Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 13

PINA 127 Ke Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe?

A Jehofa O a Go Amogela?

A Jehofa O a Go Amogela?

“Ke go amogetse.”​—LUKE 3:22.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tla bona gore ke eng fa re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o a re amogela.

1. Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba a tle ba ikutlwe jang?

 BAEBELE e a re: “Jehofa o itumelela batho ba gagwe.” (Pes. 149:4) Ruri mafoko ano a a kgothatsa ka gonne a re netefaletsa gore Jehofa o amogela batho ba gagwe. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe bangwe ba a tle ba kgobege marapo ba bo ba akanya gore Jehofa ga a ba amogele. Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng le bone ba ne ba tle ba ikutlwe jalo.​—1 Sam. 1:6-10; Jobe 29:2, 4; Pes. 51:11.

2. Jehofa o amogela bomang?

2 Baebele e a re fa re dumela mo go Jesu Keresete re bo re kolobediwa, Jehofa o tla re amogela. (Joh. 3:16) Fa re kolobediwa, re bontsha ba bangwe gore re ikwatlhaetse maleo a rona le gore re solofeditse Modimo gore re tla dira thato ya gagwe. (Dit. 2:38; 3:19) Jehofa o a itumela fa re dira jalo. Fa re dira sotlhe se ka re kgonang gore re tswelele re mo direla, o a re amogela e bile re nna ditsala tsa gagwe.​—Pes. 25:14.

3. Re tlile go tlotla ka dipotso dife?

3 Goreng ka dinako dingwe bangwe ba akanya gore Jehofa ga a ba amogele? Jehofa o bontsha jang gore o a re amogela? Ke eng se se ka re tlhatswang pelo gore Jehofa o a re amogela?

GORENG BANGWE BA AKANYA GORE JEHOFA GA A BA AMOGELE?

4-5. Fa re ikutlwa re se batho ba sepe, re ka tlhatswega pelo ka eng?

4 Bontsi jwa rona re simolotse go ikutlwa re se batho ba sepe go tloga fela re sa le bannye. (Pes. 88:15) Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Adrián a re: “Ga ke bolo go ikutlwa ke se motho wa sepe. Fa ke sa le monnye, ke ne ke tlhola ke rapelela gore ba lelapa la gaetsho ba tshele kwa Paradaiseng, mme ke ne ke tsaya gore nna ga ke tshwanelege go tshela koo.” Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Tony yo batsadi ba gagwe e seng Basupi a re: “Batsadi ba me ba ne ba sa mpolelele gore ba a nthata e bile ba ne ba sa nkakgole. Ke ne ke tsaya gore ga go na sepe se nka se dirang se se ka ba itumedisang.”

5 Fa ka dinako dingwe re ikutlwa re se batho ba sepe, re tshwanetse go nna re gopotse gore Jehofa ke ene a re gogetseng kwa go ene. (Joh. 6:44) O bona dinonofo tse dintle tse re nang le tsone tse rona re ka tswang re sa di bone, e bile o a itse gore re batho ba ba ntseng jang. (1 Sam. 16:7; 2 Ditir. 6:30) Ka jalo, re ka tlhatswega pelo gore o re tsaya re le botlhokwa.​—1 Joh. 3:19, 20.

6. Moaposetoloi Paulo o ne a ikutlwa jang ka diphoso tse a ileng a di dira?

6 Bangwe ba rona re ne re dira dilo tse di sa siamang pele re ithuta boammaaruri, mme re ka tswa re sa ntse re ikutlwa molato. (1 Pet. 4:3) Tota le bangwe ba ba nang le nako e telele ba direla Jehofa ba sa ntse ba lwantshana le mekgwa mengwe e e sa siamang. Fa e le gore ka dinako dingwe o ikutlwa e kete Jehofa ga a go itshwarela, itse gore batlhanka bangwe ba gagwe ba mo nakong e e fetileng ba ne ba tle ba ikutlwe jalo. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a utlwa botlhoko tota fa a akanya ka diphoso tse a ileng a di dira. (Bar. 7:24) Le fa gone a ne a ikwatlhaetse diphoso tseo e bile a kolobeditswe, o ne a sa ntse a tsaya gore ‘ga a botlhokwa jaaka baaposetoloi ba bangwe’ le gore o na le “maleo a mantsi.”​—1 Bakor. 15:9; 1 Tim. 1:15.

