SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 14
Bagolwane—Tswelelang lo Etsa Sekao sa ga Moaposetoloi Paulo
“Etsang sekao sa me.”—1 BAKOR. 11:1.
PINA 99 Boidiidi Jwa Bakaulengwe
SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *
1-2. Sekao sa ga moaposetoloi Paulo se ka thusa bagolwane jang gompieno?
MOAPOSETOLOI PAULO o ne a rata bakaulengwe ba gagwe. O ne a dira ka natla go ba thusa. (Dit. 20:31) Ke sone se se neng sa dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba mo rate fela thata. Nako nngwe fa bagolwane ba kwa Efeso ba utlwa gore ba ne ba se kitla ba mmona gape, ba ne ba “thubega ka selelo.” (Dit. 20:37) Bagolwane ba ba dirang ka natla le bone ba rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone fela thata e bile ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go ba thusa. (Bafil. 2:16, 17) Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe bagolwane ba nna le dikgwetlho. Ke eng se se ka ba thusang go di fenya?
2 Bagolwane ba rona ba ba dirang ka natla ba ka sekaseka kafa ba ka etsang sekao sa ga Paulo ka gone. (1 Bakor. 11:1) O ne a se na bokgoni jo baengele ba nang le jone. Paulo o ne a na le boleo e bile ka dinako dingwe o ne a kgaratlha tota gore a dire se se siameng. (Bar. 7:18-20) O ne a na le mathata a mantsi. Le fa go ntse jalo, ga a ka a kgaotsa go thusa bakaulengwe ba gagwe kgotsa go itumelela se a neng a se dira. Fa bagolwane ba etsa sekao sa ga Paulo, ba ka kgona go tswelela ba direla Jehofa ba itumetse tota le fa ba na le mathata. Gone jaanong re tlile go sekaseka gore ba ka dira seo jang.
3. Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong seno, e bile re tlile go thusiwa go dira eng?
3 Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka dikgwetlho tse nnê tse bagolwane ba ka nnang le tsone, e leng: (1) go sa nne le nako e e lekaneng ya go rera le go dira maikarabelo a mangwe, (2) go sa bone nako ya go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone, (3) go kgobiwa marapo ke makoa a bone, le (4) go dirisana le batho ba ba nang le makoa. Re tlile go bona se se thusitseng Paulo gore a fenye dikgwetlho tseo, le kafa bagolwane ba ka etsang sekao sa gagwe ka gone.
GO SA NNE LE NAKO E E LEKANENG YA GO RERA LE GO DIRA MAIKARABELO A MANGWE
4. Goreng ka dinako dingwe go le thata gore bagolwane ba etelele pele mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo?
4 Se se ka dirang gore e nne kgwetlho. Kwantle ga go etelela pele tiro ya go rera, bagolwane ba na le maikarabelo a mangwe a mantsi. Ka sekai, bontsi jwa bone ba etelela pele mo dipokanong tsa mo gare ga beke gangwe le gape kgotsa ba tshwara Thuto ya Baebele ya Phuthego. E bile ba ka tswa ba neela le dipuo tse dingwe. Gape ba katisa batlhanka ba bodiredi e bile ba itumelela go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone. (1 Pet. 5:2) Bagolwane ba bangwe ba dira tiro ya go aga le go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi kgotsa dikago tse dingwe tse di dirisediwang go obamela Jehofa. Le fa go ntse jalo, fela jaaka batho ba bangwe botlhe mo phuthegong, tiro ya botlhokwa thata e bagolwane ba e dirang ke go rera dikgang tse di molemo.—Math. 28:19, 20.
5. Paulo o ne a tlhoma sekao sefe sa go rera?
5 Se bagolwane ba ka se ithutang mo go Paulo. Mafoko a a mo go Bafilipi 1:10 a re bontsha se se neng se thusa Paulo gore a atlege. O ne a re rotloetsa jaana: “Lo lemoge gore dilo tse di botlhokwa thata ke dife.” Paulo le ene o ne a dirisa kgakololo eo. O ne a neilwe tiro ya go rera e bile tiro eo e ne e le selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe ka dingwaga di le dintsi. O ne a rera “phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.” (Dit. 20:20) O ne a sa rere fela ka nako e e rileng mo letsatsing kgotsa gangwe ka beke. Go na le moo, o ne a dirisa tshono nngwe le nngwe go rera. Ka sekai, fa a ne a le kwa Athena a emetse ba a neng a tsamaya le bone, o ne a rerela setlhopha sa batho ba ba tlotlegang dikgang tse di molemo, mme bangwe ba bone ba ne ba amogela molaetsa. (Dit. 17:16, 17, 34) Tota le fa Paulo a ne a le kwa “kgolegelong” o ne a rerela batho ba a neng a na le bone.—Bafil. 1:13, 14; Dit. 28:16-24.
