Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 13

Dirisa Popo go Ruta Bana ba Gago ka Jehofa

Dirisa Popo go Ruta Bana ba Gago ka Jehofa

“Ke mang yo o bopileng dilo tseno?”—ISA. 40:26.

PINA 11 Popo e Baka Modimo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Batsadi ba batla gore bana ba bone ba dire eng?

 BATSADI, re a itse gore lo batla go thusa bana ba lona gore ba itse Jehofa le gore ba mo rate. Mme gone, ga re kgone go bona Modimo. Ka jalo, lo ka thusa jang bana ba lona gore ba itse gore Jehofa ke Motho wa mmatota, le gore ba atamalane le ene?—Jak. 4:8.

2. Batsadi ba ka thusa jang bana ba bone gore ba itse botho jwa ga Jehofa?

2 Batsadi ba ka thusa bana ba bone gore ba atamalane le Jehofa ka go ithuta Baebele le bone. (2 Tim. 3:14-17) Baebele e a re go na le sengwe gape se se ka thusang bana gore ba ithute ka Jehofa. Mo go Diane kgaolo 3, rre o bolelela morwawe gore a se ka a lebala botho jwa ga Jehofa jo re bo bonang mo dilong tse a di bopileng. (Diane 3:19-21) Mo setlhogong seno, re tla bona gore batsadi ba ka dirisa jang popo go thusa bana ba bone gore ba itse botho jwa ga Jehofa.

O KA DIRISA JANG POPO GO RUTA BANA BA GAGO?

3. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang?

3 Baebele e a re le fa re sa kgone go bona Modimo, re ka kgona go mo itse “fa re ithuta ka dilo tse a di bopileng.” (Bar. 1:20) Batsadi, go ka direga gore lo rata go iphokisa phefo le bana ba lona. Fa lo ntse lo tsamaya mmogo, ba thuseng go bona gore ‘dilo tse Jehofa a di bopileng’ di re thusa gore re itse botho jwa gagwe. A re boneng gore batsadi ba ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a ruta ka yone.

4. Jesu o ne a dirisa jang dilo tse Jehofa a di bopileng fa a ruta barutwa ba gagwe? (Luke 12:24, 27-30)

4 Ela tlhoko kafa Jesu a ileng a dirisa popo ka gone fa a ruta. Nako nngwe o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba ele tlhoko malômô a masoma le magakabe. (Bala Luke 12:24, 27-30.) Jesu o ne a ka kgona go dira sekai ka diphologolo kgotsa dimela dingwe le dingwe fela, mme gone o ne a tlhopha tse a neng a itse gore barutwa ba gagwe ba a di itse. Go ka direga gore barutwa ba ne ka kgona go bona magakabe le malômô ao fa ba neng ba ntse gone. Gongwe e bile, Jesu o ne a bua ka dilo tseno a ntse a di supa. Mme fa a sena go bua le barutwa ba gagwe ka dilo tseno, o ne a ba ruta thuto ya botlhokwa ya gore Rraagwe o rata go aba e bile o pelonomi. Jesu o ne a ba bolelela gore fela jaaka Jehofa a fepa magakabe e bile a apesa malômô, le bone o tla ba direla fela jalo.

5. Ke dilo dife tse Jehofa a di bopileng tse batsadi ba ka di dirisang go ruta bana ba bone ka botho jwa gagwe?

5 Batsadi, lo ka etsa Jesu jang fa lo ruta bana ba lona? O ka nna wa bolelela ngwana wa gago ka sengwe se Jehofa a se bopileng se o se ratang. Gongwe o ka mmolelela gore wena o rata diphologolo dife kgotsa dimela dife. Fa o ntse o mo tlotlela ka dilo tseno, o se ka wa lebala go mo tlhalosetsa gore di re ruta eng ka Jehofa. Go tswa foo, o ka nna wa mmotsa gore ene o rata diphologolo dife kgotsa dimela dife. Fa o bua le ene ka dilo tse a di ratang, go tla nna motlhofo gore a go reetse ka kelotlhoko fa o mmolelela gore dilo tseo di re ruta eng ka botho jwa ga Jehofa.

