SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 14
“Botlhe ba Tla Lemoga Gore lo Barutwa ba Me”
“Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga gore lo barutwa ba me.”—JOH. 13:35.
PINA 106 Go Lwela go Nna le Lorato
SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a
1. Batho ba le bantsi ba kgatlhiwa ke eng fa ba tla dipokanong tsa rona lekgetlo la ntlha? (Bona le setshwantsho.)
AKANYA ka banyalani ba ba yang dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa lekgetlo la ntlha. Ba kgatlhiwa thata ke tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba leng botsalano ka yone le kafa ba bontshang ka gone gore ba a ratana. Mo tseleng fa ba boela gae, mosadi o raya monna wa gagwe a re: ‘Basupi ba ga Jehofa ga ba tshwane le batho ba bangwe. Go ne go le monate.’
2. Ke eng fa bangwe ba ile ba tlogela go direla Jehofa?
2 Tsela e batho ba ga Jehofa ba ratanang ka yone eleruri e a kgatlha! Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa le bone ba na le boleo. (1 Joh. 1:8) Ka jalo, fa re ntse re tlwaelana le ba bangwe mo phuthegong, re tlile go bona gore ba dira diphoso. (Bar. 3:23) Se se utlwisang botlhoko ke gore, bangwe ba ile ba letla gore diphoso tsa ba bangwe di ba kgaoganye le Jehofa.
3. Barutwa ba mmatota ba ga Jesu ba bonala ka eng? (Johane 13:34, 35)
3 Bala temana ya setlhogo seno gape. (Bala Johane 13:34, 35.) Jesu o ile a re batho ba tla bona jang gore re barutwa ba gagwe? Ga a ka a re barutwa ba gagwe ba tla bonala ka go sa dire diphoso, o ne a ra ba tla bonala ka go ratana. Gape ela tlhoko gore ga a ka a re: ‘Lo tla lemoga gore lo barutwa ba me.’ Go na le moo, o ne a re: “Batho botlhe ba tla lemoga gore lo barutwa ba me.” Jesu o ne a tlhalosa gore batho botlhe ba ne ba tla lemoga barutwa ba gagwe ba mmatota ka tsela e ba ratanang ka yone.
4. Bangwe ba e seng Basupi ba ga Jehofa ba ka nna ba ipotsa eng?
4 Bangwe ba e seng Basupi ba ga Jehofa ba ka nna ba ipotsa go re: ‘Ke eng fa balatedi ba mmatota ba ga Jesu ba bonala ka lorato? Jesu o ile a bontsha jang gore o rata baaposetoloi ba gagwe? Mme ke eng se se ka re thusang go etsa Jesu?’ Le rona re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka dipotso tseno. Go dira jalo go tla re thusa gore re tswelele re rata ba bangwe, segolobogolo fa ba re direla diphoso.—Baef. 5:2.
KE ENG FA BALATEDI BA MMATOTA BA GA JESU BA BONALA KA LORATO?
5. Se Jesu a ileng a se bua mo go Johane 15:12, 13 se kaya eng?
5 Jesu o ile a tlhalosa gore balatedi ba gagwe ba mmatota ba tla ratana ka tsela e e tlhomologileng. (Bala Johane 15:12, 13.) O ne a ba raya a re: “Lo ratane fela jaaka ke lo ratile.” O ne a raya jang? O ne a raya gore Mokeresete o tshwanetse go rata ba bangwe go feta kafa a ithatang ka gone. Mokeresete yo o nang le lorato lono a ka swela bakaulengwe ba gagwe fa go tlhokega. b
6. Lefoko la Modimo le re thusa jang go bona gore lorato lo botlhokwa?
6 Lefoko la Modimo le re thusa go bona gore lorato lo botlhokwa fela thata. Batho ba le bantsi ba rata ditemana tseno tse di latelang: “Modimo ke lorato.” (1 Joh. 4:8) “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Math. 22:39) “Motho yo o nang le lorato o iketleeleditse go itshwarela ba bangwe ka metlha.” (1 Pet. 4:8) “Lorato ga lo ke lo fela.” (1 Bakor. 13:8) Ditemana tseno le tse dingwe, di re thusa go bona gore go botlhokwa thata gore re nne le lorato e bile re bontshe ba bangwe gore re a ba rata.
