Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MAFOKO A BAEBELE

Go Itshwarela Maleo a a Dirilweng mo Nakong e e Fetileng

Go Itshwarela Maleo a a Dirilweng mo Nakong e e Fetileng

Re ka itshwarelwa maleo ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. (Baef. 1:7) Le fa go ntse jalo, Baebele e a re: “Modimo o ne a bontsha gore o pelotelele fa a ne a itshwarela maleo a a dirilweng mo nakong e e fetileng,” pele Jesu a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. (Bar. 3:25) Goreng re ka re Jehofa ke Modimo wa tshiamiso mme a ile a itshwarela maleo pele Jesu a ntsha setlhabelo sa thekololo?

Jehofa o ne a solofetsa gore go tla nna le “losika” lo lo neng lo tla boloka batho ba ba neng ba tla dumela mo go ene le ba ba neng ba tla dumela dilo tse a di solofetsang. Fa a ne a dira jalo, go ne go ntse jaaka e kete thekololo e setse e duetswe. (Gen. 3:15; 22:18) Jehofa o ne a itse gore Morwawe o ne a tla ntsha botshelo jwa gagwe e le thekololo ka nako e Jehofa a e beileng. (Bagal. 4:4; Baheb. 10:7-10) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Jehofa o ne a mo naya taolo ya gore a itshwarele maleo le fa a ne a ise a ntshe thekololo. Jesu o ne a itshwarela maleo a batho ba ba neng ba dumela mo go ene ka gonne o ne a itse gore setlhabelo se a neng a tla se ntsha se ne se tla dira gore ba itshwarelwe.​—Math. 9:2-6.