SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 10
Phuthego e ka Thusa Jang Moithuti wa Baebele Gore a Kolobediwe?
“Tokololo nngwe le nngwe . . . [e] direla kgolo ya mmele.” —BAEF. 4:16.
PINA 85 Amogelanang
SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *
1-2. Ke bomang ba ba ka thusang motho yo o ithutang Baebele gore a kolobediwe?
AMY yo o nnang kwa Fiji a re: “Ke ne ke rata se ke neng ke ithuta sone mo Baebeleng, ke ne ke itse gore ke boammaaruri. Mme fa ke sena go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi, ke ne ka kgona go dira diphetogo, ke bo ke kolobediwa.” Se se diragaletseng Amy se re ruta sengwe sa botlhokwa. Re ithuta gore ba bangwe mo phuthegong le bone ba ka thusa moithuti wa Baebele gore a kgone go gatela pele a bo a kolobediwe.
2 Mmoledi mongwe le mongwe a ka kgona go thusa moithuti wa Baebele gore a nne Mosupi wa ga Jehofa. (Baef. 4:16) Mmulatsela mongwe yo o bidiwang Leilani, yo o nnang kwa Vanuatu a re: “Go na le seane sengwe se se reng, ngwana sejo o a tlhakanelwa. Ke akanya gore go ntse jalo le ka tiro ya go dira barutwa. Gantsi gore motho yo o ithutang Baebele a feleletse a kolobediwa, o a bo a thusitswe ke phuthego.” Batsadi, ba losika, ditsala le barutabana ba ka thusa ngwana gore e nne motho yo o nang le maikarabelo. Ba ka mo thusa ka go mo kgothatsa le go mo ruta dithuto tsa botlhokwa mo botshelong. Ka tsela e e tshwanang, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka gakolola, ba kgothatsa le go tlhoma sekao se se molemo go thusa moithuti wa Baebele gore a dire diphetogo a bo a kolobediwe.—Dia. 15:22.
3. O ithuta eng mo go se Ana, Dorin le Leilani ba se buileng?
3 Goreng mmoledi a ka itumela fa bakaulengwe mo phuthegong ba thusa motho yo a ithutang Baebele le ene? Mmulatsela yo o kgethegileng wa kwa Moldova yo o bidiwang Ana a re: “Moithuti wa Baebele a ka tlhoka go thusiwa ka dilo di le dintsi mme ga go Joh. 13:35.
motlhofo gore motho yo a ithutang Baebele le ene a mo thuse a le nosi.” Mmulatsela yo mongwe yo o kgethegileng wa kwa Moldova e bong Dorin a re: “Go le gantsi baboledi ba bangwe ba bua sengwe se se amang moithuti pelo, e leng sengwe se ke neng ke sa akanya ka sone ka nako eo.” Leilani o tlhalosa lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go itumela fa ba bangwe ba thusa motho yo re ithutang Baebele le ene. A re: “Fa moithuti a bona gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba a mo rata, seo se dira gore a lemoge gore re batho ba ga Jehofa.”—4. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
4 Gongwe o ka ipotsa gore, ‘Ke eng se nka se dirang go thusa motho yo o ithutang Baebele le fa e se nna ke mo tshwarelang thuto?’ A re bone gore re ka dira eng fa mongwe a re kopile go tsamaya le ene kwa thutong ya gagwe le gore re ka dira eng fa moithuti wa Baebele a simolola go ya dipokanong. Gape re tla bona gore bagolwane ba ka thusa jang motho yo o ithutang Baebele gore a kolobediwe.
FA O TSAMAILE LE MONGWE KWA THUTONG YA GAGWE
5. O tshwanetse go dira eng fa mongwe a go kopile gore o tsamaye le ene kwa thutong ya gagwe?
5 Motho yo o tshwarang thuto ke ene a nang le maikarabelo a go thusa moithuti go tlhaloganya Lefoko la Modimo. Fa mongwe a go kopile gore o tsamaye le ene kwa thutong ya gagwe, o na le boikarabelo jwa go mo thusa. (Mor. 4:9, 10) Mme gone, o ka dira eng go mo thusa fa a tshwere thuto?
