Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Amogela Baeng go Botlhokwa!

Go Amogela Baeng go Botlhokwa!

“Bontshanang moya wa go tshola baeng lo sa ngongorege.”—1 PET. 4:9.

PINA: 124, 119

1. Bakeresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ile ba lebana le maemo afe?

NAKO nngwe mo gare ga ngwaga wa 62 le wa 64, moaposetoloi Petere o ne a kwalela “baagi ba nakwana ba ba falaletseng kwa Ponto, Galatia, Kapadokia, Asia, le Bithinia.” (1 Pet. 1:1) Diphuthego tseno tsa kwa Asia Minor di ne di na le batho ba ditso tse di farologaneng mme ba ne ba tlhoka go kgothadiwa le go newa kaelo. Ba ne ba ganediwa e bile ba kgobiwa ka mafoko. Ba ne ba lebana le diteko tse di boima e bile ba tshela mo maemong a a kotsi. Petere o ne a kwala jaana: “Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse.” Bokhutlo bo ile jwa tla dingwaga di le mmalwa moragonyana fa Jerusalema e ne e senngwa. Ke eng se se neng se ka thusa Bakeresete go itshokela maemo ao a a thata?—1 Pet. 4:4, 7, 12.

2, 3. Ke eng fa Petere a ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba amogele baeng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

2 Petere o ne a raya bakaulengwe a re: “Bontshanang moya wa go tshola baeng.” (1 Pet. 4:9) Ka Segerika, mafoko a a reng “go tshola baeng,” a kaya go rata batho ba o sa ba tlwaelang. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Petere o ne a kgothaletsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba ‘bontshane moya wa go tshola baeng,’ le fa gone ba ne ba itsane. Go amogela baeng go ne go tla ba thusa jang?

3 Go ne go tla dira gore ba atamalane. Gotweng ka wena? A mongwe o kile a go laletsa kwa lapeng la gagwe? A ga wa ka wa itumelela go fetsa nako le lelapa la gagwe? Fa o ne o laleditse bangwe ba phuthego ya gago, a ga wa ka wa itumelela botsala le bone? Fa re amogela baeng, re kgona go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona botoka. Bakeresete ba ba neng ba tshela ka motlha wa ga Petere ba ne ba tlhoka go atamalana thata fa maemo a ntse a senyegela pele. E re ka re tshela “mo metlheng ya bofelo,” le rona re tlhoka go dira jalo.—2 Tim. 3:1.

4. Re tla sekaseka dipotso dife mo setlhogong seno?

4 Re ka amogela baeng ka ditsela dife? Re ka tila jang dilo tse di ka re thibelang go amogela baeng? Ke eng se se ka re thusang go nna baeng ba ba molemo?

DITSELA TSA GO AMOGELA BAENG

5. Re ka amogela baeng jang kwa dipokanong?

5 Dipokano: Re amogela baeng botlhe ba ba tlileng dipokanong tsa rona go tla go ithuta Lefoko la Modimo. Re ka tshwantsha Jehofa le phuthego ya gagwe le beng ba ntlo. (Bar. 15:7) Fa batho ba basha ba tla dipokanong, re thusa Jehofa le phuthego ya gagwe ka go ba amogela. Re tshwanetse go ba amogela le fa ba ka tswa ba sa apara sentle. (Jak. 2:1-4) Fa o lemoga gore moeng mongwe o dutse a le nosi, mo kope gore a tle go nna le wena. A ka itumela fa o ka mo thusa go tsamaisana le thulaganyo le fa o mo thusa go bona ditemana tse di balwang. Eno ke tsela e e molemo ya go ‘latela mokgwa wa go tshola baeng.’—Bar. 12:13.