6. Re ka ithuta eng mo go se mmaagwe Christopher a neng a tlhola a se dira?

6 A batsadi ba tlhoka go fetsa nako e ntsi ba dira dipatlisiso gore ba kgone go tlhalosetsa bana ba bone gore diphologolo kgotsa dimela tse di rileng di re ruta eng ka Jehofa? Nnyaa. Fa Jesu a ne a dira sekai ka malômô le magakabe, ga a ka a tlhalosa dilo tse dintsintsi ka tsone. Le fa e le gore ngwana wa gago o rata go ithuta mo go oketsegileng ka dilo tse Jehofa a di bopileng, ka dinako dingwe ga o tlhoke go tlhalosa thata gore ngwana wa gago a kgone go tlhaloganya se o mo rutang sone. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Christopher a re: “Mama o ne a sa ke a bua dilo tse dintsintsi fa a re ruta ka dilo tse Jehofa a di bopileng. Ka sekai, fa re ne re le gaufi le dithaba o ne a tle a re: ‘Bona gore dithaba tsele di dintle e bile di dikgolo jang! Ruri Jehofa o a re rata!’ Kgotsa fa re ne re le gaufi le lewatle o ne a tle a re: ‘Bona makhubu ale! Ruri Jehofa o na le maatla!’” Christopher a re: “Dilo tse a neng a a tle a di bue, di ne di dira gore re akanyetse kwa teng.”

7. O ka thusa jang bana ba gago gore ba akanye ka dilo tse Jehofa a di bopileng?

7 Fa bana ba gago ba ntse ba gola, o ka ba thusa gore ba akanye ka dilo tse Jehofa a di bopileng le gore di re ruta eng ka ene. O ka nna wa bua ka sengwe se Jehofa a se bopileng o bo o mmotsa jaana: “Selo seno se go ruta eng ka Jehofa?” O ka nna wa gakgamala fa o utlwa gore bana ba gago ba akanya eng.—Math. 21:16.

O KA BA RUTA LENG?

8. Batsadi ba Baiseraele ba ne ba ka kgona go dira eng fa ba le “mo tseleng” le bana ba bone?

8 Jehofa o ne a bolelela batsadi ba Baiseraele gore ba rute bana ba bone ka ene fa ba “tsamaya mo tseleng.” (Dute. 11:19) Go ne go na le diphologolo, dinonyane le malômô a a farologaneng kwa Iseraele. Fa Baiseraele ba ne ba tsamaya mo tseleng, ba ne ba ka kgona go bona dilo tseo. Ka jalo, batsadi ba ne ba ka kgona go bua le bana ba bone ka dilo tse Jehofa a di bopileng. Batsadi, le lona lo ka ruta bana ba lona ka dilo tse Jehofa a di bopileng fa lo ntse lo tsamaya le bone. A re boneng gore batsadi ba bangwe ba dirile seo jang.   

9. O ka ithuta eng mo go Punitha le Katya?

9 Mmê mongwe yo o bidiwang Punitha, yo o nnang kwa toropong e kgolo kwa India a re: “Fa re etetse ba masika ba ba nnang kwa magaeng re dirisa nako eo go ruta bana ba rona ka dilo tse dintle tse Jehofa a di bopileng. Ke akanya gore bana ba rona ba kgona go bona dilo di le dintsi tse Jehofa a di bopileng fa ba le kwa magaeng.” Batsadi, bana ba lona ba ka se lebale nako e lo e feditseng lo le mmogo, lo le mo lefelong le lentle. Kgaitsadi mongwe wa kwa Moldova yo o bidiwang Katya a re: “Fa ke ne ke gola, nna le batsadi ba me re ne re a tle re ye kwa magaeng. Ke itumelela gore batsadi ba me ba ne ba nthuta gore ke iphe nako ya go akanya ka dilo tse Jehofa a di bopileng le gore di nthuta eng ka ene.”

Tota le fa o nna kwa toropong, o ka bona dilo tse Jehofa a di bopileng tse o ka rutang bana ba gago ka tsone (Bona serapa 10)

10. Batsadi ba ka dira eng fa e le gore ga go motlhofo go isa bana ba bone kwa magaeng? (Bona lebokoso le le reng “ Se Batsadi Ba ka Se Dirisang.”)

10 O ka dira eng fa e le gore ga go motlhofo gore o etele kwa magaeng? Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Amol yo le ene a nnang kwa India a re: “Kwa ke nnang gone, batsadi ba fetsa nako e ntsi ba le kwa tirong. Ka jalo, ga go motlhofo gore ba etele kwa magaeng. Le fa go ntse jalo, o ka kgona go bona dilo tse Jehofa a di bopileng tse o ka di bontshang bana ba gago kwa mafelong a mangwe, jaaka kwa phakeng.” Fa o le kelotlhoko, o ka lemoga gore gaufi le fa o nnang gone go ka tswa go na le dilo tse Jehofa a di bopileng tse o ka di bontshang bana ba gago. (Pes. 104:24) Go ka tswa go na le dinonyane, ditshenekegi, dijalo kgotsa dilo tse dingwe. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Karina yo o nnang kwa Germany a re: “Mama o rata malômô. Ka jalo fa ke ne ke sa ntse ke gola, o ne a rata go mpontsha malômô a mantle fa re ne re iphokisa phefo.” Batsadi, gape lo ka dirisa dibidio le dikgatiso tsa rona tse di buang ka popo go ruta bana ba lona. O ka dirisa dilo tse Jehofa a di bopileng go ruta bana ba gago le fa o ka tswa o nna kae. A jaanong re boneng dilo tse dingwe tse o ka di rutang bana ba gago ka Jehofa mo dilong tse a di bopileng.