7. Ke eng fa Satane a sa kgone go dira gore batho ba ratane le gore ba utlwane?
7 Batho ba le bantsi ba ipotsa go re: ‘Nka itse jang gore kereke e e rutang boammaaruri ke efe? Dikereke tsotlhe di a re di ruta boammaaruri, mme gone di ruta dilo tse di farologaneng ka Modimo.’ Satane o dirile gore go nne le dikereke di le dintsintsi, mme seno se dira gore go nne thata gore batho ba itse boammaaruri. Le fa go ntse jalo, ga a kgone go dira gore go nne le phuthego mo lefatsheng lotlhe ya batho ba ba ratanang. Jehofa ke ene fela a kgonang go dira jalo. Seno se a utlwala ka gonne lorato lo tswa kwa Modimong, mme batho ba ba thusiwang ke moya wa gagwe ke bone fela ba ka ratanang ka tsela ya mmatota. (1 Joh. 4:7) Ke gone ka moo Jesu a ileng a re balatedi ba gagwe ba tla ratana ka lorato lwa mmatota.
8-9. Batho ba le bantsi ba ile ba ikutlwa jang fa ba bona tsela e Basupi ba ga Jehofa ba ratanang ka yone?
8 Fela jaaka Jesu a ne a boleletse pele, batho ba le bantsi ba ile ba lemoga gore re barutwa ba mmatota ba ga Jesu ka gonne re a ratana. Ka sekai, mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Ian o gopola lekgetlo la ntlha fa a ne a ile kopanong e e neng e tshwaretswe kwa setadiamong se se gaufi le kwa a neng a nna teng. A re: “Ke ne ke le kwa setadiamong seo dikgwedi di le mmalwa tse di fetileng ke ile go bogela motshameko, mme mo kopanong eo go ne go na le pharologano e kgolo. Basupi ba ne ba le maitseo, ba itshwere sentle, e bile le bana ba bone ba ne ba itshwere sentle.” Gape a re: “Mo godimo ga tsotlhe, batho bano ba ne ba bonala ba kgotsofetse e bile ba na le kagiso—selo se ke neng ke eletsa go nna le sone. Ga ke gakologelwe epe ya dipuo tse di neetsweng ka letsatsi leo, mme ke sa ntse ke gopola boitshwaro jwa Basupi.” c Re kgona go itshwara sentle ka gonne re a ratana. E re ka re rata bakaulengwe le bokgaitsadi, re ba bontsha bopelonomi e bile re a ba tlotla.
9 Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang John o ile a ikutlwa fela jalo fa a ne a le kwa dipokanong lekgetlo la ntlha. A re: “Ke ne ka kgatlhiwa ke kafa mongwe le mongwe wa bone a neng a le botsalano ka gone—ba ne ba ntse jaaka baitshepi. Lorato lwa bone lwa mmatota lo ne lwa ntlhomamisetsa gore ke bone bodumedi jwa boammaaruri.” d Maitemogelo ano le a mangwe a mantsi, a bontsha gore batho ba ga Jehofa ke Bakeresete ba boammaaruri.
10. Re tshwanetse go bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi mo maemong afe? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)
10 Jaaka re setse re tlhalositse, bakaulengwe le bokgaitsadi ba dira diphoso. Ka dinako tse dingwe ba bua kgotsa ba dira dilo tse di re galefisang. e (Jak. 3:2) Fa seno se direga, tsela e re itshwarang ka yone e tshwanetse go bontsha gore re a ba rata. Re ka ithuta eng mo go Jesu mo ntlheng eno?—Joh. 13:15.
JESU O ILE A BONTSHA JANG GORE O RATA BAAPOSETOLOI?
11. Jakobe le Johane ba ile ba bontsha gore ba na le mekgwa efe e e sa siamang? (Bona le setshwantsho.)
11 Jesu o ne a sa lebelela gore balatedi ba gagwe ba se ka ba dira diphoso. Go na le moo, o ne a ba thusa gore ba baakanye mekgwa mengwe e e sa siamang e ba nang le yone gore ba itumedise Jehofa. Nako nngwe Jakobe le Johane ba ne ba kopa mmaabone gore a ba buele le Jesu, a mo kope gore a ba neye maemo mangwe mo Bogosing. (Math. 20:20, 21) Se ba ileng ba se dira se ne se bontsha gore ba boikgogomoso e bile ba rata maemo.—Diane 16:18.
