Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 10

PINA 13 Keresete, Sekao sa Rona

Tswelela o Etsa Jesu fa o Sena go Kolobediwa

Tswelela o Etsa Jesu fa o Sena go Kolobediwa

“Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso letsatsi le letsatsi a bo a ntshala morago a sa kgaotse.”​—LUKE 9:23.

SE GO BUIWANG KA SONE

Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore botshelo jwa rona bo tla nna jang fa re sena go ineela mo go Jehofa. Sa botlhokwa le go feta, se tla thusa batho ba ba sa tswang go kolobediwa gore ba tswelele ba ikanyega mo go Jehofa.

1-2. Jehofa o re segofatsa jang fa re sena go kolobediwa?

 RE A itumela fa re kolobediwa, e bile re nna karolo ya phuthego ya ga Jehofa. Go nna tsala ya ga Jehofa ke tshiamelo e e seng kana ka sepe. Ka jalo re dumalana le se Dafide a ileng a se bua. O ne a re: ‘Go itumela motho yo Jehofa a mo tlhophang a bo a mo atametsa kwa go ene gore a nne mo malwapeng a gagwe.’​—Pes. 65:4.

2 Jehofa o gogela batho ba ba ntseng jang mo phuthegong ya gagwe? Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, o atamalana le batho ba ba bontshang gore ba batla go atamalana le ene. (Jak. 4:8) Ka jalo fa o ineela mo go Jehofa o bo o kolobediwa, o nna tsala ya gagwe e bile o tla go “tshololela masego go fitlha [o] sa tlhole [o] tlhoka sepe.”​—Mal. 3:10; Jer. 17:7, 8.

3. Fa motho a sena go ineela le go kolobediwa, o tshwanetse go dira eng? (Moreri 5:4, 5)

3 Fa o kolobediwa, o simolola go direla Jehofa. Ka jalo, o tshwanetse go tswelela o ikanyega mo go ene tota le fa o na le mathata, kgotsa o raelesega go dira dilo tse di sa siamang. (Bala Moreri 5:4, 5.) Setlhogo seno se tla go thusa gore o etse Jesu le gore o ikobele ditaelo tsa gagwe.​—Math. 28:19, 20; 1 Pet. 2:21.

TSWELELA O ETSA JESU FA O NA LE MATHATA LE FA O RAELESEGA

4. Jesu o ne a raya jang fa a ne a re barutwa ba gagwe ba tla tsaya ‘kota ya tlhokofatso’? (Luke 9:23)

4 O se ka wa akanya gore ga o kitla o nna le mathata fa o sena go kolobediwa. Tota e bile Jesu o ile a re barutwa ba gagwe ba tla tsaya ‘kota ya tlhokofatso letsatsi le letsatsi.’ (Bala Luke 9:23.) A o ne a raya gore balatedi ba gagwe ba tla nna fela ba boga? Nnyaa, le e seng. O ne a tlhalosa fela gore le fa Jehofa a ne a tla ba segofatsa, ba ne ba tla nna le mathata e bile mangwe a mathata ao a ne a tla nna boima.​—2 Tim. 3:12.

5. Jesu o ile a re Jehofa o tla segofatsa jang ba ba itimang dilo dingwe gore ba kgone go mo direla?

5 Gongwe ba lelapa la gaeno ba go thatafaletsa botshelo, kgotsa o ile wa itima dilo dingwe gore o kgone go direla Jehofa mo go oketsegileng. (Math. 6:33) Fa go le jalo, itse gore Jehofa o bona sengwe le sengwe se o mo direlang sone. (Baheb. 6:10) Ntle le pelaelo, o iponetse ka matlho se Jesu a neng a se bua. O ne a re: “Ga go na ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa bomogolowe kgotsa bomonnawe kgotsa mmaagwe kgotsa rraagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka gonne e le molatedi wa me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo yo o se kitlang a amogela go menagane ga 100 mo nakong eno (matlo, bomogolowe, bomonnawe, bommaagwe, bana le masimo le fa gone di tla bo di na le dipogiso) mme mo nakong e e tlang, o tla amogela botshelo jo bo sa khutleng.” (Mar. 10:29, 30) Jehofa o ile a go segofatsa ka dilo di le dintsi go feta tse di go latlhegetseng.​—Pes. 37:4.

