Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa di bontsha moaposetoloi Paulo a se na moriri kgotsa a na le lefatla?

Ga go na ope gompieno yo o itseng gore Paulo o ne a lebega jang. Ditshwantsho tse di mo dikgatisong tsa rona di re thusa fela go bona gore a ka tswa a ne a lebega jang, ga di a thewa mo tshedimosetsong epe e e tlhomameng ya hisitori.

Le fa go ntse jalo, go na le dintlha dingwe tse di bontshang gore Paulo a ka tswa a ne a lebega jang. Ka sekai, makasine wa Tora ya Tebelo wa March 1, 1902, o ne wa tlhalosa jaana: “Malebana le gore Paulo o ne a lebega jang . . . buka ya ‘Acts of Paul and Thecla,’ . . . e e kwadilweng ka ngwaga wa 150, e na le tlhaloso nngwe ya tsela e Paulo a neng a lebega ka yone mme tlhaloso eo e ka tswa e le yone e e boammaaruri go di feta tsotlhe. E tlhalosa gore o ne ‘a le mokhutshwane, a na le lefatla, a le digobo, a nonofile, a na le dintshi tse tshwaraganeng e bile a na le nko e e telele.’”

Dikishinare nngwe e bua jaana ka buka eo: “Buka ya ‘Acts of Paul and Thecla’ e na le dipego tse di boammaaruri tse di dumalanang le dipatlisiso tsa hisitori.” Buka eno e ne e tseelwa kwa godimo bogologolo ka gonne go na le mekwalo ya yone e le 80 ka Segerika le ka dipuo tse dingwe. Ka jalo, ditshwantsho tsa ga Paulo tse di mo dikgatisong tsa rona di dumalana le dipego dingwe tsa bogologolo tse di tlhalosang gore Paulo o ne a lebega jang.

Mme gone, nna o gopotse gore go na le dilo tse dingwe tse di leng botlhokwa go feta tsela e Paulo a neng a lebega ka yone. Ka nako ya fa Paulo a ne a rera, baganetsi bangwe ba ne ba tlhalosa gore o bonala a le “bokoa e bile puo ya gagwe e a nyatsega.” (2 Bakor. 10:10) Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala gore o ne a nna Mokeresete fa a sena go bona Jesu ka tsela ya kgakgamatso. Gape re ka akanya ka se Paulo a ileng a se dira e re ka e ne e le “sejana se se tlhophilweng mo go [Keresete] gore a sikarele leina la [ga Jesu] kwa ditšhabeng.” (Dit. 9:3-5, 15; 22:6-8) Mo godimo ga moo, akanya kafa re ka solegelwang molemo ka gone ke dibuka tsa Baebele tse Jehofa a tlhotlheleditseng Paulo go di kwala.

Paulo ga a ka a ikgantsha ka dilo tse a di fitlheletseng pele e nna Mokeresete e bile ga a ka a tlhalosa gore o ne a lebega jang. (Dit. 26:4, 5; Bafil. 3:4-6) O ne a re: “Ke mmotlana mo baaposetoloing, e bile ga ke tshwanele go bidiwa moaposetoloi.” (1 Bakor. 15:9) Moragonyana o ne a kwala jaana: “Nna, motho yo o kwa tlase ga yo mmotlana thata mo baitsheping botlhe, ke ne ka newa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jono, gore ke tle ke bolelele ditšhaba dikgang tse di molemo ka ga dikhumo tse di ka se kang tsa tlhaloganngwa tsa ga Keresete.” (Baef. 3:8) Eleruri molaetsa ono o botlhokwa go feta go tshwenyega ka ga gore Paulo a ka tswa a ne a lebega jang.