Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Goreng monna yo o bidiwang “Semangmang” a ne a re go nyala Ruthe go tla “senya” boswa jwa gagwe? (Ruthe 4:1, 6)

Mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, fa monna yo o nyetseng a ne a ka swa a se na bana, go ne go direga eng ka dilo tsa gagwe? A go ne go se na ope yo o tla tsweledisang leina la gagwe? Molao wa ga Moshe o re thusa go araba dipotso tseo.

Fa monna a ne a ka swa kgotsa a humanega a bo a rekisa lefatshe la gagwe, morwarraagwe kgotsa mongwe wa losika o ne a ka reka lefatshe leo gape gore le tswelele le le mo losikeng lwa gagwe.—Lefi. 25:23-28; Dipa. 27:8-11.

Go dira jalo go ne go tla tsweletsa jang leina la monna yo o suleng? Morwarraagwe o ne a ka nna a nyala mosadi wa gagwe gore a nne le ngwana le ene fela jaaka go ile ga direga ka Ruthe. Ngwana yoo o ne a tla tsaya leina la monna yo o suleng mmogo le boswa jwa gagwe. Thulaganyo eno e e lorato e ne e thusa le motlholagadi.—Dute. 25:5-7; Math. 22:23-28.

Akanya ka se se ileng sa diragalela Naomi. O ne a nyetswe ke monna mongwe yo o bidiwang Elimeleke. Fa Elimeleke le bana ba bone ba babedi ba basimane ba sena go tlhokafala, go ne go se na monna ope yo o neng a ka mo tlhokomela. (Ruthe 1:1-5) Fa Naomi a sena go boela kwa Juda, o ne a laela (ngwetsi ya gagwe e bong) Ruthe gore a kope Boase gore a reke lefatshe la bone, ka gonne e ne e le wa losika lwa ga Elimeleke. (Ruthe 2:1, 19, 20; 3:1-4) Boase o ne a itse gore go na le mongwe wa losika yo a leng gaufi thata le Elimeleke yo Baebele e mmitsang “Semangmang.” Ka jalo, “Semangmang” ke ene a neng a tla dira tshwetso ya gore a o tla reka lefatshe leo.—Ruthe 3:9, 12, 13.

Kwa tshimologong, “Semangmang” o ne a batla go thusa. (Ruthe 4:1-4) Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore o tlile go ntsha madi gore a reke lefatshe leo le gore Naomi o ne a setse a godile thata mo a ka se kang a tlhola a nna le ngwana gore a tseye leina la ga Elimeleke le boswa jwa gagwe. Ka jalo, seno se ne se raya gore boswa jotlhe jwa ga Elimeleke e ne e tla nna jwa ga Semangmang.

Semangmang o ne a dira tshwetso ya gore a se ka a reka lefatshe leo fa a lemoga gore o tla tshwanelwa ke go nyala Ruthe. O ne a re: “Nka se kgone go [le] rekolola ka gonne nka senya boswa jwa me.” (Ruthe 4:5, 6) Goreng a ne a fetola mogopolo?

Fa Semangmang kgotsa mongwe a ne a ka nyala Ruthe ba bo ba nna le ngwana wa mosimane, ngwana yoo o ne a tla tsaya lefatshe la ga Elimeleke. Ka jalo, seno se ne se tla “senya boswa” jwa ga Semangmang jang? Baebele ga e bue sepe ka kgang eno, mme gone e ka tswa e le ka ntlha ya mabaka ano a manê.

  • O ne a tla latlhegelwa ke madi a a neng a tla reka lefatshe la ga Elimeleke ka one ka gonne moragonyana lefatshe leo le ne le tla newa ngwana wa ga Ruthe wa mosimane.

  • O ne a tla tshwanelwa ke go tlhokomela Naomi le Ruthe.

  • Fa Ruthe a ne a ka nna le bana ba bangwe le Semangmang, bana bao ba ne ba tla tshwanelwa ke go kgaoganya boswa le bana ba bangwe ba Semangmang a neng a setse a na le bone.

  • Fa Semangmang a ne a se na bana pele a nyala Ruthe, ngwana wa mosimane yo ene le Ruthe ba neng ba tla nna le ene, o ne a tla tsaya lefatshe la ga Elimeleke le la ga Semangmang. Ka jalo, fa a swa, lefatshe la gagwe le ne le tla tsewa ke ngwana yo a neng a tshotse leina la ga Elimeleke, e seng la gagwe. O ne a sa batle go latlhegelwa ke lefatshe la gagwe a leka go thusa Naomi. Ka jalo, o ne a letla Boase gore a reke lefatshe leo. Boase o ne a dira jalo “gore boswa jwa monna yo o suleng bo boele mo leineng la gagwe.”—Ruthe 4:10.

Go lebega Semangmang a ne a tshwenyegile ka gore leina la gagwe le tsweledisiwe le gore boswa jwa gagwe bo se ka jwa latlhega. O ne a ikakanyetsa a le esi. Le fa a lekile go sireletsa leina la gagwe, ga a ka a kgona. Le gompieno ga re itse gore leina la gagwe e ne e le mang. Gape ga a ka a nna le tshiamelo e Boase a ileng a nna le yone ya go nna mongwe wa losika lo Mesia a neng a tla tswa mo go lone. E re ka bopelotshetlha bo ile jwa dira gore a gane go thusa Naomi, o ile a diragalelwa ke selo se se utlwisang botlhoko.—Math. 1:5; Luke 3:23, 32.