6. O ka dirisa jang molaomotheo o o mo go Diane 20:18, fa mongwe a go kopile gore o tsamaye le ene kwa thutong ya gagwe?
6 Baakanyetsa. Sa ntlha kopa motho yo o tshwarang thuto gore a go tlotlele go se kae ka motho yo a ithutang le ene. (Bala Diane 20:18.) O ka nna wa mmotsa gore: “Moithuti wa gago ke motho yo o ntseng jang? Le bala kgaolo efe? Ke eng se o batlang moithuti wa gago a ithute sone mo kgaolong eno? A go na le sengwe se ke sa tshwanelang go se bua kgotsa go se dira fa re tshwere thuto? Nka dira eng go thusa moithuti wa gago gore a gatele pele?” Gone mmoledi ga a kitla a go bolelela sengwe le sengwe ka moithuti wa gagwe mme gone, se a tla go bolelelang sone se tla go thusa. Morongwa mongwe yo o bidiwang Joy o tlotla ka dilo tseno fa a tsamaya le mongwe kwa thutong ya gagwe. A re: “Seno se thusa motho yo ke tsamayang le ene gore a batle go thusa motho yo ke ithutang le ene le gore a itse gore a ka bua eng fa thuto e ntse e tsweletse.”
7. Ke eng fa o tshwanetse go baakanyetsa fa o tsamaya le mongwe kwa thutong ya gagwe?
7 Fa mongwe a go laleditse gore o tsamaye le ene kwa thutong ya gagwe, go ka nna molemo gore o baakanyetse kgaolo e ba tla e balang. (Esera 7:10) Mokaulengwe Dorin yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Ke a itumela fa motho yo ke tsamayang le ene a baakanyeditse. Seno se tla mo thusa gore a ntshe dintlha tsa botlhokwa.” Mme fa moithuti a lemoga gore lo baakanyeditse, seo se tla mo tlhomela sekao se se molemo. Le fa gone o sa kgona go baakanyetsa sentle, gongwe o ka ipha nako ya go lebelela dintlha tsa botlhokwa.
8. O ka dira eng gore thapelo ya gago e solegele moithuti molemo?
8 Thapelo e botlhokwa thata fa go tshwerwe thuto ya Baebele. Ka jalo, akanya ka se o tlileng go se bua fa motho yo o tshwarang thuto a go kopa gore o rapele. Seo se tla go thusa gore o itse gore o rapelele eng. (Pes. 141:2) Hanae yo o nnang kwa Japane a re o sa ntse a gopola thapelo ya kgaitsadi yo a neng a tsamaya le motho yo a neng a mo tshwarela thuto. A re: “Ke ne ka lemoga gore kgaitsadi yoo ke tsala e kgolo ya ga Jehofa mme ke ne ke batla go tshwana le ene. Gape ke ne ka lemoga gore o a nthata fa a ne a umaka leina la me mo thapelong.”
9. Jakobe 1:19 e a re o ka dira eng go nna mothusi yo o molemo fa o tsamaile le mongwe kwa thutong ya gagwe?
9 Thusa motho yo o tshwereng thuto. Kgaitsadi mongwe wa kwa Nigeria yo e leng mmulatsela yo o kgethegileng, yo o bidiwang Omamuyovbi a re: “Gore motho e nne mothusi yo o molemo fa a tsamaile le mongwe kwa thutong ya gagwe, o tshwanetse go reetsa le go ntsha dintlha tsa botlhokwa. Mme gone, ga a a tshwanela go etelela motlotlo pele. O tshwanetse go gopola gore ke maikarabelo a motho yo a tsamayang le ene go tshwara thuto.” O ka itse jang gore o tshwanetse go bua leng le gore o ka bua eng? (Dia. 25:11) Reetsa ka kelotlhoko fa thuto e ntse e tsweletse. (Bala Jakobe 1:19.) Fa o dira jalo, o tla kgona go bua ka nako e e tshwanetseng. Mme gone, o tshwanetse go akanya pele o bua. Ka sekai, ga o a tshwanela go bua thata, go tsena motho yo o rutang ganong a ntse a tlhalosa sengwe kgotsa go bua ka sengwe se se farologaneng le se go ithutiwang ka sone. Mme o ka thusa moithuti go tlhaloganya dintlha tsa botlhokwa ka go akgela ka bokhutshwane, go dirisa ditshwantsho kgotsa go mmotsa potso. Ka dinako dingwe o ka nna wa lemoga gore ga o tlhoke go bua sepe. Mme fa o akgola moithuti, o mmontsha gore o mo tsaya a le botlhokwa, seo se ka mo thusa gore a gatele pele.
