Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 11

Tswelela o Apara “Botho jo Bosha” Le fa O Sena go Kolobediwa

Tswelela o Apara “Botho jo Bosha” Le fa O Sena go Kolobediwa

“Lo apare botho jo bosha.”—BAKOL. 3:10.

PINA 49 Go Ipedisa Pelo ya ga Jehofa

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Se re se dirang se amiwa ke eng?

 ROTLHE re batla go nna le botho jo Jehofa a bo ratang, e ka tswa e se kgale re kolobeditswe kgotsa re na le dingwaga di le dintsi re kolobeditswe. Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re akanya eng. Goreng? Ka gonne se re se akanyang se ama se re se dirang. Fa re nnela go akanya ka dikeletso tse di sa siamang, re tla bua dilo tse di sa siamang e bile re tla di dira. (Baef. 4:17-19) Mme fa re akanya ka dilo tse di siameng, re tla bua dilo tse di itumedisang Rraarona e bong Jehofa e bile re tla di dira.—Bagal. 5:16.

2. Re tlile go tlotla ka dipotso dife mo setlhogong seno?

2 Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, ga re ka ke ra kgona go tila go akanya ka dilo tsotlhe tse di sa siamang. Mme gone, re ka tlhopha go sa dire dilo tseo tse di bosula. Pele re kolobediwa, re tshwanetse go tlogela go bua le go dira dilo tse Jehofa a di tlhoileng. Eo ke kgato ya ntlha e bile e le botlhokwa thata e re tshwanetseng go e tsaya gore re apole botho jo bogologolo. Le fa go ntse jalo, gore re itumedise Jehofa ka botlalo, gape re tshwanetse go ikobela taelo eno e e reng: “Lo apare botho jo bosha.” (Bakol. 3:10) Mo setlhogong seno, re tlile go araba dipotso tse di latelang: “Botho jo bosha” ke eng? Re ka apara botho jo bosha jang e bile re ka dira eng gore re tswelele re na le jone?

“BOTHO JO BOSHA” KE ENG?

3. Go ya ka Bagalatia 5:22, 23 “botho jo bosha” ke eng, mme motho a ka bo apara jang?

3 “Botho jo bosha” ke go etsa tsela e Jehofa a akanyang ka yone le e a dirang dilo ka yone. Motho o apara botho jo bosha ka go nna le maungo a moya wa Modimo e bile o letla moya o o boitshepo gore o kaele se a se akanyang, tsela e a ikutlwang ka yone le se a se dirang. (Bala Bagalatia 5:22, 23.) Ka sekai, o rata Jehofa le batho ba Gagwe. (Math. 22:36-39) O nna a itumetse, tota le fa a na le mathata. (Jak. 1:2-4) O rata go dira kagiso. (Math. 5:9) O pelotelele e bile o pelonomi fa a dirisana le batho ba bangwe. (Bakol. 3:13) O rata se se siameng e bile o a se dira. (Luke 6:35) O bontsha ka se a se dirang gore o na le tumelo mo go Rraagwe yo o kwa legodimong. (Jak. 2:18) O tswelela a le bonolo fa batho ba bangwe ba batla go lwa le ene kgotsa ba mo galefisa e bile o nna boikgapo fa a raelwa.—1 Bakor. 9:25, 27; Tito 3:2.

4. Ke eng fa re tshwanetse go nna le dinonofo tsotlhe tse go buiwang ka tsone mo go Bagalatia 5:22, 23 le tse go buiwang ka tsone mo ditemaneng tse dingwe tsa Baebele gore re apare “botho jo bosha”?

4 Gore re apare botho jo bosha, re tshwanetse go nna le dinonofo tsotlhe tse go buiwang ka tsone mo go Bagalatia 5:22, 23 le tse go buiwang ka tsone mo ditemaneng tse dingwe tsa Baebele. * Dinonofo tseno ga di tshwane le diaparo tse motho a ka di aparang ka dinako tse di sa tshwaneng. Tota e bile, fa o na le dinonofo tseno o kgona go nna le tse dingwe. Ka sekai, fa e le gore ruri o rata moagelani wa gago, o tla mmontsha bopelotelele le bopelonomi. E bile fa o dira molemo, o tshwanetse go nna bonolo o bo o nne boikgapo.

RE KA APARA BOTHO JO BOSHA JANG?

