Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Goreng Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko fa ba dirisa di-app tsa go romelelana melaetsa?

Bakeresete bangwe ba dirisa didirisiwa tsa thekenoloji go bua le ba malapa a bone le bakaulengwe le bokgaitsadi. Mme Mokeresete yo o botlhale o tla nna a akantse ka kgakololo eno: “Yo o botlhale yo o boneng masetlapelo o ne a iphitlha; ba ba se nang maitemogelo ba ba fetileng ba bogile matswela a a botlhoko.”—Dia. 27:12.

Re a itse gore Jehofa o batla go re sireletsa. Ke lone lebaka la go bo re sa itsalanye le batho ba ba bakang dikgaogano, ba ba kgaotsweng le ba ba sokamisang boammaaruri. (Bar. 16:17; 1 Bakor. 5:11; 2 Joh. 10, 11) Bangwe mo phuthegong ba ka tswa ba sa ikobele melao ya Baebele. (2 Tim. 2:20, 21) Fa re tlhopha ditsala, re tshwanetse go nna re akantse ka seno. Mme go ka nna thata gore re tlhophe ditsala ka botlhale fa re tlotla le bone fela ka melaetsa.

Go botlhokwa gore re nne kelotlhoko fa re tlhopha ditsala, segolobogolo jang fa batho ba re romelelanang melaetsa le bone e le setlhopha. Bakeresete bangwe ba ile ba tsena mo ditlhopheng tsa go romelelana melaetsa mme seo se ile sa nna le diphelelo tse di botlhoko. Mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a ka nna kelotlhoko jang fa a le mo setlhopheng sa batho ba ba romelelanang melaetsa, mme gone batho bao ba le bantsi thata? Go ka nna thata gore a itse gore batho bao botlhe ke batho ba mofuta ofe kgotsa gore a tumelo ya bone e nonofile. Pesalema 26:4 e a re: “Ga ke a nna le batho ba ba se nang boammaaruri; e bile ga ke tsene le ba ba fitlhang se ba leng sone.” Seno se bontsha gore go botlhokwa gore re romelelane melaetsa le batho ba re ba itseng fela.

Tota le fa Mokeresete a romelelana melaetsa le setlhopha se sennye sa batho, o tshwanetse go nna kelotlhoko gore o fetsa nako e kae a bua le batho bao le gore ba bua ka eng. Ga re a tshwanela go ikutlwa re patelesega go araba melaetsa eo, go sa kgathalasege gore go ka tswa go buiwa ka eng le gore re fetsa nako e kae re dira jalo. Paulo o ile a tlhagisa Timotheo ka batho bangwe ba e neng e le “basebi le ba ba itsenyatsenyang mo mererong ya batho ba bangwe.” (1 Tim. 5:13) Le gompieno batho ba ka seba ba bangwe kgotsa ba itsenya mo dikgannyeng tsa ba bangwe ka go romelelana melaetsa.

Mokeresete yo o godileng sentle, ga a kitla a seba ba bangwe, a bua dikgang tsa bone tsa sephiri kgotsa go reetsa fa ba bangwe ba dira jalo. (Pes. 15:3; Dia. 20:19) Gape ga a kitla a reetsa dikgang tse di utlwalang e kete di feteleditswe kgotsa tse go se nang bosupi jwa tsone kgotsa go di bolelela ba bangwe. (Baef. 4:25) Re na le tshedimosetso e ntsi e e theilweng mo Baebeleng e bile e le e re ka e ikanyang mme re ka e bona mo jw.org le mo thulaganyong ya JW Broadcasting® ya kgwedi le kgwedi.

Basupi bangwe ba dirisa di-app tsa go romelelana melaetsa go reka dilo, go di rekisa, go bapatsa le go solofetsa batho tiro. Tseo ke dikgang tsa kgwebo mme ga di amane gope le go obamela Jehofa. Bakeresete ba ba batlang go tila mokgwa wa go “rata madi” ga ba dire madi ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone.—Baheb. 13:5.

Mme gone, a re tshwanetse go dirisa di-app tsa go romelelana melaetsa go kopela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba dikobo dikhutshwane madi kgotsa go thusa ba ba amilweng ke masetlapelo? Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi fela thata e bile re amega ka bone, ka jalo, re thusa ba ba tlhokang thuso le go ba kgothatsa. (Jak. 2:15, 16) Mme gone, fa re itirile setlhopha sa batho ba le bantsi, re romelelana melaetsa re re re leka go ba thusa, seo se ka kgoreletsa dithulaganyo tse di diriwang ke ofisi ya lekala kgotsa phuthego gore e kgone go ba thusa. (1 Tim. 5:3, 4, 9, 10, 16) Mme ga go pelaelo gore ga go ope wa rona yo o tla batlang go itira e kete o neilwe kabelo e e kgethegileng ya go tlhokomela batho ba Modimo.

Re batla gore sengwe le sengwe se re se dirang se galaletse Jehofa. (1 Bakor. 10:31) Ka jalo, fa o dira tshwetso ya go dirisa di-app tsa go romelelana melaetsa kgotsa go dirisa didirisiwa tsa thekenoloji, akanya ka dikotsi tse di ka nnang gone mme o nne kelotlhoko.