Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Reetsa Kotlhao Mme o Tlhalefe’

‘Reetsa Kotlhao Mme o Tlhalefe’

“Barwa, . . . reetsang kotlhao mme lo tlhalefe.” —DIA. 8:32, 33.

PINA: 64, 120

1. Re ka nna jang le botlhale, mme seo se tla re thusa jang?

JEHOFA ke Motswedi wa botlhale mme o bo naya batho ba bangwe ka bopelotshweu. Jakobe 1:5 ya re: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe.” Tsela nngwe e re ka nnang le botlhale jo bo tswang kwa Modimong ke ka go amogela kotlhao ya gagwe. Botlhale joo bo tla re thusa gore re se ka ra dira dilo tse di bosula e bile bo tla re sireletsa mo dilong tse di ka koafatsang tumelo ya rona. (Dia. 2:10-12) Ka ntlha ya seo, re tla “[ipoloka] mo loratong lwa Modimo, . . . [re] solofetse botshelo jo bo sa khutleng.”—Jude 21.

2. Re ka ithuta jang go anaanela kotlhao ya Modimo?

2 Le fa go ntse jalo, e re ka re sa itekanela e bile re godisitswe ka ditsela tse di sa tshwaneng, go ka nna thata gore re amogele kotlhao kgotsa gore re e lebe ka tsela e e siameng. Re tla tlhaloganya gore kotlhao e botlhokwa fa re bona kafa e re solegelang molemo ka gone mme seno se tla re thusa go lemoga gore Modimo o a re rata. Diane 3:11, 12 ya re: “O se ka wa gana kotlhao ya ga Jehofa, morwaaka; . . . ka gonne Jehofa o kgalemela yo a mo ratang.” Re ka tlhomamisega gore Jehofa o re batlela se se molemo. (Bala Bahebera 12:5-11.) Modimo o re itse sentle, ka jalo, o re otlhaya ka tsela e e siameng. Jaanong mma re tlotle ka dikarolo di le nnê tsa kotlhao: (1) go ikgalema, (2) go kgalema bana, (3) kgalemelo mo phuthegong, le (4) sengwe se se botlhoko go feta go kgalemelwa.

GO IKGALEMA GO BONTSHA GORE RE BOTLHALE

3. Ngwana a ka nna jang le bokgoni jwa go ikgalema? Tshwantsha.

3 Go ikgalema go akaretsa go laola tsela e re itshwarang ka yone le e re akanyang ka yone. Ga re tsholwe re na le bokgoni jono. Re tshwanetse go ithuta go ikgalema. Ka sekai: Fa ngwana a ithuta go pagama baesekele, gantsi motsadi o tshwara baesekele go thusa ngwana gore a se ka a wa. Mme fa ngwana a ntse a ithuta go itsetsepela, motsadi o nna a tlogela baesekele go se kae a bo a boa a e tshwara gape. O tlogela go e tshwara gotlhelele fa ngwana a setse a kgona go itsetsepela sentle. Ka tsela e e tshwanang, fa batsadi ba le pelotelele e bile ba godisetsa bana ba bone ‘mo kotlhaong le mo taolong ya ga Jehofa,’ ba tla thusa bana ba bone gore ba kgone go ikgalema le go nna botlhale.—Baef. 6:4.

4, 5. (a) Ke eng fa go ikgalema e le karolo ya botlhokwa ya “botho jo bosha”? (b) Ke eng fa re sa tshwanela go itlhoboga fa re dira diphoso?

4 Go ntse jalo le ka batho ba ba ithutang ka Jehofa ba setse ba godile. Ke boammaaruri gore ba ka tswa ba setse ba kgona go ikgalema ka tsela nngwe. Mme gone, re ka nna ra re morutwa yo mosha mo phuthegong o tshwana le ngwana. Le fa go ntse jalo, fela jaaka ngwana, a ka kgona go nonotsha tumelo ya gagwe fa a ntse a ithuta go apara “botho jo bosha.” (Baef. 4:23, 24) Go ikgalema ke karolo ya botlhokwa ya go apara botho jo bosha. Fa re kgona go ikgalema, re ithuta go ‘gana boikepo le dikeletso tsa selefatshe le go tshela ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo.’—Tito 2:12.

