Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kotlhao e Bontsha Gore Modimo O a Re Rata

Kotlhao e Bontsha Gore Modimo O a Re Rata

“Yo Jehofa a mo ratang o a mo otlhaya.”—BAHEB. 12:6.

PINA: 125, 117

1. Baebele e tlhalosa kotlhao jang?

O AKANYA ka eng fa o utlwa lefoko “kotlhao”? Lefoko le le ranotsweng e le “kotlhao” mo ditemaneng di le dintsi gape le ka ranolwa e le “kaelo.” Baebele ya re kotlhao e re solegela molemo mme ka dinako dingwe e amanngwa le kitso, botlhale, lorato le botshelo. (Dia. 1:2-7; 4:11-13) Seno ke ka gonne Modimo o re otlhaya ka gonne a re rata e bile a batla gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. (Baheb. 12:6) Modimo ga a ke a re otlhaya ka tsela e e setlhogo. Tota e bile kotlhao e amana thata le thuto, jaaka fa motsadi a ruta ngwana wa gagwe yo a mo ratang.

2, 3. Kotlhao e ka akaretsa eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

2 Akanya ka sekai seno: Mosimane mongwe yo o bidiwang Obakeng o tshameka ka bolo mo ntlong. Mmaagwe o mo raya a re: “Obakeng, wa itse gore ga wa tshwanela go tshameka ka bolo mo ntlong. O ka feleletsa o thubile sengwe.” Obakeng o itlhokomolosa se mmaagwe a se buang a bo a tswelela go tshameka ka bolo mme a bo a thuba nkgwana ya malomo. Mmaagwe o dira eng? A ka nna a mo otlhaya ka go mo ruta le go tsaya kgato nngwe. A ka mo ruta ka go mo tlhalosetsa gore ke eng fa se a se dirileng se le phoso. O dira seno ka gonne o batla gore ngwana wa gagwe a tlhaloganye gore go ikobela batsadi go molemo le gore melao e ba mo beetseng yone e botlhokwa. Mme go thusa Obakeng gore a se ka a tlhola a boeletsa phoso eo, mmaagwe a ka nna a mo otlhaya. Ka sekai, a ka nna a mo tseela bolo lobaka lo lo rileng. Seno se tla thusa Obakeng go tlhaloganya gore go sa reetse go na le ditlamorago.

3 Rona Bakeresete re karolo ya ba ntlo ya Modimo. (1 Tim. 3:15) Ka jalo, re a itse gore Jehofa o na le tshwanelo ya go re beela melao le go re otlhaya fa re sa ikobele melao eo. Mo godimo ga moo, fa sengwe se re se dirileng se nnile le ditlamorago tse di botlhoko, kotlhao ya ga Jehofa e re gopotsa gore go botlhokwa thata gore re mo ikobele. (Bagal. 6:7) Jehofa o a re rata e bile ga a batle re tsena mo mathateng.—1 Pet. 5:6, 7.

4. (a) Jehofa a ka re segofatsa fa re thapisa ba bangwe jang? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

4 Kotlhao e e theilweng mo Baebeleng e ka thusa motho go fitlhelela mokgele mongwe. Ka sekai, e ka thusa ngwana kgotsa motho yo o ithutang Baebele gore a nne molatedi wa ga Keresete. Lefoko la Modimo le re thusa gore re kgaleme ka tshiamo. Go dira jalo go ka thusa ngwana kgotsa motho yo re ithutang Baebele le ene gore a tlhaloganye le go ‘boloka dilo tsotlhe tse Jesu a re di laetseng.’ (2 Tim. 3:16; Math. 28:19, 20) Fa re ba ruta ka tsela eno, Jehofa o tla segofatsa maiteko a rona, mme seno se tla ba thusa gore le bone ba dire batho barutwa. (Bala Tito 2:11-14.) Mma re sekaseke dipotso tseno tse tharo tsa botlhokwa: (1) Kotlhao ya Modimo e bontsha jang gore o a re rata? (2) Re ka ithuta eng mo go ba Jehofa a ileng a ba otlhaya mo nakong e e fetileng? (3) Re ka etsa jang Jehofa le Jesu fa re kgalema ba bangwe?

MODIMO O OTLHAYA KA LORATO

5. Kotlhao ya ga Jehofa e bontsha jang gore o a re rata?

5 Jehofa o a re otlhaya, o a re ruta e bile o a re thapisa ka gonne a re rata le ka gonne o batla gore re tswelele re atamalane le ene e bile re le mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng. (1 Joh. 4:16) Ga a re kgale kgotsa go dira gore re ikutlwe re se batho ba sepe. (Dia. 12:18) Go na le moo, o a re tlotla, o a itse gore re batla go dira dilo tse di siameng e bile o re letla gore re itirele ditshwetso. A kotlhao e re e amogelang mo Lefokong la Modimo, mo dikgatisong, mo batsading ba Bakeresete le mo bagolwaneng e dira gore o lemoge gore Modimo o a re rata? Bagolwane ba ba re kaelang ka tsela e e lorato fa re tsaya “kgato nngwe e e phoso,” gongwe re sa lemoge, ba bontsha gore Jehofa o a re rata.—Bagal. 6:1.