7. Jehofa o re solofetsa eng?

7 Jehofa o solofetsa gore o tla re itshwarela fa re ikwatlhaya. (Pes. 86:5) Ka jalo fa re ikwatlhaela maleo a re a dirileng, ga re a tshwanela go belaela gore Jehofa o re itshwaretse.​—Bakol. 2:13.

8-9. Ke eng se se ka re thusang fa re akanya gore ga re direle Jehofa jaaka re tshwanetse?

8 Rotlhe fela re batla go dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba akanya gore ga ba direle Jehofa jaaka ba tshwanetse. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Amanda a re: “E re ka ke batla go ntsha ga tshwene mo tirong ya ga Jehofa, ka dinako dingwe ke batla go dira dilo tse nka se kgoneng go di dira. Mme fa ke sa kgone, ke kgobega marapo ka gonne ke tsaya gore ke swabisitse Jehofa.”

9 Ke eng se se ka re thusang fa re akanya gore ga re direle Jehofa jaaka re tshwanetse? Nna o gopotse gore Jehofa o a re akanyetsa e bile ga a batle gore re dire dilo tse re ka se kgoneng go di dira. O a itumela fa re mo direla ka bojotlhe. Gape akanya ka batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba neng ba direla Jehofa ka pelo yotlhe. Ka sekai, Paulo o ile a fetsa dingwaga di le dintsi a direla Jehofa ka matlhagatlhaga, a tsamaya sekgala se seleele e bile a tlhoma diphuthego. Fa maemo a gagwe a fetoga mme a sa tlhole a kgona go direla Jehofa jaaka pele, Jehofa o ne a itumelela se a neng a kgona go se dira e bile o ne a mo segofatsa. (Dit. 28:30, 31) Ka tsela e e tshwanang, fa maemo a rona a fetoga, Jehofa o a itumela fa re mo direla sotlhe se re ka se kgonang ka gonne selo sa botlhokwa mo go ene ke gore re mo direla ka maitlhomo afe. Mma re tlotle ka ditsela dingwe tse Jehofa a re bontshang ka tsone gore o a re amogela.

JEHOFA O BONTSHA JANG GORE O A RE AMOGELA?

10. Jehofa o bontsha jang gore o a re amogela? (Johane 16:27)

10 O dirisa Baebele. Jehofa o itumelela go bolelela batlhanka ba gagwe gore o a ba rata le gore o a ba amogela. O ile a bolelela Morwawe ka makgetlo a le mabedi gore o a mo rata le gore o a mo amogela. (Math. 3:17; 17:5) A le wena o ka rata go utlwa Jehofa a go bolelela gore o a go amogela? Jehofa ga a bue le rona ka tlhamalalo, mme o bua le rona a dirisa Baebele. Jesu o ne a nna a bolelela barutwa ba gagwe gore o a ba rata. (Bala Johane 16:27.) O ne a na le botho jo bo tshwanang le jwa ga Rraagwe, ka jalo fa re bala se a neng a se bolelela barutwa ba gagwe, go ntse jaaka e kete Jehofa o bua le rona.​—Joh. 15:9, 15.

Jehofa o re bontsha ka ditsela di le dintsi gore o a re amogela (Bona serapa 10)


11. A fa re lebana le teko seo se raya gore Jehofa ga a tlhole a re amogela? (Jakobe 1:12)

11 O re naya se re se tlhokang. Jehofa o ikemiseditse go re thusa ka dilo tse re di tlhokang. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe o letla gore re diragalelwe ke dilo tse di utlwisang botlhoko, jaaka a ile a dira ka Jobe. (Jobe 1:8-11) Fa re lebana le diteko, seo ga se reye gore Jehofa ga a tlhole a re amogela. Go na le moo, diteko di re naya tshono ya go bontsha gore re a mo rata le gore re a mo tshepa. (Bala Jakobe 1:12.) Ka metlha fa re na le mathata re kgona go bona gore Jehofa o a re rata le gore o re thusa go itshoka.

12. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Dmitrii?