5 Mme gone, rotlhe re dira diphoso. (Mor. 7:20) Le fa go ntse jalo, go dira diphoso ga go reye gore re paletswe kgotsa gore ga re kgone go ikgalema. Diane 24:16 ya re: “Mosiami [a] ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga.” Ke eng se se ka mo thusang go dira jalo? A ka se kgone go dira jalo ka maatla a gagwe fela mme o tlhoka moya wa Modimo. (Bala Bafilipi 4:13.) Nngwe ya dinonofo tse moya wa Modimo o re thusang go nna le tsone ke boikgapo mme bo amana thata le go ikgalema.

6. Re ka nna jang baithuti ba ba molemo ba Lefoko la Modimo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

6 Selo se sengwe se se ka re thusang gore re nne le bokgoni jwa go ikgalema ke go rapela, go ithuta Baebele le go tlhatlhanya. Mme gotweng fa e le gore o bona go le thata go ithuta Lefoko la Modimo? Gongwe ga o rate go bala. Le fa go ntse jalo, nna o gopotse gore Jehofa o tla go thusa fa o mo letla. A ka go thusa gore o ‘tlhologelelwe’ Lefoko la gagwe. (1 Pet. 2:2) Sa ntlha, kopa Jehofa gore a go thuse go ikgalema gore o tle o ipeele nako ya go ithuta Lefoko la gagwe. Go tswa foo, dira dilo go dumalana le thapelo ya gago, gongwe o ka simolola go ithuta o dirisa nako e e khutshwane fela. Fa nako e ntse e ya, go ithuta go tla nna motlhofo e bile o tla go itumelela. O tla itumelela nako e o e fetsang o tlhatlhanya ka dikakanyo tse di molemo tsa ga Jehofa.—1 Tim. 4:15.

7. Go ikgalema go ka re thusa jang gore re fitlhelele mekgele e re ipeetseng yone mo tirelong ya Modimo?

7 Go ikgalema go ka re thusa gore re fitlhelele mekgele e re ipeetseng yone mo tirelong ya Modimo. Akanya ka sekai sa mokaulengwe mongwe yo o neng a lemoga gore o goga dinao mo tirelong ya Modimo. E re ka a ne a tshwenyegile, o ne a ipeela mokgele wa go nna mmulatsela wa ka metlha e bile o ne a bala ditlhogo tse di buang ka kgang eno mo dimakasineng. Go dira seno le go rapela go ile ga mo kgothatsa e bile go ne ga nonotsha tumelo ya gagwe. Gape o ne a nna mmulatsela yo o thusang fa a nna le tshono ya go dira jalo. Go ne ga felela jang? Le fa gone a ne a lebana le dikgwetlho, o ne a nna a tlhomile mogopolo mo mokgeleng wa gagwe mme kgabagare o ne a kgona go o fitlhelela.

GODISETSA BANA MO KOTLHAONG YA GA JEHOFA

Bana ga ba tsholwe ba itse se se siameng le se se sa siamang; ba tlhoka go rutiwa (Bona serapa 8)

8-10. Ke eng se se ka thusang batsadi gore ba godise bana ba bone ka tsela e e tla ba thusang gore ba direle Jehofa? Tshwantsha.

8 Batsadi ba Bakeresete ba na le tshiamelo e e kgethegileng ya go godisetsa bana ba bone ‘mo kotlhaong le mo taolong ya ga Jehofa.’ (Baef. 6:4) Eno ga se kgetsi e potlana segolobogolo mo nakong e re tshelang mo go yone. (2 Tim. 3:1-5) Bana ga ba tsholwe ba itse se se siameng le se se sa siamang. Ba tsholwa ba na le segakolodi, mme gone, se tlhoka go thapisiwa. (Bar. 2:14, 15) Buka nngwe ya ditshupiso tsa Baebele e tlhalosa gore lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “kotlhao” le ka ranolwa gape e le “go ruta ngwana.”