Fa re ithuta go akanya jaaka Jesu, re tla kgona go etsa botho jwa gagwe (Bona serapa 5, 8, 10, 12, 14)

5. Go “akanya jaaka Keresete” go kaya eng, mme ke eng fa re tshwanetse go ithuta ka botshelo jwa ga Jesu? (1 Bakorintha 2:16)

5 Bala 1 Bakorintha 2:16. Gore re apare botho jo bosha, re tshwanetse go “akanya jaaka Keresete.” Ka mafoko a mangwe, re tshwanetse go ithuta gore Jesu o ne a akanya jang, go tswa foo re bo re mo etsa. Jesu o ne a kgona go bontsha maungo a moya o o boitshepo ka botlalo. Fela jaaka seipone se se bontshang sentle, re kgona go bona dinonofo tsa ga Jehofa ka botlalo mo go Jesu. (Baheb. 1:3) Fa re nna re akanya jaaka Jesu, re tla kgona go mo etsa e bile re tla atlega fa re ntse re lwela go nna le botho jo bo tshwanang le jwa gagwe.—Bafil. 2:5.

6. Fa re ntse re leka go apara botho jo bosha, re tshwanetse go gopola dintlha dife?

6 A tota re ka kgona go etsa sekao sa ga Jesu? Gongwe re ka akanya jaana: ‘Jesu ga a na boleo. Ga nkitla ke kgona go tshwana le ene!’ Fa e le gore o akanya jalo, gopola dintlha tseno. Sa ntlha, o bopilwe gore o tshwane le Jehofa le Jesu. Ka jalo, o ka tlhopha go ba etsa, e bile o ka kgona go tshwana le bone ka selekanyo se se rileng. (Gen. 1:26) Sa bobedi, moya wa Modimo o o boitshepo ke maatla a magolo thata mo lobopong. O ka go thusa go dira dilo tse o neng o ka se ka wa kgona go di dira ka bowena. Sa boraro, Jehofa ga a lebelela gore re bontshe maungo a moya o o boitshepo ka botlalo gone jaanong. Mme gone, mo dingwageng di le 1 000 tsa puso ya ga Keresete, Rraarona yo o lorato o tlile go dira gore batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ka bosakhutleng ba se ka ba nna le boleo. (Tshen. 20:1-3) Gone jaanong, Jehofa o batla gore re dire sotlhe se re ka se kgonang mme re ikaege ka ene gore a re thuse.

7. Re tlile go sekaseka eng gone jaanong?

7 Tota re ka etsa Jesu jang? Re tlile go sekaseka ka bokhutshwane dikarolo tse nnê tsa maungo a moya wa Modimo. Mo karolong nngwe le nngwe, re tlile go bona se re ka se ithutang mo tseleng e Jesu a neng a bontsha dinonofo tseno ka yone. E bile re tlile go sekaseka dipotso dingwe tse di ka re thusang go tokafatsa botho jwa rona jo bosha.

8. Jesu o ne a bontsha lorato jang?

8 E re ka Jesu a rata Jehofa fela thata, o ne a dira se Rraagwe a neng a mo laetse gore a se dire e bile o ne a ntsha botshelo jwa gagwe mo boemong jwa rona. (Joh. 14:31; 15:13) Tsela e Jesu a neng a tshela ka yone fa a ne a le mo lefatsheng e ne e bontsha gore o rata batho fela thata. Letsatsi le letsatsi o ne a bontsha batho gore o a ba rata le gore o ba tlhomogela pelo tota le fa bangwe ba ne ba mo ganetsa. Tsela e nngwe ya botlhokwa e Jesu a neng a bontsha ka yone gore o rata batho ke ka go ba ruta ka Bogosi Jwa Modimo. (Luke 4:43, 44) Gape Jesu o ne a bontsha gore o rata Modimo le batho ka go ikemisetsa go bogisiwa le go bolawa ke batho ba ba nang le boleo. Seo se ne sa bulela batho botlhe tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.

9. Re ka bontsha lorato jang jaaka Jesu?

9 Re ne ra ineela mo go Jehofa ra bo ra kolobediwa ka gonne re rata Rraarona yo o kwa legodimong. Ka jalo, fela jaaka Jesu, re tshwanetse go bontsha gore re rata Jehofa ka tsela e re tshwarang batho ba bangwe ka yone. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe, yo a mmonang, ga a ka ke a rata Modimo, yo a iseng a mmone.” (1 Joh. 4:20) Re ka ipotsa jaana: ‘A ke rata batho? A ke tlhomogela batho ba bangwe pelo, tota le fa ba sa ntshware sentle? A lorato lo dira gore ke dirise nako ya me le dilo tse ke nang le tsone gore ke thuse batho ba bangwe go ithuta ka Jehofa? A ke ikemiseditse go dira jalo tota le fa batho ba le bantsi ba sa lebogele matsapa a ke a tsayang kgotsa ba nkganetsa? A nka batla ditsela tsa go fetsa nako e e oketsegileng mo tirong ya go dira barutwa?’—Baef. 5:15, 16.