12 Akanya ka mokaulengwe mongwe wa ka Asia yo o bidiwang Dmitrii. O ile a felelwa ke tiro, mme go ne ga feta dikgwedi di le dintsi a sa bone e nngwe. Ka jalo o ile a bontsha gore o tshepa Jehofa ka go fetsa nako e ntsi mo tshimong. Le fa go ntse jalo, ga a ka a bona tiro. Go na le moo, o ile a lwala mo a neng a feleletsa a sa kgone go tswa mo bolaong. O ile a simolola go akanya gore ga se motho wa sepe, e bile o ne a ipotsa gore a Jehofa o sa ntse a mo amogela. Letsatsi lengwe morwadie o ile a printa mafoko a a mo go Isaia 30:15 mo pampiring a a reng: “Fa lo nna lo ritibetse e bile lo ntshepa, lo tla nna le maatla.” O ne a naya rraagwe pampiri eo a bo a re: “Papa, fa o utlwile botlhoko, o nne o gopotse mafoko ano.” Dmitrii o ile a lemoga gore Jehofa o ntse a tlhokometse lelapa la gagwe ka gonne ba ne ba na le dijo, diaparo le kwa ba nnang teng. A re: “Ke ne ke tlhoka go nna ke ritibetse le go tswelela ke tshepa Jehofa.” Fa e le gore o na le mathata a a tshwanang le a ga Dmitrii, itse gore Jehofa o a go rata le gore o tla go thusa go itshoka.

Jehofa o re bontsha ka ditsela di le dintsi gore o a re amogela (Bona serapa 12) a


13. Jehofa o dirisa bomang go re bontsha gore o a re amogela, mme o dira seo jang?

13 O dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi. Jehofa o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi go bontsha gore o a re amogela. Ka sekai, a ka dira gore ba re kgothatse fa re kgobegile marapo. Seo se ile sa diragalela kgaitsadi mongwe wa kwa Asia fa a ne a ngomogile pelo. O ne a felelwa ke tiro, a lwala thata e bile monna wa gagwe o ile a dira boleo jo bo masisi a bo a sa tlhole a tshwanelega go nna mogolwane. Kgaitsadi yono o ne a re: “Ke ne ke sa tlhaloganye gore ke eng fa ke diragalelwa ke dilo tseo. Ke ne ke ipolelela gore gongwe ke dirile sengwe se se phoso mme Jehofa ga a tlhole a nkamogela.” O ile a kopa Jehofa gore a mmontshe gore o a mo amogela. Jehofa o ile a araba thapelo ya gagwe jang? A re: “Bagolwane ba ile ba bua le nna, ba nnetefaletsa gore Jehofa o a nthata.” Moragonyana o ile a rapela gape. A re: “Mo go lone letsatsi leo, ke ile ka amogela lekwalo le le neng le kwadilwe ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya rona. Fa ke ntse ke bala mafoko a bone a a kgothatsang, ke ile ka lemoga gore Jehofa o a nthata.” Go le gantsi Jehofa o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi go re bontsha gore o a re amogela.​—Pes. 10:17.

Jehofa o re bontsha ka ditsela di le dintsi gore o a re amogela (Bona serapa 13) b


14. Jehofa o bontsha jang gape gore o a re amogela?

14 Gape Jehofa o bontsha gore o a re amogela ka go dirisa badumedimmogo le rona gore ba re kgalemele fa go tlhokega. Ka sekai, o ile a dirisa moaposetoloi Paulo gore a kwalele badumedimmogo le ene makwalo a le 14. Mo makwalong ao, Paulo o ile a ba kgalemela a sa potapote. Goreng Jehofa a ne a laela Paulo gore a dire jalo? Jehofa ke Rre yo o lorato, mme o kgalemela bana ba gagwe ka gonne a ba rata. (Diane 3:11, 12) Ka jalo fa mongwe a go kgalemela a dirisa Baebele, o se ka wa tsaya gore Jehofa ga a tlhole a go amogela. Go na le moo, tsaya kgalemelo eo e le tsela e Jehofa a go bontshang ka yone gore o a go rata. (Baheb. 12:6) Go na le dilo tse dingwe gape tse di bontshang gore Jehofa o a re amogela.

DILO TSE DINGWE TSE DI BONTSHANG GORE JEHOFA O A RE AMOGELA

15. Jehofa o naya bomang moya wa gagwe o o boitshepo, mme seo se bontsha eng?

15 Jehofa o naya ba a ba amogelang moya o o boitshepo. (Math. 12:18) Re ka ipotsa potso eno, ‘A ke na le dinonofo dingwe tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone?’ A gone jaanong o pelotelele go feta fa o ne o simolola go ithuta ka Jehofa? Nna o gopotse gore fa o na le dinonofo dingwe tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone, seno se bontsha gore Jehofa o a go amogela.​—Bona lebokoso le le reng, “ Maungo a Moya Ke . . .

