Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa 2 Samuele 21:7-9 e re Dafide o ne a “tlhomogela Mefiboshethe . . . pelo,” mme gone a ile a letla gore Mefiboshethe a bolawe?

Batho bangwe ba ipotsa potso eo fa ba bala pego eno. Mme gone, mo ditemaneng tseo go buiwa ka banna ba babedi ba ba neng ba bidiwa Mefiboshethe. Go sekaseka se se diragetseng, go ka re ruta sengwe.

Kgosi Saulo wa kwa Iseraele o ne a na le barwa ba le supa le barwadi ba le babedi. Morwa wa ntlha wa ga Saulo e ne e le Jonathane. Moragonyana, Kgosi Saulo o ne a nna le morwa yo o bidiwang Mefiboshethe yo o neng a mo tsholelwa ke mogadingwana wa gagwe e bong Risepa. Se se kgatlhang ke gore Jonathane le ene o ne a nna le morwa yo o bidiwang Mefiboshethe. Ka jalo, Kgosi Saulo o ne a na le morwa yo o bidiwang Mefiboshethe le setlogolwana se se bidiwang Mefiboshethe.

Kgosi Saulo o ne a simolola go tlhoa Bagibeone ba ba neng ba nna le Baiseraele, e bile o ne a leka go ba bolaya botlhe. Go lebega bontsi jwa bone ba ile ba bolawa. Go dira jalo go ne go le phoso. Goreng? Ka gonne mo motlheng wa ga Joshua, dikgosana tsa Iseraele di ne tsa dira kgolagano ya kagiso le Bagibeone.—Josh. 9:3-27.

Kgolagano eo e ne e sa ntse e dira mo motlheng wa ga Kgosi Saulo. Kgosi e ne ya leka go fedisa Bagibeone, e leng sengwe se se neng se sa dumalane le kgolagano eo. Seo se ne sa felela ka gore ‘Saulo le ba lelapa la gagwe ba nne le molato wa madi.’ (2 Sam. 21:1) Moragonyana, Dafide o ne a nna kgosi. Bagibeone ba ba neng ba setse, ba ne ba mmolelela ka bosula jo Saulo a neng a bo dirile. Dafide o ne a ba botsa gore bosula joo jwa ga Saulo bo ka duelelwa ka eng gore Jehofa a segofatse lefatshe. Go na le gore Bagibeone ba kope madi, ba ne ba kopa gore ba newe barwa ba le supa ba monna yo o neng a ‘loga leano la go ba nyeletsa’ gore ba ba bolaye. (Dipa. 35:30, 31) Dafide o ne a ba naya se ba neng ba se kopa.—2 Sam. 21:2-6.

Ka nako eo, Saulo le Jonathane ba ne ba bolailwe kwa ntweng, mme morwa Jonathane e bong Mefiboshethe ene o ne a sa ntse a tshela. O ne a golafetse ka ntlha ya se se neng sa direga fa a ne a sa le monnye, mme gone ga a ka a nna le seabe fa rraagwemogolo a ne a tlhasela Bagibeone. Dafide o ne a dirile kgolagano le Jonathane ya gore ba tla tswelela e le ditsala, mme kgolagano eo e ne e tla solegela losika lwa ga Jonathane molemo, go akaretsa le morwawe e bong Mefiboshethe. (1 Sam. 18:1; 20:42, ntlh.) Pego eo e a re: “Kgosi [Dafide] e ne ya tlhomogela Mefiboshethe, morwa Jonathane morwa Saulo pelo ka ntlha ya maikano a Dafide le Jonathane, morwa Saulo ba neng ba a dirile fa pele ga ga Jehofa.”—2 Sam. 21:7.

Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a naya Bagibeone se ba neng ba se kopile. O ne a ba naya bomorwa Saulo ba le babedi, ba mongwe wa bone a neng a bidiwa Mefiboshethe le ditlogolwana tsa ga Saulo di le tlhano. (2 Sam. 21:8, 9) Se Dafide a neng a se dira se ne sa dira gore naga e se ka ya tlhola e nna le molato wa madi.

Tiragalo eno e re ruta sengwe sa botlhokwa. Molao wa Modimo o ne o tlhamaletse. O ne o re: “Bana . . . ba se ka ba bolaelwa se borraabone ba se dirileng.” (Dute. 24:16) Jehofa o ne a ka se ka a letla gore bomorwa Saulo ba le babedi le ditlogolwana tsa gagwe di le tlhano ba bolawe fa e le gore ba ne ba se molato. Gape molao oo o ne o re: “Motho a bolaelwe fela boleo jwa gagwe.” Go lebega barwa ba le supa mo losikeng lwa ga Saulo ba ile ba thusa Saulo go bolaya Bagibeone. Ka jalo, barwa bao ba le supa ba ne ba duelela boleo jo ba neng ba bo dirile.

Pego eno e re bontsha gore fa motho a dirile phoso nngwe, ga a tshwanela go akanya gore ga a kitla a bonwa molato fela ka gonne a re o ne a latela ditaelo. Seane sengwe se a re: “Rethefatsa tsela ya dinao tsa gago, mme ditsela tsotlhe tsa gago di tla tlhomama.”—Diane 4:24-27; Baef. 5:15.