Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 10

Ke Eng se se Nthibelang go Kolobediwa?

Ke Eng se se Nthibelang go Kolobediwa?

“Ka bobedi ba fologela mo teng ga metsi, Filipo le moopafadiwa yono; mme a mo kolobetsa.”—DIT. 8:38.

PINA 52 Boineelo Jwa Bokeresete

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Adame le Efa ba ile ba latlhegelwa ke eng, mme go ne ga felela jang?

O AKANYA gore ke mang yo o tshwanetseng go baya melao ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang? Fa Adame le Efa ba ne ba ja leungo la setlhare sa kitso ya molemo le bosula, ba ne ba bontsha gore ga ba tshepe Jehofa le melao ya gagwe. Ba ile ba ipeela melao ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. (Gen. 3:22) Mme gone, ba ile ba latlhegelwa ke dilo di le dintsi. Kamano ya bone le Jehofa e ile ya senyega. Ba ne ba latlhegelwa ke tshono ya go tshelela ruri e bile ba ne ba fetisetsa boleo le loso mo baneng ba bone. (Bar. 5:12) Eleruri ba ile ba tlisetsa batho mahutsana!

Fa moopafadiwa wa Moithopia a sena go ithuta ka Jesu, o ne a kolobediwa ka yone nako eo (Bona serapa 2-3)

2-3. (a) Moopafadiwa wa Moithiopia o ile a dira eng fa Filipo a ne a mo rerela? (b) Go kolobediwa go dira gore re nne le masego afe, mme re tla tlotla ka eng?

2 Se Adame le Efa ba ileng ba se dira se farologane le se moopafadiwa wa Moithopia a ileng a se dira fa Filipo a mo rerela. Moopafadiwa yoo o ne a lebogela se Jehofa le Jesu ba mo diretseng sone mo a neng a kolobediwa ka yone nako eo. (Dit. 8:34-38) Fa re ineela mo go Jehofa re bo re kolobediwa, re bontsha gore le rona re lebogela se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone. Gape re bontsha gore re tshepa Jehofa le gore re dumela gore ke ene a tshwanetseng go baya melao ya se se siameng le se se sa siamang.

3 Akanya ka tsela e Jehofa a re segofatsang ka yone fa re mo direla. Ka sekai, o re solofetsa gore o tla re naya dilo tsotlhe tse di latlhegetseng Adame le Efa, go akaretsa botshelo jo bo sa khutleng. E re ka re na le tumelo mo go Jesu Keresete, Jehofa o a re itshwarela fa re dirile diphoso e bile o re thusa go nna le segakolodi se se phepa. (Math. 20:28; Dit. 10:43) Mo godimo ga moo, re nna karolo ya batlhanka ba ga Jehofa ba ba nang le tsholofelo ya go tshela ka kagiso mo nakong e e tlang. (Joh. 10:14-16; Bar. 8:20, 21) Le fa gone go direla Jehofa go re solegela molemo, batho bangwe ba okaoka go kolobediwa. Ka ntlha yang? Ke eng se se ka ba thusang?

KE ENG FA BANGWE BA TSHABA GO KOLOBEDIWA?

Dilo tse di dirang gore bangwe ba okaoke go kolobediwa

Go sa Itshepe (Bona serapa 4-5) *

4-5. Avery le Hannah ba ne ba na le mathata afe?

4 Go inyatsa. Batsadi ba mosha mongwe wa dingwaga di le 19 e bong Avery ke Basupi ba ga Jehofa. Rraagwe o itsege e le rre yo o molemo le mogolwane yo o tlhagafetseng. Mme gone, Avery o ne a okaoka go kolobediwa. Ka ntlha yang? A re: “Ke ne ke sa akanye gore ke tla tshwana le rre.” Gape o ne a sa akanye gore o tla kgona go dira maikarabelo a a tla a newang mo phuthegong. A re: “Ke ne ke tshaba gore go tla twe ke rapelele phuthego, ke neele puo kgotsa ke tshware pokano ya tshimo.”

5 Hannah yo o nang le dingwaga di le 18 o ne a na le bothata jwa go sa itshepe. Batsadi ba gagwe ke Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, o ne a sa akanye gore a ka kgona go tshela ka melao ya ga Jehofa. Ka ntlha yang? O ne a itsaya e se motho wa sepe. Ka dinako tse dingwe o ne a utlwa botlhoko thata mo a neng a ikgobatsa ka boomo mme seno se ne sa dira gore dilo di nne maswe le go feta. A re: “Ga ke a ka ka bolelela ope, tota le batsadi ba me e bile ke ne ke akanya gore Jehofa a ka se nkamogele ka ntlha ya se ke neng ke se dira.”