9 Fa batsadi ba otlhaya bana ba bone ka lorato, seo se tla dira gore bana ba ikutlwe ba sireletsegile. Ba tla ithuta gore kgololesego ya bone e lekanyeditswe le gore ditshwetso tsa bone le tsela e ba itshwarang ka yone e na le ditlamorago. Ka jalo, go botlhokwa gore batsadi ba Bakeresete ba ikaege ka kaelo ya ga Jehofa. O se ka wa lebala gore tsela ya go godisa bana e farologana go ya ka gore motho ke wa lotso lofe e bile ditsela tsa go godisa bana di nna di ntse di fetoga fa nako e ntse e ya. Fa batsadi ba latela kaelo ya Modimo, ga ba tlhoke go nna ba ipotsa gore ba godise bana jang e bile ga ba ikaege ka botlhale jwa lefatshe leno.

10 Akanya ka sekai sa ga Noa. Fa Jehofa a ne a mo laela gore a age araka, o ne a ka se ikaege ka botlhale jwa gagwe ka gonne o ne a ise a ko a age araka. Ka jalo, o ne a ikaega ka Jehofa mme a “dira fela” jaaka a mo laetse. (Gen. 6:22) Go ne ga felela jang? O ne a kgona go e aga. Araka eo e ne ya boloka Noa le lelapa la gagwe. Gape Noa o ne a kgona go godisa bana ba gagwe sentle ka gonne o ile a ikanya botlhale jwa Modimo. Ka jalo, o ne a ba ruta e bile a ba tlhomela sekao se se molemo le fa gone ka nako eo e e bosula go ne go se motlhofo go dira jalo.—Gen. 6:5.

11. Go botlhokwa go le kana kang go tlhomela bana sekao se se molemo?

11 Fa o le motsadi, o ka etsa Noa jang? Reetsa Jehofa. Mo letle gore a go bontshe gore o godise bana ba gago jang ka go ithuta Lefoko la gagwe le go ikobela kaelo e a re nayang yone mo phuthegong. Fa nako e ntse e ya, bana ba gago ba tla go leboga ka gonne o ile wa ba godisa ka tsela eo. Mokaulengwe mongwe o ne a re: “Ke itumeletse tsela e batsadi ba me ba nkgodisitseng ka yone. Ba ne ba leka ka natla go nthusa gore ke rate Jehofa. Tota nka re ke bone ba nthusitseng gore ke kgone go nonotsha tumelo ya me.” Ka maswabi, le fa batsadi bangwe ba leka go godisa bana ba bone sentle, bana bao ba tlogela Jehofa. Le fa go ntse jalo, batsadi ba ba tsereng matsapa go ruta ngwana boammaaruri, ga ba tlhoke go ipona molato. Gape ba ka solofela gore letsatsi lengwe ngwana wa bone o tla boela kwa go Jehofa.

12, 13. (a) Batsadi ba ka bontsha jang gore ba ikobela Modimo fa ngwana wa bone a tlosiwa mo phuthegong? (b) Lelapa lengwe le ne la solegelwa molemo jang ka gonne batsadi ba ile ba ikobela Jehofa?

12 Sengwe se se ka lekang boikanyegi jwa batsadi ke fa ngwana wa bone a tlosiwa mo phuthegong. Akanya ka sekai sa mmê mongwe yo morwadie yo o tlositsweng mo phuthegong a neng a fuduga mo gae. Mmê yono a re: “Ke ne ka batla sengwe mo dikgatisong tsa rona se nka se dirisang e le seipato sa go fetsa nako le ngwanake le setlogolo sa me.” Le fa go ntse jalo, monna wa gagwe o ne a mo thusa go lemoga gore ga ba tlhole ba ikarabelela ka morwadiabone le gore ba tlhoka go ikanyega mo go Jehofa.