6. Goreng o tla tshwanelwa ke go nna o lwantsha “dikeletso tsa mmele o o nang le boleo” fa o sena go kolobediwa?

6 O sa ntse o tla tshwanelwa ke go lwantsha “dikeletso tsa mmele o o nang le boleo” fa o sena go kolobediwa. (1 Joh. 2:16) Ka dinako tse dingwe o ka nna wa ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo. O ne a re: “Tota nna ke rata molao wa Modimo ka pelo ya me yotlhe, mme mo mmeleng wa me go na le molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me. Molao oo ke boleo jo bo leng mo mmeleng wa me e bile o a ntaola.” (Bar. 7:22, 23) O ka nna wa kgobega marapo ka gonne o tshwanelwa ke go nna o lwantsha dikeletso tse di sa siamang. Mme gone, go akanya ka maikano a o ileng wa a dira fa o ne o ineela mo go Jehofa go tla go thusa gore o se ka wa latlhela seditse. Jang?

7. Go ineela mo go Jehofa go tla go thusa jang gore o tswelele o ikanyega mo go ene?

7 Fa o ineela mo go Jehofa, ga o tlhole o itshelela. Go raya gore o tla gana go dira sepe fela se se sa itumediseng Jehofa. (Math. 16:24) Ka jalo fa o raelesega go dira sengwe se se sa siamang kgotsa o na le mathata, ga o kitla o ipotsa gore o dire eng. O tla bo o setse o dirile tshwetso ya gore o tla ikanyega mo go Jehofa fela jaaka Jobe. Le fa gone a ne a na le mathata a le mantsi, o ile a bua jaana a sa kgale mathe ganong: “Ke tla tswelela ke ikanyega mo Modimong go fitlha ke swa!”​—Jobe 27:5.

8. Go akanya ka maikano a o ileng wa a dira fa o ne o ineela mo go Jehofa go tla go thusa jang?

8 Go akanya ka maikano a o ileng wa a dira fa o ne o ineela mo go Jehofa, go tla go thusa gore o se ka wa ineela fa o raelesega go dira sengwe se se sa siamang. Ka sekai, ga o kitla o dira sepe fela se se bontshang gore o batla go ratana le molekane wa motho yo mongwe. Seo se tla go thusa gore o se ka wa nna le bothata jwa go lwantsha dikeletso tse di sa siamang tse o ileng wa itetla go nna le tsone. Gape ga o kitla o “etsa batho ba ba bosula.”​—Diane 4:14, 15.

9. Go akanyetsa kwa teng ka maikano a o ileng wa a dira fa o ne o ineela mo go Jehofa go tla go thusa jang gape?

9 Gape go akanyetsa kwa teng ka maikano a o ileng wa a dira fa o ne o ineela mo go Jehofa, go tla go thusa go itse gore o dire eng fa o newa tiro e e tla dirang gore o se ka wa nna gone kwa dipokanong ka metlha. Ga o kitla o etsaetsega ka gonne o tla bo o setse o dirile tshwetso ya gore o ka se amogele tiro e e ntseng jalo. Jesu o ne a ikemiseditse go itumedisa Rraagwe, ka jalo go akanyetsa kwa teng ka se a neng a se dira go tla go thusa gore le wena o ikemisetse go dira dilo tse di tla itumedisang Jehofa.​—Math. 4:10; Joh. 8:29.

10. Jehofa o tla go thusa jang gore o tswelele o etsa Jesu fa o sena go kolobediwa?

10 Se o se dirang fa o na le mathata kgotsa o raelesega go dira dilo tse di sa siamang, se ka bontsha gore a o ikemiseditse go tswelela o etsa Jesu. Mme gone, itse gore Jehofa o tla go thusa. Baebele e a re: “Modimo o a ikanyega, e bile ga a kitla a letla gore lo welwe ke diteko tse lo ka se kgoneng go di itshokela, mme fa lo welwa ke diteko, o tla lo naya tsela ya go tswa, gore lo kgone go di itshokela.”​—1 Bakor. 10:13.

KE ENG SE SE TLA GO THUSANG GORE O TSWELELE O ETSA JESU?

