Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Molemo—O ka Nna le Nonofo Eno Jang?

Molemo—O ka Nna le Nonofo Eno Jang?

ROTLHE re batla go itsiwe re le batho ba ba molemo. Mme gone, go thata go nna motho yo o molemo gompieno. Batho ba le bantsi ga ba na “lorato lwa tlholego.” (2 Tim. 3:3) Ba gana melao ya ga Jehofa. Se a reng se molemo, bone ba re se “bosula” mme se Jehofa a reng se bosula bone ba re se “molemo.” (Isa. 5:20) Gape go thata go nna batho ba ba molemo ka ntlha ya dilo tse di ka tswang di re diragaletse le ka gonne re baleofi. Ka jalo, re ka nna ra bo re ikutlwa jaaka Anne, * yo o ileng a direla Jehofa dingwaga di le dintsi. A re: “Go thata gore ke dumele gore ke motho yo o molemo.”

Se se itumedisang ke gore rotlhe re ka kgona go nna batho ba ba molemo! Re ka thusiwa ke moya o o boitshepo wa Modimo. Moya wa gagwe o maatla go feta tlhotlheletso ya batho ba lefatshe e bile o maatla go feta makoa a re ka tswang re na le one. Mma re ithute gore molemo ke eng le go bona gore re ka nna batho ba ba molemo jang.

MOLEMO KE ENG?

Go nna molemo go akaretsa go itshwara sentle le go sa dire sepe se se bosula. Motho yo o molemo o nna a batla ditsela tsa go thusa ba bangwe e bile o ba direla dilo tse dintle.

O ka tswa o ile wa bona batho ba ba direlang ba malapa a bone le ditsala tsa bone dilo tse di molemo, mme gone, a ke sone fela se ba tlhokang go se dira? Gone, re ka se kgone go bontsha nonofo eno ka botlalo. Baebele ya re “ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo mme a sa leofe.” (Mor. 7:20) Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Ke a itse gore mo go nna, ke gore, mo nameng ya me, ga go nne sepe se se molemo.” (Bar. 7:18) Ka jalo, fa re batla go nna batho ba ba molemo, re tshwanetse go ithuta mo Motsweding wa molemo e bong Jehofa.

“JEHOFA O MOLEMO”

Jehofa Modimo ke ene a tlhomang melao ya gore ke eng se se molemo kgotsa se se siameng. Baebele e bua jaana ka Jehofa: “O molemo e bile o dira molemo. Nthute melao ya gago.” (Pes. 119:68) Mma re tlotle ka dintlha tse pedi kaga Jehofa tse go buiwang ka tsone mo temaneng eo.

Jehofa o molemo. Ga go kgonege gore Jehofa a palelwe ke go bontsha molemo. Dinonofo tse dingwe tsa gagwe di amana le nonofo eno. Akanya ka se se ileng sa direga fa Jehofa a bolelela Moshe jaana: “Nna ka bonna ke tla dira gore molemo otlhe wa me o fete fa pele ga sefatlhego sa gago.” Jehofa o ne a bontsha Moshe kgalalelo ya gagwe mme Moshe o ne a utlwa mafoko ano: “Jehofa, Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri, yo o bolokelang dikete bopelonomi jwa lorato, yo o itshwarelang phoso le tlolo le boleo, mme a se kitla a golola mo kotlhaong ka gope.” (Eks. 33:19; 34:6, 7) Seno se re ruta gore Jehofa o molemo ka tsela e e feletseng. Le fa gone Jesu e ne e le motho yo o molemo, o ile a re: “Ga go na ope yo o molemo, fa e se a le mongwe, e bong Modimo.”—Luke 18:19.