6. Re tshwanetse go laletsa bomang kwa magaeng a rona?

6 Dijo tse di motlhofo: Mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, go amogela baeng go ne go akaretsa go ba laletsa kwa legaeng la gago le go ba direla dijo. (Gen. 18:1-8; Baatlh. 13:15; Luke 24:28-30) Go laletsa motho go tla go ja mmogo le wena go ne go bontsha gore o batla go nna tsala ya gagwe le go agisana le ene. Re ka simolola ka go laletsa bomang? Batho ba re tlwaelaneng le bone, e leng bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong. Fa mathata a tlhaga, re a go tlhoka go thusana. Gore re kgone go dira jalo, go tlhokega gore re bo re utlwana e bile re tshedisana ka kagiso. Ka 2011, Setlhopha se se Laolang se ile sa fetola nako e go tshwarwang Thuto ya Tora ya Tebelo kwa Bethele ya kwa United States go tswa go 6:45 go ya go 6:15 maitseboa. Ka ntlha yang? Kitsiso e ne e tlhalosa gore ba le bantsi ba tla nna le nako ya go etelana fa pokano eno e tswa ka bonako. Diofisi tse dingwe tsa makala di ile tsa dira se se tshwanang. Thulaganyo eno e dirile gore maloko a Bethele a atamalane le go feta.

7, 8. Re ka bontsha jang gore re amogela bakaulengwe ba ba tlileng go neela dipuo?

7 Go etelwa ke bakaulengwe ba ba tlang go neela dipuo tsa phatlalatsa, balebedi ba potologo le baemedi ba ba tswang kwa ofising ya lekala go re naya ditshono tsa gore re ba amogele. (Bala 3 Johane 5-8.) Go ba laletsa go tla go ja dijo le rona, le fa e le tse di motlhoswana, ke tsela e e molemo ya go amogela baeng. A le wena o ka dira jalo?

8 Kgaitsadi mongwe wa kwa United States a re: “Go fetile dingwaga di le mmalwa nna le monna wa me re amogela bakaulengwe ba ba tlileng go neela dipuo le basadi ba bone. Nako le nako fa re ba amogela mo legaeng la rona, go a itumedisa mme sa botlhokwa le go feta, go dira gore tumelo ya rona e nonofe. Ga re ikwatlhaele go bo re ile ra dira jalo.”

9, 10. (a) Ke bomang ba ba ka tlhokang go nna le rona lobaka lo loleele? (b) A batho ba ba nang le matlo a mannye ba ka kgona go thusa? Naya sekai.

9 Baeng ba ba nnang nako e e telele: Mo motlheng wa Baebele, go amogela baeng go ne go akaretsa go naya baeng marobalo. (Jobe 31:32; File. 22) Le rona re tlhoka go dira jalo. Balebedi ba potologo ba tlhoka marobalo fa ba etetse diphuthego. Bakaulengwe ba ba ileng dikolong tsa puso ya Modimo le baithaopi ba ba agang diholo, le bone ba tlhoka marobalo. Morago ga masetlapelo a tlholego, malapa mangwe a ka sala a se na magae mme ba tlhoka kwa ba tla nnang teng go fitlha matlo a bone a baakanngwa. Ga re a tshwanela go akanya gore batho ba ba nang le matlo a mantle a a bulegileng ke bone fela ba ka thusang; ba ka tswa ba setse ba dirile jalo makgetlo a le mantsi. A o ka thusa ka go amogela baeng kwa legaeng la gago le fa ntlo ya gago e ka tswa e le nnye?

10 Mokaulengwe mongwe kwa Korea Borwa o gakologelwa nako ya fa a ne a amogela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba tlile mo dikolong tsa puso ya Modimo. A re: “Kwa tshimologong ke ne ke okaoka ka gonne re ne re sa tswa go nyalana e bile re nna mo ntlong e nnye. Mme go amogela bakaulengwe le bokgaitsadi bano, go ne go itumedisa tota. Re ile ra bona gore fa banyalani ba direla Jehofa e bile ba ipeela mekgele mo tirelong ya gagwe, seno se dira gore ba itumele.”

11. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go amogela bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha mo phuthegong?

