Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kakantsho ya go Ithuta

Kakantsho ya go Ithuta

Go Dirisa Karolo ya “What’s New” le ya “Bona Tsa Bosheng”

Karolo ya “What’s New” e e mo JW Library® le ya “Bona Tsa Bosheng” mo jw.org, e bontsha dikgatiso le dibidio tse disha. O ka di­risa jang karolo eno gore o itse gore ke eng se se sa tswang go tsena?

JW Library

  • Go tsenngwa ditlhogo tse dingwe mo motseletseleng wa ditlhogo tse di rileng. Fa motseletsele wa setlhogo o tlhagelela mo go “What’s New” o ka o downlouda gore o kgone go bona ditlhogo tsa bosheng. Go tswa foo o ka bala setlhogo sa ntlha mo motseletseleng oo, ka gonne ditlhogo tseno di latelana ka matlha a di tsentsweng ka one.

  • Go ka nna ga tsaya lobakanyana gore motho a bale dikgatiso tse ditelele tse di jaaka dimakasine. Ka jalo, gore o kgone go itse gore ke makasine ofe o o iseng o o bale otlhe, tsenya makasine oo mo lenaaneng la Favorites go fitlha o fetsa go o bala.

JW.ORG

Dilo dingwe tse di jaaka dikgang le dikitsiso, di tlhagelela fela mo websaeteng ya jw.org e seng mo JW Library. Gopola go nna o leba karolo ya “Bona Tsa Bosheng” mo websaeteng gore o kgone go bona ditlhogo tsa ­bosheng.