12. A Jakobe le Johane ke bone fela ba ba ileng ba bontsha gore ba na le mekgwa mengwe e e sa siamang? Tlhalosa.
12 Jakobe le Johane ga se bone fela ba ba ileng ba bontsha gore ba na le mekgwa mengwe e e sa siamang. Baebele e a re: “Fa barutwa ba bangwe ba ba lesome ba utlwa ka seno, ba ne ba galefela barutwa bao ba babedi.” (Math. 20:24) Ntle le pelaelo, baaposetoloi bao ba ile ba omana tota le Jakobe le Johane. Gongwe ba ile ba bua sengwe sa go tshwana le seno: ‘Lo akanya gore lo bomang gore lo ka newa maemo mo Bogosing? Ga se lona fela ba lo neng lo wa lo tsoga le Jesu. Le rona maemo ao a a re tshwanela.’ Gone ga re itse gore ba ile ba ba raya ba reng, se re se itseng ke gore ka nako eo, ba ile ba lebala go bontshana bopelonomi le lorato.
13. Jesu o ile a dira eng fa baaposetoloi ba ne ba dira diphoso? (Mathaio 20:25-28)
13 Jesu ene o ile a dira eng? Ga a ka a galefa. Ga a ka a re o tla batla baaposetoloi ba bangwe ba ba boikokobetso, ba ba tla bontshang gore ba a ratana ka dinako tsotlhe. Go na le moo, o ne a ba kgalemela a le pelotelele ka gonne o ne a itse gore ba batla go dira se se siameng. (Bala Mathaio 20:25-28.) Jesu ga a ka a ba felela pelo tota le fa ba ne ba ngangisana gape ka gore ke mang yo mogolo mo go bone.—Mar. 9:34; Luke 22:24.
14. Baaposetoloi ba ga Jesu ba ile ba gola ba rutiwa eng?
14 Jesu o ne a itse tsela e baaposetoloi ba godileng ka yone. (Joh. 2:24, 25) O ne a itse gore ba godile ba utlwa bakwadi le Bafarasai ba Bajuda ba bolelela batho gore ba botlhokwa fa fela ba na le maemo mangwe a a kwa godimo. (Math. 23:6) Gape bakwadi le Bafarasai ba ne ba tsaya gore ba botoka go gaisa batho ba bangwe. f (Luke 18:9-12) Jesu o ne a itse gore dilo tseo di ne di ka dira gore baaposetoloi ba itseele kwa godimo mme ba tseele ba bangwe kwa tlase. (Diane 19:11) O ne a itse gore barutwa ba gagwe ba tla dira diphoso, mme o ne a sa ba felele pelo fa ba di dira. O ne a itse gore ba batla go dira se se siameng, ka jalo o ile a ba ruta gore ba nne boikokobetso le gore ba rate ba bangwe go na le go ba tseela kwa tlase.
RE KA ETSA JESU JANG?
15. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Jakobe le Johane?
15 Re ka ithuta go le gontsi mo go se se ileng sa diragalela Jakobe le Johane. Ba ne ba sa tshwanela go kopa gore ba newe maemo mo Bogosing, mme baaposetoloi ba bangwe le bone ba ne ba sa tshwanela go itshwara ka tsela e ba ileng ba itshwara ka yone. Jesu ene o ile a ba bontsha gore o ba rata botlhe fela. Re ithuta eng? Selo sa botlhokwa ga se gore batho ba dira eng, mme ke gore re itshwara jang fa ba dira diphoso. Ke eng se se ka re thusang go itshwara sentle? Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a re kgopisitse, re ka nna ra ipotsa go re: ‘Ke eng fa se a se dirileng se nkgopisa thata jaana? A nka tswa ke na le bokoa bongwe jo ke tshwanetseng go bo baakanya? A motho yo o nkgopisitseng a ka tswa a utlwisitswe botlhoko ke sengwe? Le fa ke na le lebaka le le utlwalang la go kgopisega, a nka bontsha gore ke a mo rata ke bo ke mo itshwarela?’ Fa re rata ba bangwe, re bontsha gore re balatedi ba mmatota ba ga Jesu.
16. Re ithuta eng gape mo go se Jesu a ileng a se dira?
16 Se Jesu a ileng a se dira, gape se re ruta gore re tshwanetse go leka go tlhaloganya gore ke eng fa batho ba itshwara ka tsela e ba itshwarang ka yone. (Diane 20:5) Gone ke nnete gore Jesu o ne a kgona go bona se se mo pelong ya motho mme rona ga re kgone. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go leka go nna pelotelele fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba dira dilo tse di re kgopisang. (Baef. 4:1, 2; 1 Pet. 3:8) Re ka kgona go dira jalo fa re ba itse botoka. Mma re tlotle ka sekai sengwe.
