Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 10

Go Rata Jehofa go Tla go Tlhotlheletsa Gore o Kolobediwe

Go Rata Jehofa go Tla go Tlhotlheletsa Gore o Kolobediwe

“Ke eng se se nthibelang go kolobediwa?”—DIT. 8:36.

PINA 37 Go Direla Jehofa ka Moya Otlhe

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Go ya ka Ditiro 8:27-31, 35-38, ke eng se se ileng sa tlhotlheletsa moopafadiwa wa Moethiopia gore a kolobediwe?

A O BATLA go kolobediwa? Batho ba le bantsi ba ile ba kolobediwa ka gonne ba rata Jehofa e bile ba lebogela dilo tse a ba direlang tsone. Akanya ka monna mongwe yo e neng e le modiredi wa kgosigadi ya kwa Ethiopia.

2 Fa monna yoo a ntse a ithuta Dikwalo, o ile a lemoga gore balatedi botlhe ba ga Jesu ba tshwanetse go kolobediwa mme o ile a dira fela jalo. (Bala Ditiro 8:27-31, 35-38.) Ke eng se se ileng sa mo tlhotlheletsa gore a kolobediwe? Go bonala a ne a rata Lefoko la Modimo. Re itse jang? Ka gonne fa a ne a le mo kareng a boela Ethiopia o ne a bala buka ya Isaia. Mo godimo ga moo, e rile Filipo a mo tlhalosetsa Dikwalo, seo se ile sa dira gore monna yoo a simolole go lebogela dilo tsotlhe tse Jesu a mo diretseng tsone. Mme gone, o ne a ile go dira eng kwa Jerusalema? O ne a ile go obamela Jehofa ka gonne o ne a mo rata. Go bonala monna yono a ile a tlogela bodumedi jo a goletseng mo go jone mme a simolola go obamela Modimo wa boammaaruri. E re ka a ne a rata Jehofa, o ile a dira sengwe se se botlhokwa thata. O ile a kolobediwa a bo a nna morutwa wa ga Jesu.—Math. 28:19.

3. Ke eng se se ka dirang gore motho a okaoke go kolobediwa? (Bona lebokose le le reng, “ Ke Eng Se se Mo Pelong ya Gago?”)

3 Go rata Jehofa go tla go tlhotlheletsa gore o kolobediwe. Mme gone fa o rata batho bangwe kgotsa dilo dingwe thata, seo se ka dira gore o okaoke go kolobediwa. Re raya jang? Akanya ka dikai dingwe. O ka tswa o rata ditsala tsa gago le ba lelapa la gago fela thata mme o tshaba gore fa o ka kolobediwa, ba tla go tlhanogela. (Math. 10:37) Gongwe go na le dilo dingwe tse o di ratang tse Jehofa a di tlhoileng mme go thata gore o di tlogele. (Pes. 97:10) Kgotsa o ka tswa o godile o keteka meletlo mengwe e e amanang le bodumedi jwa maaka mme o rata meletlo eo ka gonne go ne go le monate go e keteka. Ka jalo, go ka nna thata gore o e tlogele. (1 Bakor. 10:20, 21) Mme gone, potso ya botlhokwa e o tshwanetseng go ipotsa yone ke gore: “Ke eng kgotsa ke mang yo ke mo ratang thata?”

KE MANG YO RE TSHWANETSENG GO MO RATA THATA?

4. Ke eng se se ka dirang gore o kolobediwe?

4 Go na le dilo di le dintsi tse o di ratang. Ka sekai, gongwe le pele o simolola go ithuta le Basupi ba ga Jehofa, o ka tswa o ne o rata Baebele. Gape o ka tswa o ne o rata Jesu. Mme e re ka gone jaanong o ithuta le Basupi ba ga Jehofa, o ka tswa o ba rata. Mme gone, seno ga se reye gore dilo tseno di ka dira gore o ineele mo go Jehofa o bo o kolobediwa. Selo se se tla go tlhotlheletsang gore o kolobediwe ke go rata Jehofa. Fa o rata Jehofa go feta sengwe le sengwe, ga o kitla o letla ope kgotsa sepe se go thibela gore o kolobediwe. Go rata Jehofa go tla go tlhotlheletsa gore o kolobediwe e bile gape go tla go thusa gore o tswelele o ikanyega mo go ene fa o sena go kolobediwa.