Go Tlhotlhelediwa ke Ditsala (Bona serapa 6) *

6. Ke eng fa Vanessa a ne a okaoka go kolobediwa?

6 Go nna le ditsala tse di sa siamang. Vanessa wa dingwaga di le 22 a re: “Ke ne ke na le tsala mme re ne re na le nako e e telele re itsane.” Le fa go ntse jalo, tsala ya ga Vanessa e ne e sa mo kgothaletse go kolobediwa. Seo se ne se utlwisa Vanessa botlhoko. A re: “Go thata gore ke nne le ditsala, ka jalo, ke ne ke tshaba gore fa nka tlogela go tsalana le ene, nka se nne le tsala e nngwe gape.”

Go Tshaba go Dira Diphoso (Bona serapa 7) *

7. Mosha mongwe yo o bidiwang Makayla o ne a tshaba eng, mme ka ntlha yang?

7 Go tshaba go dira diphoso. Fa Makayla a na le dingwaga di le tlhano, mogoloe o ile a tlosiwa mo phuthegong. Makayla o ne a bona kafa seo se neng sa utlwisa batsadi ba gagwe botlhoko ka gone. A re: “Ke ne ke tshaba gore fa nka kolobediwa, ke tla dira phoso ke bo ke tlosiwa mo phuthegong le go utlwisa batsadi ba me botlhoko le go feta.”

Go Tshaba go Ganediwa (Bona serapa 8) *

8. Mosha mongwe yo o bidiwang Miles o ne a tshaba eng?

8 Go tshaba go ganediwa. Rraagwe Miles ke Mosupi mme mmaagwe ene ga se Mosupi. Batsadi ba ga Miles ba ile ba kgaogana. Miles a re: “Ke ne ka nna le mmê dingwaga di le 18 mme ke ne ke tshaba go mmolelela gore ke batla go kolobediwa. O ne a sa itumela fa rre e nna Mosupi. Ke ne ke tshaba gore fa nka kolobediwa, o tla nkgalefela.”

KE ENG SE SE KA GO THUSANG?

9. Fa o lemoga gore Jehofa o pelotelele e bile o lorato, o tla dira eng?

9 Adame le Efa ba ile ba tlhanogela Jehofa ka gonne ba ne ba sa mo rate ka pelo yotlhe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ba letlelela gore ba nne le bana le go itlhophela gore ba ba godise jang. Se se ileng sa direga moragonyana se ile sa bontsha gore tshwetso ya bone ya go batla go ipusa e ne e le boeleele fela. Ka sekai, morwaabone wa leitibolo o ne a bolaya morwarragwe mme fa nako e ntse e ya, batho ba ne ba simolola go rata ntwa e bile ba ikakanyetsa fela ba le bosi. (Gen. 4:8; 6:11-13) Mme gone, Jehofa o ne a setse a itse gore o tlile go golola jang bana ba ga Adame le Efa ba ba batlang go mo direla. (Joh. 6:38-40, 57, 58) Fa o ntse o ithuta ka Jehofa, o tla lemoga gore o pelotelele e bile o lorato mme seo se tla dira gore o mo rate le go feta. Ga o kitla o dira se Adame le Efa ba se dirileng, go na le moo, o tla ineela mo go Jehofa.

O ka fenya dikgwetlho tseno jang?

(Bona serapa 9-10) *

10. Ke eng fa go akanya ka Pesalema 19:7 go ka go thusa go direla Jehofa?

10 Tswelela o ithuta ka Jehofa. Fa o nna o ithuta ka Jehofa, o tla tlhatswega pelo gore o ka kgona go mo direla ka boikanyegi. Avery yo go builweng ka ene pelenyana a re: “Go bala le go akanya ka tsholofetso e e mo go Pesalema 19:7 (e bale) go ne ga nthusa gore ke itshepe.” Fa Avery a bona Jehofa a diragatsa tsholofetso eo, o ne a mo rata le go feta. Go rata Jehofa go re thusa gore re tlhomamisege gore re ka kgona go mo direla. Mo godimo ga moo, go re thusa gore re se ka ra dira dilo tse a sa di rateng mme seo se dira gore re eletse go mo direla. Hannah yo go builweng ka ene pelenyana a re: “Go bala Baebele le go ithuta ke le nosi go nthusitse go lemoga gore fa ke ikgobatsa, Jehofa o utlwa botlhoko.” (1 Pet. 5:7) Hannah o ne a dirisa se a se ithutileng. (Jak. 1:22) Go ne ga felela jang? A re: “Fa ke ne ke lemoga gore go ikobela Jehofa go ntswela mosola, ke ne ka mo rata le go feta. Ke a itse gore Jehofa o tla nthusa ka metlha.” Hannah o ne a tlogela mokgwa wa go ikgobatsa mme a ineela mo go Jehofa le go kolobediwa.