13 Dingwaga di le mmalwa morago ga moo, morwadiabone o ne a busediwa mo phuthegong. Mmaagwe a re: “Gone jaanong o nteletsa le go nthomelela melaetsa mo e batlang e le letsatsi le letsatsi. E bile o re tlotla fela thata ka gonne re ile ra ikobela Modimo. Gone jaanong re atamalane thata le morwadiarona.” Fa e le gore ngwana wa gago o tlositswe mo phuthegong, a o tla ‘ikanya Jehofa ka pelo ya gago yotlhe le go se ikaege ka tlhaloganyo ya gago’? (Dia. 3:5, 6) Gopola gore kotlhao ya ga Jehofa e bontsha gore o botlhale le gore o a re rata. Kana e bile, o ile a ntsha Morwawe gore a swele batho botlhe, go akaretsa le ngwana wa gago. Modimo ga a batle gore ope a senngwe. (Bala 2 Petere 3:9.) Ka jalo, ikanye kotlhao ya ga Jehofa le kaelo ya gagwe. Dira se Jehofa a se batlang le fa go dira jalo go ka tswa go go utlwisa botlhoko go le kana kang. Amogela kotlhao ya ga Jehofa mme o se ka wa e gana.

MO PHUTHEGONG

14. Re solegelwa molemo jang ke kaelo ya ga Jehofa e re e newang ke “molebedi yo o boikanyego”?

14 Jehofa o solofeditse gore o tla sireletsa, o tla tlhokomela le go kaela phuthego ya Bokeresete. O dira jalo ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, o tlhomile Morwawe gore a tlhokomele phuthego mme Jesu ene o tlhomile “molebedi yo o boikanyego” gore a re neye dithuto tsa boammaaruri tse di mo nakong. (Luke 12:42) Dithuto tseo di re naya kotlhao kgotsa kaelo e e mosola. Ipotse jaana: ‘Ke gakae puo nngwe kgotsa setlhogo sengwe mo dikgatisong tsa rona se ileng sa dira gore ke fetole tsela e ke akanyang kgotsa e ke itshwarang ka yone?’ Fa e le gore o ile wa dira diphetogo, itumele ka gonne seo se bontsha gore o letla Jehofa gore a go kaele mme seo se tla go solegela molemo.—Dia. 2:1-5.

15, 16. (a) Re ka solegelwa molemo jang ke tiro ya bagolwane? (b) Re ka dira eng gore bagolwane ba itumelele tiro ya bone?

15 Gape Keresete o re neile “dimpho [tse e leng] banna” e leng bagolwane ba ba tlhokomelang letsomane la Modimo. (Baef. 4:8, 11-13) Re ka solegelwa molemo jang ke tiro e bagolwane ba e dirang? Re ka dira jalo ka go etsa tumelo ya bone le sekao sa bone se se molemo. Gape re ka ikobela kaelo ya Dikwalo e ba re nayang yone. (Bala Bahebera 13:7, 17.) Gopola gore bagolwane ba a re rata e bile ba batla gore re atamalane le Modimo. Ka sekai, fa ba lemoga gore ga re nne gone ka metlha kwa dipokanong kgotsa gore ga re sa tlhole re tlhagafetse, ruri ba tla re thusa ka bonako. Ba tla re reetsa le go re kgothatsa ba dirisa Baebele. A o leba thuso ya bone e le tsela e Jehofa a go bontshang ka yone gore o a go rata?

16 Nna o gopotse gore go ka nna ga bo go se motlhofo gore bagolwane ba re neye kgakololo e re e tlhokang. Ka sekai, akanya fela gore go ne go le thata jang gore moporofeti Nathane a bue le Dafide fa a sena go leka go fitlha boleo jwa gagwe jo bo masisi! (2 Sam. 12:1-14) Ka tsela e e tshwanang, Paulo o ile a tshwanelwa ke go nna pelokgale gore a kgaleme moaposetoloi Petere ka gonne o ne a tsaya bakaulengwe ba Bajuda ba le botlhokwa go feta bakaulengwe ba bangwe. (Bagal. 2:11-14) Ka jalo, ke eng se o ka se dirang gore go nne motlhofo gore bagolwane ba go neye kgakololo? Ikokobetse, atamelesega e bile o ba lebogele tiro e ba e dirang. Leba thuso ya bone e le tsela e Jehofa a go bontshang ka yone gore o a go rata. Seno se tla go tswela mosola e bile se tla dira gore ba itumelele tiro ya bone.