5. Re tla tlotla ka dipotso dife?

5 Jesu o ile a re re tshwanetse go rata Jehofa ka pelo yotlhe, moya otlhe, mogopolo otlhe le ka nonofo yotlhe ya rona. (Mar. 12:30) Ke eng se se ka go thusang gore o rate Jehofa thata jalo? Fa o ipha nako go akanya ka tsela e Jehofa a go ratang ka yone, seo se tla go thusa gore le wena o mo rate. (1 Joh. 4:19) Go rata Jehofa jalo go tla go tlhotlheletsa gore o direng? *

6. Go ya ka Baroma 1:20, ke eng se se ka go thusang gore o itse Jehofa?

6 Ithute ka Jehofa mo dilong tse a di bopileng. (Bala Baroma 1:20; Tshen. 4:11) Akanya ka dimela le diphologolo tse Jehofa a di dirileng. Go dira jalo go tla go thusa go lemoga gore Jehofa o botlhale. Ithute tsela e mmele wa motho o dirilweng ka yone. (Pes. 139:14) Gape akanya fela gore letsatsi le na le maatla a a kana kang mme o se ka wa lebala gore letsatsi ke nngwe ya dinaledi tse dintsintsi tse Jehofa a di bopileng. * (Isa. 40:26) Fa o ipha nako go akanya ka dilo tse Jehofa a di bopileng, o tla mo rata le go feta. Gone ke boammaaruri gore go botlhokwa go itse gore Jehofa o botlhale e bile o na le maatla. Mme gone, fa o batla go atamalana le ene o tshwanetse go mo itse sentle.

7. Ke eng se se tla go thusang gore o rate Jehofa?

7 O tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jehofa o a go rata. A go thata gore o dumele gore Mmopi wa legodimo le lefatshe o a go itse e bile o a go rata? Fa go le jalo, gopola gore Jehofa ga a “kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.” (Dit. 17:26-28) Baebele ya re Jehofa o “hukutsa dipelo tsotlhe,” gape ya re “fa o mmatla, o tla dira gore o mmone.” (1 Ditir. 28:9) Tota e bile, gone jaanong o ithuta Baebele ka gonne Jehofa o go gogetse kwa go ene. (Jer. 31:3) Fa o simolola go tlhaloganya dilo tsotlhe tse Jehofa a go diretseng tsone, o tla mo rata le go feta.

8. O ka bontsha jang gore o lebogela lorato lwa ga Jehofa?

8 O ka bontsha gore o lebogela lorato lwa ga Jehofa ka go bua le ene ka metlha. Fa o nna o mmolelela dilo tse di go tshwenyang e bile o mo lebogela dilo tsotlhe tse a go direlang tsone, o tla mo rata le go feta. Gape o tla atamalana thata le ene fa o bona a araba dithapelo tsa gago. (Pes. 116:1) O tla lemoga gore Jehofa o a go itse. Mme gone, o tshwanetse go itse gore ke eng fa Jehofa a rata dilo dingwe, a tlhoile dilo dingwe e bile a dira dilo dingwe ka tsela e e rileng. Gape o tshwanetse go itse gore Jehofa o batla gore o direng. O ka kgona go itse dilo tseno fa fela o ithuta Baebele.

Go ithuta Baebele go tla re thusa go itse gore Jehofa o batla gore re direng (Bona serapa 9) *

9. O ka bontsha jang gore o rata Baebele?

9 Rata Lefoko la Modimo. Baebele ke yone fela e re rutang boammaaruri ka Jehofa le ka se a ikaeletseng go se dira. O bontsha gore o rata Baebele fa o e bala letsatsi le letsatsi, fa o baakanyetsa thuto ya gago ya Baebele le fa o dirisa se o se ithutang. (Pes. 119:97, 99; Joh. 17:17) A o na le thulaganyo ya go bala Baebele? A o a e bala letsatsi le letsatsi?

