlhokwa ke eno: Re ka bontsha gore re kgatlhegela ba bangwe fa re ba gopotsa melaometheo kgotsa kgakololo ya Dikwalo. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itirela ditshwetso. Fa mongwe le mongwe a kgona go itirela ditshwetso tse di siameng, o tla solegelwa molemo. Ka jalo, ga re a tshwanela go akanya gore re na le tetla ya go direla Bakeresetemmogo le rona ditshwetso.
O SE KA WA DIRA DITSHWETSO O TSEEGILE MAIKUTLO
12, 13. Ke eng fa go le kotsi go dira ditshwetso re galefile kgotsa re kgobegile marapo?
12 Go tlwaelegile gore batho ba bue jaana: Dira se pelo ya gago e se batlang. Mme go dira seo go ka nna kotsi. Fa re ka dira jalo re tla bo re sa latele kaelo ya Baebele ka gonne ya re re se ka ra letla dipelo tsa rona kgotsa tsela e re ikutlwang ka yone gore e laole ditshwetso tse re di dirang. (Dia. 28:26) Mo godimo ga moo, Baebele e na le dipego tse di bontshang gore fa motho a dira se pelo ya gagwe e se batlang go nna le ditlamorago tse di botlhoko. Bothata ke gore batho ga ba itekanela e bile “pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jer. 3:17; 13:10; 17:9; 1 Dikg. 11:9) Ka jalo, go ka direga eng fa re ka dira se re se batlang?
13 Pelo e botlhokwa ka gonne re tshwanetse go rata Jehofa ka pelo ya rona yotlhe le go rata baagelani ba rona jaaka re ithata. (Math. 22:37-39) Mme ditemana tse di umakilweng mo serapeng se se fetileng di bontsha gore go kotsi go letla maikutlo a rona gore a re laole. Ka sekai, go ka direga eng fa re ka dira ditshwetso re galefile? Re ka tswa re itse karabo fa e le gore re kile ra dira jalo mo nakong e e fetileng. (Dia. 14:17; 29:22) A re ka kgona go dira ditshwetso tse di siameng fa re kgobegile marapo? (Dipa. 32:6-12; Dia. 24:10) Gopola gore Lefoko la Modimo la re go botlhale go nna “motlhanka wa molao wa Modimo.” (Bar. 7:25) Fa re ka dira ditshwetso tsa botlhokwa re tseegile maikutlo, ga go pelaelo gore re ka se dire ditshwetso tse di siameng.
FA RE TLHOKA GO FETOLA DITSHWETSO TSA RONA
14. Ke eng fa ka dinako dingwe go siame go fetola ditshwetso tse re di dirileng?
14 Re tshwanetse go dira ditshwetso tse di siameng. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore fa re dirile tshwetso, ga re ka ke ra e fetola. Ka dinako tse dingwe re tlhoka go akanya gape ka ditshwetso tse re di dirileng re bo re di fetola. Akanya ka tsela e Jehofa a ileng a dirisana le Baninife ka gone ka motlha wa ga Jona. Baebele ya re: “Mme Modimo wa boammaaruri a bona ditiro tsa bone, gore ba ne ba boetse morago ba dule mo tseleng ya bone e e bosula; ka jalo Modimo wa boammaaruri a ikwatlhaela masetlapelo a a neng a buile gore o tla a ba tlisetsa; mme a se ka a a tlisa.” (Jona 3:10) Fa Jehofa a ne a lemoga gore Baninife ba ne ba ikwatlhaetse ditiro tsa bone, o ne a fetola tshwetso ya gagwe. Ka go dira jalo o ne a bontsha gore o tekatekano, o boikokobetso e bile o kutlwelobotlhoko. Mo godimo ga moo, go farologana le batho ba gantsi ba dirang ditshwetso ba tseegile maikutlo, Modimo ga a dire ditshwetso ka gonne sengwe se dirile gore a galefe.
15. Ke eng se se ka dirang gore re fetole tshwetso e re e dirileng?
15 Ka dinako dingwe, go tla bo go le molemo gore re akanye gape ka tshwetso nngwe e re e dirileng. Re ka nna ra tlhoka go dira jalo fa maemo a fetoga. Ka dinako dingwe, Jehofa o ne a fetola ditshwetso tsa gagwe ka gonne 1 Dikg. 21:20, 21, 27-29; 2 Dikg. 20:1-5) Gape re ka nna ra fetola tshwetso ya rona fa re newa tshedimosetso nngwe e e bontshang gore re tlhoka go dira jalo. Kgosi Dafide o ne a newa tshedimosetso e e phoso ka setlogolo sa ga Saulo e bong Mefiboshethe. Moragonyana Dafide o ne a newa tshedimosetso e e siameng mme a fetola tshwetso ya gagwe. (2 Sam. 16:3, 4; 19:24-29) Ka dinako dingwe go ka nna molemo gore le rona re dire se se tshwanang.
maemo a ne a fetogile. (16. (a) Ke eng se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di molemo? (b) Re tshwanetse go dira eng fa re tshwanelwa ke go fetola tshwetso e re setseng re e dirile, mme ka ntlha yang?