17. Kgaitsadi mongwe o ne a solegelwa molemo jang ke thuso e e lorato ya bagolwane?

17 Kgaitsadi mongwe a re dilo tse di mo diragaletseng mo nakong e e fetileng, di ne di dira gore go nne thata gore a rate Jehofa. A re: “Fa dilo tse di ntiragaletseng di ne di simolola go dira gore ke ngomoge pelo, ke ne ka lemoga gore ke tlhoka go bua le bagolwane. Ga ba a ka ba nkgalefela kgotsa go ntshwayatshwaya diphoso, go na le moo, ba ne ba nkgothatsa le go nnonotsha. Le fa gone ba nna ba tshwaregile morago ga dipokano, ka metlha mongwe wa bone o ne a mpotsa gore go ntse go tsamaya jang. Dilo tse di ntiragaletseng di ne tsa dira gore ke akanye gore Modimo a ka se ka a nthata. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a nna a dirisa phuthego le bagolwane go mpontsha gore o a nthata. Ke rapelela gore ke se ka ka mo latlha.”

KE ENG SE SE BOTLHOKO GO FETA KOTLHAO?

18, 19. Ke eng se se botlhoko thata go feta go otlhaiwa? Naya sekai.

18 Le fa gone go otlhaiwa go le botlhoko, ditlamorago tsa go gana kotlhao ya Modimo di botlhoko thata go feta kotlhao. (Baheb. 12:11) Akanya ka dikai tse pedi, sa ga Kaine le sa ga Kgosi Sedekia. Fa Kaine a ne a simolola go tlhoa Abele, Modimo o ne a mo raya a re: “Ke ka ntlha yang fa o tuka bogale e bile ke ka ntlha yang fa sefatlhego sa gago se tlhontse? Fa o simolola go dira molemo, a ga o kitla o godisiwa? Mme fa o sa dire molemo, go na le boleo jo bo bobileng fa kgorong, e bile bo a go eletsa; mme wena, a o tla bo fenya?” (Gen. 4:6, 7) Kaine ga a ka a reetsa. O ne a feleletsa a bolaile Abele. Ruri Kaine o ipaketse mathata le kutlobotlhoko e e sa tlhokegeng! (Gen. 4:11, 12) Fa a ka bo a amogetse kotlhao ya Modimo, e ka bo e sa nna botlhoko thata jaaka mathata a a ileng a lebana le one.

19 Sedekia e ne e le kgosi e e bokoa le e e boikepo, mme fa a busa, dilo di ne di le maswe tota kwa Jerusalema. Moporofeti Jeremia o ne a nna a kopa Sedekia gore a tlogele go dira dilo tse di bosula, le fa go ntse jalo, kgosi eno e ne ya nna ya gana kgakololo eo. Go ne ga nna le ditlamorago tse di maswe tota. (Jer. 52:8-11) Jehofa ga a batle gore re wele mo mathateng a a ntseng jalo!—Bala Isaia 48:17, 18.

20. Go tlile go direga eng ka batho ba ba amogelang kotlhao ya Modimo le ba ba e ganang?

20 Gompieno batho ba le bantsi ba tseela kotlhao kwa tlase. Mme gone, go ise go ye kae, batho botlhe ba ba nang le boikutlo joo jo bo sa siamang ba tla di gama ba sa di tlhapela. (Dia. 1:24-31) Ka jalo, a re ‘reetseng kotlhao mme re tlhalefe.’ Fela jaaka Diane 4:13 e tlhalosa, “tshwara kotlhao; o se ka wa e tlogela. E dibele, gonne ke yone botshelo jwa gago.”