10. Maitemogelo a gago a ka thusa jang motho yo o ithutang Baebele?
10 Mo tlotlele ka dilo tse di go diragaletseng. Fa go tlhokega, tlotlela moithuti ka bokhutshwane gore go tlile jang gore o ithute boammaaruri, ke dikgwetlho dife tse o kopaneng le tsone le gore Jehofa o go thusitse jang mo botshelong. (Pes. 78:4, 7) Gongwe maitemogelo a gago a ka mo thusa. A ka nonotsha tumelo ya gagwe kgotsa a mo thusa go dira diphetogo gore a kolobediwe. Gape a ka mo thusa go lemoga gore ke eng se a ka se dirang gore a fenye teko nngwe e a lebaneng le yone. (1 Pet. 5:9) Mokaulengwe mongwe wa kwa Brazil yo o bidiwang Gabriel, yo gone jaanong e leng mmulatsela a re o gopola se se ileng sa mo thusa fa a ne a ithuta Baebele. A re: “Fa ke ne ke utlwa ka se se diragaletseng bakaulengwe bangwe, ke ne ka lemoga gore Jehofa o bona mathata a re lebanang le one. Fa ba ile ba kgona go a fenya go raya gore le nna nka kgona.”
FA MOITHUTI A SIMOLOLA GO YA DIPOKANONG
11-12. Goreng re tshwanetse go amogela moithuti wa Baebele fa a tlile dipokanong?
11 Gore moithuti a dire diphetogo le gore a kolobediwe, a ka thusiwa ke go nna gone ka metlha kwa dipokanong. (Baheb. 10:24, 25) Gantsi fa a tla dipokanong lekgetlho la ntlha, o a bo a laleditswe ke motho yo a ithutang le ene. Mme fa a le kwa dipokanong, go na le sengwe se rotlhe re ka se dirang go mo thusa gore a batle go tla dipokanong gape. Ke eng se re ka se dirang?
12 Mo amogele. (Bar. 15:7) Fa re dira gore moithuti a ikutlwe a amogetswe fa a le kwa dipokanong, seo se ka dira gore a batle go tla gape. Mo dumedise mme o mo itsise ba bangwe. Mme o se ka wa dira gore a ikutlwe a sa phuthologa. Tlotla le ene ka gonne gongwe motho yo a ithutang le ene ga a ise a goroge kgotsa o tshwaregile ka dilo dingwe mo holong. Reetsa ka kelotlhoko fa a bua mme o mmontshe gore o mo tsaya a le botlhokwa. Fa o dira gore a ikutlwe a amogelesegile, seo se tla mo thusa jang? Akanya ka se se diragaletseng Dmitrii. O ile a kolobediwa dingwaga di se kae tse di fetileng mme gone jaanong, ke motlhanka wa bodiredi. O ile a tlhalosa se se mo diragaletseng lekgetlho la ntlha fa a ne a ya dipokanong. A re: “Mokaulengwe mongwe o ne a mpona ke eme kwa ntle ga Holo ya Bogosi mme ke tshogile. O ile a mpitsa a bo a re ke tsene le ene mo teng ga holo. Batho ba le bantsi ba ne ba tla go ntumedisa. Ke ne ke gakgametse tota. Ke ne ke itumetse e bile ke eletsa gore nka bo ke ya dipokanong letsatsi le letsatsi. E ne e le la ntlha ke ikutlwa ka tsela eo.”