(Bona serapa 11) *

11. Vanessa o kgonne jang go nna le ditsala tse di siameng, mme re ka ithuta eng mo go ene?

11 Tlhopha ditsala tse di siameng. Vanessa yo go builweng ka ene pelenyana o ne a lemoga gore tsala ya gagwe e mo thibela go direla Jehofa. Ka jalo, o ne a tlogela go nna tsala ya gagwe. Ga a ka a dira seo fela, gape o ne a batla ditsala tse disha mo phuthegong. A re o thusitswe ke pego ya ga Noa le ba lelapa la gagwe. A re: “Ba ne ba tshela le batho ba ba neng ba sa rate Jehofa mme e ne e le lelapa le le kitlaneng e bile ba ne ba thusana.” Fa Vanessa a sena go kolobediwa, o ne a nna mmulatsela. A re: “Go nna mmulatsela go nthusitse go nna le ditsala tse di siameng mo phuthegong ya rona le mo diphuthegong tse dingwe.” Fa o nna o tshwaregile mo tirong e Jehofa a re e neileng, le wena o ka kgona go nna le ditsala tse di siameng.—Math. 24:14.

(Bona serapa 12-15) *

12. Adame le Efa ga ba a ka ba dira eng, mme seo se ne sa felela ka eng?

12 O se ka wa tshoga thata. Ga go phoso go tshoga. Ka sekai, re tshwanetse go tshaba go dira dilo tse Jehofa a sa di rateng. (Pes. 111:10) Fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba dira jalo, ba ka bo ba sa tlhanogela Jehofa. Ka maswabi, ba ile ba mo tlhanogela. Morago ga moo matlho a bone a ile a bulega, mo go rayang gore ba ile ba lemoga gore ke baleofi. Ba ne ba tlile go fetisetsa loso le boleo mo baneng ba bone. E re ka ba ne ba tlhaloganya gore ba tlodile molao wa ga Jehofa, ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong ka gonne ba ne ba sa apara ba bo ba iphitlha.—Gen. 3:7, 21.

13-14. (a) Go ya ka 1 Petere 3:21, ke eng fa re sa tshwanela go boifa loso lebaibai? (b) Ke eng fa re tshwanetse go rata Jehofa?

13 Re tshwanetse go tshaba go dira dilo tse Jehofa a sa di rateng mme gone, ga re a tshwanela go boifa loso lebaibai. Jehofa o re diretse tsela ya gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. Fa re dirile phoso re bo re ikwatlhaya, o tla re itshwarela. O tla re itshwarela ka gonne re na le tumelo mo setlhabelong sa Morwawe. Re bontsha gore re na le tumelo fa re ineela mo go Jehofa le go kolobediwa.—Bala 1 Petere 3:21.

14 Re na le mabaka a mantsi a a dirang gore re rate Jehofa. Ga a re neye fela dilo tse dintle tse re di itumelelang letsatsi le letsatsi, gape o re ruta boammaaruri ka ga gagwe le ka boikaelelo jwa gagwe. (Joh. 8:31, 32) O dirisa phuthego ya gagwe go re kaela le go re ema nokeng. O re thusa go itshokela mathata a rona e bile o re solofetsa gore re tla tshelela ruri mo lefatsheng le le nang le kagiso. (Pes. 68:19; Tshen. 21:3, 4) Fa re akanya ka dilo tse Jehofa a re diretseng tsone go re bontsha gore o a re rata, seo se dira gore le rona re mo rate. Mme fa re rata Jehofa, re tshaba go dira dilo tse a sa di rateng. Ga re batle go mo utlwisa botlhoko ka gonne re a mo rata.

15. Ke eng se se thusitseng Makayla gore a se ka a tlhola a okaoka go kolobediwa?

15 Fa Makayla a sena go tlhaloganya gore Jehofa o a re itshwarela fa re dira diphoso, ga a ka a tlhola a okaoka go kolobediwa. A re: “Ke ne ka lemoga gore re na le boleo, ka jalo re dira diphoso. Gape ke ne ka lemoga gore Jehofa o a re rata le gore o tla re itshwarela ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu.” E re ka Makayla a rata Jehofa, o ile a ineela mo go ene le go kolobediwa.