Re kgona go bona gore Jehofa o molemo mo dilong tse a di bopileng

Ditiro tsa ga Jehofa di molemo. Sengwe le sengwe se Jehofa a se dirang se bontsha gore o molemo. Baebele ya re: “Jehofa o molemo mo go botlhe, le mautlwelobotlhoko a gagwe a mo ditirong tsa gagwe tsotlhe.” (Pes. 145:9) Jehofa o molemo e bile ga a na tlhaolele, o naya batho botlhe botshelo le dilo tse ba di tlhokang gore ba tswelele ba tshela. (Dit. 14:17) Gape o bontsha gore o molemo ka go re itshwarela. Mopesalema o ne a re: “Wena, Jehofa, o molemo e bile o iketleeleditse go itshwarela.” (Pes. 86:5) Ruri “Jehofa ka boene ga a kitla a thibela sepe se se molemo mo go ba ba tsamayang ka go tlhoka molato.”—Pes. 84:11.

“ITHUTENG GO DIRA MOLEMO”

Re bopilwe mo setshwanong sa Modimo, ka jalo, re ka kgona go nna batho ba ba molemo le go dira dilo tse di siameng. (Gen. 1:27) Le fa go ntse jalo, Baebele ya re re “[ithute] go dira molemo.” (Isa. 1:17) Mme gone, re ka dira seo jang? Mma re tlotle ka dilo di le tharo tse di ka re thusang.

Sa ntlha, re ka rapelela moya o o boitshepo, o o ka re thusang gore re nne batho ba ba molemo mo go Jehofa. (Bagal. 5:22) Moya o o boitshepo o tla re thusa gore re tlhoe se se bosula le go rata se se molemo. (Bar. 12:9) Tota e bile, Baebele ya re Jehofa a ka re “nitamisa mo tirong nngwe le nngwe le mo lefokong lengwe le lengwe le le molemo.”—2 Bathes. 2:16, 17.

Sa bobedi, re tshwanetse go bala Lefoko la Modimo. Fa re dira jalo, Jehofa a ka re ruta “tsela yotlhe ya se se molemo” le go re baakanyetsa “tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (Dia. 2:9; 2 Tim. 3:17) Dipelo tsa rona di tshwana le mabolokelo. Fa re bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka se re se balang, re tlatsa dipelo tsa rona ka dilo tse di molemo tsa Modimo le thato ya gagwe. Dilo tseo di ka kgona go re thusa mo nakong e e tlang.—Luke 6:45; Baef. 5:9.

Sa boraro, re leka ka natla go “[nna baetsi] ba se se molemo.” (3 Joh. 11) Go na le dikai tse re ka di etsang mo Baebeleng. Gone, dikao tse di molemo go gaisa ke Jehofa le Jesu. Le fa go ntse jalo, re ka ithuta ka batho ba bangwe ba ba neng ba itsege e le batho ba ba molemo. Bangwe ba bone ke Tabitha le Barenabase. (Dit. 9:36; 11:22-24) Re ka solegelwa molemo ke sekao sa bone fa re ithuta se Baebele e se buang ka bone. Ithute kafa ba ileng ba thusa ba bangwe ka gone. Mo godimo ga moo, akanya ka se wena o ka se dirang go thusa ba lelapa la gago kgotsa ba bangwe mo phuthegong. Gape akanya ka dilo tse di ileng tsa diragalela Tabitha le Barenabase ka gonne ba ne ba direla batho ba bangwe dilo tse di molemo. Le wena o ka solegelwa molemo ke go dira se se tshwanang.

Gape re ka akanya ka batho ba ba dirang dilo tse di molemo gompieno. Ka sekai, akanya ka bagolwane ba ba dirang ka natla mo phuthegong e bile e le ‘barati ba se se molemo.’ Mo godimo ga moo, akanya ka bokgaitsadi ba ba ikanyegang “ba ba rutang se se molemo” ka se ba se buang le se ba se dirang. (Tito 1:8; 2:3) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Roslyn a re: “Tsala ya me e tsaya matsapa go thusa le go kgothatsa ba bangwe mo phuthegong. O akanya ka maemo a bone a bo a ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang. Ruri ke motho yo o molemo tota!”

Jehofa o kgothaletsa batho ba gagwe gore ba “batle se se molemo.” (Amos. 5:14) Fa re dira jalo, re tla rata se Jehofa a reng se molemo e bile re tla batla go dira se se molemo.