11 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha mo phuthegong: Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ka fudugela mo lefelong la lona. Bangwe ba ka tswa ba tlile go direla mo go nang le tlhokego gone. Babulatsela bangwe ba ka tswa ba tlile go thusa mo phuthegong ya lona. Kwa tshimologong, ba ka tswa ba sa phuthologa ka gonne ba le mo lefelong le lesha, ba le mo phuthegong e ntšha kgotsa gongwe e le ka gonne ba tshwanelwa ke go ithuta puo le setso se sesha. Fa o ba laletsa go tla go ja le wena kgotsa o ya go iphokisa phefo le bone, seo se ka ba thusa gore ba nne le ditsala tse disha le gore ba tlwaele lefelo la lona.

12. Ke maitemogelo afe a a bontshang gore ga re tlhoke go dira dilo tse dintsi gore re amogele baeng?

12 Ga o tlhoke go dira dilo tse dintsi gore o amogele baeng. (Bala Luke 10:41, 42.) Mokaulengwe mongwe o ne a bua jaana fa a gopola nako ya fa a ne a simolola go direla e le morongwa: “Nna le mosadi wa me re ne re sa le basha, re se na maitemogelo e bile re gopotse gae. Letsatsi lengwe mosadi wa me o ne a gopotse gae tota, le fa ke ne ke leka go mo kgothatsa, go ne go sa thuse. Morago ga ura ya bosupa maitseboa, mongwe o ne a kokota. E ne e le mongwe yo o ithutang Baebele mme o ne a re tliseditse dinamune. O ne a tlile go re amogela. Re ne ra mo kopa gore a tsene re bo re mo siela metsi. Moragonyana re ne ra dira tee le kofi ya tšhokolete. Re ne re ise re itse Se-Swahili mme le ene o ne a sa itse Seesemane. Tiragalo eo e ne ya re tlhotlheletsa go nna le ditsala di le dintsi mo phuthegong.”

DILO TSE DI KA GO THIBELANG GO AMOGELA BAENG

13. Go amogela baeng go re solegela molemo jang?

13 A o a tle o okaoke go amogela baeng? Fa go le jalo, o fetwa ke tshono e e molemo ya go itumelela botsala le go dira ditsala tsa mmatota. Go amogela baeng go re thusa gore re se ka ra jewa ke bodutu. Mme gone o ka nna wa ipotsa gore ke eng se se ka dirang gore motho a okaoke go amogela baeng? Go na le mabaka a le mmalwa.

14. Re ka dira eng fa re se na maatla le nako ya go amogela baeng?

14 Nako le maatla: Go le gantsi batlhanka ba ga Jehofa ba tshwaregile ka dilo di le dintsi. Bangwe ba akanya gore ga ba na nako le maatla a go laletsa batho kwa malapeng a bone. Fa e le gore le wena o akanya jalo, o ka nna wa tlhoka go fetola dilo tse o tshwaregileng ka tsone. Gongwe o ka dira diphetogo dingwe gore o nne le nako ya go amogela baeng. Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba amogele baeng. (Baheb. 13:2) Ga go phoso go ipha nako ya go amogela baeng, tota e bile go dira jalo ke selo se se molemo. Gone ke boammaaruri gore o ka nna wa tlhoka go fokotsa nako e o e dirisang mo ditirong dingwe tse di seng botlhokwa.

15. Ke dilo dife tse di ka dirang gore bangwe ba ikgogone go amogela baeng?

15 Go ikgogona: A o kile wa eletsa go laletsa batho kwa lelapeng la gago mme gone o inyatsa? Bangwe ba ditlhong mme ba tshaba gore metlotlo ya bone e ka nna ya felela mo tseleng kgotsa gore baeng ba tla borega. Ba bangwe ba humanegile mme ba akanya gore ba ka se kgone go tlhokomela baeng ba bone sentle jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe. Mme gone, gopola gore selo sa botlhokwa ga se gore legae la gago le tshwanetse go nna lentle, go na le moo, sa botlhokwa ke gore le nne phepa.