10. Jesu o ne a dira jang gore go nne le kagiso?

10 Jesu o ne a rata go dira kagiso. Fa batho ba ne ba sa mo tshware sentle, ga a ka a ipusolosetsa. Mme gone, go na le sengwe se a neng a se dira. O ne a dira gore go nne le kagiso e bile o ne a kgothaletsa batho ba bangwe gore ba rarabolole dikgotlhang tse ba neng ba na le tsone. Ka sekai, o ne a ba ruta gore ba tshwanetse go dira kagiso le bomorwarraabone fa ba batla gore Jehofa a amogele kobamelo ya bone. (Math. 5:9, 23, 24) E bile ka makgetlo a le mantsi o ne a thusa baaposetoloi ba gagwe gore ba tlogele go ngangisana ka gore ke mang yo mogolo mo gare ga bone.—Luke 9:46-48; 22:24-27.

11. Re ka dira jang gore go nne le kagiso?

11 Go dira gore go nne le kagiso ga go reye fela gore re tile go baka dikgotlhang. Gape re tshwanetse go tsaya matsapa a go dira kagiso le batho ba bangwe, re bo re kgothaletse bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba rarabolole dikgotlhang tse ba nang le tsone. (Bafil. 4:2, 3; Jak. 3:17, 18) Re ka ipotsa dipotso tseno: ‘Ke ikemiseditse go latlhegelwa ke eng gore ke dire kagiso le batho ba bangwe? Fa kgaitsadi kgotsa mokaulengwe a nkutlwisitse botlhoko, a ke mo tshwarela sekgopi? A ke emela motho yo mongwe gore a tle go agisana le nna kgotsa ke nna ke yang kwa mothong yoo gore re agisane le fa ke akanya gore ke ene a bakileng bothata? Fa go tshwanela, a ke kgothaletsa batho ba ba nang le dikgotlhang gore ba agisane?’

12. Jesu o ne a bontsha bopelonomi jang?

12 Jesu o ne a le pelonomi. (Math. 11:28-30) O ne a bontsha gore o pelonomi ka go nna bonolo le go akanyetsa batho ba bangwe, tota le fa maemo a ne a le thata. Ka sekai, fa mosadi mongwe wa Mofonikia a ne a kopa Jesu gore a fodise morwadie, kwa tshimologong Jesu ga a ka a dira se a neng a se kopa. Le fa go ntse jalo, fa mosadi yoo a bontsha gore o na le tumelo e kgolo, Jesu o ne a mmontsha bopelonomi mme a fodisa morwadie. (Math. 15:22-28) Le fa Jesu a ne a le pelonomi, o ne a kgalema fa go tlhokega. Ka dinako dingwe o ne a bontsha gore o pelonomi ka go kgalema batho ba a neng a ba rata a tiisitse. Ka sekai, fa Petere a ne a leka go mo thibela go dira thato ya ga Jehofa, Jesu o ne a mo kgalema fa pele ga barutwa ba bangwe. (Mar. 8:32, 33) O ne a sa dire jalo gore a tsenye Petere matlho, go na le moo o ne a mo katisa e bile a tlhagisa barutwa ba bangwe gore ba se ka ba ikgodisa. Ga go pelaelo gore Petere o ne a tlhabiwa ke ditlhong, mme kotlhao eo e ne ya mo solegela molemo.

13. Re ka bontsha jang gore re pelonomi?

13 Gore o bontshe batho ba o ba ratang bopelonomi, ka dinako dingwe o ka tshwanelwa ke go ba naya kgakololo. Fa o dira jalo, etsa Jesu ka go dira gore kgakololo e o e nayang ba bangwe e tswe mo melaometheong e e mo Lefokong la Modimo. Nna bonolo. Tshepa gore batho ba o ba gakololang ba batla go dira se se siameng, mme e re ka ba rata Jehofa e bile ba go rata, ba tla dirisa kgakololo e o ba nayang yone. Ipotse dipotso tseno: ‘A ke pelokgale go bua le motho yo ke mo ratang fa ke bona a dira sengwe se se phoso? Fa ke tshwanelwa ke go naya mongwe kgakololo, a ke bua ka bopelonomi kgotsa ke phatloga fela? Boikaelelo jwa me ke eng fa ke naya mongwe kgakololo? A ke dira jalo ka gonne ke tennwe ke sengwe se a se dirang kgotsa ka gonne ke batla go mo thusa?’

14. Jesu o ne a bontsha jang gore o dira se se molemo?

14 Jesu o itse se se molemo e bile o a se dira. Jesu o rata Rraagwe, ka jalo ka metlha o dira se se siameng a na le maikaelelo a a siameng. Motho yo o molemo o nna a batla ditsela tsa go thusa batho ba bangwe e bile o ba direla dilo tse di molemo. Ga go a lekana go itse gore se se siameng ke eng, re tshwanetse go se dira re na le maikaelelo a a siameng. Re ka ipotsa jaana, ‘A go a kgonega go dira sengwe se se siameng ka maikaelelo a a sa siamang?’ Ee, go a kgonega. Ka sekai, Jesu o ne a bua ka batho ba ba neng ba naya bahumanegi dimpho mme ba tlhomamisa gore batho ba bangwe ba bona se ba se dirang gore ba ba akgole. Le fa se ba neng ba se dira se ne se le molemo, se ne se sa itumedise Jehofa.—Math. 6:1-4.