13. Tsela e o itshwarang ka yone e ka thusa jang moithuti wa Baebele?
13 Mo tlhomele sekao se se molemo. Tsela e o itshwarang ka yone e ka dira gore motho yo o ithutang Baebele, a lemoge gore re Bakeresete ba boammaaruri. (Math. 5:16) Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Vitalii, yo e leng mmulatsela kwa Moldova, a re: “Ke ne ka bona tsela e bakaulengwe bangwe mo phuthegong ba tshelang ka yone, ba itshwarang ka yone le tsela e ba dirang dilo ka yone. Seno se ile sa mpontsha gore Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba boammaaruri.”
14. Tsela e o dirang dilo ka yone e ka thusa jang moithuti gore a dire diphetogo?
14 Pele ga moithuti a ka kolobediwa, o tshwanetse go dirisa se a se ithutang. Mme gone, ga se ka metlha go leng motlhofo go dira jalo. Mme fa moithuti a lemoga gore wena o dirisa melaometheo ya Baebele le gore seo se a go thusa, a ka tlhotlheletsega go etsa sekao sa gago. (1 Bakor. 11:1) Akanya ka maitemogelo a ga Hanae yo re tlotlileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng. A re: “Tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba tshela ka yone, e ne e tsamaisana le se ke neng ke ithuta sone. Ke ile ka ithuta mo go bone gore nka kgothatsa jang ba bangwe, nka dira eng gore ke kgone go ba itshwarela le go ba bontsha gore ke a ba rata. Ka metlha ba ne ba bua dilo tse di molemo ka ba bangwe. Mme ke ne ke batla go ba etsa.”
15. Diane 27:17 e re thusa jang go bona botlhokwa jwa go tsalana le motho yo o ithutang Baebele fa a ntse a tla dipokanong?
15 Nna tsala ya gagwe. Fa moithuti a ntse a tla dipokanong, mmontshe gore o amega ka ene. (Bafil. 2:4) Tlotla le ene. O ka mmolelela gore o itumeletse go bona gore o dirile diphetogo. O ka mmotsa gore thuto ya gagwe e tsamaya jang, ka ba lelapa la gagwe le ka tiro ya gagwe. Mme gone, o se ka wa mmotsa dipotso tse di ka dirang gore a tlhabiwe ke ditlhong. Fa o ntse o tlotla le ene, seno se ka dira gore lo nne ditsala. Fa o nna tsala ya moithuti, seo se ka mo thusa gore a dire diphetogo a bo a kolobediwe. (Bala Diane 27:17.) Gone jaanong Hanae ke mmulatsela wa ka metlha. Hanae o ile a tlhalosa se se ileng sa direga fa a ne a simolola go ya dipokanong. A re: “Fa ke sena go nna le ditsala kwa phuthegong, ke ne ke itumelela go ya dipokanong le fa gone ke lapile. Ke ne ke rata ditsala tsa me tse disha mme seo se ile sa nthusa gore ke tlogele go tsalana le batho ba ba neng ba sa direle Jehofa. Ke ne ke batla go nna tsala ya ga Jehofa le ya bakaulengwe le bokgaitsadi. Ka jalo, ke ile ka dira tshwetso ya go kolobediwa.”
16. Ke eng gape se o ka se dirang go thusa moithuti gore a ikutlwe e le karolo ya phuthego?
16 Fa moithuti a ntse a dira diphetogo, mo thuse gore a ikutlwe e le karolo ya phuthego. O ka dira seo ka go mo laletsa fa lo dira dilo dingwe. (Baheb. 13:2) Mokaulengwe mongwe wa kwa Moldova yo o bidiwang Denis, o tlhalosa se se ileng sa direga fa a ne a ithuta Baebele. A re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba a tle ba laletse nna le mosadi wa me gore re ye go itlosa bodutu le bone. Ba ne ba re tlotlela gore Jehofa o ile a ba thusa jang. Seo se ile sa re kgothatsa. Se ile sa dira gore re batle go direla Jehofa le go lemoga gore fa re ka dira jalo, re tla itumela.” Fa moithuti a sena go nna mmoledi, o ka mo kopa gore a tsamaye le wena mo bodireding. Diego wa kwa Brazil a re: “Bakaulengwe ba le bantsi ba ile ba ntaletsa gore ke tsamaye le bone mo bodireding. Seno se ile sa dira gore ke ithute gore ke batho ba ba ntseng jang. Fa ke ntse ke ba tlwaela ke ile ka ithuta dilo di le dintsi mme ke ne ka atamalana le Jehofa le Jesu.”