16, 17. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra tshoga fa re akanyetsa go amogela baeng?

16 Fa e le gore o okaoka go amogela baeng, ga se wena fela o ikutlwang jalo. Mogolwane mongwe wa kwa Boritane a re: “Go baakanyetsa baeng go ka dira gore o tshoge. Mme fela jaaka tiro nngwe le nngwe e re e direlang Jehofa, letshogo leo ga se sepe fa le bapisiwa le boitumelo jo o nnang le jone fa o amogetse baeng. Ke ile ka itumelela go laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi mme re ne ra tlotla fela re bo re nwa kofi.” Selo sa botlhokwa ke go bontsha baeng ba gago gore o itumelela go fetsa nako le bone. (Bafil. 2:4) Rotlhe re rata go tlotla ka maitemogelo a rona. Fa re laleditse baeng, eno ke tshono e ntle ya gore re ba bolelele ka maitemogelo ao. Mogolwane mongwe o ne a re: “Go laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi go nthusa gore ke ba tlhaloganye botoka le gore ke ba itse sentle, segolobogolo go utlwa gore go tlile jang gore ba ithute boammaaruri.” Fa o bontsha baeng ba gago gore o a ba kgatlhegela, lotlhe lo tlile go itumelela nako e lo e fetsang mmogo.

17 Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o ileng a amogela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tlileng mo dikolong tsa puso ya Modimo tse di farologaneng o ne a re: “Kwa tshimologong ke ne ke okaoka ka gonne ntlo ya me e nnye e bile e na le fanitšhara ya kgale e ke neng ke e filwe ke batho. Mosadi wa mongwe wa batlhatlheledi ba sekolo o ne a dira gore ke wele makgwafo. O ne a nthaya a re fa ba le mo tirong ya potologo, ba itumelela thata go nna le batho ba ba ratang Modimo e bile ba na le mokgele o o tshwanang le wa bone e leng go direla Jehofa le go tshela botshelo jo bo motlhofo le fa ba ka tswa ba se na dithoto tse dintsi. Seno se ne sa dira gore ke gopole se mmê a neng a tlhola a re bolelela sone fa re sa le bana: ‘Go botoka dijo tsa merogo kwa go nang le lorato teng.’” (Dia. 15:17) Ga go tlhokege gore re tshwenyege ka dilo di le dintsi, sa botlhokwa ke gore re bontshe baeng ba rona gore re a ba rata.

18, 19. Go amogela baeng go ka re thusa jang gore re utlwane le ba bangwe?

18 Tsela e o ikutlwang ka yone ka ba bangwe: A go na le mongwe mo phuthegong ya lona yo o sa utlwaneng le ene? Fa o sa leke go fetola tsela e o ikutlwang ka yone ka ene, dilo ga di kitla di siama. Tsela e o ikutlwang ka yone ka ene e ka dira gore o se ka wa mo laletsa kwa legaeng la gago. Kgotsa gongwe mongwe o ile a go utlwisa botlhoko mo nakong e e fetileng mme ga o kgone go lebala ka gone.

19 Baebele e tlhalosa gore go amogela baeng go ka re thusa gore re utlwane le ba bangwe. (Bala Diane 25:21, 22.) Go amogela baeng go ka re thusa gore re rarabolole dikgotlhang tse re ka tswang re na le tsone. Go ka re thusa gore re lemoge dinonofo dingwe tse di molemo tse moeng wa rona a nang le tsone, tse Jehofa a ileng a di bona fa a ne a mo gogela mo phuthegong. (Joh. 6:44) Fa lorato lo go tlhotlheletsa go laletsa mongwe yo o sa utlwaneng le ene, seo se ka dira gore lo simolole go dirisana sentle. O ka tlhomamisa jang gore o tlhotlhelediwa ke lorato? O ka dirisa kgakololo eno e e mo go Bafilipi 2:3: “Ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.” Go batla dinonofo tse di molemo tse di ka dirang gore re lemoge gore bakaulengwe ba rona ba kwa godimo ga rona tse di jaaka tumelo, boitshoko, bopelokgale kgotsa tse dingwe, go ka dira gore re ba rate le go feta mme go tla nna motlhofo go ba laletsa.