6. Kotlhao e bontsha jang gore Modimo o a re rata le fa seno se ka kaya gore re latlhegelwe ke ditshiamelo dingwe mo phuthegong?

6 Mme gone, ka dinako tse dingwe kotlhao ga e akaretse go kgalemelwa fela. Fa re dirile boleo bongwe jo bo masisi, re ka nna ra latlhegelwa ke ditshiamelo dingwe mo phuthegong. Le fa seo se ka re diragalela, kotlhao eo e tla bo e bontsha gore Jehofa o a re rata. Ka sekai, go latlhegelwa ke ditshiamelo go ka thusa motho gore a lemoge gore go botlhokwa gore a dirise nako e ntsi a ithuta Baebele, a tlhatlhanya le go rapela. Go dira jalo go tla dira gore tumelo ya gagwe e nonofe. (Pes. 19:7) Fa nako e ntse e ya, a ka nna a busediwa ditshiamelo tsa gagwe. Tota le go tlosiwa mo phuthegong go bontsha gore Jehofa o a re rata ka gonne seno se sireletsa phuthego mo tlhotlheletsong e e bosula. (1 Bakor. 5:6, 7, 11) E re ka Modimo a re otlhaya ka selekanyo se se siameng, go tlosiwa mo phuthegong go ka thusa motho gore a lemoge gore phoso ya gagwe e masisi go le kana kang mme a ka nna a ikwatlhaya.—Dit. 3:19.

KOTLHAO YA GA JEHOFA E NE YA MO THUSA

7. Shebena e ne e le mang, mme o ne a simolola go nna le mokgwa ofe o o sa siamang?

7 Gore re tlhaloganye gore kotlhao e botlhokwa go le kae, mma re tlotle ka batho ba babedi ba Jehofa a ileng a ba otlhaya, e leng Shebena yo o neng a tshela ka motlha wa ga Kgosi Hesekia le mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Graham. Shebena o ne a na le taolo ka gonne e ne e le molebedi “yo o okametseng ntlo” ya ga Kgosi Hesekia. (Isa. 22:15) Ka maswabi, o ne a simolola go ikgogomosa e bile a batla go galalediwa. Tota e bile, o ne a itirela lebitla la manobonobo e bile o ne a pagama “dikara tsa kgalalelo.”—Isa. 22:16-18.

Fa re ikokobetsa e bile re iketleeletsa go fetoga, Jehofa o tla re segofatsa (Bona serapa 8-10)

8. Jehofa o ne a otlhaya Shebena jang, mme go ne ga felela jang?

8 E re ka Shebena a ne a batla go galalediwa, Jehofa o ne a mo ‘tlosa mo boemong jwa gagwe jwa bodiredi’ mme o ne a tlhoma Eliakime mo maemong ao. (Isa. 22:19-21) Seno se diragetse ka nako ya fa kgosi ya Asiria e bong Senakaribe a ne a batla go tlhasela Jerusalema. Nakonyana morago ga foo, Senakaribe o ne a romela badiredi ba gagwe kwa Jerusalema ba na le lesomo le legolo la masole gore ba ye go kgoba Bajuda marapo le go tshosetsa Hesekia gore a ineele. (2 Dikg. 18:17-25) Kgosi e ne ya romela Eliakime gore a ye go bua le badiredi bao, mme o ne a se nosi. O ne a tsamaya le batho ba babedi, mme mongwe wa bone e ne e le Shebena, yo jaanong e neng e le mokwaledi. Seno se bontsha gore Shebena o ne a sa itetla go galefa kgotsa go ngala fa a ne a otlhaiwa, go na le moo, o ne a ikokobetsa a bo a amogela kabelo ya gagwe e ntšha. Re ithuta dilo di le tharo mo pegong eno.

9-11. (a) Re ithuta eng mo go se se diragaletseng Shebena? (b) O ikutlwa jang ka tsela e Jehofa a ileng a otlhaya Shebena ka yone?

9 Sa ntlha, Shebena o ne a latlhegelwa ke maemo a gagwe. Se se mo diragaletseng se re gopotsa gore “boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.” (Dia. 16:18) Fa o na le ditshiamelo dingwe mo phuthegong tse di dirang gore batho ba bangwe ba akanye gore o botlhokwa, a o dira ka natla gore o tswelele o le boikokobetso? A o nna o gopotse gore Jehofa ke ene a go thusitseng gore o dire dilo dingwe kgotsa gore o nne le bokgoni bongwe? (1 Bakor. 4:7) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone; mme a akanye gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle.”—Bar. 12:3.