POPO E RE THUSA GO ITSE JEHOFA

11. Batsadi ba ka thusa jang bana ba bone go bona gore Jehofa o a re rata?

11 Gore o thuse bana ba gago go bona gore Jehofa o lorato, o ka ba bontsha tsela e diphologolo di le dintsi di tlhokomelang bana ba tsone ka yone. (Math. 23:37) Gape o ka ba bontsha dilo tse dintsi tse Jehofa a di bopileng tse re di ratang. Karina yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Fa re ne re iphokisa phefo le Mama, o ne a a tle a re ke eme mme ke bone kafa lelômô lengwe le lengwe le leng lentle ka gone le kafa seo se bontshang ka gone gore Jehofa o a re rata. Go setse go fetile dingwaga tse dintsi, mme le gone jaanong ke sa ntse ke ipha nako ya go lebelela malômô. A sa ntse a nkgopotsa gore Jehofa o a re rata.”

O ka ruta bana ba gago gore Modimo o botlhale ka go ba bontsha tsela e e matsetseleko e a dirileng mmele wa motho ka yone (Bona serapa 12)

12. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go lemoga gore Jehofa o botlhale? (Pesalema 139:14) (Bona le setshwantsho.)

12 Thusa bana ba gago go bona gore Jehofa o botlhale. Jehofa o botlhale thata go re feta. (Bar. 11:33) Ka sekai, o ka bolelela ngwana wa gago gore go tla jang gore go nne le maru le gore maru ao ke one a dirang gore pula e ne. (Jobe 38:36, 37) Gape o ka mo tlhalosetsa gore mebele ya rona e dirilwe ka tsela e e gakgamatsang. (Bala Pesalema 139:14.) A re boneng gore rre mongwe yo o bidiwang Vladimir o ne a dira seo jang. A re: “Letsatsi lengwe, morwaarona o ne a wa mo baesekeleng mme a gobala. Morago ga malatsi a le mmalwa o ne a fola. Nna le mosadi wa me re ne ra mo tlhalosetsa gore Jehofa o dirile gore mebele ya rona e kgone go fola ka boyone. Re ne ra mmontsha gore dilo tse batho ba di dirileng tsone ga di kgone go dira seo. Ka sekai, fa koloi e thutse, ga e kgone go ipaakanya, mme e tshwanetse go baakanngwa ke mongwe. Seo se ile sa thusa morwaarona gore a bone gore Jehofa o botlhale.”

13. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go lemoga gore Modimo o maatla? (Isaia 40:26)

13 Jehofa a re re tsholetse matlho re lebe kwa legodimong mme re bone kafa a dirisang maatla a gagwe ka gone go laola dinaledi. (Bala Isaia 40:26.) O ka nna wa kgothaletsa bana ba gago gore ba lebe kwa loaping mme ba akanye ka se ba se bonang. Kgaitsadi mongwe wa kwa Taiwan, yo o bidiwang Tingting o gopola sengwe se se diragetseng fa a ne a sa ntse a le monnye. A re: “Nna le Mama re ne ra ya kgakala le toropo, mme fa go le bosigo, re ne re kgona go bona dinaledi sentle e re ka go ne go se na dipone. Ka nako eo, ke ne ke tshwenyegile ka gore a ke tla kgona go ikanyega, ka gonne bana ba ke neng ke tsena sekolo le bone ba ne ba dira gore go nne thata gore ke kgone go tswelela ke direla Jehofa. Mama o ne a re ke akanye ka maatla a Jehofa a a dirisitseng go bopa dinaledi, le gore ke gopole gore a ka kgona go dirisa maatla ao go nthusa go emelana le teko epe fela. Fa ke sena go leba dilo tse Jehofa a di bopileng mo letsatsing leo, ke ne ke batla go atamalana le ene e bile ke ne ka dira tshwetso ya gore ke tla mo direla.”