6. Paulo o ne a katisa ba bangwe gore ba kgone go dira eng?
6 Paulo o ne a dirisa nako ya gagwe sentle. O ne a nna a laletsa ba bangwe gore ba tsamaye le ene kwa tshimong. Ka sekai, mo loetong lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa, o ne a tsamaya le Johane Mareko, mme mo loetong lwa bobedi o ne a tsamaya le Timotheo. (Dit. 12:25; 16:1-4) Ga go pelaelo gore Paulo o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go ruta banna bano go rulaganya dilo sentle mo phuthegong, go dira maeto a bodisa le gore ba nne le bokgoni mo tirong ya go rera.—1 Bakor. 4:17.
7. Bagolwane ba ka dira jang se Paulo a buileng ka sone mo go Baefeso 6:14, 15?
7 Se re se ithutang. Bagolwane ba ka etsa Paulo ka go rera ka ntlo le ntlo, gape ba ka nna ba ipaakanyeditse go rera nako nngwe le nngwe le kwa lefelong lengwe le lengwe. (Bala Baefeso 6:14, 15.) Ka sekai, ba ka rera fa ba le kwa dishopong kgotsa kwa tirong. E bile fa ba thusa ka go aga Holo ya Bogosi, ba ka rerela batho ba ba nnang gaufi le yone le ba ba rekisang dilo dingwe. Fela jaaka Paulo, bagolwane ba ka katisa ba bangwe, go akaretsa le batlhanka ba bodiredi, fa ba ntse ba le mo bodireding.
8. Ka dinako dingwe, mogolwane a ka tshwanelwa ke go dira eng?
8 Bagolwane ga ba a tshwanela go tshwarega thata ka dikabelo tsa bone tsa mo phuthegong kgotsa tsa mo potologong mo ba sa nneng le nako ya go rera. Ka dinako dingwe, ba ka nna ba se ka ba amogela dikabelo tse di oketsegileng gore ba kgone go dira dilo tse dingwe tse ba tshwanetseng go di dira. Fa ba sena go akanya ka dikabelo tseo le go rapela ka tsone, ba ka nna ba lemoga gore fa ba ka di amogela, ga ba kitla ba nna le nako ya go dira dilo tse di botlhokwa thata. Dilo tseo di akaretsa go tshwara kobamelo ya lelapa beke le beke, go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera kgotsa go katisa bana ba bone gore ba kgone go rera. Bangwe ba bone ba itumelela go amogela dikabelo tse di oketsegileng, le fa go ntse jalo ba tshwanetse go itse gore Jehofa o tlhaloganya se ba se eletsang, mme gone o batla gore ba dire dilo tsa botlhokwa.
GO SA BONE NAKO YA GO KGOTHATSA BAKAULENGWE LE BOKGAITSADI
9. Go ka nna thata gore bagolwane ba dire eng ka gonne ba nna ba tshwaregile?
9 Se se ka dirang gore e nne kgwetlho. Batho ba ga Jehofa ba na le mathata a mantsi. Mo malatsing ano a bofelo, rotlhe re tlhoka go kgothadiwa, go emiwa nôkeng le go gomodiwa. E bile ka dinako dingwe, bangwe ba tlhoka go thusiwa gore ba tile boitsholo jo bo sa siamang. (1 Bathes. 5:14) Ke boammaaruri gore, bagolwane ga ba ka ke ba kgona go tlosa diteko tsotlhe tse batho ba ga Jehofa ba nnang le tsone. Le fa go ntse jalo, Jehofa o batla gore bagolwane ba dire sotlhe se ba ka se kgonang go kgothatsa batho ba gagwe le go ba sireletsa. Bagolwane ba ka bona nako ya go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi jang ba na le tiro e ntsi jaana?