10 Sa bobedi, fa Jehofa a ne a otlhaya Shebena, a ka tswa a ne a bontsha gore ga a mo tlhoboga. (Dia. 3:11, 12) Eleruri eno ke thuto ya botlhokwa mo go ba ba tseetsweng ditshiamelo mo phuthegong. Go na le gore ba galefe kgotsa ba ngale, e kete ba ka tswelela ba direla Modimo mo maemong a bone a masha, ba leba kotlhao eo e le tsela e Jehofa a ba bontshang ka yone gore o a ba rata. Fa re ikokobetsa, Rraarona ga a kitla a re tlhoboga. (Bala 1 Petere 5:6, 7.) Modimo o dirisa kotlhao go re kaela, ka jalo, a re mo letle gore a dire jalo.

11 Sa boraro, tsela e Jehofa a ileng a otlhaya Shebena ka yone e ruta bao ba neilweng maikarabelo a go kgalema ba bangwe, jaaka batsadi le balebedi mo phuthegong. E ba ruta eng? Le fa gone kotlhao ya ga Jehofa e bontsha gore o tlhoile boleo, gape e bontsha gore o amegile ka motho yo o bo dirileng. Fa o le motsadi kgotsa o le molebedi, a o tla etsa Jehofa fa o kgalema ba bangwe, o bontsha gore o tlhoile boleo, mme gone, o tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tse ngwana wa gago kgotsa Mokeresetemmogo le wena a nang le tsone?—Jude 22, 23.

12-14. (a) Batho bangwe ba itshwara jang fa Jehofa a ba otlhaya? (b) Lefoko la Modimo le ne la thusa jang mokaulengwe mongwe go fetola botho jwa gagwe, mme go ne ga felela jang?

12 Ka maswabi, Bakeresete bangwe ba utlwa botlhoko thata fa ba sena go kgalemelwa mme seo se dira gore ba katoge Jehofa le phuthego ya gagwe. (Baheb. 3:12, 13) A mme seno se raya gore re tshwanetse go ba tlhoboga? Akanya ka sekai sa mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Graham, o ne a tlosiwa mo phuthegong mme moragonyana o ne a busediwa. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, o ne a tlogela go ya dipokanong le kwa bodireding. Morago ga dingwaga di le mmalwa, o ne a kopa mokaulengwe mongwe gore a ithute Baebele le ene.

13 Mokaulengwe yoo o ne a re: “Graham o ne a le boikgogomoso. O ne a tshwaya phoso bagolwane ba ba neng ba le mo komiting ya gagwe ya boatlhodi. Ka jalo, re ne ra fetsa dibeke di le mmalwa re tlotla ka ditemana tse di buang ka boikgogomoso le ditlamorago tsa jone. Graham o ne a dirisa Baebele go itlhatlhoba mme a lemoga gore o ne a sa dire dilo sentle. Se se ileng sa direga morago ga moo se ne se kgatlha fela thata. Fa a sena go lemoga gore o ne a na le bothata jwa go ikgogomosa le go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso, o ne a simolola go fetola botho jwa gagwe. O ne a simolola go nna gone ka metlha kwa dipokanong, go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo e bile o ne a simolola go rapela ka metlha. Gape o ne a simolola go diragatsa maikarabelo a gagwe a go etelela lelapa pele mo dilong tsa kobamelo, mme seno se ne sa itumedisa mosadi wa gagwe le bana ba gagwe fela thata.”—Luke 6:41, 42; Jak. 1:23-25.

14 Mokaulengwe yoo o ne a re: “Letsatsi lengwe, Graham o ne a bua sengwe se se neng sa nkama tota. O ne a re: ‘Ke na le dingwaga di le dintsi ke itse boammaaruri e bile nkile ka nna mmulatsela. Mme gone jaanong ke gone nka buang tota ka re ke rata Jehofa.’ Moragonyana, o ne a kopiwa go tsamaisa dimaekerofouno kwa Holong ya Bogosi mme o rata tshiamelo eo tota. Se se mo diragaletseng se nthutile gore fa motho a ikokobetsa a bo a amogela kotlhao, Jehofa o tla mo segofatsa fela thata.”