NNA MOENG YO O MOLEMO

Gantsi batho ba tseela baeng ba bone matsapa (Bona serapa 20)

20. Ke eng fa re tshwanetse go ikanyega fa re amogetse taletso nngwe, mme re ka dira seo jang?

20 Mopesalema Dafide o ne a botsa jaana: “Jehofa, ke mang yo o tla nnang molalediwa mo mogopeng wa gago?” (Pes. 15:1) Morago ga go botsa potso eo, o ne a bua ka dinonofo tse di molemo tse Modimo a di batlang mo bathong ba a ba laletsang. Nngwe ya dinonofo tseo ke boikanyegi. Baebele ya re motho yo Jehofa a mo laletsang “o ikanne . . . mme le fa go ntse jalo ga a fetoge.” (Pes. 15:4) Fa re solofeditse mongwe gore re tla mo etela, re tshwanetse go dira jalo ntle le fa go na le mabaka a a utlwalang. Motho yo o re laleditseng a ka tswa a tsere matsapa go re baakanyetsa mme a ka utlwa botlhoko fa re sa tle. (Math. 5:37) Ka dinako dingwe bangwe ba ile ba tlogela go ya kwa ba neng ba laleditswe gone ka gonne ba amogetse taletso e nngwe e e botoka. Ruri seno ga se bontshe lorato le tlotlo! Re tshwanetse go itumelela sepe fela se batho ba ba re laleditseng ba re fang sone. (Luke 10:7) Mme fa go tlhaga maemo a a dirang gore re se ka ra kgona go ya kwa re laleditsweng gone, re tshwanetse go itsise motho yo o re laleditseng ka bonako.

21. Go akanyetsa tsela e dilo di dirwang ka yone mo lefelong la rona go ka re thusa jang gore re nne baeng ba ba molemo?

21 Gape go botlhokwa gore re akanyetse tsela e dilo di dirwang ka yone mo lefelong la rona. Mo ditsong tse dingwe, ga go na bothata fa batho ba eta le fa ba sa lalediwa, mme mo go tse dingwe, go botoka go bua pele o eta. Mo mafelong mangwe, baeng ba apeelwa dijo tse di monate tse go le gale di sa jeweng mo lapeng, mme kwa mafelong a mangwe, baeng ba apeelwa fela dijo tse di tlwaelegileng. Kwa mafelong mangwe, baeng ba tla ka sengwe fa ba laleditswe mme kwa go a mangwe, beng ba matlo ga ba a lebelela gore baeng ba tle ka sengwe. Mo ditsong dingwe, go tlwaelegile gore fa motho a lalediwa, a simolole pele ka go gana mme kwa bofelong a bo a dumela, mme mo go tse dingwe, fa motho a gana fa a lalediwa, go tsewa e le go tlhoka kanaanelo. Re tshwanetse go tlhomamisa gore ga re dire sepe se se ka dirang gore motho a se ka a itumelela go bo a re laleditse.

22. Ke eng fa go le botlhokwa gore re ‘bontshane moya wa go tshola baeng’?

22 Boammaaruri ke gore “bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse.” (1 Pet. 4:7) Re tlile go lebana le mathata a a iseng a ko a nne gone. Fa maemo a ntse a senyegela pele, go botlhokwa gore re rate bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le go feta. Mafoko ano a ga Petere a botlhokwa thata gompieno: “Bontshanang moya wa go tshola baeng.” (1 Pet. 4:9) Go botlhokwa gore re amogele baeng gone jaanong e bile re tswelele re dira jalo go ya go ile.