14. Batsadi ba ka dirisa jang popo go thusa bana ba bone go bona gore Jehofa ke Modimo yo o itumetseng?

14 Dilo tse Jehofa a di dirileng di bontsha gore ke Modimo yo o itumetseng e bile o batla gore le rona re itumele. Baitsesaense ba lemogile gore diphologolo tse dintsi go akaretsa dinonyane le ditlhapi di rata go tshameka. (Jobe 40:20) A bana ba gago ba a itumela fa ba lebile diphologolo di tshameka? Gongwe ba a tle ba bone dikatsana kgotsa dintšanyana di tshameka. Fa o bona bana ba gago ba itumeletse go bona diphologolo di tshameka, ba gopotse gore re direla Modimo yo o itumetseng.—1 Tim. 1:11.

ITUMELELENG GO LEBA POPO LO LE LELAPA

Fa lo le kwa mafelong a mantle, bana ba gago ba ka ikutlwa ba phuthologile go go bolelela kafa ba ikutlwang ka gone (Bona serapa 15)

15. Ke eng se se ka thusang batsadi gore ba kgone go itse dilo tse bana ba bone ba tshwenyegileng ka tsone? (Diane 20:5) (Bona le setshwantsho.)

15 Ka dinako dingwe bana ga ba rate go bua le batsadi ba bone ka mathata a ba nang le one. Fa e le gore go ntse jalo, lo ka nna lwa tshwanelwa ke go batla ditsela tsa go dira gore bana ba lona ba kgone go bua le lona ba phuthologile. (Bala Diane 20:5.) Batsadi bangwe ba lemogile gore go motlhofo gore ba bue le bana ba bone fa ba iphokisitse phefo. Ka ntlha ya eng? Lebaka lengwe ke ka gonne ga go na dilo di le dintsi tse di ka ba itayang tsebe. Rre mongwe wa kwa Taiwan yo o bidiwang Masahiko o tlhalosa lebaka le lengwe, a re: “Fa re ile go iphokisa phefo le bana ba rona, gongwe re palama dithaba kgotsa re tsamaya mo lotshitshing, gantsi ba ikutlwa ba phuthologile. Ka jalo, go nna motlhofo gore ba re bolelele se ba se akantseng.” Katya yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Fa sekolo se tswa, nna le Mama re ne re a tle re ye kwa phakeng e ntle. Fa re le mo lefelong leo le le didimetseng le lentle, go ne go nna motlhofo gore ke mmolelele se se diragetseng kwa sekolong le gore ke eng se se ntshwenyang.”

16. Malapa a ka dira eng gore a itumelele dilo tse Jehofa a di bopileng?

16 Ba malapa ba ka itumela e bile ba ka ikutlwa ba phuthologile fa ba ntse ba itumelela dilo tse Jehofa a di bopileng. Seo se tla ba thusa gore ba atamalane. Baebele e a re go na le “nako ya go tshega” le “nako ya go tlolaka.” (Mor. 3:1, 4, ntlh.) Jehofa o bopile mafelo a mantle a re ka dirang dilo tse re di ratang kwa go one. Malapa a le mantsi a itumelela go leba diphologolo, go ya diphakeng kgotsa go ya kwa lewatleng. Bana ba le bantsi ba itumelela go taboga ba tshameka kwa phakeng, go leba diphologolo le go thuma kwa melapong le kwa lewatleng. Re ka kgona go itumelela dilo tse dintsi tse Jehofa a di bopileng.

17. Goreng batsadi ba tshwanetse go thusa bana ba bone go itumelela dilo tse Jehofa a di bopileng?

17 Kwa lefatsheng le lesha la Modimo, batsadi le bana ba tla itumelela dilo tse Jehofa a di bopileng go feta kafa ba di itumelelang gone jaanong. Ka nako eo, re tla bo re sa tshabe diphologolo e bile le tsone di tla bo di sa re tshabe. (Isa. 11:6-9) Re tla kgona go itumelela dilo tse Jehofa a di bopileng ka bosakhutleng. (Pes. 22:26) Mme le fa nako eo e ise e fitlhe, lo ka kgona go thusa bana ba lona gore ba itumelele dilo tse Jehofa a di bopileng. Fa lo dirisa popo go ruta bana ba lona ka Jehofa, ba tla dumalana le se Kgosi Dafide a neng a se bua fa a re: “Wena Jehofa, ga go na ditiro dipe tse di tshwanang le tsa gago.”—Pes. 86:8.

PINA 134 Bana ke Boswa jo bo Tswang Kwa Modimong

a Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba gopola dinako tse di monate tse ba di feditseng le batsadi ba bone ba Bakeresete ba lebile dilo tse Jehofa a di bopileng. Batsadi ba bone ba ne ba dirisa nako eo go ba ruta ka botho jwa ga Jehofa. Fa e le gore o na le bana, o ka dirisa jang popo go ba ruta ka botho jwa ga Jehofa? Setlhogo seno se tla araba potso eo.