15. Re ka nna molemo jang?

15 Re ka kgona go nna molemo fa fela re dira sengwe se se siameng ka maikaelelo a a siameng. Ka jalo, ipotse jaana: ‘A ke itse se se siameng e bile ke a se dira? Ke dira dilo tse di molemo ka maikaelelo afe?’

RE KA BOLOKA JANG BOTHO JWA RONA JO BOSHA BO SIAME?

16. Re tshwanetse go dira eng letsatsi le letsatsi, mme ka ntlha ya eng?

16 Fa re sena go kolobediwa ga re a tshwanela go akanya gore ga re sa tlhole re tlhoka go tokafatsa botho jwa rona jo bosha. Botho jo bosha bo tshwana le seaparo se sesha se re tshwanetseng go se tlhokomela. Sengwe se re ka se dirang ke gore letsatsi le letsatsi re batle ditsela tse re ka bontshang dinonofo tsa moya wa Modimo ka tsone. Goreng? Ka gonne Jehofa ke Modimo yo o tsayang kgato e bile o dirisa moya o o boitshepo e leng maatla a gagwe go dira seo. (Gen. 1:2) Ka jalo, nonofo nngwe le nngwe ya maungo a moya o o boitshepo e ka dira gore re tseye kgato e bile e tshwanetse go re rotloetsa go dira jalo. Ka sekai, morutwa Jakobe o ne a re: “Tumelo e e se nang ditiro . . . e sule.” (Jak. 2:26) Go ka buiwa se se tshwanang ka maungo otlhe a moya wa Modimo. Nako le nako fa re bontsha maungo ao, re bontsha gore moya wa Modimo o a re thusa.

17. Re tshwanetse go dira eng fa ka nako nngwe re sa bontsha maungo a moya?

17 Tota le Bakeresete ba ba nang le dingwaga di le dintsi ba kolobeditswe, ka dinako dingwe ga ba bontshe maungo a moya o o boitshepo. Mme gone, go botlhokwa gore re nne re leka go bontsha maungo ao. Akanya ka setshwantsho seno. Fa o ka gagola seaparo se o se ratang ka phoso, a o ne o tla se latlha? Nnyaa. O ne o ka leka go se baakanya fa go kgonega. Morago ga foo, o ne o tla nna kelotlhoko. Ka tsela e e tshwanang, fa ka nako nngwe o sa tshwara mongwe ka bopelonomi, o sa nna pelotelele mo go ene kgotsa o sa mmontsha lorato, o se ka wa kgobega marapo. Fa o ka kopa maitshwarelo, seo se tla go thusa gore o kgone go tswelela o dirisana le motho yoo. Go tswa foo, ikemisetse go tokafatsa.

18. Ke eng se re ka se dumelang re sa belaele?

18 Re leboga fela thata go bo Jesu a re tlhometse sekao. Fa re etsa tsela e a akanyang ka yone, go tla nna motlhofo gore re dire dilo jaaka ene. Fa re dira dilo jaaka Jesu, re tla kgona go tokafatsa botho jwa rona jo bosha. Mo setlhogong seno, re tlotlile ka dinonofo di le nnê fela tsa maungo a moya wa Modimo. Goreng o sa iphe nako ya go sekaseka dinonofo tse dingwe tsa maungo ao a moya wa Modimo, mme o bone gore a o bontsha dinonofo tseo? Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa e na le ditlhogo tse dintsi tse di tlotlang ka kgang eno. Leba setlhogo se se reng “Botshelo Jwa Bokeresete” go tswa foo “Dinonofo Tse Moya o di Tlhagisang.” Ga re belaele gore fa re apara botho jo bosha re bo re leka go tswelela re na le jone, Jehofa o tla re thusa.

PINA 127 Ke Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe?

^ Le fa re ka tswa re godisitswe ka ditsela tse di farologaneng, re ka kgona go apara “botho jo bosha.” Gore re dire jalo, re tshwanetse go tswelela re fetola tsela e re akanyang ka yone mme re leke go tshwana le Jesu. Setlhogo seno se tlile go re bontsha tsela e Jesu a neng a akanya ka yone, le e a neng a dira dilo ka yone. Gape se tlile go re bontsha kafa re ka tswelelang re mo etsa ka gone le fa re sena go kolobediwa.

^ Bagalatia 5:22, 23 ga e re bolelele dinonofo tsotlhe tse moya o o boitshepo o ka re thusang gore re nne le tsone. Bala setlhogo se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa June 2020 se se tlhalosang kgang eno.