Re leka go nna batho ba ba molemo le go dira dilo tse di siameng

Fa re batla go dira molemo, ga re tlhoke go rekela ba bangwe dilo tse di turang kgotsa go ba direla dilo tse dikgolo tse di sa tlwaelegang. Ka sekai: A motaki o torowa setshwantsho ka go dira mothalo o le mongwe fela? Nnyaa, go na le moo, o dira methalo e le mentsi e e bopang setshwantsho se sentle. Ka tsela e e tshwanang, fa le rona re direla batho ba bangwe dilo tse dintsi tse di ba thusang, seo se tla bontsha gore re batho ba ba molemo.

Baebele e re kgothaletsa gore re akanye ka ditsela tse re ka thusang ba bangwe ka tsone, segolobogolo bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. (2 Tim. 2:21; Tito 3:1) Fa re ela tlhoko dilo tse di diragalelang batho ba bangwe, re tla bona ditsela tsa go thusa ba bangwe. (Bar. 15:2) Seo se ka akaretsa go ba naya dilo tse re nang le tsone. (Dia. 3:27) Re ka laletsa mongwe gore a tle go ja le rona kgotsa gore a itapolose le rona. Fa re itse gore mongwe o a lwala, re ka mo romelela karata, ra mo etela kgotsa ra mo founela. E kete re ka nna re batla ditsela tsa go bua “lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.”—Baef. 4:29.

Fela jaaka Jehofa, re batla go direla batho botlhe dilo tse di molemo. Ka jalo, ga re tlhaole batho ba bangwe. Tsela e e molemo ya go dira jalo ke go rerela batho botlhe dikgang tse di molemo. Fela jaaka Jesu a ile a bua, re batla go direla batho botlhe dilo tse di molemo, tota le batho ba ba re tlhoileng. (Luke 6:27) Ga go phoso go nna pelonomi le go direla batho dilo tse di molemo, ka gonne “ga go na molao ope o o kgatlhanong le dilo tse di ntseng jalo.” (Bagal. 5:22, 23) Fa re dira dilo tse di molemo le fa re lebana le mathata, re tla gogela batho ba bangwe mo boammaaruring le go galaletsa Modimo.—1 Pet. 3:16, 17.

RE A SEGOFALA FA RE DIRA MOLEMO

Baebele ya re: “Motho yo o molemo o tla kgotsofadiwa ke diphelelo tsa ditiro tsa gagwe.” (Dia. 14:14) Dingwe tsa diphelelo tseo ke dife? Fa re direla ba bangwe dilo tse di molemo, seo se tla dira gore le bone ba dirisane sentle le rona. (Dia. 14:22) Mme gone, le fa ba sa dire jalo, fa nako e ntse e ya ba ka nna ba fetoga ba bo ba simolola go re tshwara sentle.—Bar. 12:20.

Fa re tlogela go dira dilo tse di bosula mme re dira tse di molemo, re solegelwa molemo. Seno ke se se diragaletseng bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi. Akanya ka maitemogelo a ga Nancy. A re: “Fa ke ntse ke gola, ke ne ke le setlhakanatlhogo, ke dira dilo tse di sa siamang e bile ke se na maitseo. Le fa go ntse jalo, fa ke ne ke simolola go ithuta ka Jehofa e bile ke dira se a se batlang, ke ne ka itumela. Jaanong ke na le botho.”

Lebaka le legolo la go bo re batla go nna batho ba ba molemo ke gore re itumedise Jehofa. Le fa re sa bonwe ke batho, Jehofa ene o a re bona. O lemoga dilo tse di molemo tse re di dirang le tse re di akanyang. (Baef. 6:7, 8) O re segofatsa jang? Baebele ya re: “Yo o molemo o amogelwa ke Jehofa.” (Dia. 12:2) Ka jalo, a re tsweleleng re dira dilo tse di molemo. Jehofa o solofetsa “kgalalelo le tlotlo le kagiso mo go mongwe le mongwe yo o dirang se se molemo.”—Bar. 2:10.

^ ser. 2 Leina le fetotswe.