10. Ke eng se se kgatlhang thata ka Baebele?

10 Sengwe se se kgatlhang thata ka Baebele ke gore e na le dipego tse di kwadilweng ke batho ba ba ileng ba tshela le Jesu. Ke yone fela buka e e ikanyegang e e re tlhalosetsang se Jesu a re diretseng sone. Fa o ntse o ithuta ka dilo tse Jesu a ileng a di bua le tse a ileng a di dira, ga go pelaelo gore o tla batla go nna tsala ya gagwe.

11. Ke eng se se ka go thusang gore o rate Jehofa?

11 Fa o rata Jesu, o tla rata le Jehofa. Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu o na le botho jo bo tshwanang le jwa ga Jehofa. (Joh. 14:9) Ka jalo fa o ithuta ka Jesu, o tla itse Jehofa e bile o tla mo rata le go feta. Akanya ka tsela e Jesu a neng a tshwara batho ka yone. Ka sekai, batho ba ba humanegileng, ba ba lwalang le ba ba bokoa ba ne ba tseelwa kwa tlase mme Jesu ene o ne a ba utlwela botlhoko. Gape akanya ka kgakololo ya ga Jesu le kafa go e dirisa go go tswelang mosola ka gone.—Math. 5:1-11; 7:24-27.

12. Fa o ntse o ithuta ka Jesu, o tla tlhotlheletsega go dira eng?

12 Fa o ipha nako go akanya ka se Jesu a ileng a se dira gore re itshwarelwe maleo, o tla mo rata le go feta. (Math. 20:28) Fa o simolola go tlhaloganya gore Jesu o ne a iketleeleditse go go swela, seno se tla go tlhotlheletsa gore o kope Jehofa gore a go itshwarele. (Dit. 3:19, 20; 1 Joh. 1:9) Mo godimo ga moo, fa o rata Jehofa le Jesu, o tla rata batho ba ba ba ratang.

13. Jehofa o go neile eng?

13 Rata batho ba ba ratang Jehofa. Ditsala tsa gago le ba lelapa la gago ba e seng Basupi ba ka tswa ba sa tlhaloganye gore ke eng fa o batla go ineela mo go Jehofa. Tota e bile, ba ka nna ba go thatafaletsa botshelo. Mme gone, Jehofa o tla go naya lelapa le lesha la bakaulengwe le bokgaitsadi. Fa o tswelela o atamalane le bone, ba tla go rata e bile ba tla go ema nokeng. (Mar. 10:29, 30; Baheb. 10:24, 25) Gongwe fa nako e ntse e ile, ba lelapa la gago le bone ba ka nna ba simolola go tshela ka melao ya ga Jehofa le go mo direla.—1 Pet. 2:12.

14. Go ya ka 1 Johane 5:3, ke eng se o se lemogileng ka melao ya ga Jehofa?

14 Rata melao ya ga Jehofa mme o e dirise mo botshelong jwa gago. Pele o ithuta ka Jehofa gongwe ke wena o neng o itlhophela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Mme gone jaanong o a lemoga gore melao ya ga Jehofa ke yone e siameng. (Pes. 1:1-3; bala 1 Johane 5:3.) Ka sekai, akanya ka kgakololo e Jehofa a e nayang banna, basadi, batsadi le bana. (Baef. 5:22–6:4) A go dirisa kgakololo ya ga Jehofa go ile ga dira gore botlhe mo lelapeng la lona ba itumele? A go ikobela kgakololo ya ga Jehofa ya gore o tlhophe ditsala tse di siameng go ile ga go thusa? A go ikobela melao ya ga Jehofa go dira gore o itumele? (Dia. 13:20; 1 Bakor. 15:33) Ga go pelaelo gore karabo ya dipotso tseo tsotlhe ke ee.

15. Ke eng se se ka go thusang go dirisa melaometheo ya Baebele?

15 Ka dinako tse dingwe, go ka nna thata go itse gore o ka dirisa jang melaometheo ya Baebele e o e ithutang. Ke gone ka moo Jehofa a dirisang phuthego ya gagwe go re naya dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Dikgatiso tseo di go thusa lemoga se se siameng le se se sa siamang. (Baheb. 5:13, 14) Fa o bala dikgatiso tseno, di tla go thusa go lemoga gore melaometheo ya Baebele ga e potapote, le gore fa re e dirisa e re tswela mosola. Seno se tla go thusa gore o rate phuthego ya ga Jehofa.

