TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG March 2018

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tsa April 30 go ya go June 3, 2018.

Bakeresete ba Tshwanetse go Kolobediwa

Baebele ya reng ka kolobetso? Motho o tshwanetse go dira eng pele a kolobediwa? Ke eng fa Mokeresete a tshwanetse go thusa bana ba gagwe kgotsa baithuti ba gagwe ba Baebele gore ba tlhaloganye botlhokwa jwa kolobetso?

Batsadi, Thusang Bana ba Lona go Gatela Pele le go Kolobediwa

Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisa eng pele bana ba bone ba kolobediwa?

DIPOTSO TSE DI TSWANG KWA BABADING

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa di bontsha moaposetoloi Paulo a se na moriri kgotsa a na le lefatla?

Go Amogela Baeng go Botlhokwa!

Ke eng fa Dikwalo di kgothaletsa Bakeresete gore ba amogele baeng? Re na le ditshono dife tsa go amogela baeng? Re ka tila jang dilo tse di ka dirang gore re se ka ra amogela baeng?

PEGO YA BOTSHELO

Jehofa ga a Ise A ko A Ntshwabise!

Erika Nöhrer Bright o ne a nna mmulatsela wa ka metlha, yo o kgethegileng le morongwa. O tlhalosa kafa Modimo a ileng a mo thusa ka gone fa a ntse a mo direla.

Kotlhao e Bontsha Gore Modimo O a Re Rata

Re ka ithuta eng mo bathong ba Modimo a ileng a ba otlhaya mo nakong e e fetileng? Fa re kgalema ba bangwe, re ka etsa sekao sa ga Jehofa jang?

‘Reetsa Kotlhao Mme o Tlhalefe’

Jehofa o re ruta jang gore re ikgalemele? Re ka solegelwa molemo jang ke kotlhao e re e newang mo phuthegong ya Bokeresete?