11. Ke eng se se tla go thusang gore o tswelele o etsa Jesu? (Bona le setshwantsho.)

11 Jesu o ne a direla Jehofa ka pelo yotlhe e bile o ne a bua le ene ka metlha. (Luke 6:12) Ka jalo sengwe se se tla go thusang gore o tswelele o etsa Jesu fa o sena go kolobediwa, ke go nna o dira dilo tse di tla go thusang gore o atamalane le Jehofa. Baebele e a re: “A re tsweleleng re tsamaya ka mokgwa ono go ya ka tsela e re gatetseng pele ka yone.” (Bafil. 3:16) Batho ba ga Jehofa ba nna ba batla ditsela tsa go mo direla mo go oketsegileng. Ka jalo o tla nna o utlwa maitemogelo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ileng ba dira jalo. Gongwe bangwe ba bone ba ile ba ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi kgotsa ba ile ba fudugela kwa go nang le tlhokego gone. Fa e le gore le wena o ka kgona go dira jalo, o se ka wa diega. (Dit. 16:9) Mme fa o sa kgone, o se ka wa akanya gore ga o motho wa sepe. Selo sa botlhokwa ke gore o tswelele o itshokile. (Math. 10:22) Nna o gopotse gore Jehofa o a itumela fa a bona o dira sotlhe se o ka se kgonang go mo direla. Fa o direla Jehofa ka bojotlhe, o tla bo o bontsha gore o tswelela o etsa Jesu.​—Pes. 26:1.

Fa o sena go kolobediwa, dira dilo tse di tla go thusang go atamalana le Jehofa (Bona serapa 11)


12-13. O tshwanetse go dira eng fa o sa tlhole o itumelela go direla Jehofa jaaka pele? (1 Bakorintha 9:16, 17) (Bona le lebokoso le le reng, “ Nna O le Mo Lobelong.”)

12 Ka dinako tse dingwe o ka nna wa ikutlwa e kete ga o tlhole o rapela go tswa pelong, kgotsa ga o tlhole o itumelela go rera le go bala Baebele. Fa o ikutlwa jalo, o se ka wa akanya gore Jehofa ga a tlhole a go naya moya o o boitshepo. Gopola gore o na le boleo, mme ka dinako tse dingwe bo dira gore maikutlo a gago a fetofetoge. Se Paulo a ileng a se dira se ka go thusa. Le fa a ne a leka go etsa Jesu, o ne a itse gore ka dinako tse dingwe a ka se nne le keletso ya go dira se a tshwanetseng go se dira. (Bala 1 Bakorintha 9:16, 17.) O ne a re: “Le fa ke dira jalo ke sa batle, ke sa ntse ke na le maikarabelo a go dira tiro eno.” Seno se raya gore Paulo o ne a ikemiseditse go rera le fa a ne a sa batle.

13 Le wena o se ka wa dira ditshwetso o ikaegile ka gore o ikutlwa jang. Ikemisetse gore o tla dira se se siameng le fa o sa batle. Fa o nna o dira se se siameng, tsela e o ikutlwang ka yone e ka nna ya fetoga fa nako e ntse e tsamaya. Go ithuta o le nosi, go rapela, go ya dipokanong le go rera go tla go thusa gore o tswelele o etsa Jesu fa o sena go kolobediwa. Gape fa o tswelela o dira dilo tseno, o tla kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi.​—1 Bathes. 5:11.

‘NNA O ITLHATLHOBE, NNA O ITSHUPE’

14. O tshwanetse go nna o dira eng, mme ka ntlha ya eng? (2 Bakorintha 13:5)

14 Fa o sena go kolobediwa, go botlhokwa gore o nne o itlhatlhoba. (Bala 2 Bakorintha 13:5.) Leka go bona gore a o rapela letsatsi le letsatsi, o bala Baebele, o ya dipokanong e bile o ya tshimong. Gape dira dilo tse di tla go thusang gore o itumelele go dira dilo tseno. Ka sekai, ipotse go re: ‘A nka kgona go tlhalosetsa motho yo mongwe dithuto tsa motheo tsa Baebele? Nka dira eng gore ke itumelele bodiredi? A ke rapela go tswa pelong e bile ke bontsha gore ke ikaega ka Jehofa? A ke nna teng kwa dipokanong ka metlha? Nka dira eng gore ke tlhome mogopolo le go araba fa ke le kwa dipokanong?’