16. Jehofa o rulagantse batho ba gagwe jang?

16 Rata phuthego ya ga Jehofa mme o e eme nokeng. Jehofa o rulagantse batho ba gagwe gore e nne diphuthego, mme Morwawe e bong Jesu ke tlhogo ya diphuthego tseo tsotlhe. (Baef. 1:22; 5:23) Jesu o ile a tlhoma setlhopha sa banna ba ba tloditsweng gore e nne bone ba etelelang pele mo tirong e a batlang barutwa ba gagwe ba e dira. Jesu o bitsa setlhopha seo sa banna a re ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” mme o ba neile maikarabelo a gore ba go thuse go atamalana le Jehofa e bile ba go thuse gore o tswelele o atamalane le ene. Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o tsaya maikarabelo ao masisi fela thata. (Math. 24:45-47) Tsela nngwe e motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale a go tlhokomelang ka yone ke ka go tlhoma bagolwane mo diphuthegong. Bagolwane ba a re kaela e bile ba a re sireletsa. (Isa. 32:1, 2; Baheb. 13:17; 1 Pet. 5:2, 3) Ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go re gomotsa le go re thusa gore re tswelele re atamalane le Jehofa. Tsela e e botlhokwa thata e bagolwane ba go thusang ka yone ke go go thusa gore o rerele ba bangwe.—Baef. 4:11-13.

17. Go ya ka Baroma 10:10, 13 le 14, ke eng fa re ruta batho ka Jehofa?

17 Thusa ba bangwe gore ba rate Jehofa. Jesu o ile a laela barutwa ba gagwe gore ba rute batho ka Jehofa. (Math. 28:19, 20) Gone ke boammaaruri gore kwa tshimologong re ka nna ra dira jalo fela ka gonne re batla go ikobela taelo ya ga Jesu. Mme fa o ntse o rata Jehofa le go feta, o tla ikutlwa jaaka moaposetoloi Petere le Johane ba ba ileng ba re: “Ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.” (Dit. 4:20) Ga go na sepe se se itumedisang jaaka go thusa motho gore a rate Jehofa. Akanya fela gore Filipo o ne a itumetse jang fa a ne a thusa monna wa Moethiopia gore a itse Jehofa le gore a kolobediwe. Fa o ikobela taelo ya ga Jesu ya gore o rerele ba bangwe, o a bo o bontsha gore o batla go nna Mosupi wa ga Jehofa. (Bala Baroma 10:10, 13, 14.) Fa o ikobela taelo eno ya ga Jesu, ga go pelaelo gore o tlile go botsa potso eno e Moethiopia a ileng a e botsa: “Ke eng se se nthibelang go kolobediwa?”—Dit. 8:36.

18. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Go kolobediwa ke tshwetso ya botlhokwa thata e o tlileng go e dira mo botshelong jwa gago. E re ka tshwetso eno e le botlhokwa thata, o tshwanetse go akanyetsa sentle gore go kolobediwa go kayang. O tshwanetse go itse eng ka go kolobediwa? O tshwanetse go dira eng pele o kolobediwa le fa o sena go kolobediwa? Re tla bona dikarabo mo setlhogong se se latelang.

PINA 2 Leina la Gago ke Jehofa

^ ser. 5 Batho bangwe ba rata Jehofa mme gone ba okaoka go kolobediwa. Fa e le gore o mongwe wa bone, setlhogo seno se tla go thusa go akanya ka dilo dingwe tse o ka di dirang tse di tla go tlhotlheletsang gore o kolobediwe.

^ ser. 5 Batho ga ba tshwane, ka jalo, batho ba bangwe ga ba dirise dikakantsho tse di mo setlhogong seno go ya ka tatelano ya tsone.

^ ser. 6 Go bona dikai tse dingwe, bona boroutšhara jwa Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?

^ ser. 61 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi o naya mongwe yo a kopanang le ene kwa marekisetsong pampitshana.