BAGOLWANE BA KA THUSA JANG?
17. Bagolwane ba ka thusa jang batho ba ba ithutang Baebele?
17 Iphe nako le moithuti wa Baebele. Bagolwane, fa lo bontsha batho ba ba ithutang Baebele
gore lo a ba rata le gore lo amega ka bone, seno se ka dira gore ba batle go dira diphetogo le go kolobediwa. Gongwe o ka tlotla le bone kwa dipokanong. Fa o gopola maina a bone, seno se tla dira gore ba lemoge gore o amega ka bone. Mme o tlhoka go dira jalo, segolobogolo fa ba simolola go arabela. A o ka kgona go beela nako kwa thoko gore o tsamaye le mmoledi fa a ya go tshwara thuto ya Baebele? Seo se ka thusa moithuti fela thata. Kgaitsadi mongwe wa kwa Nigeria yo e leng mmulatsela yo o bidiwang Jackie a re: “Batho ba le bantsi ba ke ithutang le bone ba a gakgamala fa ke ba bolelela gore mokaulengwe yo ke tsamayang le ene ke mogolwane. Motho mongwe yo ke ithutang le ene o ile a re: ‘Nna moruti wa me ga a ka ke a dira dilo tseo. O etela fela batho ba ba humileng mme o ba etela fela fa ba mo naya madi!’” Gone jaanong moithuti yoo o ya dipokanong.18. Bagolwane ba ka diragatsa jang maikarabelo a bone jaaka go tlhalositswe mo go Ditiro 20:28?
18 Thusa le go kgothatsa baboledi ba ba tshwarang dithuto. Bagolwane, lo na le maikarabelo a botlhokwa a go ruta baboledi gore ba kgone go rera le go ruta sentle mo bodireding. (Bala Ditiro 20:28.) Fa mongwe a tshaba go tshwara thuto o le teng, mmolelele gore o ka tshwara thuto eo. Jackie yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Bagolwane ba tlhola ba mpotsa ka batho ba ke ithutang le bone. Fa ke lebane le dikgwetlho, ba nnaya kgakololo e e tla nthusang.” Go na le dilo di le dintsi tse bagolwane ba ka di dirang go kgothatsa baboledi ba ba tshwarang dithuto. (1 Bathes. 5:11) Jackie a re: “Ke a itumela fa bagolwane ba nkgothatsa le go mpolelela gore ba itumelela tiro e e botlhokwa e ke e dirang. Dilo tse ba di buang di dira gore ke ikutlwe ke lapologetswe, ke lemoge gore ke dira tiro ya me sentle le gore ke itumele.”—Dia. 25:25.
19. Rotlhe re ka itumelela go dira eng?
19 Le fa gone jaanong o se na thuto ya Baebele, o ka kgona go thusa mongwe gore a dire diphetogo le gore a kolobediwe. Fa re baakanyeditse sentle re bo re ntsha dintlha tsa botlhokwa re ka thusa motho yo o tshwereng thuto. Mme gone, re tshwanetse go gopola gore ga re a tshwanela go bua thata. Re ka tsalana le batho ba ba ithutang Baebele fa ba tla dipokanong gape re ka ba tlhomela sekao se se molemo. Bagolwane ba ka kgothatsa batho ba ba ithutang Baebele ka go ipha nako le bone. Gape ba ka thusa baboledi le go ba akgolela tiro e ba e dirang. Re a itumela fa re kgona go thusa moithuti gore a rate Jehofa le go simolola go mo direla. Go sa kgathalasege gore se re se dirileng se sennye kgotsa jang, rotlhe re ka itumelela go thusa ba bangwe go rata Jehofa le go simolola go mo direla.
PINA 79 Ba Rute go Nitama
^ ser. 5 Ga se mongwe le mongwe wa rona yo o nang le thuto ya Baebele. Mme gone, rotlhe re ka kgona go thusa mongwe gore a kolobediwe. Mo setlhogong seno, re tla ithuta gore re ka dira eng go thusa motho yo o ithutang Baebele gore a kolobediwe.