10. Go ya ka 1 Bathesalonika 2:7, Paulo o ne a thusa batho ba ga Jehofa jang?
10 Se bagolwane ba ka se ithutang mo go Paulo. Paulo o ne a nna a ipaakanyeditse go akgola ba bangwe le go ba kgothatsa. Go tla bo go siame gore bagolwane ba etse sekao sa gagwe, mme ba nne lorato ba bo ba nne pelonomi mo bakaulengweng ba bone. (Bala 1 Bathesalonika 2:7.) Paulo o ne a bolelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe gore o a ba rata le gore Jehofa o a ba rata. (2 Bakor. 2:4; Baef. 2:4, 5) O ne a ba tsaya e le ditsala tsa gagwe e bile o ne a fetsa nako le bone. O ne a bontsha gore o a ba tshepa ka go ba bolelela ka dilo tse di neng di mo tshwenya le ka makoa a gagwe. (2 Bakor. 7:5; 1 Tim. 1:15) Le fa go ntse jalo, Paulo ga a ka a tlhoma mogopolo mo mathateng a gagwe. Go na le moo, o ne a batla go thusa bakaulengwe ba gagwe.
11. Goreng Paulo a ne a naya bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe kgakololo?
11 Ka dinako dingwe, Paulo o ne a tshwanelwa ke go gakolola bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. Le fa go ntse jalo, ga a ka a dira jalo ka gonne a tenegile. O ne a ba gakolola ka gonne a ba rata e bile a batla go ba sireletsa mo dikotsing tse dintsi. O ne a dira gore batho ba tlhaloganye kgakololo e a neng a ba naya yone e bile o ne a batla gore ba e amogele. Ka sekai, mo lekwalong le a neng a le kwalela Bakorintha, o ne a ba kgalemela. Fa a sena go kwala lekwalo leo, o ne a romela Tito kwa go bone. Paulo o ne a batla go itse gore ba ile ba itshwara jang fa ba sena go amogela lekwalo la gagwe. O ne a itumela tota fa a utlwa gore ba ne ba amogetse kgakololo e a neng a ba naya yone le gore ba ne ba e dirisa.—2 Bakor. 7:6, 7.
12. Bagolwane ba ka nonotsha badumedimmogo le bone jang?
12 Se re se ithutang. Bagolwane ba ka etsa sekao sa ga Paulo ka go fetsa nako le badumedimmogo le bone. Ba ka dira jalo ka go goroga nako e sa ntse e le teng kwa dipokanong gore ba kgone go kgothatsa ba bangwe fa ba ntse ba tlotla le bone. Gantsi go tlhokega metsotso e le mmalwa fela go kgothatsa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi ka se a tshwenyegileng ka sone. (Bar. 1:12; Baef. 5:16) Gape, mogolwane a ka etsa sekao sa ga Paulo ka go nonotsha badumedimmogo le ene a dirisa Lefoko la Modimo le go ba tlhomamisetsa gore Modimo o a ba rata. Mo godimo ga moo, mogolwane le ene o bontsha gore o a ba rata. O bua le bone ka metlha e bile o nna a batla dilo tse a ka ba akgolelang tsone. Fa mogolwane a tshwanelwa ke go naya mongwe kgakololo, o tlhomamisa gore e tswa mo Lefokong la Modimo. Ga a potapote le fa go ntse jalo o pelonomi ka gonne a batla gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a dirise kgakololo eo.—Bagal. 6:1.
GO KGOBIWA MARAPO KE MAKOA A BONE
13. Makoa a mogolwane a ka dira gore a ikutlwe jang?
13 Se se ka dirang gore e nne kgwetlho. Bagolwane ba na le boleo. Ba dira diphoso jaaka mongwe le mongwe. (Bar. 3:23) Ka dinako dingwe, ba ka nna ba se ka ba leba makoa a bone sentle. Bangwe ba bone ba ka tshwenyega thata ka makoa a bone, mme ba kgobega marapo. Ba bangwe ba ka nna ba dira diipato ka makoa a bone, mme ba se ka ba dira diphetogo tse ba tshwanetseng go di dira.