15-16. O ithuta eng mo go se se diragaletseng Robert?

15 Gape go botlhokwa gore o itse makoa a gago. Akanya ka se se ileng sa diragalela mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Robert. A re: “Fa ke na le dingwaga di le 20, ke ne ka bona tiro. Letsatsi lengwe morago ga tiro, lekgarebe lengwe le ke neng ke bereka le lone le ne la re ke ye le lone kwa gabone. Le ne la re e tla bo e le rona fela e bile go tla bo go le monate. Kwa tshimologong ke ne ka gana mme gone ke ntsha mabaka a a sa utlwaleng. Mme kwa bofelong ke ne ka gana ke tiisitse ke bo ke mo tlhalosetsa gore goreng nka se tsamaye le ene.” Go a itumedisa gore Robert ga a ka a ineela fa a ne a raelesega go dira sengwe se se sa siamang. Le fa go ntse jalo, moragonyana o ile a lemoga gore o tlhoka go tokafatsa. A re: “Ga ke a ka ka nna bonako go gana ke tiisitse jaaka Josefa fa mosadi wa ga Potifaro a ne a batla gore a tlhakanele dikobo le ene. (Gen. 39:7-9) Tota e bile, ke ne ke gakgamaditswe ke gore go ne go le thata tota gore ke gane. Se se ntiragaletseng se nthusitse go bona gore ke tlhoka go nonotsha botsala jwa me le Jehofa.”

16 Go itlhatlhoba fela jaaka Robert go ka go tswela mosola. Fa e le gore ga o a ka wa ineela fa o ne o raelesega go dira sengwe se se sa siamang, ipotse go re, ‘A go ntsere lobaka gore ke gane?’ O se ka wa kgobega marapo fa o lemoga gore o tlhoka go tokafatsa. Itumelele gore o kgonne go lemoga bokoa jwa gago. Bolelela Jehofa ka jone o bo o dire dilo tse di tla go thusang gore o mo ikobele.​—Pes. 139:23, 24.

17. Se se diragaletseng Robert se ile sa ama leina la ga Jehofa jang?

17 Re ka ithuta sengwe gape mo go se se diragaletseng Robert. A re: “Fa ke sena go gana go tsamaya le lekgarebe le ke neng ke bereka le lone, le ne la nthaya la re lekawana lengwe le e kileng ya bo e le Mosupi, le ne le mmoleletse gore basha ba Basupi ba dira dilo tse di sa siamang fa batho ba sa ba bone. Ka jalo lekgarebe leo le ne le batla go bona gore a le nna ke ntse jalo. Ke ile ka itumelela gore ga ke a ka ka goga leina la ga Jehofa mo seretseng.”

18. O ikemiseditse go dira eng fa o sena go kolobediwa? (Bona le lebokoso le le reng “ Ditlhogo Tse di Tla go Thusang.”)

18 Fa o ineela mo go Jehofa o bo o kolobediwa, o bontsha gore o batla go itshepisa leina la gagwe ka metlha. Itse gore Jehofa o a bona fa o na le mathata le fa o leka ka natla gore o se ka wa ineela fa o raelesega go dira sengwe se se sa siamang e bile o tla go segofatsa. Nna o gopotse gore o tla go naya moya wa gagwe o o boitshepo o o tla go thusang gore o tswelele o ikanyega. (Luke 11:11-13) Eleruri, o tla go thusa gore o tswelele o etsa Jesu fa o sena go kolobediwa!

O KA ARABA JANG?

  • Bakeresete ba tsaya jang ‘kota ya tlhokofatso letsatsi le letsatsi’?

  • Ke eng se se ka go thusang gore o tswelele o etsa Jesu fa o sena go kolobediwa?

  • Go akanya ka maikano a o ileng wa a dira fa o ne o ineela mo go Jehofa go tla go thusa jang gore o tswelele o ikanyega?

PINA 89 Utlwa, Ikobe Mme o Segofadiwe