16 E re ka lepotlapotla le ja podi, Baebele e re kgothaletsa gore re se ka ra itlhaganela fa re dira ditshwetso tsa botlhokwa. (Dia. 21:5) Ga go pelaelo gore re tla dira ditshwetso tse di siameng fa re ipha nako ya go sekaseka dintlha tse di malebana le ditshwetso tsa rona. (1 Bathes. 5:21) Banna ba ba nang le malapa ba tshwanetse go ipha nako ya go dira dipatlisiso mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa rona, gape ba tshwanetse go akanyetsa maikutlo a ba bangwe mo lelapeng pele ba dira ditshwetso. Gopola gore Modimo o ne a raya Aborahame a re a reetse mosadi wa gagwe. (Gen. 21:9-12) Bagolwane le bone ba tshwanetse go ipha nako ya go dira dipatlisiso. Fa e le gore ba tekatekano e bile ba boikokobetso, ga ba kitla ba tshaba gore maloko a phuthego ga a kitla a tlhola a ba tlotla fa ba ka fetola tshwetso nngwe e ba neng ba e dirile. Fa go tlhaga tshedimosetso nngwe e e bontshang gore ba tlhoka go fetola tshwetso e ba neng ba e dirile mo nakong e e fetileng, ba tshwanetse go dira jalo. Ba tshwanetse go iketleeletsa go fetola tsela e ba lebang dilo ka yone le ditshwetso tsa bone fa go tlhokega mme go tla bo go le molemo gore le rona re dire jalo. Seno se ka dira gore go nne le kagiso le thulaganyo mo phuthegong.—Dit. 6:1-4.
DIRAGATSA DITSHWETSO TSE O DI DIRILENG
17. Re ka tokafatsa jang tsela e re dirang ditshwetso ka yone?
17 Ditshwetso dingwe di botlhokwa go feta tse dingwe. Re tshwanetse go ipha nako e e oketsegileng ya go akanya le go rapela fa re dira ditshwetso tse di masisi. Bakeresete bangwe ba lebana le tshwetso ya gore a ke ka ba tsene mo lenyalong, le gore ba tla nyala kgotsa ba tla nyalwa ke mang. Tshwetso e nngwe ya botlhokwa e e ka dirang gore Mokeresete a bone masego a mantsi ke ya gore a ke ka a tsenele tirelo ya nako e e tletseng le gore a simolole leng. Fa Mokeresete a dira ditshwetso tseno, o tshwanetse go tlhomamisega gore Jehofa o tla mo kaela go dira tshwetso e e siameng. (Dia. 1:5) Ka jalo go botlhokwa gore fa re dira ditshwetso, re kope Jehofa gore a re thuse e bile re batle kaelo mo Lefokong la gagwe. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go gopola gore Jehofa a ka re thusa gore re nne le dinonofo tse di tlhokegang gore re dire ditshwetso tse di dumalanang le thato ya gagwe. Ka metlha fa o dira ditshwetso tse di botlhokwa ipotse jaana: ‘A tshwetso e ke e dirang e bontsha gore ke rata Jehofa? A e tla dira gore ba lelapa la me ba itumele e bile ba nne le kagiso? A e tla bontsha gore ke pelotelele e bile ke pelonomi?’
18. Goreng Jehofa a batla gore re itirele ditshwetso?
18 Jehofa ga a re pateletse gore re mo rate le gore re mo direle. Re tshwanetse go itlhophela. E re ka a re neile kgololesego ya go itlhophela, o tlotla tshwanelo e re nang le yone ya go ‘itlhophela’ gore a re tla mo direla kgotsa jang. (Josh. 24:15; Mor. 5:4) Mme gone, o batla gore re dirise kaelo ya gagwe fa re dira ditshwetso, go tswa foo re bo re diragatsa ditshwetso tse re di dirileng. Fa re ikanya tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone le melaometheo e a re neileng yone, re ka kgona go dira ditshwetso tse di molemo le go bontsha gore re nitame mo ditseleng tsotlhe tsa rona.—Jak. 1:5-8; 4:8.