14. Go ya ka Bafilipi 4:13, boikokobetso bo ile jwa thusa Paulo jang gore a fenye makoa a gagwe?
14 Se bagolwane ba ka se ithutang mo go Paulo. E re ka Paulo a ne a ikokobeditse, o ne a tlhaloganya gore ga a ka ke a kgona go fenya makoa a gagwe ka boene. O ne a tlhoka gore Modimo a mo nonotshe. Pelenyana, Paulo o ne a bogisa Bakeresete setlhogo. Le fa go ntse jalo, moragonyana o ne a lemoga gore se a neng a se dira, se ne se sa siama. Mme o ne a ikemisetsa go fetola botho jwa gagwe. (1 Tim. 1:12-16) Jehofa o ne a thusa Paulo gore e nne mogolwane yo o lorato, yo o pelotlhomogi le yo o ikokobeditseng. Paulo o ne a itse gore o na le makoa a le mantsi, le fa go ntse jalo ga a ka a nnela go akanya ka one. Go na le moo, o ne a dumela gore Jehofa o ne a tla mo itshwarela. (Bar. 7:21-25) O ne a sa lebelela gore ga a ka ke a dira diphoso. Mme gone, o ne a dira ka natla gore a tokafatse botho jwa gagwe, e bile o ne a ikaega ka Jehofa a ikokobeditse gore a mo thuse go dira tiro e a neng a mo neile yone.—1 Bakor. 9:27; bala Bafilipi 4:13.
15. Bagolwane ba tshwanetse go leba makoa a bone jang?
15 Se re se ithutang. Bagolwane ga ba a tlhomiwa ka gonne ba se na boleo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o lebeletse gore ba amogele diphoso tsa bone ba bo ba tokafatse botho jwa bone. (Baef. 4:23, 24) Fa mogolwane a ntse a ithuta Baebele, o tshwanetse go itlhatlhoba mme a dire diphetogo mo go tlhokegang. Fa a dira jalo, Jehofa o tla mo thusa gore a itumele le gore e nne mogolwane yo o molemo.—Jak. 1:25.
GO DIRISANA LE BATHO BA BA NANG LE MAKOA
16. Go ka direga eng fa mogolwane a tlhoma mogopolo mo makoeng a batho ba bangwe?
16 Se se ka dirang gore e nne kgwetlho. Fa bagolwane ba fetsa nako e ntsi le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone, go tla nna motlhofo gore ba bone makoa a bone. Le fa go ntse jalo, fa bagolwane ba se kelotlhoko seo se ka dira gore ba simolole go tenega, ba se ka ba nna pelonomi kgotsa ba ba tshwayatshwaye diphoso. Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete gore Satane o ne a tla itumela fa ba dira jalo.—2 Bakor. 2:10, 11.
17. Paulo o ne a leba bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe jang?
17 Se bagolwane ba ka se ithutang mo go Paulo. Ka metlha, Paulo o ne a batla dilo tse di molemo mo bakaulengweng ba gagwe. O ne a itse diphoso tsa bone ka gonne ka dinako dingwe, se ba neng ba se dira se ne se mo utlwisa botlhoko. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a itse gore diphoso tse ba neng ba di dira di ne di sa reye gore ke batho ba ba sa siamang. O ne a rata bakaulengwe ba gagwe e bile o ne a tlhoma mogopolo mo dilong tse dintle tse ba neng ba di dira. Fa e le gore go ne go le thata gore bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba dire se se siameng, o ne a ipolelela gore ba ne ba batla go dira se se siameng e bile ba ne ba tlhoka thuso.
18. Re ithuta eng mo tseleng e Paulo a neng a dirisana le Yudia le Sentike ka yone? (Bafilipi 4:1-3)
18 Ka sekai, ela tlhoko tsela e Paulo a neng a thusa bokgaitsadi ba babedi ba kwa phuthegong ya Filipi ka yone. (Bala Bafilipi 4:1-3.) Go lebega Yudia le Sentike ba ne ba sa utlwane ka dilo dingwe e bile e ne e sa tlhole e le ditsala. Paulo o ne a dirisana le bone sentle a sa ba tshwayatshwaye diphoso e bile o ne a tlhoma mogopolo mo dilong tse dintle tse ba neng ba di dira. Bokgaitsadi bano ba ba ikanyegang, ba ne ba diretse Jehofa ka lobaka lo loleele. Paulo o ne a itse gore Jehofa o a ba rata. E re ka Paulo a ne a dirisana le bokgaitsadi bano sentle, o ne a kgona go ba kgothaletsa gore ba rarabolole dikgotlhang tsa bone. Paulo o ne a leba dilo tse dintle mo bathong ba bangwe, mme seo se ne se dira gore a itumele le gore a nne le ditsala mo phuthegong.