O ka lemoga jang gore Jehofa o a go amogela? (Bona serapa 15)


16. Jehofa o dirisa bomang go rera dikgang tse di molemo, mme seo se dira gore o ikutlwe jang? (1 Bathesalonika 2:4)

16 Jehofa o dirisa batho ba a ba amogelang go rera dikgang tse di molemo. (Bala 1 Bathesalonika 2:4.) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Jocelyn o ile a lemoga seo fa a ntse a rerela ba bangwe dikgang tse di molemo. Letsatsi lengwe o ile a tsoga a kgobegile marapo. A re: “Ke ne ke se na maatla e bile ke ikutlwa ke se motho wa sepe. Mme gone ke ne ke le mmulatsela e bile e ne e le letsatsi le ke yang tshimong ka lone. Ka jalo ke ile ka rapela ke bo ke ya tshimong.” Mo go lone letsatsi leo, Jocelyn o ile a kopana le Mary a bo a dumela gore a mo rute Baebele. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, Mary o ile a bolelela Jocelyn gore ka letsatsi le a ileng a mo etela ka lone, o ne a ntse a rapela, a kopa Modimo gore a mo thuse. Seno se ile sa bontsha Jocelyn gore Jehofa o a mo amogela. Gone ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o tla reetsang fa re mo rerela. Le fa go ntse jalo, re a itse gore Jehofa o a itumela fa re dira sotlhe se re se kgonang go rerela batho.

O ka lemoga jang gore Jehofa o a go amogela? (Bona serapa 16) c


17. O ithuta eng mo go se Vicky a ileng a se bua? (Pesalema 5:12)

17 Jehofa o dira gore batho ba a ba amogelang ba tswelwe mosola ke setlhabelo sa thekololo. (1 Tim. 2:5, 6) Re ka tswa re na le tumelo mo setlhabelong sa thekololo e bile re kolobeditswe, mme gone re sa dumele gore Jehofa o a re amogela. Fa go le jalo re ka thusiwa ke eng? Nna o gopotse gore maikutlo a ka re tsietsa, mme Jehofa ene re ka mo tshepa. O tsaya batho ba ba nang le tumelo mo setlhabelong sa thekololo ba siame e bile o solofetsa gore o tla ba segofatsa. (Bala Pesalema 5:12; Bar. 3:26) Go akanyetsa kwa teng ka thekololo go ile ga thusa kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Vicky. Letsatsi lengwe fa a ntse akanyetsa kwa teng ka yone, o ile a lemoga gore eleruri Jehofa o a mo rata. O ne a re: “Jehofa o ntse a le pelotelele le nna. . . . Le fa go ntse jalo, go ne go ntse jaaka e kete ke mo raya ke re: ‘Ga o ka ke wa kgona go nthata. Setlhabelo sa morwao ga se ka ke sa kgona go nthusa.’” Le rona re tla lemoga gore Jehofa o a re rata le gore o a re amogela fa re ipha nako ya go akanyetsa kwa teng ka setlhabelo sa thekololo.

O ka lemoga jang gore Jehofa o a go amogela? (Bona serapa 17)


18. Fa re tswelela re rata Jehofa, re ka tlhatswega pelo ka eng?

18 Ka dinako dingwe re ka nna ra kgobega marapo kgotsa ra ipotsa gore a mme Jehofa o a re amogela, tota le fa re dirisa dintlha tse re di ithutileng mo setlhogong seno. Fa o ikutlwa jalo, nna o gopotse gore Jehofa o amogela “ba ba tswelelang ba mo rata.” (Jak. 1:12) Ka jalo tswelela o atamalana le ene e bile o leke go bona ditsela tse a go bontshang ka tsone gore o a go amogela. Gape o se ka wa lebala gore Jehofa o batla go atamalana le wena.​—Dit. 17:27.

O KA ARABA JANG?

  • Goreng bangwe ba akanya gore Jehofa ga a ba amogele?

  • Jehofa o bontsha jang gore o a re amogela?

  • Ke eng se se ka re tlhatswang pelo gore Jehofa o a re amogela?

PINA 88 Nkitsise Ditsela Tsa Gago

a TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Se se ileng sa direga

b TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Se se ileng sa direga

c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Se se ileng sa direga