(Bona serapa 16) *

16. Ke eng se se thusitseng Miles gore a se ka a tlhola a tshaba go ganediwa?

16 Miles yo o neng a tshaba gore mmaagwe o tla mo galefela fa a ka kolobediwa, o ne a kopa thuso mo molebeding wa potologo. Miles a re: “Le ene rraagwe e ne e le Mosupi mme mmaagwe e se Mosupi. O ne a nthusa go akanya ka se ke neng ke tla se bua gore ke thuse mmê go tlhaloganya gore rre o ne a sa mpateletse gore ke kolobediwe mme e ne e le tshwetso ya me.” Fa Miles a bolelela mmaagwe gore o batla go kolobediwa, mmaagwe o ne a sa itumela. Miles o ne a tshwanelwa ke go tswa kwa gae, mme ga a ka a fetola mogopolo. A re: “Go ithuta ka dilo tse di molemo tse Jehofa a neng a ntiretse tsone go ne ga nkama maikutlo. Fa ke akanya ka setlhabelo sa ga Jesu, ke ile ka lemoga gore Jehofa o a nthata. Seo se ile sa nthusa gore ke ineele mo go Jehofa le go kolobediwa.”

O SE KA WA KATA KA MORAGO

Re ka bontsha gore re lebogela dilo tse Jehofa a re diretseng tsone (Bona serapa 17)

17. Re na le tshono ya go dira eng?

17 Efa o ile a bontsha gore o tlhanogela Jehofa ka go ja leungo la setlhare. Adame o ile a bontsha gore ga a lebogele dilo tse di molemo tse Jehofa a neng a mo diretse tsone ka gonne le ene o ne a le ja. Re na le tshono ya go bontsha gore ga re tshwane le bone le gore re lebogela dilo tsotlhe tse Jehofa a re diretseng tsone. Fa re kolobediwa, re bontsha Jehofa gore re dumela gore ke ene a nang le tshwanelo ya go baya melao ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Re bontsha gore re a mo rata e bile re a mo tshepa.

18. Ke eng se se ka go thusang gore o kgone go direla Jehofa?

18 Fa re sena go kolobediwa, re tshwanetse go tswelela re tshela ka melao ya ga Jehofa letsatsi le letsatsi. Batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi ba dira jalo. Le wena o ka kgona fa o tsaya matsapa go tlhaloganya Lefoko la Modimo, o ya dipokanong ka metlha e bile o bolelela ba bangwe ka se o se ithutang. (Baheb. 10:24, 25) Letla gore Lefoko la Modimo le phuthego ya gagwe di go kaele fa o dira ditshwetso. (Isa. 30:21) Fa o dira jalo, sengwe le sengwe se o se dirang se tla atlega.—Dia. 16:3, 20.

19. Re tshwanetse go nna re lemoga eng, mme ka ntlha yang?

19 Fa o nna o lemoga gore go ikobela Jehofa go go solegela molemo, o tla mo rata le go feta e bile o tla rata le melao ya gagwe. Ka ntlha ya seo, ga go na sepe mo lefatsheng la ga Satane se se ka dirang gore o tlogele go direla Jehofa. Akanya gore o tla bo o le kae morago ga dingwaga di le sekete. Ka nako eo, ga o kitla o ikwatlhaela go bo o ile wa kolobediwa.

PINA 28 Go Nna Tsala ya ga Jehofa

^ ser. 5 Go tlhopha gore a o tla kolobediwa ke tshwetso ya botlhokwa thata e o tshwanetseng go e dira. Ke eng fa tshwetso eo e le botlhokwa jaana? Re tla bona karabo mo setlhogong seno. Gape setlhogo seno se tla thusa batho ba ba batlang go kolobediwa mme gone ba okaoka.

^ ser. 56 SETSHWANTSHO: Go itshepa: Mosimane o okaoka go akgela kwa dipokanong.

^ ser. 58 SETSHWANTSHO: Ditsala: Mosha wa Mosupi yo o nang le tsala e e sa siamang o tlhabiwa ke ditlhong fa a bona Basupi ba bangwe.

^ ser. 60 SETSHWANTSHO: Go dira diphoso: Mosha o tshaba gore le ene o tla dira diphoso fa a bona mogoloe a tlosiwa mo phuthegong a bo a tswa mo gae.

^ ser. 62 SETSHWANTSHO: Go ganediwa: Mosimane o tshaba go rapela fa mmaagwe yo e seng Mosupi a mo lebile.

^ ser. 65 SETSHWANTSHO: Go itshepa: Mosimane o tokafatsa tsela e a ithutang ka yone.

^ ser. 67 SETSHWANTSHO: Ditsala: Mosupi yo mosha o ithuta go nna motlotlo ka go nna Mosupi.

^ ser. 69 SETSHWANTSHO: Go dira diphoso: Mosetsana o rata boammaaruri a bo a kolobediwa.

^ ser. 71 SETSHWANTSHO: Go ganediwa: Mosimane o tlhalosetsa mmaagwe yo e seng Mosupi dilo tse a di dumelang a bo a kolobediwa.