ETSA SEKAO SA GA JEHOFA LE JESU FA O KGALEMELA MONGWE

15. Fa re batla gore ba bangwe ba amogele kgakololo ya rona, re tshwanetse go dira eng?

15 Gore re nne barutisi ba ba molemo, re tlhoka go nna baithuti ba ba molemo. (1 Tim. 4:15, 16) Ka tsela e e tshwanang, ba ba nang le maikarabelo a go kgalema ba bangwe, le bone ba tshwanetse go itetla go kaelwa ke Jehofa. Fa ba dira jalo, go tla nna motlhofo gore ba bangwe ba ba tlotle le gore ba amogele kgakololo ya bone. Akanya ka sekao sa ga Jesu.

16. Re ka ithuta eng mo go Jesu malebana le tsela e e siameng ya go kgalema le go ruta ba bangwe?

16 Ka metlha Jesu o ne a ikobela Rraagwe, le fa ka dinako dingwe go dira jalo go ne go se motlhofo. (Math. 26:39) O ne a tlhalosa gore dilo tse a neng a di ruta di ne di tswa kwa go Rraagwe. (Joh. 5:19, 30) E re ka Jesu a ne a le boikokobetso e bile a ikobela Jehofa, o ne a nna morutisi yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, mme seno se ne sa dira gore batho ba le bantsi ba atamalane le ene. (Bala Luke 4:22.) Mafoko a gagwe a a gomotsang a ne a kgothatsa batho ba ba neng ba kgobegile marapo le ba ba bokoa. (Math. 12:20) Fa barutwa ba gagwe ba ne ba ganetsana ka gore ke mang yo mogolo mo go bone, ga a ka a ba galefela, go na le moo, o ne a ba kgalema ka lorato.—Mar. 9:33-37; Luke 22:24-27.

17. Ke dinonofo dife tse di tla thusang bagolwane gore ba tlhokomele letsomane la Modimo sentle?

17 Botlhe ba ba nang le maikarabelo a go naya ba bangwe kgakololo ya Dikwalo ba tshwanetse go etsa sekao sa ga Keresete. Fa ba dira jalo, ba tla bo ba bontsha gore ba eletsa go kaelwa ke Jehofa le Jesu. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng, e seng ka go patelelwa, mme e nne ka go rata; e bile e seng ka go rata poelo ya go sa ikanyege, mme e nne ka tlhagafalo; gape e seng ka go rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo, mme e nne ka go nna dikao mo letsomaneng.” (1 Pet. 5:2-4) Balebedi ba ba ikobelang Jehofa le tlhogo ya phuthego e bong Keresete ba tla solegelwa molemo e bile ba tla kgona go thusa bao ba ba tlhokometseng.—Isa. 32:1, 2, 17, 18.

18. (a) Jehofa o lebeletse gore batsadi ba dire eng? (b) Jehofa o thusa batsadi jang gore ba diragatse maikarabelo a bone?

18 Melaometheo eno e tshwanetse go dirisiwa le mo lelapeng. Baebele e laela ditlhogo tsa malapa jaana: “Lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) Kgang eno e masisi go le kana kang? Diane 19:18 e tlhalosa gore eno ke kgang ya botshelo le loso. Boammaaruri ke gore batsadi ba tla ikarabelela mo go Jehofa fa ba ka palelwa ke go otlhaya bana ba bone. (1 Sam. 3:12-14) Le fa go ntse jalo, fa batsadi ba rapela, ba bala Baebele e bile ba kopa moya o o boitshepo, Jehofa o tla ba naya botlhale jo ba bo tlhokang.—Bala Jakobe 1:5.

GO ITHUTA GO TSHELA KA KAGISO

19, 20. (a) Re tla bona masego afe fa re amogela kotlhao ya Modimo? (b) Re tla ithuta eng mo setlhogong se se latelang?

19 Fa re amogela kotlhao ya ga Jehofa e bile re etsa sekao sa gagwe le sa ga Jesu fa re kgalema ba bangwe, re tla nna le masego a mantsi tota. Go tla nna le kagiso mo phuthegong le mo malapeng a rona. Rotlhe re tla ikutlwa re ratiwa, re le botlhokwa e bile re sireletsegile, e leng tsela e dilo di tla nnang ka teng mo isagweng. (Pes. 72:7) Tota ga re feteletse dilo fa re re kotlhao ya ga Jehofa e re ruta go tshela ka kagiso le ba bangwe re le lelapa le le lengwe le le kaelwang ke ene. (Bala Isaia 11:9.) Fa re leba kotlhao ya Modimo ka tsela eo, go tla nna motlhofo gore re e lebe e le tsela e Jehofa a re bontshang ka yone gore o a re rata.

20 Mo setlhogong se se latelang, re tla ithuta mo go oketsegileng ka kotlhao mo lelapeng le mo phuthegong. Gape re tla ithuta gore re ka ikgalemela jang, mo godimo ga moo, re tla bua ka sengwe se se botlhoko go feta go otlhaiwa.