19. (a) Bagolwane ba ka dira eng gore ba nne ba leba bakaulengwe ba bone ka tsela e e siameng? (b) O ka ithuta eng mo setshwantshong sa mogolwane yo o phepafatsang Holo ya Bogosi?
19 Se re se ithutang. Bagolwane, batlang dinonofo tse di molemo mo bakaulengweng ba lona. Mongwe le mongwe wa rona o na le boleo, le fa go ntse jalo go na le dilo tse di molemo tse rotlhe re di dirang. (Bafil. 2:3) Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe bagolwane ba ka tshwanelwa ke go gakolola mokaulengwe kgotsa kgaitsadi. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Paulo, bagolwane ba tshwanetse go leka ka natla gore ba se ka ba tlhoma mogopolo mo go se mongwe a se buang kgotsa mo go se a se dirang. Go na le moo, ba tla bo ba dira sentle fa ba tlhoma mogopolo mo tseleng e mokaulengwe wa bone a ratang Jehofa ka yone, a diretseng Modimo ka boitshoko ka gone le gore a ka kgona go dira dilo tse di molemo. Bagolwane ba ba tlhomang mogopolo mo dilong tse di molemo tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba di dirang, ba dira gore mongwe le mongwe a ikutlwe a ratiwa mo phuthegong.
TSWELELANG LO ETSA SEKAO SA GA PAULO
20. Ke eng se bagolwane ba ka tswelelang ba se dira gore ba solegelwe molemo ke sekao sa ga Paulo?
20 Lona bagolwane, lo tla solegelwa molemo ke go tswelela lo ithuta mo sekaong sa ga Paulo. Ka sekai, lo ka leba Watch Tower Publications Index, mo setlhogong se se reng, “Paul” go tswa foo leba setlhogwana se se reng “example for elders.” Fa o ntse o bala tshedimosetso eo, ipotse jaana, ‘Sekao sa ga Paulo se ka nthusa jang gore ke tswelele ke itumetse fa ke ntse ke dira tiro ya me?’
21. Bagolwane ba ka tlhatswega pelo ka eng?
21 Bagolwane, gakologelwang gore Jehofa ga a lebelela gore lo se ka lwa dira diphoso, go na le moo o lebeletse gore lo ikanyege. (1 Bakor. 4:2) Jehofa o ne a itumelela tiro e Paulo a neng a e dira le tsela e a neng a ikanyega ka yone. Le lona lo ka tlhatswega pelo gore Modimo o itumelela tiro e lo mo direlang yone. Jehofa ga a kitla a ‘lebala tiro ya lona le tsela e lo ratang leina la gagwe ka yone; lo bontsha seo ka go direla badumedimmogo le lona go tla go fitlha jaanong.’—Baheb. 6:10.
PINA 87 Tlang! Lo Lapolosiwe
^ Re lebogela tiro ya bonatla e bagolwane ba e dirang go re thusa. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dikgwetlho di le nnê tse ba nang le tsone. Re tlile go bona kafa sekao sa ga moaposetoloi Paulo se ka thusang bagolwane ka gone gore ba fenye dikgwetlho tseo. Gape setlhogo seno se tlile go re thusa go akanyetsa bagolwane, go ba bontsha lorato le go dira gore tiro ya bone e nne motlhofo.
^ TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o rerela modirimmogo le ene dikgang tse di molemo fa a tswa tirong.
^ TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mogolwane o bua le mokaulengwe yo o itlhaolang mo bathong ba bangwe.
^ TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o gakolola mongwe yo o utlwisitsweng botlhoko ke sengwe se se diregileng.
^ TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o ithaopetseng go dira tiro nngwe o iteegile tsebe, mme mogolwane ga a mo tshwaye phoso.