17. Molebedi wa potologo o ile a thusiwa jang ke go fetsa nako le mokaulengwe mongwe?
17 Molebedi wa potologo mongwe wa kwa Afrika o tlhalosa gore o kile a kopana le mokaulengwe mongwe yo a neng a tsaya gore ga a na maitseo. A re: “Ga ke a ka ka mo itlhokomolosa, go na le moo, ke ile ka ipolelela gore ke batla go mo itse botoka.” Fa a ntse a fetsa nako le ene, o ile a lemoga gore tsela e mokaulengwe yono a godisitsweng ka yone e ile ya ama tsela e a dirisanang le ba bangwe ka yone. A re: “Ke ne ka lemoga gore o ile a lwa ka thata gore a dire diphetogo mme a kgone go dirisana sentle le ba bangwe. Gape ke ile ka lemoga gore o ne a setse a fetogile thata, mme seo se ne sa nkgatlha tota. Re ile ra nna ditsala.” Fa re leka go tlhaloganya gore ke eng fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba itshwara ka tsela e ba itshwarang ka yone, go tla nna motlhofo gore re ba bontshe gore re a ba rata.
18. Re ka ipotsa dipotso dife fa mongwe a re kgopisitse? (Diane 26:20)
18 Ka dinako tse dingwe, fa motho a re kgopisitse re tlhoka go bua le ene. Mme gone, pele ga re ya go bua le ene re tshwanetse go ipotsa dipotso tse di jaaka tseno: ‘A ke na le dintlha tsotlhe?’ (Diane 18:13) ‘A gongwe o ne a sa ikaelela go nkgopisa?’ (Mor. 7:20) ‘A le nna nkile ka dira phoso e a e dirileng?’ (Mor. 7:21, 22) ‘Fa nka bua le ene, a seo se tla dira gore bothata bo gakale?’ (Bala Diane 26:20.) Fa re ipha nako go ipotsa dipotso tseno, re ka lemoga gore go ka nna botoka gore re lebale ka kgang eo.
19. O ikemiseditse go dira eng?
19 Basupi ba ga Jehofa ba bontsha gore ke barutwa ba mmatota ba ga Jesu ka gonne ba a ratana. Mongwe le mongwe wa rona a ka bontsha gore ke molatedi wa mmatota wa ga Jesu ka go tswelela a rata bakaulengwe le bokgaitsadi le fa ba dira diphoso. Fa re dira jalo, re ka nna ra thusa ba bangwe go lemoga gore re Bakeresete ba boammaaruri mme ba ka nna ba simolola go obamela Jehofa le rona. A re tsweleleng re bontsha ba bangwe lorato lo lo tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri.
PINA 17 “Ke a Batla”
a Batho ba le bantsi ba kgatlhegela go ithuta ka Jehofa ka gonne ba bona gore re a ratana. Le fa go ntse jalo re dira diphoso. Ka jalo, ka dinako tse dingwe ga go motlhofo go bontsha ba bangwe gore re a ba rata. A re boneng gore ke eng fa lorato lo le botlhokwa jaana le gore re ka etsa Jesu jang fa ba bangwe ba re direla diphoso.
b Bona buka e e reng “Tla o Nne Molatedi wa Me,” kgao. 17, ser. 10-11.
c Bona setlhogo se se reng “Kgabagare Botshelo Jwa Me bo Na le Maikaelelo” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 1, 2012, ts. 13-14.
d Bona setlhogo se se reng “Dilo Di ne Di Ntsamaela Sentle” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 1, 2012, ts. 18-19.
e Mo setlhogong seno, ga go buiwe ka maleo a a masisi a a tshwanetseng go bolelelwa bagolwane, a a jaaka a go buiwang ka one mo go 1 Bakorintha 6:9, 10.
f Go tlhalosiwa gore moragonyana rabi mongwe o ne a re: “Go na le batho ba ka nna 30 fela mo lefatsheng ba ba siameng jaaka Aborahame. Fa ba le 30, nna le morwaake re bangwe ba bone. Fa ba le lesome, nna le morwaake re bangwe ba bone. Fa ba le batlhano, nna le morwaake re bangwe ba bone. Fa ba le babedi, go raya gore ke nna le morwaake, mme fa a le mongwe fela, ke nna.”